Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ee, o ka Kgona go Itumela

Ee, o ka Kgona go Itumela

Ee, o ka Kgona go Itumela

BOITUMELO—ee, boitumelo jwa mmatota, jwa go ya go ile—ka dinako dingwe go thata tota go bo bona. Go ntse jalo bogolo jang ka gonne batho ba le bantsi, fa ba ntse ba kgaratlha jalo go bo bona, ba bo senka mo go sa tshwanelang. O eletsa e kete ba ka bo ba na le tsala nngwe e e ikanyegang, e e tshwanelegang, e e neng e ka ba bontsha lefelo le le tshwanetseng le ba ka bonang boitumelo mo go lone!

Baebele ke yone buka e e tshwanelegang e e re bontshang kwa re ka bonang boitumelo gone. Akanya ka e le nngwe fela ya dibuka tsa yone—buka ya Dipesalema. Buka eno ke dipina di le 150 tse di boitshepo di dirilwe buka e le nngwe, tse di opelelwang Jehofa Modimo, mme halofo ya tsone di tlhamilwe ke Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo. Mme se se botlhokwa go feta go itse gore ke bomang ba ba kwadileng dipina tseno ke go itse gore buka eno e tlhotlheleditswe ke Tsala e kgolo thata ya motho, e bong Jehofa. Ka gone re ka tlhomamisega gore e na le kaelo ya Modimo e e tla re solegelang molemo le gore e ka re bontsha tsela ya go bona boitumelo.

Bakwadi ba Dipesalema ba ne ba itse gore se se dirang gore motho a itumele, ke fa a na le kamano e ntle le Modimo. Mopesalema o ne a kwala a re: “Go itumela motho yo o boifang Jehofa.” (Pesalema 112:1) Ga go na dikamano dipe tsa batho, ga go na sepe sa dilo tse di bonalang tse motho a ka nnang le tsone, ga go na sepe se motho a ka kgonang go se fitlhelela, se se ka mo leretseng boitumelo jo bo tshwanang le jo re nnang le jone fa re le mo gare ga “setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa.” (Pesalema 144:15) Maitemogelo a batlhanka ba le mmalwa ba gompieno ba Modimo a bontsha seno.

Tsaya ka sekai Susanne, yo o mo dingwageng tse di simololang tsa bo40. * A re: “Gompieno batho ba le bantsi ba ikamanya le ditlhopha dingwe gore ba kgone go fitlhelela dilo dingwe tse ba batlang go di fitlhelela mmogo, kgotsa gore ba kopanele mo go direng dilo dingwe tse ba batlang go di dira mmogo. Le fa go ntse jalo, gantsi ga nke ba leba ba bangwe ba ba mo setlhopheng e le ditsala tsa bone. Mme ga go a nna jalo ka batho ba ga Jehofa. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e dira gore re ratane ka borona. Mo gare ga batho ba Modimo re ikutlwa re sa tshabe sepe, le fa re ka tswa re le kae. Kutlwano eno e dira gore re itumele fela thata. Ke mang yo mongwe yo o ka go bolelelang gore o na le ditsala le batho ba ditso tse di farologaneng gotlhelele le lotso lwa gagwe, e bile ba tswa mo maemong a a farologaneng gotlhelele le a gagwe, e le ba ditšhaba tse di farologaneng gotlhelele le sa gagwe? Nka go bolelela ka pelo ya me yotlhe fela gore go nna mongwe wa batho ba ga Jehofa ke gone go leretseng motho boitumelo.”

Maree, yo o tsholetsweng kwa Scotland, le ene o ne a ithuta gore go nna le kamano e ntle le Jehofa go botlhokwa gore motho a itumele. O bolela jaana: “Pele ga ke ithuta Baebele, ke ne ke tle ke lebelele dibaesekopo tse di tshosang. Mme bosigo ke ne ke sa kgone go robala ke sa tshwara sefapaano mo letsogong la me gore ke leleke dipoko le dilo tse dingwe tse di tshosang batho bosigo, tse difilimi di le dintsi di neng di di bontsha. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fela fa ke sena go ithuta boammaaruri, mme ke tlogetse le go lebelela difilimi tseno, kamano ya me le Jehofa e ne ya dira gore ke kgone go robala ke sa tshabe sepe, ke itumelela go direla Modimo yo o maatla go feta madimona kgotsa dilo tse go akanngwang ka tsone tse di tshosang batho bosigo.”

Go Ikanya Jehofa go Isa Motho Kwa Boitumelong

Ga re na lebaka la go belaela gore Mmopi wa rona ke mothatayotlhe e bile o na le botlhale jo bo seng kana ka sepe. Dafide o ne a kwala jaana, ka a ne a itse gore a ka mo ikanya ka botlalo le gore a ka tshabela kwa go Ene: “Go itumela monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa.”—Pesalema 40:4.

Maria o ne a re: “Maitemogelo a me kwa Spain le kwa dinageng tse dingwe a mpontshitse gore fa re dira dilo ka tsela ya ga Jehofa, le mororo maikutlo a rona a ka nna a batla gore re di dire ka tsela e sele, dilo di re tsamaela sentle thata. Seno se dira gore re itumele ka gonne ka metlha tsela ya ga Jehofa e di gaisa tsotlhe.”

Andreas, mogolwane wa Mokeresete, yo o kileng a direla mo dinageng di le mmalwa tsa Yuropa, le ene o iponetse ka a gagwe matlho gore re ka kgona go ikanya Jehofa. O bolela jaana: “Fa ke sa ntse ke le mosha nkgonne, yo e seng Mosupi, o ne a ntlhotlheletsa thata, a nkgothaletsa go batla tiro e e tla nnayang madi a mantsi. O ne a swaba tota fa a bona ke tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng mme ke sa beye go le kalo mo dilong tse go tweng di a sireletsa tsa dipenshene tsa lefatshe. Fa ke ntse ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, ga ke ise nke ke tlhoke sepe, mme ke nnile le masego a ba bangwe ba eletsang e kete ba ka nna le one.”

Ka 1993, Felix o ne a lalediwa go ya go thusa mo tirong ya kago, ya fa go ne go atolosiwa lefelo la ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Selters, kwa Jeremane. E ne ya re fa tiro eno e fela, o ne a lalediwa go nna leloko la lelapa la Bethele gone koo. O ne a dira jang ka taletso eo? “Ke ne ka e amogela, le fa e ne e se ka pelo yotlhe. Mme jaanong ke ntse ke direla koo ka dingwaga di ka nna lesome, mme ke a bona gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me. O itse se se ntshiametseng. Ka go mo ikanya ka botlalo, le go mo letla gore a nkaele, ke mo naya tshono ya gore a mpontshe se a batlang ke se dira.”

Susanne, yo o umakilweng pelenyana, o ne a batla go nna modiredi wa nako e e tletseng, mmulatsela, mme o ne a na le mathata a gore ga a kgone go bona tiro e e se kitlang e mo tseela nako yotlhe. Morago ga go leta lobaka lwa ngwaga gore a bone tiro ya mofuta ono, o ne a tsaya kgato a na le tsholofelo mo go Jehofa. O bega jaana: “Ke ne ka tlatsa foromo ya go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha. Ke ne ke bolokile madi a a lekaneng gore ke kgone go duelela ditshenyegelo tsa me tsa lobaka lwa kgwedi. Mme ke a go bolelela, e nnile kgwedi ya ditiragalo! Ke ne ka itumelela bodiredi jwa me fela thata, mme nako le nako fa ke bidiwa go ya dipotsolotsong tsa go batla tiro ke ne ke boa ke sa atlega. Le fa go ntse jalo, jaaka fa Jehofa a solofeditse, ga a ka a ntatlha. Mo letsatsing la bofelo la kgwedi, ke ne ka saenela konteraka ya tiro. Jaanong ke ne ka kgona go bona gore nka ikanya Jehofa! Boitemogelo jono jwa me jwa ntlha ke le mo tirelong ya nako e e tletseng bo dirile gore ke tshele botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang.”

Go Amogela Kgakololo ya Modimo go Oketsa Boitumelo

Kgosi Dafide o ne a dira diphoso tse di masisi thata. Ka dinako dingwe o ne a tlhoka kgakololo e e botlhale. A re iketleeleditse go amogela kgakololo le tao jaaka Dafide?

Aida, go tswa France, o kile a lemoga nako nngwe gore o ne a dirile phoso e e masisi. O bega jaana: “Selo se ke neng ke tshwenyegile thata ka sone e ne e le go baakanya kamano ya me le Jehofa. Ke ne ke sa batle sepe se sengwe.” O ne a kopa thuso mo bagolwaneng ba Bakeresete. Morago ga go nna mo bodireding jwa nako e e tletseng ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le 14, jaanong a re: “Ke itumetse jang go itse gore Jehofa o intshwaretse mo phosong e ke e dirileng!”

Go amogela kgakololo ya Modimo go ka re thusa gore le go wela re se ka ra wela mo phosong. Judith o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 20, ke ne ka simolola go kgatlhegela monna mongwe wa Mojeremane yo ke neng ke na le ditirisano tsa kgwebo le ene, yo o neng a leka thata go intumedisa. E ne e le monna yo o tlotlegang, a atlegile mo tirong, e bile o ne a nyetse! Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tlhopha mo gare ga go utlwa melao ya ga Jehofa le go hularela Jehofa gotlhelele. Ke ne ka bolelela batsadi ba me. Rre ga a ka a nthekegela, o ne a mpolelela puo phaa se Jehofa a neng a se lebeletse mo go nna. O ne a bua le nna a sa fitlhe sepe—sone fela se ke neng ke se tlhoka! Mme go ntse go le jalo, ke ne ke sa ntse ke batla go senka lebaka la go itlhokomolosa kgakololo. Ka dibeke di le mmalwa mmè o ne a tlhola a tlotla le nna mo maitseboeng a nkgakolola kafa melao ya Modimo e leng botlhokwa ka teng e bile e bolokang botshelo ka teng. Ke leboga tota gore pelo ya me e ne e sekametse kwa go Jehofa. Go kgalengwa ke ene le go rutwa ke ene go ntliseditse boitumelo jo bogolo—dingwaga tse dintsi tse di kgotsofatsang ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng le molekane yo o molemo wa Mokeresete, yo o nthatang e bile a rata Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe.”

Ee, maitemogelo a a tshwanang le ano a bontsha boammaaruri jwa mafoko a ga Dafide: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng. Go itumela motho yo Jehofa a sa mmaleleng tlolo e le molato.”—Pesalema 32:1, 2.

Boitumelo jo bo Tlisiwang ke go Bontsha go Akanyetsa ba Bangwe

Dafide o ne a kwala a re: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase; Jehofa o tla mo falotsa mo letsatsing la masetlapelo. Jehofa o tla mo disa le go mmoloka a tshela. O tla bolelwa e le yo o itumetseng.” (Pesalema 41:1, 2) Kakanyetso e e lorato e Dafide a neng a e bontsha Mefiboshethe, e bong ngwana wa segole wa ga Jonathane, e leng tsala e kgolo ya ga Dafide, ke sekao se se molemo sa boikutlo jo bo siameng jo re tshwanetseng go nna le jone mo bathong ba maemo a a kwa tlase.—2 Samuele 9:1-13.

Marlies, yo e ntseng e le morongwa ka dingwaga di le 47, o nnile le tshono ya go rerela batho ba ba tshabileng kwa magaeng a bone kwa mafelong a a wetsweng ke masetlapelo a Afrika, Asia, le Yuropa Botlhaba. A re: “Ba na le mathata a a sa tshwaneng mme gantsi ba na le go ikutlwa e kete ba tsewa e le batswakwa ba ba sa amogelwang mo setšhabeng, ba bona e kete ba a kgethololwa. Go thusa batho bano ka metlha go a itumedisa.”

Marina, yo o mo dingwageng tse di simololang tsa bo40, o ne a kwala jaana: “Ka gonne ke sa nyalwa, ke a itse gore go itumedisa jang fa batho ba bangwe ba rata go go thusa. Seno se ntlhotlheletsa go kgothatsa batho ka go ba leletsa mogala kgotsa go ba kwalela makwalo. Ba le bantsi ba bontshitse gore ba anaanela seno fela thata. Go thusa ba bangwe go ntlisetsa boitumelo.”

Dimitar, yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20, o ne a re: “Mmè o nkgodisitse a le esi fela, a se na molekane. Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke itumelela go nna le molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego yo o neng a tlhola a tsamaya le nna beke nngwe le nngwe go nkatisa mo bodireding. Ke sa ntse ke lebogela tsela e a neng a le pelotelele le nna ka yone. Ke a itse gore go ne go se bonolo ka metlha go nthotloetsa.” Dimitar, ka gonne a anaanela thuso e ene a neng a tlhola a e newa, jaanong o thusa ba bangwe: “Ke leka go tsaya motho mongwe yo mmotlana le yo mogolo gore ba tsamaye le nna mo bodireding jwa tshimo bobotlana gangwe ka kgwedi.”

Buka ya Dipesalema gape e umaka dilo tse dingwe tse di re leretseng boitumelo. Sengwe sa tsone ke gore go botlhokwa go ikanya nonofo ya ga Jehofa, e seng ya rona ka borona: “Go itumela batho ba nonofo ya bone e leng mo go [Jehofa].”—Pesalema 84:5.

Corinna o nnile le boitemogelo jo bo bontshang seno. O ne a fudugela kwa nageng e e neng e tlhoka thuso e kgolo mo bodireding. “Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta puo e ntšha, setso se ke neng ke sa se itse, le tsela e ntšha ya go akanya. Go ne go ntse jaaka e kete ke mo polaneteng e sele. Ke ne ke tshosiwa ke go akanya ka kgang ya go rera mo lefelong le ke sa le itseng. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse, mme ka nonofo ya gagwe ke ne ka kgona go rera letsatsi lotlhe mo tshimong eno e e kwa thoko. Fa nako e ntse e ile ke ne ka tlwaela tiro eno. Ke ne ka simolola dithuto di le dintsi tsa Baebele, mme le jaanong ke sa ntse ke solegelwa molemo thata ke boitemogelo jono. Ke ithutile gore ka thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go feta mo dikgoreletsing tse go bonalang go ka se kgonege go feta mo go tsone.”

Ee, go na le dilo tse di farologaneng tse di re tlisetsang boitumelo, tse di tshwanang le go nna le kamano e ntle le Modimo le batho ba gagwe, go ikanya Jehofa ka botlalo, go amogela kgakololo ya gagwe, le go akanyetsa ba bangwe. Ka go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa le go ikobela melao ya gagwe, re ka itumelela go amogelwa ke ene.—Pesalema 89:15; 106:3; 112:1; 128:1, 2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Maria

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Maree

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Susanne le Andreas

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Corinna

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dimitar