Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Itumetse go le Kana Kang?

O Itumetse go le Kana Kang?

O Itumetse go le Kana Kang?

EE RURI o ka ipotsa, ‘Ke itumetse go le kana kang?’ Baitse ba ba dirang dipatlisiso ka batho le ditirisano tsa bone le ba bangwe ba leka ka natla go batlisisa gore wena le ba bangwe lo ne lo ka araba potso eo jang, mme tiro ya bone ga e motlhofo. Go lekanyetsa boitumelo jwa batho go ka tshwantshiwa le go leka go lekanyetsa lorato lo monna a ratang mosadi wa gagwe ka lone kana go lekanyetsa botlhoko jo loso lo bo bakang mo lapeng. Ga go motlhofo go bona kafa motho a ikutlwang ka gone ka sengwe. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba dumalana le boammaaruri jono: Batho botlhe ba ka kgona go itumela.

Le fa re na le bokgoni joo jo re tshotsweng re na le jone jwa go itumela, mathata a a masisi a tliseditse batho bohutsana bo se kana ka sepe. Akanya ka sekai seno: Mo mafelong mangwe AIDS e bolaile batho ba boitshega mo e leng gore ga go tlhole go na le lefelo la go dira diphupu kwa mabitleng. Balaodi ba bula mabitla a a setseng a na le nako go fitlhilwe batho mo go one gore ba tle ba fitlhe batho ba ba sa tswang go tlhokafala mo go one. Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, tiro ya go dira makesi e buletse batho ba bantsi ditiro. Mme go sa kgathalesege gore o nna kae, o setse o bone batho ba ba hutsafetseng ka gonne ba lwala bolwetse bongwe jo bo masisi kana ba tlhokafaletswe ke ba losika kana ditsala.

Ke eng se se diragalang kwa dinageng tse di humileng? Maemo a ka fetoga ka ponyo ya leitlho mme a amoga batho ba ba sa a ipaakanyetsang tshireletsego e ba nang le yone mo go tsa madi. Kwa United States, batho ba bantsi ba ba tlogetseng tiro ba ile ba tshwanelwa ke gore ba boe gape ba ye go bereka ka gonne ba latlhegetswe ke madi a bone a penshene. Dituelo tsa kalafi gantsi di ja madi otlhe a lelapa le nang le one. Agente nngwe ya re: “Batho ba tla ba na le ditshenyegelo tse di kwa godimo e bile ba lwala mme go utlwisa botlhoko tota. Gantsi o tshwanelwa ke go ba raya o re, ‘O tla tshwanelwa ke go rekisa legae la gago gore o kgone go nna le madi a go itshedisa.’” Mme go tweng ka batho ba ba se nang mathata a madi? A le bone ba ka tlhoka boitumelo?

Batho ba bangwe ba tshwana le motlhami mongwe wa dipina yo o itsegeng e bong Richard Rodgers. Go ne ga buiwa jaana ka ene: “Ke batho ba le mmalwa ba ba itumedisitseng batho ba le bantsi jaana.” Le fa batho ba bangwe ba ne ba rata dipina tsa gagwe jalo, ene o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong. O ne a fitlheletse mekgele e mebedi e batho ba bantsi ba batlang go e fitlhelela—e leng madi le go tuma. A mme o ne a itumetse? Mokwadi mongwe wa dipolelo tsa matshelo a batho o ne a re: “[Rodgers] o ne a atlegile thata mo go se a neng a se dira, a tshela botshelo jwa manobonobo e bile ene le modirikaene ba ile ba gapa Dikgele tsa Pulitzer gabedi. Mme gape o ne a nna a sa itumela e bile a nna a tshwenyegile thata mo maikutlong.”

Jaaka o ka tswa o setse o lemogile, gantsi go batla boitumelo mo dikhumong ke go itsietsa. Mmegi mongwe wa dipeeletso tsa madi mo The Globe and Mail ya kwa Toronto, kwa Canada o ne a tlhalosa “bodutu le go tlhoka boikaelelo mo botshelong” tse batho ba bantsi ba ba humileng ba lebanang le tsone. Go ya ka mogakolodi mongwe wa tsa madi, fa batsadi ba ba humileng ba naya bana ba bone madi a mantsi ba bo ba ba rekela dilo tse dintsi, “seo se dira gore go nne le mathata moragonyana fa bana bano ba setse ba godile.”

A go Na le Lebaka le le Utlwalang la go Itumela?

Gore semela sa dithunya se gole sentle, se tlhoka mmu o o siameng, metsi le tlelaemete e e siameng. Ka tsela e e tshwanang, babatlisisi ba lemoga gore go tlhokega maemo a a rileng gore motho a itumele. Mangwe a maemo ano ke go nna le botsogo jo bo molemo; go nna le tiro e e kgotsofatsang; dijo tse di lekaneng, bonno le diaparo; go kgona go dira dilo tse o ratang go di dira le go nna le ditsala tsa mmatota.

Gongwe o ka dumalana gore dilo tseo di ka thusa motho go bona boitumelo. Mme go na le lebaka lengwe la botlhokwa go di feta. Ke go itse “Modimo yo o itumetseng,” yo leina la gagwe e leng Jehofa. (1 Timotheo 1:11) Go nna le kitso eo go thusa ka eng? Jehofa ke Mmopi wa rona, mme o re neile bokgoni jwa go itumela. Ka jalo go a utlwala gore o itse se se ka dirang gore re itumele tota. Setlhogo se se latelang se tlhalosa tsela e Modimo a e dirisang go kaela batho gongwe le gongwe kgotsa ba maemo mangwe le mangwe go bona botshelo jo bo itumedisang go ya go ile.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Fela jaaka semela sa dithunya, boitumelo bo tlhoka maemo a a siameng gore bo gole

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Gideon Mendel/CORBIS