Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Rata Dikgakololo Tsa Gago”

“Ke Rata Dikgakololo Tsa Gago”

“Ke Rata Dikgakololo Tsa Gago”

“Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya.”—BAROMA 15:4.

1. Jehofa o re naya jang dikgakololo, mme ke ka ntlha yang fa re di tlhoka?

JEHOFA o naya batho ba gagwe dikgakololo go ba thusa go lebana le dikgatelelo tsa metlha eno e e boima. Dingwe tsa dikgakololo tseno re di bona fa re ipalela Baebele, mme tse dingwe re di bona ka tshedimosetso kgotsa dikakgelo tse di neelwang kwa dipokanong tsa Bokeresete. Bontsi jwa dilo tse re di balang kgotsa re di utlwang koo ga re simolole go di utlwa. Go ka direga gore re bo re kile ra ithuta tshedimosetso e e tshwanang le eo pelenyana. Le fa go ntse jalo, gonne re na le go lebala, re tlhoka go nna re ikgakolola ka maikaelelo a ga Jehofa, melao ya gagwe, le ditao tsa gagwe. Re tshwanetse go anaanela dikgakololo tseno tsa Modimo. Di a re kgothatsa ka di re thusa go nna re gakologelwa mabaka a a dirileng gore re amogele tsela eno ya botshelo e e dumalanang le thato ya Modimo. Ka gone mopesalema o ne a opela jaana a baka Jehofa: “Ke rata dikgakololo tsa gago.”—Pesalema 119:24.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a dira gore dipego tsa matshelo a batho bangwe ba mo Baebeleng di kwalwe mme di bolokwe go tla go fitlha mo motlheng wa rona? (b) Ke dipego dife tsa mo Dikwalong tse re tla tlotlang ka tsone mo setlhogong seno?

2 Le mororo Lefoko la Modimo le kwadilwe makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, le sa ntse le le maatla. (Bahebera 4:12) Le re bolelela ka dipego tse di boammaaruri tsa matshelo a batho bangwe ba mo Baebeleng. Le mororo mekgwa le dipono tsa batho di fetogile fela thata fa e sale ka dinako tsele tsa fa go ne go kwalwa Baebele, mathata a re tshwanelwang ke go lebana le one gantsi a tshwana le mathata a batho ba metlha eo ba neng ba lebana le one. Dipego di le dintsi tse re di kwaletsweng mo Baebeleng di re bolelela ka dikai tse di kgothatsang thata tsa batho ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba mo direla ka boikanyegi le fa ba ne ba lebana le maemo a a maswe thata. Dipego tse dingwe tsone di bua ka boitshwaro jo Modimo a bo tlhoileng. Jehofa o dirile gore dipego tseno tsa batho, tse di molemo le tse di bosula, di kwalwe mo Baebeleng gore di nne di re gakolole. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala a re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.

3 Nta re tlotle ka dipego di le tharo tse di mo Dikwalong: pego e e amanang le tsela e Dafide a neng a dirisana ka yone le Saulo, pego e e ka ga Ananiase le Safira, le e e amanang le boitshwaro jwa ga Josefa le mosadi wa ga Potifaro. Nngwe le nngwe ya dipego tseno e re ruta dithuto tse di botlhokwa thata.

Go Ikanyega mo Dithulaganyong Tsa Modimo

4, 5. (a) Boemo bo ne bo le jang mo gare ga ga Kgosi Saulo le Dafide? (b) Dafide o ne a tsibogela jang letlhoo la ga Saulo?

4 Kgosi Saulo o ne a itshupa gore ga a ikanyege mo go Jehofa e bile ga a tshwanelege go busa batho ba Gagwe. Ka gone Modimo o ne a mo latlha mme a laela moporofeti Samuele gore a tlotse Dafide gore e nne ene kgosi ya ka moso ya Iseraele. Fa Dafide a bontsha bokgeleke jwa gagwe jaaka monna yo o pelokgale wa ntwa, e bile a bakwa ke batho, Saulo o ne a simolola go mo leba e le motho yo o tlileng go mo tseela maemo. Saulo o ne a leka makgetlho a le mmalwa go mmolaya. Mo go lengwe le lengwe la makgetlho ano Dafide o ne a falola ka gonne Jehofa o ne a na le ene.—1 Samuele 18:6-12, 25; 19:10, 11.

5 Ka dingwagangwaga, Dafide o ne a patelesega go tshela jaaka motshabi. Fa a ne a tlhagelwa ke sebaka sa go bolaya Saulo, batho ba ba nang le ene ba ne ba mo emelela ba re a mmolaye, ba re Jehofa o tsentse mmaba wa ga Dafide mo seatleng sa gagwe. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gana. O ne a tlhotlhelediwa ke go ikanyega ga gagwe mo go Jehofa le gore o ne a tlotla boemo jwa ga Saulo jaaka kgosi e e tloditsweng ya batho ba Modimo. A Saulo o ne a sa tlhomiwa ke Jehofa go nna kgosi ya Iseraele? Mme he, Jehofa ke ene yo o neng a tla mo tlosa fa a bona go tshwanela go dira jalo. Dafide o ne a bona e se ga gagwe go tsaya kgato eo. Fa Dafide a sena go dira sotlhe se a neng a ka se kgona go kokobetsa letlhoo la ga Saulo mo go ene, o ne a konela jaana: “Jehofa ka boene o tla mo itaya; kgotsa letsatsi la gagwe le tla tla mme o tla swa, kgotsa o tla fologela kwa tlhabanong, mme ruri o tla nyelediwa. Go ka se direge ka nna, go ya kafa ponong ya ga Jehofa, gore ke ntshetse motlodiwa wa ga Jehofa seatla!”—1 Samuele 24:3-15; 26:7-20.

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re akanyetse pego e e kaga Dafide le Saulo?

6 Pego eno e re ruta thuto e e botlhokwa thata. A o kile wa tsamaya wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le mathata mangwe mo phuthegong ya Bokeresete? Gongwe motho mongwe mo phuthegong o dira dilo ka tsela nngwe e e sa tshwanelang. Selo se a se dirang se ka nna sa bo se se maswe go le kalo, mme gone se a go tshwenya. O tshwanetse go dira jang? Ka ntlha ya lorato lwa gago lwa Bokeresete lo o ratang mokaulengwe yono ka lone, le ka gonne o batla go ikanyega mo go Jehofa, o ka nna wa tlhopha go bua le ene ka bonolo, ka boikaelelo jwa go mo gapa. Mme go tweng fa bothata jono bo ntse bo tswelela? Fa o sena go dira sotlhe se o ka kgonang go se dira, o ka nna wa batla go tlogelela kgang eno mo go Jehofa. Ke sone se Dafide a neng a se dira.

7. Jaaka Dafide, re tshwanetse go dira jang fa re sa tshwarwe sentle kgotsa re tlhoilwe?

7 Kgotsa o ka nna wa bo o lebane le bothata jwa go se tshwarwe sentle mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa o tlhoilwe ka ntlha ya bodumedi jwa gago. Go ka direga gore ga go na sepe se se kalo se o ka se dirang ka bothata jono gone jaanong. Go ka nna boima tota go itshokela boemo jo bo tshwanang le jono, mme tsela e Dafide a neng a dira ka yone fa a ne a sa tshwarwe sentle e re ruta sengwe. Dipesalema tse Dafide a neng a di kwala di bontsha ka tsela e e amang pelo, e seng fela dithapelo tsa ga Dafide a rapela gore Modimo a se ka a letla Saulo go mo tshwara, mme gape di bontsha kafa a neng a ikanyega ka teng mo go Jehofa e bile a tshwenyegile ka gore leina la Modimo le galalediwe. (Pesalema 18:1-6, 25-27, 30-32, 48-50; 57:1-11) Dafide o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa le fa Saulo a ne a ntse a sa mo tshware sentle ka dingwaga di le dintsi. Le rona re tshwanetse go nna re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe le fa re ka tswa re sa tshwarwe sentle, kgotsa le fa ba bangwe ba ka tswa ba dirang. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o bona boemo jono ka botlalo.—Pesalema 86:2.

8. Basupi ba ga Jehofa kwa Mozambique ba ne ba dira jang fa go ikanyega ga bone mo go Jehofa go ne go lekwa?

8 Bakeresete ba kwa Mozambique ke sekao se se molemo sa batho ba mo motlheng wa rona ba ba neng ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa ka nitamo mo metlheng ya diteko. Ka 1984 metse ya bone e ne e na le go nna e tlhaselwa gangwe le gape ke maloko a a neng a tlhometse a mokgatlho wa marabele, mme ba ne ba ba thukutha, ba fisa matlo a bone, e bile ba ba bolaya. Go ne go bonala go se na sepe se Bakeresete bano ba boammaaruri ba ka se dirang go itshireletsa. Banni ba mo metseng eo ba ne ba na le go patelediwa go nna maloko a makoko mangwe a sesole kgotsa ba patelediwa go a tshegetsa ka ditsela tse dingwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bona go dira jalo go sa tsamaisane le boemo jwa bone jwa go nna ba itlhaotse jaaka Bakeresete. Go gana ga bone go ne go galefisa makoko ano. Mo e ka nnang Basupi ba le 30 ba ne ba bolawa mo nakong eo ya mathata, mme tota le e leng matshosetsi a loso ga a ka a dira gore batho ba Modimo ba tlogele go ikanyega ga bone. * Fela jaaka Dafide, ba ne ba itshokela go se tshwarwe sentle mme kgabagare ba feleletsa e le bafenyi.

Kgakololo E e Re Tlhagisang

9, 10. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke dikao dingwe tse di mo Dikwalong? (b) Phoso e ne e le eng ka se Ananiase le Safira ba se dirileng?

9 Bangwe ba batho ba ba umakiwang mo Dikwalong ba re tlhomela sekao se se re tlhagisang sa boitsholo jo re tshwanetseng go bo tila. Ee ruri, Baebele e na le dipego di le dintsi tsa batho, le eleng mo gare ga batlhanka ba Modimo, ba ba neng ba dira dilo tse di sa siamang mme ba utlwa manokonoko a se ba se dirileng. (1 Bakorintha 10:11) E nngwe ya dipego tseo ke e e buang ka Ananiase le Safira, banyalani bangwe ba e neng e le maloko a phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema.

10 Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., badumedi ba basha ba ba neng ba setse kwa Jerusalema gore ba rutiwe ke baaposetoloi ba ne ba tlhoka go thusiwa ka dilo tse di bonalang. Bangwe mo phuthegong ba ne ba rekisa dithoto tsa bone go dira gore go se ka ga nna le ope yo o tlhokang sengwe. (Ditiro 2:41-45) Ananiase le Safira ba ne ba rekisa tshimo mme ba naya baaposetoloi bontlhabongwe fela jwa madi, ba bolela gore mpho eno ya bone e ne e le madi otlhe a ba rekisitseng tshimo ka one. Gone ke boammaaruri gore Ananiase le Safira ba ne ba ka nna ba ntsha se ba neng ba batla go se ntsha, mme boitlhomo jwa bone bo ne bo sa siama, e bile ba dirile ka go se ikanyege. Ba ne ba batla gore ba bangwe ba ba tlotle e bile ba batla gore ba lejwe ba dirile se se fetang se tota ba se dirileng. Moaposetoloi Petere, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, o ne a senola bosaikanyege jwa bone le boitimokanyo jwa bone, mme Jehofa a ba itaya ba swa.—Ditiro 5:1-10.

11, 12. (a) Dingwe tsa dikgakololo malebana le go ikanyega ke dife? (b) Melemo ya go ikanyega ke efe?

11 Fa go ka direga gore re raelesege go sokamisa boammaaruri ka maiteko a gore re dire gore batho ba akanye sentle ka rona, e kete kgang ya ga Ananiase le Safira e ka nna tlhagiso e e maatla mo go rona. Re ka nna ra kgona go tsietsa batho ba bangwe, mme ga re ka ke ra tsietsa Jehofa. (Bahebera 4:13) Nako le nako Dikwalo di re gakolola gore re ikanyege mongwe go yo mongwe, ka gonne ba ba buang maaka ga ba na go tsena mo lefatsheng le go tla bong go se na tshiamololo mo go lone. (Diane 14:2; Tshenolo 21:8; 22:15) Re tshwanetse ra bo re kgona go tlhaloganya lebaka la seo. Satane Diabolo ke ene a buelelang maaka otlhe a a buiwang.—Johane 8:44.

12 Go tshela botshelo jwa boikanyegi go re leretse melemo e le mentsi. Mengwe ya yone ke go nna le segakolodi se se phepa le go kgotsofalela go itse gore ba bangwe baa re ikanya. Mo makgetlhong a le mantsi, Bakeresete ba ile ba bona ditiro, kgotsa ba se ka ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone, ka gonne ba ikanyega. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta ke gore go ikanyega go dira gore re nne le botsalano le Modimo Mothatayotlhe.—Pesalema 15:1, 2.

Boloka Boitsheko Jwa Gago

13. Josefa o ne a iphitlhela a le mo seemong sefe, mme o ne a dira jang?

13 Josefa, e bong morwa Jakobe tlhogo ya lotso, o ne a rekisiwa gore a nne lekgoba fa a ne a le dingwaga di le 17. Kgabagare a iphitlhela a le mo ntlong ya ga Potifaro, e bong modiredimogolo wa ntlo ya kgosi ya Egepeto, mme mosadi wa mong wa gagwe a mo kgatlhegela. Mosadi yono o ne a batla go robala le Josefa, yo e neng e le lekawana la maratagolejwa, mme letsatsi le letsatsi o ne a ntse a mo emeletse a re: “Lala le nna.” Josefa o ne a le kgakala thata le lelapa la ga bone, e bile a le mo lefatsheng le go se nang ope yo o mo itseng mo go lone. O ne a ka nna a kgona go robala le mosadi yono mme ga se ka ga nna le ope yo o itseng ka gone. Le fa go ntse jalo, labofelo fa mosadi wa ga Potifaro a mo phamola, Josefa o ne a tswa a tshaba.—Genesise 37:2, 18-28; 39:1-12.

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela kgang ya ga Josefa? (b) Ke ka ntlha yang fa mosadi mongwe wa Mokeresete a ne a itumelela gore o ne a tsaya dikgakololo tsa Modimo tsiya?

14 Josefa o ne a godiseditswe mo lelapeng le le boifang Modimo, mme o ne a itse gore tlhakanelodikobo mo gare ga monna le mosadi ba ba sa nyalanang ga e a siama. O ne a botsa a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” Go ka direga gore se se dirileng gore a fitlhelele tshwetso eno ke go itse molao wa Modimo ka batho jaaka o tlhalositswe kwa Edene, molao wa gore motho a nne le molekane a le mongwe fela. (Genesise 2:24) Batho ba Modimo gompieno ba ka solegelwa molemo ke go akanya ka se Josefa a neng a se dira mo boemong jono. Mo mafelong mangwe, batho ga ba tlhole ba tlotla melao ya boitshwaro jwa tlhakanelodikobo mo e leng gore fa basha ba gana go kopanela mo boitshwarong jono dithaka tsa bone di a ba tshega. Mo bagolong go tlwaelegile gore motho, a ntse a nyetse kgotsa a nyetswe, a tlhakanele dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene. Ka gone pego eno e e tlotlang ka Josefa ke kgakololo e e tlileng ka nako. Molao wa Modimo e sa ntse e le gore boaka le kgokafalo ke boleo. (Bahebera 13:4) Batho ba le bantsi ba ba ileng ba ineela fa ba ne ba gatelelwa gore ba kopanele mo tlhakanelodikobong e e sa tshwanelang ba a dumela gore ruri ga go a siama go dira jalo. Mangwe a matswela a a seng mantle a go dira jalo e ka nna ya nna go ikutlwa o ole seriti, go nna le segakolodi se se molato, lefufa, go ima, le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Ke fela jaaka Dikwalo di re gakolola gore motho yo o dirang boaka “o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 5:9-12; 6:18; Diane 6:23-29, 32.

15 Jenny, * Mosupi wa ga Jehofa yo o sa nyalwang, o na le lebaka la go anaanela dikgakololo tsa ga Jehofa. Kwa tirong lekawana lengwe la maratagolejwa le a berekang le lone le ne le na le go mmontsha go mo kgatlhegela. Fa Jenny a sa bontshe go nna le maikutlo a a tshwanang ka lekawana leno, lekawana leno le ne la bontsha le sa fitlhe gore le a mo rata. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka iphitlhela ke kgaratlha gore ke nne ke itshekile, ka gonne gone go monate fa motho wa bong bo sele a bontsha go go kgatlhegela.” Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore lekawana leno le ne le leka fela go mo tsenya mo palong ya basadi ba le kileng la robala le bone. E ne ya re fa a ikutlwa a koafala mo maikemisetsong a gagwe a go gana go ineela, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse gore a nne a ikanyega. Jenny o ne a fitlhela gore dilo tse a neng a di ithuta fa a ntse a dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa Bokeresete di ne di tshwana le dikgakololo tse di mo tlhotlheletsang gore a nne a itisitse. Nngwe ya dikgakololo tseo e ne e le kgang ya ga Josefa le mosadi wa ga Potifaro. O konela jaana: “Fa ke nna ke ntse ke ikgakolola gore ke rata Jehofa go le kana kang, ga ke tlhoke go tshaba gore ke tla dira bosula jo bogolo jalo ke mo leofela.”

Tsaya Dikgakololo Tsa Modimo Tsiya!

16. Re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka le go tlhatlhanya ka matshelo a batho ba ba umakiwang mo Baebeleng?

16 Rotlhe re ka anaanela melao ya ga Jehofa botoka fa re leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa a dirile gore dipego dingwe di kwalwe mo Dikwalong gore re di bale. Di re ruta eng? Ke dinonofo dife, kgotsa ditlwaelo dife tse batho ba ba mo Baebeleng ba neng ba na le tsone tse re tshwanetseng go di etsa kgotsa go di tila? Re kwaletswe makgolokgolo a tsone mo Lefokong la Modimo. Botlhe ba ba ratang thuto ya Modimo ba dira sentle fa ba godisa keletso ya bone ya go bona botlhale jo bo nayang botshelo, go akaretsa le dithuto tse re ka ithutang tsone mo dikaong tse Jehofa a re boloketseng tsone ka kelotlhoko. Makasine ono gantsi o nna le ditlhogo tse di buang ka batho bano ba dipego tsa bone di re rutang sengwe. Ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako ya go di sekaseka?

17. O ikutlwa jang ka dikgakololo tsa ga Jehofa, mme ka ntlha yang?

17 A bo re leboga jang ne gore Jehofa a bo a bontsha go amega ka lorato ka batho ba ba lekang go dira thato ya gagwe! Ga re a itekanela, fela jaaka banna le basadi ba ba umakiwang mo Baebeleng ba ne ba sa itekanela. Le fa go ntse jalo, pego e e kwadilweng ya ditiro tsa bone e re solegela molemo fela thata. Fa re tsaya tsiya dikgakololo tsa ga Jehofa, ga re na go dira diphoso tse di masisi, mme re ka kgona go etsa sekao se se molemo sa ba ba neng ba tsamaya mo tseleng ya tshiamo. Fa re dira jalo, re tla kgona go opela le mopesalema fa a re: “Go itumela ba ba bolokang dikgakololo tsa [ga Jehofa]; ba nna ba mmatla ka pelo yotlhe. Moya wa me o bolokile dikgakololo tsa gago, mme ke di rata fela thata.”—Pesalema 119:2, 167.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Bona 1996 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 160-2.

^ ser. 15 Leina le fetotswe.

O ne O ka Araba o Reng?

• Re ithuta eng mo tseleng e Dafide a neng a ikutlwa ka yone ka Saulo?

• Pego ya ga Ananiase le Safira e re ruta eng?

• Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela go ithuta ka pego ya botshelo jwa ga Josefa gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a gana Saulo a bolawa?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Re ithuta eng mo pegong ya ga Ananiase le Safira?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke eng se se neng sa dira gore Josefa a gane fa mosadi wa mong wa gagwe a ne a batla a robala le ene?