Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Koketsego mo Bathong ba Uganda ba Ditso Tse di Farologaneng

Go Nna le Koketsego mo Bathong ba Uganda ba Ditso Tse di Farologaneng

Go Nna le Koketsego mo Bathong ba Uganda ba Ditso Tse di Farologaneng

UGANDA ke naga ya bontle jo bo jesang kgakge e e fa gare ga karolo e e kafa botlhaba le e e kafa bophirima ya Great Rift Valley ya kwa Afrika, mme e tsentse ekhweitha fa gare. Ke naga e e nang le dilo tse di farologaneng tse dintle, dijalo tse di nonneng le diphologolo tse di kgatlhang. E re ka naga eno e le mo setlhabeng se se kwa godimo sa Afrika, e na le tlelaemete e e lekanetseng e bile ke naga e e kgatlhang e e tletseng dithota sekgala sa dikilometara di le makgolokgolo.

Uganda ke nngwe ya dinaga di se kae fela tse di ka nnang le mafelo a a tsididi thata le a a mogote thata a bapile. E simolola mo ditlhoeng tse di tletseng kapoko tse di bidiwang Dithaba tsa Ngwedi kana Dithaba tsa Ruwenzori tse di kafa bophirima go ya kwa nageng e e senang pula e e kafa botlhaba. Mo dipoeng tsa Uganda go na le ditlou, dinare le ditau. Dithaba tsa teng le dikgwa tsa teng tse di kitlaneng ke legae la dikorila le ditshwene, mmogo le mefuta e e fetang 1 000 ya dinonyane. Bogolo jwa kontinente ya Afrika e tlhasetswe ke leuba, mme Uganda yone e na le dinoka le matsha a a jaaka le le bidiwang Victoria e leng lekadiba la bobedi le legolo mo lefatsheng lotlhe le le nang le metsi a a phepa. Mosele o o kafa bokone wa Letsha la Victoria o tshologela mo Nokeng ya Nile. Ga go gakgamatse go bo Winston Churchill a ne a bitsa naga eno “perela ya Afrika”!

Gompieno “Perela” e a Phatsima

Mme gone, selo se se kgatlhang thata ka naga ya Uganda ke batho ba teng—ba botsalano, ba itse go amogela baeng e bile ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Naga eno e e ipitsang ya “Bokeresete” e ka tlhalosiwa e le motswako wa ditlhopha tse dintsi tsa ditso tse di farologaneng. Tota le gompieno batho bano ba santse ba farologanngwa ka dingwao le diaparo tsa bone.

Bosheng jaana batho ba le bantsi ba Uganda ba amogela dikgang tse di molemo tsa Baebele tse di malebana le nako e ka yone go tla bong go rena kagiso e e tla nnelang ruri lefatshe ka bophara. (Pesalema 37:11; Tshenolo 21:4) Go thata go isa molaetsa mo bathong botlhe ba naga eno, e e batlileng e lekana le Great Britain ka bogolo.

Koketsego e simolotse go nna gone ka 1955 fa go ne go kolobediwa moagi wa ntlha wa mo Uganda kwa Letsheng la Victoria go nna Mosupi wa ga Jehofa, mme kgabagare “yo monnye” o ne a fetoga go nna sekete ka 1992. Fa e sa le ka 1955, go ntse go nna le koketsego e kgolo. Seno se dumalana le mafoko a Modimo a a kgothatsang a a reng: “Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.”—Isaia 60:22.

Go Fenya Dikgoreletsi Tsa Puo

Seesemane ke puo ya semolao e e dirisiwang thata mo Uganda, segolobogolo mo thutong, mme gone ga se puo ya batho ba le bantsi ba Uganda. Ka jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba leka go fitlhelela batho ka dikgang tse di molemo, ba akanyetsa go dirisa le dipuo tse dingwe tse di dirisiwang foo. Seno se ne se tlhokega tota gonne batho ba ba fetang diperesente di le 80 tsa batho ba naga eno ba ba dimilione di le 25 ba nna kwa metseselegaeng kana kwa ditoropong tse dinnye kwa batho ba teng ba dirisang thata puo ya gabone. Go tlhokega maiteko tota go fitlhelela batho ba dipuo tseno le go ba naya dilo tse ba di tlhokang semoyeng.

Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba lekile ka natla go thusa batho bano ka dilo tse ba di tlhokang ka go ba rerela ka puo ya bone, le ka go baakanyetsa dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse di farologaneng. Ditlhopha tsa baranodi tse di leng kwa ofising ya lekala e e mo motsemoshate mo Kampala, di ranolela mo dipuong di le nnè e leng: Se-Acholi, Se-Lhukonzo, Se-Luganda, le Se-Runyankore. Mo godimo ga moo, go nnile le batho ba le bantsi, ba ba fetang palo ya Basupi ba ga Jehofa ba naga eo go menagane gabedi ba ba neng ba nna gone mo dikopanong tsa Bakeresete tse di tshwarwang ka dipuo tse di farologaneng mo nageng yotlhe. Seno se bontsha sentle gore maiteko a a dirwang go fitlhelela batho ba dipuo tse di farologaneng a thusitse gore go nne le koketsego eno ya semoya e e diregileng ka bofefo. Mme seno ga se sone fela se se dirileng gore go nne le koketsego.

Babulatsela ba Etelela Tiro Pele

Baboledi mo diphuthegong ba itumelela go tshegetsa letsholo la dikgwedi di le tharo le le nnang teng ngwaga le ngwaga, le ka nako ya lone go berekwang tshimo e e kwa thoko. (Ditiro 16:9) Palo e e oketsegang ya babulatsela ba basha ba ba tlhagafetseng kana bareri ba nako e e tletseng ba etelela tiro eno pele. Ba etela mafelo a a kwa kgakala a ka dinako tse dingwe dikgang tse di molemo di iseng di ko di utlwiwe kwa go one.

Basupi bangwe ba babedi ba ne ba abelwa gore ba nne babulatsela ba ba kgethegileng dikgwedi di le tharo kwa toropong nngwe e nnye e e kafa bophirima jwa Uganda e e bidiwang Bushenyi. Ba ne ba thusa Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a le esi mo lefelong leo go rera le go rulaganya dipokano tsa Bokeresete. Mo kgweding e le nngwe fela, babulatsela bano ba babedi ba ne ba setse ba tshwara dipuisano tsa ka metlha tsa Baebele le batho ba le 40, mme ba le 17 ba bone ba ne ba simolola go nna gone mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Babulatsela bano ba re: “Bangwe ba batho ba re ba tlogeletseng boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? * ba ne ba tla kwa re nnang teng malatsi a le mmalwa moragonyana ba tshotse dipampiri di le mmalwa tse ba neng ba kwadile dikarabo tsa dipotso tse di mo boroutšhareng mo go tsone. Ba ne ba batla go itse gore a dikarabo tsa bone di ne di nepile.” Gompieno go na le phuthego e e nang le Holo ya yone ya Bogosi mo toropong eo.

Babulatsela bangwe ba babedi ba ne ba tsaya loeto go ya kwa kgaolong e e kafa bophirima jwa Uganda e dikgang tse di molemo di neng di ise di ke di rerwe mo go yone pele. Ba ne ba kwala jaana: “Ruri batho ba nyoretswe boammaaruri jwa Baebele. Mo dikgweding tse tharo tse re di feditseng mono re kgonne go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele di le 86.” Go ise go ye kae ke fa setlhopha sa Basupi se tlhomilwe semolao mo lefelong leo.

Badiri ba Bangwe ba ba Tlhagafetseng mo Tshimong

Bangwe ba babulatsela bano ba ba tlhagafetseng, ba feditse dingwaga di le dintsi mo tirong eno. Pele Patrick a nna Mosupi wa ga Jehofa o ne a tshameka seletswa sa mmino se se bidiwang clarinet mo setlhopheng sa mmino sa masole a difofane sa mmusi wa Uganda e bong Idi Amin. Dikgwedi di le thataro fa Patrick a sena go kolobediwa ka 1983, o ne a nna modiredi wa nako e e tletseng. Gompieno ke molebedi yo o etang yo o etelang diphuthego le go di kgothatsa.

Margaret o ne a kolobediwa ka 1962. Go sa kgathalesege gore o gaufi le go tshwara dingwaga di le 80 e bile o tshwere ke nōka e e mo kgoreletsang go tsamaya sentle, o fetsa diura di ka nna 70 ka kgwedi a rerela baagelani ba gagwe ka tsholofelo e e mo Baebeleng. O baya dibuka mo bankeng kafa ntle ga legae la gagwe, a bo a simolola motlotlo le mongwe le mongwe fela yo o fetang ka tsela yo o ka ratang go reetsa dikgang tse di molemo tsa lefatshe le lesha la kagiso.

Simon yo e leng molemi yo o nnang kafa botlhaba jwa Uganda, o feditse dingwaga di le 16 a batla boammaaruri, mme ka 1995 o ne a bona dingwe tsa dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Se a se badileng mo go tsone se ne sa dira gore a batle go itse ka mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le maikaelelo a a molemo a Jehofa a nang le one ka lefatshe. Go ne go sena Basupi mo Kamuli kwa a neng a nna teng, ka jalo Simon o ne a tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 140 go ya go ba batla kwa Kampala. Gompieno go na le phuthego mo motseng wa gagabo.

“Ga go Kwa re Yang Teng”

Fela jaaka go ntse mo mafelong a mangwe a Afrika, batho ba le bantsi ba solofetse gore setlhopha sa bodumedi se nne le lefelo le le tshwanetseng la kobamelo. Go lebega seno e ne e nna bothata jo bogolo mo diphuthegong dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa gonne ba ne ba se na madi a go aga Holo e e tshwanetseng ya Bogosi. Go thata go tlhalosa kafa bakaulengwe ba neng ba leboga ka gone fa kwa bofelong jwa 1999, go ne go simololwa thulaganyo e e bonako ya go aga Diholo tsa Bogosi lefatshe ka bophara. Mo dingwageng di le tlhano tse di neng tsa latela, go ne ga wediwa Diholo tsa Bogosi tse disha di le 40 mo Uganda. Gompieno, mo e ka nnang diphuthego tsotlhe di na le Diholo tsa Bogosi tse di seng magasigasi mme di tshwanela. Go agiwa ga diholo tseno go naya banni ba mafelo ao molaetsa wa gore, “Ga go kwa re yang teng.” Seno le sone se thusitse thata gore go nne le koketsego.

Phuthego e nngwe e nnye e e kafa bokone jwa Uganda e ne e tshwarela dipokano kafa tlase ga setlhare sa menku se se nang le matlhare a mantsi. Fa ba sena go bona setsha, tiro e ne ya tswelela ka bofefo. Bakaulengwe ba ba leng mo setlhopheng se se agang ba ne ba simolola go aga Holo ya Bogosi ba dira mmogo le Basupi ba lefelo leo. Monna mongwe yo e kileng ya bo e le radipolotiki yo o tlhageletseng wa mo lefelong leo o ne a kgatlhiwa ke tiro eo thata. O ne a ba naya karatšhe ya gagwe gore ba e dirise go tshwara dipokano go fitlha Holo ya bone ya Bogosi e fela. Gape o ne a dumela go ithuta Baebele le mongwe wa baithaopi ba ba dirang mo kagong. Gone jaanong ke mmoledi yo o tlhagafetseng yo o kolobeditsweng, o itumelela go obamela Jehofa mo Holong e ntšha e ntle ya Bogosi!

Kwa porojekeng nngwe ya go aga Holo ya Bogosi kwa borwabotlhaba jwa naga eo, monna mongwe wa mo lefelong leo yo tiro ya gagwe e leng go aga ka maje, o ne a kgatlhiwa thata ke moya wa botsalano, lorato le tirisanommogo tse a neng a di bona mo bakaulengweng mo a neng a ithaopa go ba thusa ka tiro ya bone. Fa porojeke eo e setse e ya kwa bofelong, o ne a bo a bereka bosigo jotlhe gore bakaulengwe ba kgone go neela Holo ya Bogosi mo mosong o o latelang e fedile. O ne a akgela jaana: “Ke lona fela batho ba tota ba ratanang—ga lo bue fela ka molomo.”

Koketsego e Nna Teng go sa Kgathalesege Mathata

E re ka molaetsa wa dikgang tse di molemo o ntse o fitlha mo dikarolong tse disha tsa Uganda, go nna le koketsego mo palong ya Basupi mme batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba kopanela le diphuthego. Le fa go ntse jalo, go na le bothata jwa palo e kgolo ya batshabi ba ba tshabelang mo Uganda. Ntwa ya selegae e e mo dinageng tsa boagisani e amile le batho ba ga Jehofa. Basupi ba ba nnang mo dikampeng tsa batshabi ba bontshitse kafa ba tshepang Jehofa thata ka gone. Monna mongwe yo e kileng ya bo e le modiredi yo mogolo mo nageng e e gaufi, yo o kileng a nna le seabe mo go bogiseng Basupi fa ba ne ba thibetswe mo nageng eo, o gakologelwa botshelo jo bo manobonobo jo a neng a bo tshela. Fa a sena go ithuta Baebele mo go nngwe ya dikampa tsa batshabi a bo a nna Mosupi, o ne a akgela jaana: “Ga go botlhokwa go huma le go nna le tiro ya maemo mo lefatsheng leno. Le fa jaanong ke humanegile e bile ke lwala, botshelo jwa me bo botoka go feta le fa e ka nna leng. Ke itse Jehofa mme ke anaanela tshiamelo e ke nang le yone ya go rapela. Ke na le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe, e bile ke a itse gore ke ka ntlha yang fa re tshwanelwa ke go itshokela mathata a re lebanang le one gompieno. Ka jalo ke na le kagiso ya mogopolo e ke neng ke se na yone pele.”

Gatwe fa o tsenya thupana maitseboa mo mmung o o nonneng wa Uganda, mo mosong e tla bo e na le medi. Koketsego ya semoya e e leng teng mo nageng eo e bontsha gore mmu wa semoya wa naga eo le one o nonne tota. Ruri re leboga Jehofa Modimo go bo a letlile gore go nne le nako ya gore batho ba ditso tse di farologaneng ba Uganda ba ithute ka Bogosi jwa gagwe. Jesu o ne a tshwantsha botlhokwa jwa Bogosi jono le ‘perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.’ Mme batho ba le bantsi ba kwa Uganda ba simolotse go tlhaloganya seno.—Mathaio 13:45, 46.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Dimmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SUDAN

UGANDA

Noka ya Nile

Kamuli

Tororo

Kampala

Bushenyi

Letsha la Victoria

KENYA

TANZANIA

RWANDA

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Babulatsela ba le bararo ba e leng bangwe ba badiredi ba bantsi ba ba tlhagafetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Patrick

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Margaret

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Simon

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kopano ya kgaolo kwa Tororo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Background: © Uganda Tourist Board