Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

“A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—PESALEMA 119:97.

1, 2. (a) Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Pesalema 119 o ne a lebane le boemo bofe? (b) O ne a tsibogela jang boemo jo a neng a lebane le jone, mme ka ntlha yang?

MOKWADI wa Pesalema 119 o ne a lebane le teko ya dira ga di bonwe. Baba ba ba boikgodiso ba ba neng ba itlhokomolosa molao wa Modimo ba ne ba mo sotla e bile ba mo senya leina ka go bua maaka ka ene. Dikgosana di ne di gakololana ka ene e bile di mmogisa. O ne a dikaganyeditswe ke baikepi mo dintlheng tsotlhe, mme botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing. Dilo tseno tsotlhe di ne di dira gore a ‘tlhorege boroko ka ntlha ya khutsafalo.’ (Pesalema 119:9, 23, 28, 51, 61, 69, 85, 87, 161) Mme go ntse go le jalo, mopesalema o ne a opela jaana: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:97.

2 Gongwe o ka botsa, “Go ne go tla jang gore mopesalema a bone kgomotso le kgothatso mo molaong wa Modimo?” Selo se se neng se mo thusa ke go dumela a tlhatswegile pelo gore Jehofa o a mo kgatlhegela. E re ka a ne a itse gore melao eno e re e filweng ka lorato e molemo go le kana kang, seno se ne se mo itumedisa, le fa baganetsi ba gagwe ba ne ba mmakela mathata. O ne a lemoga gore Jehofa o ile a dirisana sentle le ene. Mo godimo ga moo, go dirisa kaelo e e mo molaong wa Modimo go ne ga dira gore mopesalema a nne botlhale go feta baba ba gagwe ga ba ga dira gore a nne a ntse a tshela. Go ikobela molao go ne ga dira gore a nne le kagiso le segakolodi se se molemo.—Pesalema 119:1, 9, 65, 93, 98, 165.

3. Ke ka ntlha yang fa e le kgwetlho mo Bakereseteng go tshela ka melao ya Modimo gompieno?

3 Bangwe ba batlhanka ba Modimo gompieno le bone ba lebana le diteko tse di botlhoko tsa tumelo ya bone. Re ka nna ra bo re sa lebana le bothata jo bo ka tsenyang botshelo jwa rona mo kotsing jaaka go ne go ntse ka mopesalema, mme gone re tshela mo “[dinakong] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Batho ba le bantsi ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi ga ba rate dilo tsa semoya—mekgele e ba ipeetseng yone e bontsha gore ba na le boithati e bile ba rata dilo tse di bonalang, ba mabela e bile ga ba na tlotlo. (2 Timotheo 3:1-5) Ka metlha Bakeresete ba babotlana ba tshwanelwa ke go lebana le maemo a a ba lekang go bona gore ba ikanyega go le kana kang mo boitshwarong. Mo maemong a a tshwanang le ano, go ka nna boima go tswelela re rata Jehofa le go rata se se molemo. Re ka itshireletsa jang?

4. Mopesalema o ne a bontsha jang gore o anaanela molao wa Modimo, mme a Bakeresete ba tshwanetse go dira selo se se tshwanang?

4 Se se neng sa thusa mopesalema go emelana le mathata a a neng a na le one ke gore o ne a dirisa nako e ntsi a tlhatlhanya ka kanaanelo ka molao wa Modimo. Mme seno sa dira gore a o rate. Ee, mo e ka nnang temana nngwe le nngwe ya Pesalema 119 e umaka karolo nngwe ya molao wa ga Jehofa. * Bakeresete gompieno ga ba tlangwe ke Molao wa ga Moshe, o Modimo a neng a o naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele. (Bakolosa 2:14) Le fa go ntse jalo, melaometheo e e mo Molaong ono e sa ntse e le botlhokwa. Melaometheo eno e ne e gomotsa mopesalema, mme gape e sa ntse e ka gomotsa batlhanka ba Modimo ba ba mekamekanang le mathata a botshelo jwa gompieno.

5. Re tlile go sekaseka dikarolo dife tsa Molao wa ga Moshe?

5 Nta re sekaseke gore re ka bona kgothatso efe mo melaong e le meraro fela e e mo Molaong wa ga Moshe: thulaganyo ya Sabata, thulaganyo ya go ronopa, le molao o o neng o iletsa go eletsa ka pelotshetlha. Mo go mongwe le mongwe wa melao eno, re tla fitlhela gore go tlhaloganya melaometheo e e tsamaisanang le melao eno go botlhokwa fa e le gore re batla go lebana ka katlego le dikgwetlho tsa metlha e re mo go yone.

Go Kgotsofatsa Se re Se Tlhokang Semoyeng

6. Ke dilo dife tsa botlhokwa tse batho botlhe ba tlhokang go di tlhokomela?

6 Motho o dirilwe a na le dilo di le mmalwa tse di botlhokwa tse a di tlhokang. Ka sekai, o tlhoka dijo, metsi, le lefelo la bonno gore a nne a itekanetse mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, gape o tshwanetse go tlhokomela ‘se a se tlhokang semoyeng.’ Ga a ka ke a itumela ka tsela ya mmatota fa a sa tlhokomele karolo eno. (Mathaio 5:3) Jehofa o ne a bona go le botlhokwa thata jaana go tlhokomela karolo eno e re tsholwang re ntse re e tlhoka mo a bileng a laela batho ba gagwe gore ka letsatsi le le lengwe mo bekeng nngwe le nngwe, ba tlogele ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi mme ba tlhokomele dilo tsa semoya.

7, 8. (a) Modimo o ne a dira jang gore go nne le pharologanyo mo gare ga Sabata le malatsi a mangwe? (b) Boikaelelo jwa Sabata e ne e le eng?

7 Thulaganyo ya Sabata e ne e bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore motho a tlhokomele dilo tsa semoya. Lekgetlho la ntlha mo lefoko “sabata” le tlhagelelang teng mo Baebeleng ke malebana le mpho ya mana kwa nageng. Baiseraele ba ne ba bolelelwa gore ba sele senkgwe seno sa kgakgamatso malatsi a le marataro. Mo letsatsing la borataro, ba ne ba tshwanetse go sela “senkgwe sa malatsi a mabedi,” ka gonne mo letsatsing la bosupa, se ne se se kitla se nna teng. Letsatsi la bosupa e ne e tla nna “sabata o o boitshepo mo go Jehofa,” mme ka letsatsi leo mongwe le mongwe o ne a tshwanetse a nna mo lefelong la gagwe. (Ekesodo 16:13-30) Mongwe wa Melao e e Lesome o ne o laetse gore go se ka ga dirwa tiro epe gotlhelele ka Sabata. E ne e le letsatsi le le boitshepo. Yo o sa le bolokeng o ne a otlhaiwa ka loso.—Ekesodo 20:8-11; Dipalo 15:32-36.

8 Molao wa Sabata o ne o bontsha kafa Jehofa a amegileng ka teng ka go itekanela sentle mo mmeleng le mo moyeng ga batho ba gagwe. Jesu o ne a re: “Sabata e ne ya nna gone ka ntlha ya motho.” (Mareko 2:27) Ga se fela gore e ne ya thusa Baiseraele go ikhutsa mme gape e ne ya ba naya sebaka sa go atamalana le Mmopi wa bone le go bontsha go mo rata. (Duteronome 5:12) E ne e le letsatsi le le beetsweng kwa thoko gore go dirwe dilo tsa semoya ka lone. Dilo tseo di ne di akaretsa gore lelapa le kopanele mo go obameleng, mo go rapeleng, le mo go tlhatlhanyeng ka Molao wa Modimo. Thulaganyo eno e ne e thusa Baiseraele gore ba se ka ba fetsa nako yotlhe ya bone le maatla a bone ba senkana le dilo tse di bonalang. Sabata e ne e ba gakolola gore kamano ya bone le Jehofa e ne e le selo se se botlhokwa thata mo matshelong a bone. Jesu o ne a boa a gatelela molaomotheo oo o o sa fetogeng fa a ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’”—Mathaio 4:4.

9. Thulaganyo ya Sabata e ruta Bakeresete thuto efe?

9 Ga go tlhole go lebeletswe gore batho ba Modimo ba boloke boikhutso jwa sabata jwa letsatsi la mmatota la diura di le 24, le fa go ntse jalo, le gompieno re sa ntse re ka ithuta sengwe mo thulaganyong eno ya Sabata. (Bakolosa 2:16) A ga e re gakolole gore le rona re tshwanetse go baya dilo tsa semoya kwa pele? Dilo tsa semoya ga di a tshwanela go hupediwa ke go tshwarega thata ka dilo tse di bonalang kgotsa tsa boitapoloso. (Bahebera 4:9, 10) Ka gone re ka nna ra ipotsa: “Ke eng se se tlang kwa pelepele mo botshelong jwa me? A ke beile go ithuta, thapelo, go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa pelepele mo botshelong jwa me? Kgotsa a dilo tse dingwe di tsaya nako yotlhe e ke tshwanetseng ka bo ke e dirisetsa dilo tseno?” Fa re baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a rona, Jehofa o re tlhomamisetsa gore ga re na go tlhaela dilo tse dingwe tse re di tlhokang mo botshelong.—Mathaio 6:24-33.

10. Re ka solegelwa molemo jang ke go dirisa nako e e rileng re dira dilo tsa semoya?

10 Nako e re e dirisang re ithuta Baebele le dibuka tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng, e bile re tlhatlhanya ka molaetsa wa tsone, e ka re thusa go atamalana gaufi le Jehofa. (Jakobe 4:8) Susan, yo dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng a neng a simolola go beela nako kwa thoko ya go ithuta Baebele ka metlha, o a dumela gore kwa tshimologong e ne e se selo se a se itumelelang. Go ne go tshwana fela le tiro e e boima mo go ene. Mme fa a ntse a tswelela a bala, o ne a go itumelela. Gone jaanong, fa ka mabaka mangwe a sa kgone go ithuta, o ikutlwa a tlhologelelwa thuto ya gagwe thata. A re: “Thuto e nthusitse go leba Jehofa e le Rre. Ke kgona go mo ikanya, go ikaega ka ene, le go mo atamela ka thapelo ke sa tshabe sepe. Go itumedisa tota go bona kafa Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka teng, kafa a ntlhokomelang ka teng, le kafa a nthusitseng ka teng.” A bo go tlhokomela dilo tse re di tlhokang semoyeng go ka re leretse boitumelo jo bogolo jang ne!

Molao wa Modimo Malebana le go Ronopa

11. Thulaganyo ya go ronopa e ne e dira jang?

11 Karolo ya bobedi ya Molao wa ga Moshe e e bontshang kafa Modimo a neng a amegile ka teng ka go itekanela ga batho ba gagwe e ne e le e e nayang batho tshono ya go ronopa. Jehofa o ne a laela gore fa molemi wa Moiseraele a le mo thobong kwa tshimong ya gagwe, batlhoki ba tshwanetse go letlwa go itseela mo barobi ba go tlogelang kwa morago. Balemi ba ne ba sa tshwanela go roba sengwe le sengwe go ya go fitlha le mo dintlheng tsa masimo a bone, e bile ba ne ba sa tshwanela go sela mo go saletseng kwa morago ga morara kgotsa motlhware. Ba ne ba sa tshwanela go boa ba ye go tsaya dingata tse go diregileng gore di salele kwa morago mo masimong. Eno e ne e le thulaganyo e e molemo e e diretsweng go thusa bahumanegi, baagi ba baeng, masiela le batlholagadi. Gone ke boammaaruri gore go ronopa go ne go batla gore ba dire ka natla, le fa go ntse jalo, gape go ne go ba thusa gore ba se ka ba nna bakopi.—Lefitiko 19:9, 10; Duteronome 24:19-22; Pesalema 37:25.

12. Thulaganyo ya go ronopa e ne e naya balemi tshono ya go dirang?

12 Molao wa go ronopa o ne o sa tlhalose gore balemi ba tlogelele batlhoki go le kanakang mo ba tla go ronopang. Go ne go tla tswa mo go bone gore a karolo e ba e tlogelang e sa rojwa ya dintlha tsa masimo a bone e ne e tla nna kgolo kgotsa e nne nnye. Mo ntlheng eno, thulaganyo eno e ne e ba ruta go nna pelotshweu. E ne e naya balemi sebaka sa go bontsha gore ba anaanela go le kana kang yo o ba neileng thobo, ka gonne “yo o utlwelang mohumanegi botlhoko o . . . galaletsa [Modiri wa gagwe].” (Diane 14:31) Boase ke mongwe wa ba ba neng ba dira jalo. Ka bopelonomi o ne a tlhomamisa gore Ruthe, motlholagadi yo o neng a ronopa mo masimong a gagwe, a ronope dijo tse dintsi tsa ditlhaka. Jehofa o ne a duela Boase thata ka ntlha ya bopelotshweu jwa gagwe.—Ruthe 2:15, 16; 4:21, 22; Diane 19:17.

13. Molao wa bogologolo wa go ronopa o re ruta eng?

13 Molaomotheo wa molao ono wa go ronopa ga o ise o fetoge. Jehofa o sa ntse a lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba nne pelotshweu, bogolo jang mo go ba ba tlhokang. Fa re nna pelotshweu ka selekanyo se segolwane, re tla segofadiwa ka sone selekanyo seo. Jesu o ne a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.”—Luke 6:38.

14, 15. Re ka bontsha jang bopelotshweu, mme ke melemo efe e rona le ba re ba thusang re ka nnang le yone?

14 Moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore re “[dire] se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Ka gone, eleruri re tshwanetse go tshwenyega ka Bakeresete ka rona gore ba bone thuso ya semoya ka metlha fa ba lebana le diteko mo tumelong ya bone. Mme a go ka direga gore gape ba tlhoka go thusiwa ka sengwe, ka sekai, go thusiwa go ya Holong ya Bogosi, kgotsa go rekelwa dilo dingwe kwa mabenkeleng? A mo phuthegong ya lona go na le bangwe ba ba godileng, ba ba lwalang, kgotsa ba ba sa kgoneng go tswa mo matlong a bone ba ba neng ba ka anaanela gore o ba etele o ba kgothatse kgotsa o ba thuse ka sengwe? Fa re leka go bona dilo tseno tse re ka thusang ba bangwe ka tsone, Jehofa a ka nna a dirisa rona go araba dithapelo tsa yo o tlhokang. Le mororo go tlhokomelana e le boikarabelo jo re nang le jone jaaka Bakeresete, go dira jalo gape go thusa motho yo o thusang ba bangwe. Fa re bontsha baobamedi mmogo le rona gore re ba rata ka lorato lwa mmatota seno se re leretse boipelo jo bogolo le kgotsofalo tse di dirang gore Jehofa a re itumelele.—Diane 15:29.

15 Tsela e nngwe e e botlhokwa e Bakeresete ba bontshang ka yone gore ga ba pelotshetlha ke ka go dirisa nako ya bone le maatla a bone go bua ka maikaelelo a Modimo. (Mathaio 28:19, 20) Mongwe le mongwe yo o kileng a itumelela go thusa motho yo mongwe go feleletsa a ineetse mo go Jehofa o itse boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Ikele Tlhoko mo Keletsong ya Bopelotshetlha

16, 17. Molao wa bolesome o ne o iletsa eng, mme ka ntlha yang?

16 Karolo ya boraro ya Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele e re tlileng go tlotla ka yone ke molao wa bolesome, o o neng o iletsa go eletsa ka bopelotshetlha. Molao ono o ne o re: “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe le fa e le lelata la gagwe le fa e le poo ya gagwe le fa e le esele ya gagwe le fa e le sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Ga go na motho ope yo o neng a ka pateletsa motho yo mongwe go ikobela molao ono, ka gonne ga go na ope yo o kgonang go bona se se mo pelong ya yo mongwe. Le fa go ntse jalo, molao oo o ne o dira gore Molao o o neilweng Baiseraele e nne wa maemo a a kwa godimo fa o bapisiwa le molao wa tshiamiso wa batho. O ne o dira gore Moiseraele mongwe le mongwe a itse gore o ikarabelela ka tlhamalalo mo go Jehofa, yo o kgonang go bona ditshekamelo tsa pelo ya rona. (1 Samuele 16:7) Mo godimo ga moo, molao ono o ne o lebagane le se tota se bakang ditiro di le dintsi tse di seng kafa molaong.—Jakobe 1:14.

17 Molao o o neng o iletsa keletso ya bopelotshetlha o ne o kgothaletsa batho ba Modimo gore ba se ka ba rata dikhumo, ba se ka ba nna bogagaru, ba se ka ba ngongoregela se ba nang le sone. Gape o ne o ba sireletsa gore ba se ka ba raelesega go utswa kgotsa go kopanela mo boitshwarong jo bo sa siamang. Go tlile go aga go ntse go na le ba ba nang le dilo tse re di ratang kgotsa ba ka tsela nngwe ba bonalang ba atlega go re feta. Fa re sa laole se re se akanyang mo maemong a a ntseng jalo, re ka nna ra feleletsa re sa itumela re bo re fufegela ba bangwe. Baebele e bua ka keletso ya bopelotshetlha e re ke go bontsha “mogopolo o o sa amogelweng.” Go ka nna molemo thata gore re se ka ra nna le keletso ya mofuta ono.—Baroma 1:28-30.

18. Ke moya ofe o o renang mo lefatsheng gompieno, mme o kgona go nna le diphelelo dife tse di sa itumediseng?

18 Moya o o renang gompieno jaana mo lefatsheng o kgothaletsa batho go rata dilo tse di bonalang le kgaisano. Kgwebo e dirisa papatso go tsosa mo go rona keletso ya go nna le dilo tse disha mme ka metlha e naya motho mogopolo wa gore fa re sa nne le dilo tseno ga re na go itumela. Ke one mofuta wa moya o Molao wa ga Jehofa o neng o o kgala. Moya o mongwe o o tshwanang le ono ke wa go eletsa go gatela pele mo botshelong, re sa akanyetse diphelelo tsa se re se dirang le go batla go ikokoanyetsa dikhumo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa a re: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

19, 20. (a) Mo mothong yo o ratang molao wa ga Jehofa, ke dilo dife tse tota di leng botlhokwa? (b) Setlhogo se se latelang se tlile go tlotla ka eng?

19 Batho ba ba ratang molao wa Modimo ba lemoga dikotsi tsa moya wa go rata dikhumo mme ba sirelediwa mo go tsone. Ka sekai, mopesalema o ne a rapela Jehofa a re: “Retololela pelo ya me mo dikgakololong tsa gago, e seng mo dipoelong. Molao wa molomo wa gago o molemo mo go nna, go feta dikapetla di le diketekete tsa gouta le selefera.” (Pesalema 119:36, 72) Fa re dumela gore mafoko ano a boammaaruri, seno se tla re thusa go nna re iketse tlhoko gore re se ka ra tshwarwa ke serai sa go rata dikhumo, bogagaru, le go se kgotsofalele se re nang le sone. ‘Boineelo jwa bomodimo,’ e seng go ikokoanyetsa dithoto, ke gone go go tla re nayang papadi e kgolo.—1 Timotheo 6:6.

20 Melaometheo ya Molao o Jehofa a neng a o naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele e sa ntse e le botlhokwa mo metlheng eno ya rona e e boima fela jaaka e ne e le botlhokwa fa Jehofa a ne a naya Moshe Molao ono. Fa re nna re dirisa melaometheo eno mo matshelong a rona, re tla e tlhaloganya botokanyana, re e rate, mme seno se tla dira gore re itumele thata. Go na le dilo di le dintsi tse di botlhokwa tse re ithutang tsone mo Molaong, mme matshelo le maitemogelo a batho ba Baebele a re thusa sentle go bona kafa dithuto tseno di leng botlhokwa ka gone. Mangwe a maitemogelo ano re tla tlotla ka one mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Ditemana tsotlhe tse 176 tsa pesalema eno, kwantle ga di le 4 fela, di bua ka melao ya ga Jehofa, ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi, ditaelo tsa gagwe, dikgakololo tsa gagwe, ditsela tsa gagwe, le lefoko la gagwe.

O ne O ka Araba o Reng?

• Ke ka ntlha yang fa mokwadi wa Pesalema 119 a ne a rata molao wa ga Jehofa?

• Bakeresete ba ka ithuta eng mo thulaganyong ya Sabata?

• Molao wa Modimo kaga go ronopa o na le melemo efe e e nnetseng ruri?

• Taelo e e iletsang go eletsa ka bopelotshetlha e re sireletsa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Molao wa Sabata o ne o gatelela eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Molao o o malebana le go ronopa o re ruta eng?