Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a bolelang fa a ne a raya Nikodemo a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho”?—Johane 3:13.

Ka nako eo Jesu o ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a ise a tlhatloge kana a boele legodimong. Le fa go ntse jalo, Se re se itseng ka ga Jesu le seemo se mafoko ano a builweng mo go sone, se ka re thusa go tlhaloganya gore o ne a raya goreng.

Jesu o ‘fologile kwa legodimong’ ka tsela ya gore o ne a kile a tshela kwa lefelong la semoya le Rraagwe, mme ka nako e e tlhomilweng, botshelo jwa Morwa bo ne jwa tsenngwa mo sebopelong sa ga Marea, mme Jesu a tsholwa e le motho wa nama. (Luke 1:30-35; Bagalatia 4:4; Bahebera 2:9, 14, 17) Fa Jesu a sena go swa, o ne a tla tsosiwa e le sebopiwa sa semoya mme a boele go ya go nna le Jehofa. Ke ka foo pelenyana fela ga gore a bolawe a neng a rapela a re: “Rara, nkgalaletse gaufi le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone gaufi le wena pele lefatshe le nna gone.”—Johane 17:5; Baroma 6:4, 9; Bahebera 9:24; 1 Petere 3:18.

Jesu o ne a ise a boele legodimong fa a ne a bua le Nikodemo yo e neng e le Mofarasai le morutisi mo Iseraele. Ke boammaaruri gore go ne go ise go nne le motho ope yo o kileng a swa a bo a tlhatlogela kwa lefelong la semoya kwa legodimong. Jesu ka boene o ne a bolela gore Johane Mokolobetsi e ne e le ene moporofeti yo mogolo wa Modimo mo go ba bangwe botlhe mme “yo mmotlanyana mo bogosing jwa magodimo o mogolo go mo feta.” (Mathaio 11:11) Mme moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore tota le Kgosi Dafide yo o neng a ikanyega o ne a swa, mme o ne a santse a le mo lebitleng; ga a ka a tlhatlogela legodimong. (Ditiro 2:29, 34) Go ne go na le lebaka la gore ba ba neng ba swa pele ga Jesu, ba ba jaaka Dafide, Johane Mokolobetsi le banna ba bangwe ba tumelo ba se ka ba ya legodimong. Ba ne ba swa pele Jesu a tlhoma tsela kana a dira gore go kgonege gore batho ba tsosediwe mo botshelong jwa legodimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore, fela jaaka moetapele, Jesu o ne ‘a re simololela tsela e ntšha le e e tshelang’ ya go tsena kwa legodimong.—Bahebera 6:19, 20; 9:24; 10:19, 20.

E re ka Jesu a ne a ise a swe e bile a ise a tsosiwe, o ne a raya goreng fa a ne a raya Nikodemo a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho”? (Johane 3:13) Ela tlhoko kgang e Jesu a neng a tlotla le Nikodemo ka yone.

Fa mmusi yono wa Bajuda a ne a tla kwa go Jesu bosigo, Jesu o ne a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Nikodemo o ne a araba ka go botsa gore: ‘Seo se ka direga jang? Motho a ka tsholwa jang lekgetlo la bobedi?’ O ne a sa tlhaloganye thuto eno e e malebana le go nna mo Bogosing jwa Modimo. A go ne go na le tsela e nngwe e a neng a ka ithuta thuto eno ka yone? Nnyaa, go ne go se motho ope yo o neng a ka mo ruta gonne go ne go se ope yo o kileng a nna kwa legodimong yo o neng a ka kgona go mo tlhalosetsa sentle ka go tsena kwa Bogosing. Ke Jesu fela yo o neng a ka kgona go dira seo. O ne a ka kgona go ruta Nikodemo le ba bangwe gonne o ne a fologile kwa legodimong mme o ne a tshwanelega go ruta batho ka kgang eo.

Ka jalo potso e e mo temaneng eno e bontsha ntlha e e botlhokwa malebana le go ithuta Lefoko la Modimo. Ga go utlwale go nna le dipelaelo ka temana e e rileng fela ka gonne go lebega go le thata go e tlhaloganya. Ditemana tse dingwe di tshwanetse go re thusa go tlhaloganya se Baebele e se bolelang mo go tse dingwe le kafa di dumalanang ka gone. Mo godimo ga moo, gantsi se go buiwang ka sone—gore seemo e ne e le sefe le gore go ne go tlotliwa ka kgang efe—di ka re thusa go bona tlhaloso e e utlwalang ya temana e re sa e tlhaloganyeng.