“O Tlhokomele Mofine Ono”!
“O Tlhokomele Mofine Ono”!
DITLHOLA tse 12 di ne tsa sekaseka dikarolo tse di farologaneng tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. Moshe o ne a ba laetse gore ba keleke baagi ba naga eo mme ba tle le mangwe a maungo a naga eo. Ke maungo afe a a neng a ba kgatlha thata? Mo tikologong e e neng e se kgakala le Heberone ba ne ba bona tshimo ya mofine e morara wa yone o neng o le mokima mo o neng o tlhoka ditlhola tse pedi gore di rwale lesitlha le le lengwe la one. Ditlhola di ne tsa bitsa lefelo leo le le nonneng “mokgatšha o o phothoselang wa Eshekole,” kana Lesitlha la Morara gonne dijalo tsa teng di ne di kgatlha thata.—Dipalo 13:21-24.
Mo lekgolong la bo19 la dingwaga moeti mongwe yo o neng a etetse kwa Palesetina o ne a bega gore: “Eshekole kana mokgatšha wa Morara, . . . o santse o tletse mofine, mme morara wa teng o a kgatlha e bile o mogolo go feta yotlhe mo Palesetina.” Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele bontsi jwa mofine o o neng o fitlhelwa mo Palesetina o ne o kgatlha tota, le fa gone wa Eshekole o ne o e gaisa yotlhe. Dipego tsa kwa Egepeto di bontsha gore Bofaro ba ne ba reka beine go tswa kwa Kanana.
Buka e e bidiwang The Natural History of the Bible ya re: “Dithaba tse di tletseng mafika [tsa Palesetina], tse di nang le mmu wa motlhaba le tse di lebaneng le letsatsi, mogote wa selemo, le dipula tse dintsi tse di nang mariga, tseno tsotlhe fa di kopane di dira gore e nne naga e e sa tlwaelegang ya mefine.” Isaia o ne a re mangwe a mafelo a teng a na le mefine e le sekete.—Isaia 7:23.
“Lefatshe la Mefine”
Moshe o ne a bolelela setšhaba sa Iseraele gore se ne se tla aga mo lefatsheng la “mefine le difeige le digaranata.” (Duteronome 8:8) Go ya ka Baker Encyclopedia of Bible Plants, “mofine o ne o tletse thata kwa Palesetina wa bogologolo mo dithapo tsa morara di neng tsa fitlhelwa mo dikarolong tse dintsi fa e le gore e ne e se mo go tsone tsotlhe tsa naga eo tse di epilweng.” Mofine wa Lefatshe le le Solofeditsweng o ne o ungwa mo e leng gore fa masole a ga Nebukadenesare a se na go senya Juda ka ngwaga wa 607 B.C.E., batho ba ba neng ba sala mo nageng eo ba ne “ba phutha beine le maungo a letlhabula a le mantsi thata.”—Jeremia 40:12; 52:16.
Balemi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhokomela mefine ya bone sentle gore ba kgone go dira beine e ntsi. Buka ya Isaia e tlhalosa kafa Moiseraele yo tiro ya gagwe e leng go baakanya mefine a neng a epa setsha se se neng se le mo thabeng ka gone mme a ntsha maje otlhe a magolo pele a jala ‘mofine wa gagwe o mohibidu o o e gaisang yotlhe.’ Mme morago ga moo o ne a ka aga lobota ka maje a a a ntshitseng mo mmung. Lobota lono lo ne lo tla thusa gore tshingwana ya gagwe ya mofine e se ka ya gatakwa ke dikgomo e bile e sireletsa gore go seka ga tsena bophokoje, dikolobe tsa naga le magodu. Gape a ka nna a itirela segatisetso sa beine mme a aga tora e nnye e ka nako ya thobo e tla nnang lefelo le le tsiditsana la bonno gonne ka nako eo mefine e tlhoka tshireletso e e oketsegileng. Morago ga dipaakanyetso tseno tsotlhe, a ka solofela go bona thobo e kgolo ya morara.—Isaia 5:1, 2. *
E le go tlhomamisa gore go nna le thobo e kgolo, molemi o ne a poma mofine ka metlha go dira gore o ungwe thata gape o ne a tlhagola gore go se ka ga nna le mefero le mitlwa. O ne a ka nna a nosetsa tshimo ya mofine mo dikgweding tsa selemo fa e le gore dipula tsa dikgakologo di ne di sa dira gore go nne bongola ka mo go lekaneng.—Isaia 5:6; 18:5; 27:2-4.
Nako ya thobo ya morara e e neng e le kwa bofelong jwa selemo, e ne e le nako e e itumedisang tota. (Isaia 16:10) Go na le dipesalema di le tharo tse mo go tsone go tsentsweng mafoko a a reng “Gitithe” mo mafokong a a tlhagang fa godimo ga kgaolo. (Pesalema 8, 81 le 84) Polelwana eno ya kopelo e bokao jwa yone bo sa tlhomamisegeng e ranotswe ka gore “segatisetso sa beine” mo thanolong ya Septuagint mme e ka tswa e bontsha gore Baiseraele ba ne ba opela dipesalema tseno ka nako ya thobo ya merara. Le fa gone tiro e kgolo ya morara e ne e le go dira beine, Baiseraele ba ne ba ja gape le morara o o sa tswang go kgetlwa, kana ba o omisa gore gongwe ba dire dikuku ka one.—2 Samuele 6:19; 1 Ditiragalo 16:3.
Mofine wa Iseraele
Go na le makgetlo a le mmalwa a mo go one Baebele e tlhalosang batho ba Modimo e le mofine—e leng tshwantshiso e e tshwanelang fa re leba kafa mofine o neng o le botlhokwa ka gone mo Baiseraeleng. Mo go Pesalema 80, Asafe o ne a bapisa setšhaba sa Iseraele le mofine o Jehofa a o jadileng mo Kanana. Naga e ne ya phepafadiwa gore mofine wa Iseraele o tlhomame mme o gole sentle. Mme fa dingwaga di ntse di kgabaganya, dipota tse di o sireleditseng di ne tsa wa. Setšhaba se ne se sa tlhole se ikanya Jehofa, mme o ne a tlogela go ba sireletsa. Fela jaaka kolobe ya naga e e senyang tshimo ya morara, ditšhaba tse e leng baba ba Iseraele le tsone di ne tsa senya khumo ya Iseraele. Asafe o ne a rapela gore Jehofa a thuse setšhaba gore kgalalelo e se neng se na le yone pele e boe. O ne a rapela a re: “O tlhokomele mofine ono.”—Pesalema 80:8-15.
Isaia o ne a tshwantsha “ntlo ya Iseraele” le tshimo ya mofine e kgabagare e neng ya ungwa “morara wa naga” kana moretlwa o o bodileng. (Isaia 5:2, 7) Morara wa naga o monnye tota fa o bapisiwa le o o jadilweng mme dijo tse di mo teng di dinnye tota gonne dithapo tsa teng ke tsone di leng ditona. Morara wa naga ga o kgone go dira beine e bile o ka se ka wa jewa—e leng sekao se se tshwanelang go tshwantshetsa setšhaba sa batlhanogi ba maungo a bone e neng e le tlolomolao go na le tshiamo. E ne e se molato wa Molemi go bo maungo ano a se na mosola. Jehofa o ne a dirile sotlhe se a neng a ka se kgona gore setšhaba seno se ungwe. O ne a botsa a re: “Ke eng se se sa ntseng se tshwanetse go direlwa tshimo ya me ya mofine se ke iseng ke se dire?”—Isaia 5:4.
E re ka mofine wa Iseraele o ne o sa ungwe, Jehofa o ne a ba tlhagisa gore o tla senya lobota lo lo sireletsang lo a lo agileng go dikologa batho ba gagwe. Ga a kitla a tlhola a poma mofine wa gagwe wa tshwantshetso le fa e le go tlhagola mmu wa teng. Dipula tsa dikgakologo tse dijalo tseno di di tlhokang ga di ne di tlhola di na, mme mitlwa le mefero di tla tlala mo tshimong eno ya mofine.—Isaia 5:5, 6.
Moshe o ne a porofeta gore botlhanogi jwa Iseraele bo ne bo tla dira gore tota le ditshimo tsa bone tsa mmatota tsa mofine di swabe. “O tla jala masimo a mofine o bo o a baakanya, ga o kitla o nwa beine epe le fa e le go phutha sepe, ka gonne seboko se tla o ja.” (Duteronome 28:39) Mofine o ka swaba mo malatsing a se kae fela fa seboko se ka tsena mo kutung ya one e kgolo mme sa ja mo teng ga yone.—Isaia 24:7.
“Mofine wa Boammaaruri”
Fela jaaka Jehofa a ne a tshwantsha Iseraele wa mmatota le mofine, Jesu le ene o ne a dirisa setshwantsho se se tshwanang le seo. Ka nako ya se ba le bantsi ba se bitsang Selalelo sa Morena, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rre ke modiri wa mo tshimong.” (Johane 15:1) Jesu o ne a tshwantsha barutwa ba gagwe le dikala tsa mofine. Fela jaaka dikala tsa mofine wa mmatota di bona nonofo ya tsone mo kutung e kgolo, barutwa ba ga Keresete le bone ba tshwanetse go nna ba le seoposengwe le ene. Jesu o ne a re: “Kwantle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe ka gope.” (Johane 15:5) Balemi ba lema mofine gore o ungwe, mme Jehofa le ene o solofetse gore batho ba gagwe ba ungwe leungo la semoya. Seno se kgotsofatsa Modimo le go mo galaletsa, ene yo e leng Molemi wa mofine.—Johane 15:8.
Gore mofine wa mmatota o kgone go ungwa, o tshwanetse go pongwa le go phepafadiwa , mme Jesu o ne a bua ka ditiragalo tseno tse pedi. Mojadi wa tshimo
ya mofine a ka poma mofine gabedi mo ngwageng gore a kgone go bona maungo a a lekaneng. Mo dikgweding tsa mariga, dikala tsa mofine di ka pongwa fela thata. Molemi o kgaola bontsi jwa dikala tse di tlhogileng mo ngwageng o o fetileng. A ka nna a tlogela dikala di le tharo kana di le nnè mo kutung, tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le letlhogela le le lengwe kana a le mabedi. Matlhogela ano a mannye a a tshwanang le a a neng a le teng mo ngwageng o o fetileng, ke one a tla nnang dikala tse di ungwang mo selemong se se latelang. Kgabagare fa mojadi wa tshimo ya mofine a feditse go poma, o fisa dikala tse a di pomileng.Jesu o tlhalosa tiro eno e kgolo ya go poma jaana: “Fa motho a sa nnele ruri seoposengwe le nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala mme o a omelela; mme batho ba phuthe dikala tseo ba di latlhele mo molelong mme di jewe ka molelo.” (Johane 15:6) Le fa mo nakong eno mofine o ka lebega o se na dikala, go tla pongwa dikala dingwe gape ka nako ya dikgakologo.
Jesu o ne a re: “Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa.” (Johane 15:2) Mono a ka tswa a bua ka go poma go go tla dirwang moragonyana, fa mofine o setse o ungwile mme ngata ya merara e setse e bonala sentle. Molemi wa tshimo ya mofine o sekaseka ka kelotlhoko kala nngwe le nngwe e ntšha go bona gore ke efe e e ungwang le e e sa ungweng. Fa dikala tse di sa ungweng di ka tlogelwa, di tla monya dikotla le metsi go tswa mo kutung. Ka jalo, molemi o poma dikala tseno tse di sa ungweng gore dikotla tsa mofine di ye fela kwa dikaleng tse di ungwang.
La bofelo, Jesu o bua ka tiro ya go phepafatsa. A re: “Nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng.” (Johane 15:2) Fa mojadi wa tshimo ya mofine a se na go ntsha dikala tsotlhe tse di sa ungweng, o sekaseka ka kelotlhoko kala nngwe le nngwe e e ungwang. Ka metlha o fitlhela matlhogela a masha a a tlhokang go ntshiwa gaufi le fa kala e e ungwileng e tlhogang teng mo kutung. Fa matlhogela ano a ka tlogelwa gore a gole, a tla monya matute a morara o a tlhokang gore o nne bongola. Matlhare a mangwe a magolo le one a ka ntshiwa gore morara o kgone go bona lesedi la letsatsi. Dikgato tseno tsotlhe di botlhokwa gore dikala tse di ungwileng di ntshe maungo a mantsi.
“Lo Nne lo Ungwe Maungo a Mantsi”
Dikala tsa tshwantshetso tsa “mofine wa boammaaruri” di tshwantshetsa Bakeresete ba ba tloditsweng. Mme gone “dinku tse dingwe” le tsone di tshwanetse go itshupa e le barutwa ba ba ungwang ba ga Keresete. (Johane 10:16) Le bone ba ka ungwa “maungo a mantsi” mme ba galaletse Rraabone yo o kwa legodimong. (Johane 15:5, 8) Setshwantsho sa ga Jesu sa mofine wa boammaaruri se re gakolola gore go bona poloko go ikaegile ka gore re nne re le seoposengwe le Keresete ka go ungwa loungo lo lo molemo lwa semoya. Jesu o ne a re: “Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.”—Johane 15:10.
Mo motlheng wa ga Sekarea, Modimo o ne a solofetsa masalela a Baiseraele ba ba ikanyegang gore naga e ne e tla boela e nne le “peo ya kagiso; mofine ka boone o tla ntsha maungo a one, le lefatshe ka bolone le tla ntsha kungo ya lone.” (Sekarea 8:12) Gape mofine o dirisiwa go tlhalosa kagiso e batho ba Modimo ba tla e itumelelang mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. Mika o ne a porofeta jaana: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Go ya ka Encyclopaedia Judaica, balemi ba kwa Iseraele ba ne ba rata mofine o o ntshang morara o montsho o o itsegeng e le sorek, e leng mofuta wa mofine o go bonalang go buiwa ka one mo go Isaia 5:2. Morara ono o ne o dira beine e khibidu e e botshe.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mofine o o sa tswang go swaba
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tiro ya go poma e e dirwang mariga
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go fisiwa dikala tse di latlhilweng