Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Bolela “Bokhutlo go Tswa Kwa Tshimologong”

Jehofa o Bolela “Bokhutlo go Tswa Kwa Tshimologong”

Jehofa o Bolela “Bokhutlo go Tswa Kwa Tshimologong”

“Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.”—ISAIA 46:10.

1, 2. Ke eng se se gakgamatsang ka ditiragalo tse di amanang le go phutlhama ga Babelona, mme seo se senola eng ka Jehofa?

MO LEFIFING la bosigo masole a baba a kukuna go iphaphatha le boalo jwa Noka ya Euferatese go atamela motse o o nonofileng o a batlang go o gapa wa Babelona. Fa a atamela dikgoro tsa motse a bona sengwe se se gakgamatsang. Dikgoro tse pedi tse dikgolo tsa dithako tsa motse wa Babelona di tlogetswe fela di sa tswalwa! A tlhatloga go tswa mo boalong jwa noka; a tsena mo motseng. A gapa motse oo ka ponyo ya leitlho. Ka bonako fela Kurose moeteledipele wa bone o simolola go laola naga eo e e gapilweng mme moragonyana o ntsha taelo ya gore batshwarwa ba Baiseraele ba gololwe. Diketekete tsa batshwarwa di boela nageng ya bone go ya go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa kwa Jerusalema.—2 Ditiragalo 36:22, 23; Esera 1:1-4.

2 Ditiragalo tseo tsa ngwaga wa 539-537 B.C.E., di tlhomamisiwa ke bakwadi ba le bantsi ba hisitori. Selo se se gakgamatsang thata ke gore ditiragalo tseo di ile tsa bolelelwa pele dingwaga di ka nna 200 pele ga di direga. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia go tlhalosa go wa ga Babelona dingwaga tse dintsi jalo pele ga go direga. (Isaia 44:24–45:7) Modimo o ile a se ka a senola fela maemo a a amanang le go phutlhama ga Babelona mme gape o ne a umaka le leina la moeteledipele yo o neng a tla e gapa. * Jehofa o ile a bua jaana le Baiseraele ba ka nako eo e neng e le basupi ba gagwe: “Gakologelwang dilo tsa ntlha tsa bogologolo, gore ke nna Yo ke Leng Modimo mme ga go na Modimo ope o sele, le fa e le ope yo o tshwanang le nna; Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isaia 46:9, 10a) Ruri Jehofa ke Modimo yo o ka kgonang go itse go sa le gale se se tlileng go direga.

3. Re tla sekaseka dikarabo tsa dipotso dife?

3 Modimo o itse go le kana kang ka isagwe? A Jehofa o itse go sa le gale se mongwe le mongwe wa rona a tlileng go se dira? Ee, a isagwe ya rona e laotswe go sa le gale? Re tla sekaseka kafa Baebele e arabang ka teng dipotso tseno le tse dingwe tse di amanang le tsone mo setlhogong seno le se se latelang.

Jehofa—Modimo wa Boporofeti

4. Ke mang motswedi wa dipolelelopele tse di mo Baebeleng?

4 E re ka Jehofa a kgona go itse isagwe go sa le pele, o ile a tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe ba mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele go kwala dipolelelopele di le dintsi tse di re thusang go itse go sa le gale se Jehofa a ikaeletseng go se dira. Jehofa o bolela jaana: “Dilo tsa ntlha—ke tse di tlile, mme ke bua dilo tse disha. Pele ga di simolola go tlhaga, ke dira gore lo di utlwe.” (Isaia 42:9) A bo batho ba Modimo ba le lesego jang ne!

5. Go itse ga rona thato ya ga Jehofa go sa le gale go lere boikarabelo bofe?

5 Moporofeti Amose o re tlhomamisetsa jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” Go nna le kitso eno go sa le gale go ne ga lere boikarabelo. Ela tlhoko papiso e e tshwanelang e Amose a e dirisang go tswa foo: “Go na le tau e e kurutlileng! Ke mang yo o se kitlang a boifa?” Fela jaaka tau e e kurutlang e dira gore batho le diphologolo tse di mo tikologong e e leng mo go yone di tsiboge ka bonako, baporofeti ba ba jaaka Amose le bone ba ne ba tsiboga ka bonako go bolela melaetsa ya ga Jehofa. “Morena Molaodimogolo Jehofa ka boene o buile! Ke mang yo o se kitlang a porofeta?”—Amose 3:7, 8.

“Lefoko” la ga Jehofa ‘Ruri le a Atlega’

6. “Boikaelelo” jwa ga Jehofa bo ile jwa atlega jang malebana le go wa ga Babelona?

6 Jehofa o ile a bua jaana ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Boikaelelo jwa me bo tla ema, mme ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang.” (Isaia 46:10b) “Boikaelelo” jwa Modimo, ke gore, thato ya gagwe kaga Babelona, bo ne bo amana le go bitsa Kurose go tswa kwa Peresia go tla go gapa Babelona le go e phutlhamisa. Jehofa o ile a bolela boikaelelo joo bogologolo pele ga bo direga. Jaaka fa go setse go boletswe, bo ile jwa diragadiwa ka ngwaga wa 539 B.C.E., fela jaaka go ne go boleletswe pele.

7. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore ka metlha “lefoko” la ga Jehofa le a atlega?

7 Mo e ka nnang dingwaga di le makgolo a le manè pele ga Kurose a gapa Babelona, Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a tshwanelwa ke go lwa le masole a a ikopantseng a Amona le Moabe. O ne a rapela jaana ka tumelo: “Ao tlhe Jehofa Modimo wa borraaronamogologolwane, a ga o Modimo kwa magodimong, mme a ga o laole magosi otlhe a ditšhaba, le gone a mo seatleng sa gago ga go na maatla le thata, go se na ope yo o ka emelelanang le wena?” (2 Ditiragalo 20:6) Isaia o ile a bontsha go nna le tumelo e e tshwanang fa a ne a re: “Jehofa wa masomosomo ka esi o dirile tshwetso, mme ke mang yo o ka e senyang? Seatla sa gagwe ke sone se se otlolotsweng, ke mang yo o ka se busetsang morago?” (Isaia 14:27) Moragonyana fa Kgosi Nebukadenesare a sena go boelwa ke tlhaloganyo morago ga go fetsa lobaka a latlhegetswe ke tlhaloganyo, o ile a dumela jaana ka boikokobetso: “Ga go na ope yo o ka thibang seatla sa [Modimo] kgotsa yo o ka mo rayang a re: ‘O ntse o dirang?’” (Daniele 4:35) Ee, Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe jaana: “Lefoko la me . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” (Isaia 55:11) Re ka dumela re sa belaele gore ka metlha “lefoko” la ga Jehofa le a diragala. Ruri maikaelelo a Modimo a ka se palelwe.

“Boikaelelo Jo bo Sa Feleng” Jwa Modimo

8. “Boikaelelo jo bo sa feleng” jwa Modimo ke eng?

8 Moaposetoloi Paulo mo lekwalong la gagwe le a le kwaletseng Bakeresete ba Efeso o ile a tlhalosa Modimo e le yo o nang le “boikaelelo jo bo sa feleng.” (Baefeso 3:11) Seno ga se thulaganyo fela ya go dira sengwe, jaaka e kete Modimo o ne a tshwanelwa ke go nna fa fatshe a rulaganya tsela e a tla dirang dilo ka yone. Go na le moo, boikaelelo joo bo amana le go ikemisetsa ga ga Jehofa go diragatsa se a neng a ikaeletse sone ka batho le lefatshe go tswa kwa tshimologong. (Genesise 1:28) Gore re tlhaloganye kafa boikaelelo jwa gagwe bo ka se kang jwa palelwa ka teng, akanya ka boporofeti jwa ntlha jo bo ileng jwa kwalwa mo Baebeleng.

9. Genesise 3:15 e amana jang le boikaelelo jwa Modimo?

9 Tsholofetso e e mo go Genesise 3:15 e bontsha gore ka bonako fela fa Adame le Efa ba sena go leofa, Jehofa o ne a ikaelela gore mosadi wa gagwe wa tshwantshetso o ne a tla tlhagisa losika, kana morwa. Gape Jehofa o ne a bonela pele matswela a bobaba fa gare ga mosadi yono wa gagwe le Satane le bobaba gareng ga masika a bone a a sa utlwaneng. Le fa Jehofa a ne a tla letla Losika lwa mosadi wa Modimo go longwa serethe, ka nako e Modimo a e tlhomileng, Losika loo lo ne lo tla gobatsa noga, kgotsa Satane Diabolo mo tlhogong. Fa go sa ntse go letilwe seo go diragala, boikaelelo jwa ga Jehofa bo ne jwa tswelela pele bo diragala fela jaaka a ne a ikaeletse go ya jalo le losika lo a neng a lo tlhophile go fitlha Jesu a tlhaga e le Mesia yo o solofeditsweng.—Luke 3:15, 23-38; Bagalatia 4:4.

Se Jehofa a se Tlhomamisitseng E sa Le Pele

10. A Jehofa o ne a laola e sa le pele go tswa fela kwa tshimologong gore Adame le Efa ba ne ba tla leofa? Tlhalosa.

10 Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana fa a bua ka seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo: “[Jesu] o ne a itsiwe go sa le gale pele ga lefatshe le thaiwa, mme o ne a dirwa gore a bonatshege mo bokhutlong jwa metlha ka ntlha ya lona.” (1 Petere 1:20) A Jehofa o ne a laola go tloga fela kwa tshimologong gore Adame le Efa ba tla leofa le gore go tla tlhokega gore go ntshiwe setlhabelo sa thekololo ka Jesu Keresete? Nnyaa. Polelwana ‘fa lefatshe le thaiwa’ e ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le fa le ranolwa fela jaaka le ntse le kayang “go latlhela peo fa fatshe.” A go ile ga nna le “go latlhela peo fa fatshe,” kana go imiwa ga ngwana pele Adame le Efa ba leofa? Nnyaa. Adame le Efa ba ile ba nna le bana morago ga gore ba tlole molao. (Genesise 4:1) Ka gone, morago ga fa Adame le Efa ba sena go leofa mme gone e le pele ga ba ima ngwana, Jehofa o ne a tlhomamisa e sa le pele gore go tla tlhaga “peo.” Loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe di ne tsa dira gore go nne le thulaganyo e e lorato ya thekololo, e ka yone boleo jo re tsalwang re na le jone le maiteko otlhe a ga Satane di tla fedisiwang.—Mathaio 20:28; Bahebera 2:14; 1 Johane 3:8.

11. Ke eng se Jehofa a ileng a se tlhomamisa e sa le pele gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe?

11 Modimo o ne a tlhomamisa e sa le pele tiragalo nngwe e e neng e tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Paulo o bontsha seno mo mafokong a a neng a a kwalela Baefeso, fa a ne a re Modimo o tla “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” Go tswa foo Paulo o ile a tlhalosa jaana fa a bua ka “dilo tse di kwa magodimong,” ke gore, batho ba ba tlhophilweng go nna baruaboswa le Keresete: “Re ne ra tlhomamisiwa e sale pele go ya ka boikaelelo jwa yo o dirang dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone.” (Baefeso 1:10, 11) Ee, Jehofa o ne a tlhomamisa e sa le pele gore palo e e lekanyeditsweng ya batho e nne karolo ya bobedi ya losika lwa mosadi wa Modimo le go nna le seabe le Keresete mo tirong ya go diragatsa melemo ya thekololo. (Baroma 8:28-30) Moaposetoloi Petere o bitsa batho bao a re ke “setšhaba se se boitshepo.” (1 Petere 2:9) Moaposetoloi Johane o ile a nna le tshiamelo ya go itsisiwe mo ponatshegelong palo ya batho bao ba ba tla nang baruaboswa le Keresete—144 000. (Tshenolo 7:4-8; 14:1, 3) Ba seoposengwe le Kgosi Keresete mo go direleng “pako ya kgalalelo ya [Modimo].”—Baefeso 1:12-14.

12. Re itse jang gore mongwe le mongwe wa ba ba 144-000 ga a laolelwa e sa le pele gore o tla nna mo setlhopheng seno?

12 Go tlhomamisiwa e sa le pele ga batho ba ba 144 000 ga go bolele gore mongwe le mongwe wa batho bano o ne a laolelwa e sa le pele gore o tla direla Modimo ka tsela eno. Ee ruri, kgakololo e e mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne e kwaletswe segolobogolo gore e thuse batlodiwa le go ba nonotsha go nna ba ikanyega le go ipoloka ba tshwanelwa ke kabelo ya bone ya kwa legodimong. (Bafilipi 2:12; 2 Bathesalonika 1:5, 11; 2 Petere 1:10, 11) Jehofa o itse go sa le pele gore batho ba ba 144 000 ba tla tshwanelega go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Gore batho bano e tla nna bomang go ikaegile ka tsela e mongwe le mongwe wa ba ba lalediwang go nna karolo ya setlhopha seno a tlhophang go tshela botshelo jwa gagwe ka yone, e leng tshwetso e mongwe le mongwe wa bone a itirelang yone ka boene.—Mathaio 24:13.

Se Jehofa A se Itseng E sa Le Pele

13, 14. Bokgoni jwa ga Jehofa jwa go itse dilo e sa le pele bo dumalana le eng, mme ka ntlha yang?

13 E re ka Jehofa e le Modimo wa boporofeti le boikaelelo, o dirisa jang bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo e sa le pele? Sa ntlha, re tlhomamisediwa gore ditsela tsotlhe tsa Modimo di boammaaruri, di siame e bile di lorato. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a tlhomamisa gore maikano a Modimo le tsholofetso ya gagwe ke “dilo di le pedi tse di ka se kang tsa fetoga tse go sa kgonegeng gore Modimo a ake mo go tsone.” (Bahebera 6:17, 18) Paulo le ene o ile a bua se se tshwanang mo lekwalong le a neng a le kwalela morutwa Tito fa a ne a re Jehofa ke Modimo “yo a ka se kang a aka.”—Tito 1:2.

14 Mo godimo ga moo, le fa Jehofa a na le maatla a a se nang selekanyo, ga a ke a dira dilo ka tsela e e sa siamang. Moshe o ne a tlhalosa Jehofa e le “Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang se dumalana le botho jwa gagwe jo bo molemo. Ditiro tsa gagwe di bontsha go dumalana ka botlalo le dinonofo tsa gagwe tse dikgolo, e leng, lorato, botlhale, tshiamiso le maatla.

15, 16. Ke dilo dife tse Adame a neng a ka di itlhophela tse Jehofa a neng a mo tlhalosetsa tsone kwa tshimong ya Edene?

15 Akanya kafa dilo tseno tsotlhe di amanang ka teng le ditiragalo tsa kwa tshimong ya Edene. E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, o ne a tlamela batho ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang. O ne a bopa Adame a na le bokgoni jwa go akanya, go lemoga dilo le go dira ditshwetso. Adame o ne a na le bokgoni jwa go itlhophela, a sa tshwane le diphologolo tse gantsi di laolwang fela ke maikutlo a tlholego a di tsalwang di na le one. Seno se ne sa felela ka gore fa Modimo a leba lefatshe a le mo setulong sa gagwe sa kwa legodimong, a bone ‘sengwe le sengwe se a se dirileng se le molemo tota.’—Genesise 1:26-31; 2 Petere 2:12.

16 Fa Jehofa a ne a laela Adame gore a se ka a ja “setlhare sa kitso ya molemo le bosula,” o ne a neela Adame ditaelo tse di lekaneng go mo thusa go dira tshwetso ya se a neng a tshwanetse go se dira. O ne a letla Adame go ja “mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana,” kwantle fela ga se le sengwe, a bo a mo tlhagisa ka matswela a a kotsi a go ja leungo la setlhare se se ileditsweng. (Genesise 2:16, 17) O ne a tlhalosetsa Adame gore go ne go tla direga eng fa a ne a ka tlola molao ono. Adame o ne a tla dira eng?

17. Ke eng fa re ka re Jehofa o tlhopha maemo a a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go bonela dilo pele mo go one?

17 Go bonala Jehofa a ile a tlhopha go se bonele pele se Adame, le ene Efa, ba neng ba tla se dira le mororo a na le bokgoni jwa go itse dilo pele ga di direga. Ka gone, le fa Jehofa a kgona go bonela isagwe pele, a ka nna a tlhopha go se dirise bokgoni jono. Mo godimo ga moo, lebaka le lengwe le re ka le akanyang ke gore e re ka Jehofa e le Modimo yo o lorato, o ne a ka se dire bosetlhogo jwa gore a laole e sa le pele gore go nne le botsuolodi, jo bo nnileng le matswela a a kana kana a a sa itumediseng. (Mathaio 7:11; 1 Johane 4:8) Ka gone, Jehofa o tlhopha maemo a a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go bonela dilo pele mo go one.

18. Ke eng fa kgang ya go bo Jehofa a tlhopha maemo a mo go one a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo pele ga di direga e sa bolele ka gope gore o a tlhaela?

18 A kgang ya gore Jehofa o tlhopha maemo a a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go bonela dilo pele mo go one ka tsela nngwe e bolela gore o a tlhaela kgotsa ga a itekanela? Nnyaa. Moshe o ne a tlhalosa Jehofa e le “Lefika,” a bo a oketsa jaana: “Tiro ya gagwe e itekanetse.” Ga se ene yo o ikarabelang ka matswela a go leofa ga batho. Matswela a a sa itumediseng a a re amang rotlhe gompieno a bakilwe ke go bo batho ba ile ba se ka ba ikobela molao. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa sentle gore “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Duteronome 32:4, 5; Baroma 5:12; Jeremia 10:23.

19. Ke dipotso dife tse di tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?

19 Go tswa mo go se re tlotlileng ka sone, re bone gore Jehofa ga a ke a dira dilo ka tsela e e sa siamang. (Pesalema 33:5) Go na le moo, o dirisa bokgoni jo a nang le jone, dinonofo tsa gagwe tse di molemo le melao ya gagwe go dumalana le boikaelelo jwa gagwe. (Baroma 8:28) E re ka Jehofa e le Modimo wa boporofeti, o kgona go bolela “bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isaia 46:9, 10) Gape re bone gore o tlhopha maemo a mo go one a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo pele ga di direga. Ka gone, seno se re ama jang? Re ka tlhomamisa jang gore ditshwetso tsa rona di dumalana le boikaelelo jo bo lorato jwa Modimo? Mme ke masego afe a re ka nnang le one ka go dira jalo? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, tsebe 28, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke dikai dife tsa bogologolo tse di supang gore “lefoko” la Modimo ‘ruri le a atlega’ ka metlha?

• Jehofa o tlhomamisitse eng go sa le pele malebana le “boikaelelo jo bo sa feleng” jwa gagwe?

• Jehofa o dirisa jang bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo pele ga di direga?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Jehoshafate o ne a ikanya Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Modimo o ne a bolelela pele loso le tsogo ya ga Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A Jehofa o ne a laola e sa le pele se Adame le Efa ba neng ba tlile go se dira?