Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tlhopha Botshelo Gore o Nne o Ntse o Tshela’

‘Tlhopha Botshelo Gore o Nne o Ntse o Tshela’

‘Tlhopha Botshelo Gore o Nne o Ntse o Tshela’

“Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela.”—DUTERONOME 30:19.

1, 2. Motho o bopilwe mo setshwanong sa Modimo ka tsela efe?

“A RE dire motho mo setshwanong sa rona.” Mafoko ao a Modimo a kwadilwe mo kgaolong ya ntlha ya Baebele. Go tswa foo, jaaka go begilwe mo go Genesise 1:26, 27, “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo.” Ka gone, motho wa ntlha o ne a farologana thata le dibopiwa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. O ne a tshwana le Mmopi wa gagwe, a kgona go etsa dinonofo tsa Modimo tse di jaaka go akanya, go bontsha lorato, tshiamiso, botlhale le maatla. O ne a na le segakolodi se se neng se ka mo thusa go dira ditshwetso tse di neng di tla mo solegela molemo le go itumedisa Motsadi wa gagwe yo o kwa legodimong. (Baroma 2:15) Tota re ka re, Adame o ne a na le tshwanelo ya go itlhophela. Jehofa o ile a bua jaana fa a sekaseka morwa yono wa gagwe wa mo lefatsheng yo o neng a sa tswa go mmopa: “Bona! [o] molemo tota.”—Genesise 1:31; Pesalema 95:6.

2 E re ka re le bana ba ga Adame, le rona re bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Le fa go ntse jalo, a tota re na le tshwanelo ya go itlhophela? Ee, le fa gone Jehofa a kgona go itse e sa le pele se se tla diregang, ga a laole ditiro tsa mongwe le mongwe wa rona e sa le pele le gore di tla felela jang. O tlhophile go dirisana le bana ba gagwe ba mo lefatsheng ka go se laole e sa le pele gore botshelo jwa bone bo tla nna jang. Gore re tlhaloganye botlhokwa jwa go dirisa tshwanelo ya rona ya go itlhophela go dira ditshwetso tse di siameng, a pele re ithute sengwe mo setšhabeng sa Iseraele.—Baroma 15:4.

Tshwanelo ya go Itlhophela Kwa Iseraele

3. Molao wa ntlha wa Melao e e Lesome ke ofe, mme Baiseraele ba ba ikanyegang ba ile ba dira tshwetso efe go bontsha go o ikobela?

3 Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Ke nna Jehofa Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa ntlong ya makgoba.” (Duteronome 5:6) Ka 1513 B.C.E., setšhaba sa Iseraele se ne sa gololwa ka tsela ya kgakgamatso mo bokgobeng jwa Egepeto mme ka gone ba ne ba se na lebaka la go belaela mafoko ao. Jehofa o ne a dirisa Moshe go ba laela jaana mo molaong wa ntlha wa Melao e e Lesome: “O se ka wa nna le medimo epe e sele kgatlhanong le sefatlhego sa me.” (Ekesodo 20:1, 3) Ka nako eo, setšhaba sa Iseraele se ne sa tlhopha go nna kutlo. Ba ne ba ithaopa ka bobone gore ba neele Jehofa kobamelo e e feletseng.—Ekesodo 20:5; Dipalo 25:11.

4. (a) Ke dilo dife tse Moshe a neng a re Baiseraele ba tshwanetse go tlhopha fa gare ga tsone? (b) Rona gompieno re tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga dilo dife tse pedi?

4 Dingwaga di le 40 moragonyana, Moshe o ne a tshwanelwa ke go pateletsa kokomana e nngwe ya Baiseraele go gopola tshwetso e ba neng ba lebane le yone. O ne a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago.” (Duteronome 30:19) Le rona gompieno re ka itlhophela. Ee, re ka itlhophela go direla Jehofa ka boikanyegi mme re bone botshelo jo bo sa khutleng, kgotsa ra itlhophela go gana go mo ikobela mme re lebane le matswela a gone. Akanya ka dikai tse pedi tsa batho ba ba ileng ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng.

5, 6. Joshua o ne a tlhopha tsela efe, mme ga felela ka eng?

5 Ka 1473 B.C.E., Joshua o ile a gorosa Baiseraele kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Joshua o ile a ikuela jaana mo setšhabeng sotlhe ka mafoko ano a a maatla pele ga a swa: “Jaanong fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang, e ka ne e le medimo e borraalonamogologolwane ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ba neng ba e direla kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone.” Go tswa foo o ne a tswelela jaana, a bua ka lelapa la gagwe: “Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.

6 Pelenyana ga foo Jehofa o ne a ile a kgothaletsa Joshua go nna pelokgale le gore a nonofe, a mo laela gore a se ka a tlogela go ikobela Molao wa Modimo. Go na le moo, ka go bala buka ya Molao ka lentswe le le kwa tlase bosigo le motshegare, Joshua o ne a ka atlegisa tsela ya gagwe. (Joshua 1:7, 8) Mme go ne ga nna fela jalo. Tsela e Joshua a neng a e tlhopha e ne ya dira gore a bone masego. Joshua o ne a re: “Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.”—Joshua 21:45.

7. Mo motlheng wa ga Isaia, Baiseraele bangwe ba ne ba tlhopha tsela efe, mme ga felela ka eng?

7 Go farologana le seo, akanya ka maemo a Iseraele dingwaga di le 700 morago ga moo. Ka nako eo, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba latela ditlwaelo tsa seheitane. Ka sekai, mo letsatsing la bofelo la ngwaga, batho ba ne ba kgobokana go tla go ja mokete wa dijo tse di monate le beine e e monate. Seno e ne e se go kokoana fela go tla go itlosa bodutu. E ne e le mokete wa bodumedi o mo go one ba neng ba direla medimo e mebedi ya seheitane. Moporofeti Isaia o ne a bolela kafa Modimo a neng a ikutlwa ka teng ka ditiro tseo tsa go se ikanyege: “Lona lo ba ba tlogelang Jehofa, ba ba lebalang thaba ya me e e boitshepo, ba ba rulaganyetsang modimo wa Masego tafole le ba ba tlaletsang modimo wa Bokamoso beine e e tlhakantsweng.” Ba ne ba dumela gore ba ne ba ka bona thobo ya ngwaga ka go itumedisa “modimo wa Masego” le “modimo wa Bokamoso” e seng ka go itumedisa Jehofa. Mme gone tsela eo ya bone ya botsuolodi e ne e tlhomamisa matswela a a sa itumediseng a ba neng ba tlile go lebana le one. Jehofa o ile a re: “Ke tla lo laolela tšhaka, mme lotlhe lo tla ikobela gore lo bolawe setlhogo; ka gonne ke ne ka bitsa, mme ga lo a ka lwa araba; ke ne ka bua, mme ga lo a ka lwa reetsa; mme lo ne lwa nna lwa dira se se bosula mo matlhong a me, lwa tlhopha selo se se sa intumedisang.” (Isaia 65:11, 12) Tsela e e sa siamang e ba e tlhophileng e ne ya dira gore ba senngwe mme medimo ya Bokamoso le Masego e ne e sa kgone go ba thusa.

Go Tlhopha Tsela e e Siameng

8. Go ya ka Duteronome 30:20 go tlhopha tsela e e siameng go akaretsa eng?

8 Fa Moshe a ne a kgothaletsa Baiseraele go tlhopha botshelo, o ne a ba lemotsha dikgato tse tharo tse ba neng ba tshwanetse go di tsaya, a re: “Ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Duteronome 30:20) A re sekaseke nngwe le nngwe ya dikgato tseno e le gore re tlhophe tsela e e siameng.

9. Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa?

9 Ka go rata Jehofa Modimo wa rona: Re tlhopha go direla Jehofa ka gonne re mo rata. Re ithuta go tswa mo go se se diragaletseng Baiseraele ka go tila dilo tsotlhe tse di ka re raelang go dira boitsholo jo bo maswe le go tila serai sa go tshela botshelo jwa go rata dilo tse di bonalang. (1 Bakorintha 10:11; 1 Timotheo 6:6-10) Re ikanyega ka botlalo mo go Jehofa e bile re boloka ditaelo tsa gagwe. (Joshua 23:8; Pesalema 119:5, 8) Moshe o ne a gakolola Baiseraele jaana pele ga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng: “Bonang, ke lo rutile melao le ditshwetso tsa boatlhodi, fela jaaka Jehofa Modimo wa me a ntaetse, gore lo dire ka tsela eo mo gare ga lefatshe le lo yang go le rua. Lo di boloke lo bo lo di dire, ka gonne seno ke botlhale mo go lona le tlhaloganyo mo go lona fa pele ga matlho a ditšhaba tse di tla utlwang ka melao eno yotlhe.” (Duteronome 4:5, 6) Jaanong ke nako ya gore re bontshe kafa re ratang Jehofa ka teng ka go dira gore thato ya gagwe e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona. Ruri re tla segofala fa re tlhopha go dira jalo.—Mathaio 6:33.

10-12. Re ithuta dilo dife ka go sekaseka se se diragetseng mo motlheng wa ga Noa?

10 Ka go reetsa lentswe la Modimo: Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Mo e ka nnang batho botlhe ba pele ga Morwalela ba ne ba iteegile tsebe mme “ba se ka ba tsaya tsia” ditlhagiso tsa ga Noa. Go ne ga felela ka eng? ‘Morwalela o ne wa tla mme wa ba gogola botlhe.’ Jesu o ile a ntsha tlhagiso ya gore motlha wa rona, ka nako ya “go nna gone ga Morwa motho,” o tla nna fela jalo. Se se diragetseng mo motlheng wa ga Noa ke sekai se se tlhagisang batho ba gompieno ba ba tlhophang go se tseye molaetsa wa Modimo tsia.—Mathaio 24:39.

11 Batho ba ba sotlang ka ditlhagiso tse di bolelwang ke batlhanka ba Modimo ba gompieno ba tshwanetse go lemoga gore go tla direga eng ka bone fa ba sa tseye ditlhagiso tsia. Moaposetoloi Petere o ile a bua jaana ka basotli ba ba ntseng jalo: “Go ya ka keletso ya bone, ntlha eno ga ba kgone go e lemoga, gore go ne go na le magodimo go tswa bogologolong le lefatshe le eme le kitlane go tswa mo metsing e bile le le mo gare ga metsi ka lefoko la Modimo; mme lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi. Mme magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.”—2 Petere 3:3-7.

12 Bona fela kafa Noa le lelapa la gagwe bone ba neng ba tlhopha tsela e e farologaneng le ya batho bano ka teng. “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka.” Go tsaya tsia tlhagiso go ne ga dira gore lelapa la gagwe le bolokwe. (Bahebera 11:7) E kete re ka nna bonako go sekegela tsebe molaetsa wa Modimo mme re o ikobele.—Jakobe 1:19, 22-25.

13, 14. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re ‘ngaparele Jehofa’? (b) Re tshwanetse go letla jang Jehofa, “Mmopi wa rona wa Letsopa,” gore a re bope?

13 Ka go ngaparela Jehofa: Go ‘tlhopha botshelo gore re nne re tshele’ ga go re tlhoke fela gore re rate Jehofa le go mo reetsa mme gape re tshwanetse go mo ‘ngaparela,’ ke gore, re tswelele pele re dira thato ya gagwe. Jesu o ile a re: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:19) Tsela e re e tlhophang mo kgannyeng eno e senola se tota se leng mo pelong ya rona. Diane 28:14 ya re: “Go itumela motho yo o boifang ka metlha, mme yo o thatafatsang pelo ya gagwe o tla wela mo masetlapelong.” Faro wa Egepeto wa bogologolo e ne e le sekai sa kgang eno. Fa nngwe le nngwe ya Dipetso Tse di Lesome e wela Egepeto, Faro o ne a thatafatsa pelo ya gagwe go na le go bontsha go boifa Modimo. Jehofa ga a ka a pateletsa Faro go tlhoka kutlo, go na le moo o ne a letla mmusi yoo yo o boikgodiso go itlhophela tsela e a tla e tsayang. Mme gone, thato ya ga Jehofa e ne ya diragadiwa, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa jaana ka tsela e Jehofa a neng a leba Faro ka yone: “Ke go lesitse gore o nne o ntse o le gone ka lebaka leno, gore ke bontshe maatla a me ka wena, le gore leina la me le tle le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Baroma 9:17.

14 Makgolo a dingwaga morago ga gore Baiseraele ba gololwe mo taolong ya ga Faro, moporofeti Isaia o ile a re: “Wena Jehofa, o Rraarona. Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa; mme rotlhe re tiro ya seatla sa gago.” (Isaia 64:8) Fa re ntse re letla Jehofa go re bopa ka thuto ya botho le go dirisa se Lefoko la gagwe le re bolelelang sone, ka bonya ka bonya re apara botho jo bosha. Seo se re thusa go nna bonolo go feta pele le gore re nne motlhofo go bopega e le gore re kgone go ngaparela Jehofa ka boikanyegi ka gonne re batla go mo itumedisa ka pelo yotlhe.—Baefeso 4:23, 24; Bakolosa 3:8-10.

“O di Itsise”

15. Go ya ka Duteronome 4:9, Moshe o ne a gakolola Baiseraele maikarabelo afe a mabedi?

15 Moshe o ne a raya setšhaba sa Iseraele se se neng se kokoane mme se tloga se tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng a re: “Fela o itise o bo o tlhokomele moya wa gago, gore o se ka wa lebala dilo tse matlho a gago a di boneng le gore di se ka tsa tloga mo pelong ya gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago; mme o di itsise bomorwao le bana ba bana ba gago.” (Duteronome 4:9) Setšhaba seo se ne se tshwanetse go dira maikarabelo a mabedi a Jehofa Modimo wa bone a neng a ba neile one e le gore ba tle ba segofale le go atlega kwa nageng e ba neng ba tloga ba e newa go nna boswa jwa bone. Ba ne ba sa tshwanela go lebala dilo tse di molemo tse ba neng ba bone Jehofa a ba direla tsone, mme dilo tseo ba ne ba tshwanetse go di ruta dikokomana tsa bone. Batho ba Modimo gompieno ba tshwanetse go dira jalo fa ba batla ‘go tlhopha botshelo gore ba nne ba tshela.’ Ke dilo dife tse Jehofa a re diretseng tsone tse re di boneng ka matlho?

16, 17. (a) Barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba nnile le katlego efe mo tirong ya go rera ka Bogosi? (b) Ke dikai dife tse o di itseng tsa batho ba ba sa ntseng ba tlhagafetse le jaanong?

16 Re itumelela go bona kafa Jehofa a segofaditseng tiro ya rona ya go rera le go dira barutwa ka teng. Fa e sa le Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se simololwa ka 1943, barongwa ba ile ba etelela pele tiro ya go dira barutwa mo dinageng di le dintsi. Fa e sa le ka nako eo, batho ba ba alogileng kwa sekolong seno ba ile ba ipoloka ba tlhagafetse mo tirong ya Bogosi ya go rera, le mororo ba setse ba godile thata mme bangwe ba bone ba kgorelediwa ke botsogo. Mongwe wa bone ke Mary Olson, yo o neng a aloga kwa Gileade ka 1944. O ile a nna morongwa la ntlha kwa Uruguay, go tswa foo Colombia, mme jaanong o kwa Puerto Rico. Le fa mathata a botsogo a kgoreletsa Kgaitsadi Olson ka tsela nngwe ka ntlha ya bogodi, o sa ntse a tlhagafaletse tiro ya go rera. O dirisa kitso e a nang le yone ka puo ya Se-Spain ka botlalo ka go rulaganya go nna le nako ya go dira le baboledi ba koo mo bodireding jwa tshimo beke nngwe le nngwe.

17 Nancy Porter, yo jaanong e leng motlholagadi yo o alogileng kwa Sekolong sa Gileade ka 1947, e sa ntse e le morongwa kwa Bahamas. Ke morongwa yo mongwe yo o sa ntseng a dira ka natla mo tirong ya go rera. Kgaitsadi Porter o ile a bua jaana mo setlhogong se se buang ka botshelo jwa gagwe: “Go ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele go dirile gore ke nne ke itumetse thata. Go nthusa go nna le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya dilo tsa semoya e e dirang gore botshelo jwa me e nne jo bo rulaganeng sentle le jo bo tlhomameng.” * Fa Kgaitsadi Porter le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba akanya ka botshelo jwa bone jwa nako e e fetileng, ga ba lebale se Jehofa a ba diretseng sone. Go tweng ka rona? A re anaanela tsela e Jehofa a segofaditseng tiro ya Bogosi ka yone mo motseng wa rona?—Pesalema 68:11.

18. Re ka ithuta eng ka go bala dipego tsa botshelo jwa barongwa?

18 Re itumelela tiro e batlhanka bano ba ba sa bolong go direla Jehofa ba e dirileng mo nakong e e fetileng le e ba sa ntseng ba e dira. Re kgothadiwa ke go bala dipego tsa botshelo jwa bone ka gonne fa re bona se Jehofa a kgonneng go se dira ka batlhanka bano ba ba ikanyegang, seo se re thusa go ititaya sehuba le go feta gore re tswelele re direla Jehofa. A ka metlha o bala dipego tseno tse di kgatlhang tse di gatisiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo o bo o tlhatlhanya ka tsone?

19. Batsadi ba Bakeresete ba ka dirisa dipego tse di kwadilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo tsa matshelo a batho jang ka tsela e e molemo?

19 Moshe o ne a gakolola Baiseraele gore ba se ka ba lebala dilo tsotlhe tse Jehofa a ba diretseng tsone le gore ba boloke dilo tseno mo pelong ya bone botshelo jotlhe jwa bone. Go tswa foo o ne a oketsa ka kgato e nngwe gape: “O di itsise bomorwao le bana ba bana ba gago.” (Duteronome 4:9) Dipego tsa matshelo a batho di gapa maikutlo ka tsela e e kgethegileng. Basha ba ba golang ba tlhoka dikao tse di molemo. Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ka ithuta sengwe mo dikaong tse di molemo tsa bokgaitsadi ba ba godileng ba dipego tsa matshelo a bone di tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba nna le ditshono tsa go tshwarega thata mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo ka go rera mo tshimong ya batho ba ba buang puo e sele mo tshimong ya bone. Lona batsadi ba Bakeresete, ke eng fa lo sa dirise maitemogelo a barongwa ba ba ikanyegang ba Gileade go kgothaletsa bana ba lona gore ba tlhophe tirelo ya nako e e tletseng go nna tiro ya bone ya botshelo jotlhe?

20. Re tshwanetse go dira eng gore re ‘tlhophe botshelo’?

20 Ka gone, mongwe le mongwe wa rona a ka ‘tlhopha botshelo’ jang? Ka go dirisa mpho e e molemolemo ya go itlhophela go bontsha Jehofa gore re a mo rata ka go tswelela pele re dira bojotlhe mo tirelong ya gagwe fa fela a sa ntse a re neile tshono eo. Jaaka Moshe a ile a bolela, re dira jalo ka gonne Jehofa ‘ke ene botshelo jwa rona le boleele jwa malatsi a rona.’—Duteronome 30:19, 20.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Bona setlhogo se se reng, “Go Ipela le go Leboga Le fa Ke Utlwisitswe Botlhoko ke go Swelwa,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2001, ditsebe 23-7.

A o A Gakologelwa?

• O ithutile eng mo dikaing tse re di sekasekileng tsa batho ba ba neng ba tlhopha dilo tse di sa tshwaneng?

• Ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya gore re ‘tlhophe botshelo’?

• Ke maikarabelo afe a mabedi a re kgothalediwang go a dira?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go reetsa lentswe la Modimo go ne ga thusa Noa le lelapa la gagwe go falola

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mary Olson

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Nancy Porter