Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ka Boikgogomoso le Boikokobetso

Thuto ka Boikgogomoso le Boikokobetso

Thuto ka Boikgogomoso le Boikokobetso

TIRAGALO e e diragaletseng Kgosi Dafide e bontsha pharologano e e leng teng gareng ga boikokobetso jwa boammaaruri le boikgogomoso. Tiragalo eno e diragetse fa Dafide a sena go fenya Jerusalema le go e dira motsemoshate wa gagwe. E re ka Dafide a ne a tsaya Jehofa e le Kgosi ya mmatota ya Iseraele, o ne a rulaganya gore Letlole le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo mo bathong le tlisiwe mo motseng. Tiragalo eno e ne e le botlhokwa thata mo go Dafide mo a neng a supa boitumelo jwa gagwe gore bo bonwe ke botlhe fa a ntse a lateletse baperesiti ba ba neng ba rwele Letlole. Baagi ba Jerusalema ba ne ba bona kgosi ya bone e “tlolaka” e bo e ‘binabina ka maatla a yone otlhe.’—1 Ditiragalo 15:15, 16, 29; 2 Samuele 6:11-16.

Le fa go ntse jalo, mosadi wa ga Dafide e bong Mikale ene, ga a ka a nna le seabe mo mokolokong oo wa boitumelo. O ne a lebile ka fensetere, mme go na le gore a kgatlhwe ke tsela e Dafide a bakang Jehofa ka yone, o ne “a simolola go mo nyatsa mo pelong ya gagwe.” (2 Samuele 6:16) Ke ka ntlha yang fa Mikale a ne a ikutlwa jalo? Ga go pelaelo gore e re ka e ne e le morwadia kgosi ya ntlha ya Iseraele e bong Saulo, mme jaanong e le mosadi wa kgosi ya bobedi ya Iseraele o ne a akantse thata ka maemo a gagwe a a neng a a tsaya a le botlhokwa. A ka tswa a ne a na le maikutlo a gore monna wa gagwe yo e neng e le kgosi, o ne a sa tshwanela go inyenyefatsa ka go keteka le batho fela. Maikutlo ao a go itseela kwa godimo a ne a bonala mo tseleng e a neng a dumedisa Dafide ka yone fa a goroga mo lapeng. O ne a bua ka tsela e e lesotlo a re: “A bo kgosi ya Iseraele e ikgalaleditse jang ne gompieno fa e ne e ipipolola gompieno mo matlhong a malata a batlhanka ba yone, fela jaaka mongwe wa banna ba ba ditlhogo di lolea a ipipolola ka tlhamalalo!”—2 Samuele 6:20.

Dafide o ne a itshwara jang fa a utlwa lesotlo leo? Dafide o ne a kgalema Mikale mme a mmolelela gore Jehofa o ne a latlha rraagwe e bong Saulo ka gonne a ne a rata Dafide. Dafide o ne a oketsa ka gore: “Ke tla dira gore ke tseelwe kwa tlase le go feta fa, mme ke tla kokobediwa mo matlhong a me; mme malata a o a umakileng, ke ikemiseditse go ikgalaletsa le one.”—2 Samuele 6:21, 22.

Ee, Dafide o ne a ikemiseditse go tswelela a direla Jehofa ka boikokobetso. Boikutlo joo jwa gagwe bo re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bitsa Dafide “monna yo o amogelwang ke pelo ya me.” (Ditiro 13:22; 1 Samuele 13:14) Totatota Dafide o ne a latela sekao se se molemolemo sa boikokobetso—sa ga Jehofa Modimo ka boene. Sengwe se se kgatlhang ke gore mafoko a Dafide a neng a a dirisa fa a ne a raya Mikale a re, “ke tla kokobediwa” a tswa mo moding wa lediri la Sehebera le gape le dirisiwang go tlhalosa tsela e Modimo a lebang batho ka yone. Le fa gone Jehofa e le Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong, Pesalema 113:6, 7 ya re o “a ikokobetsa [go tswa mo maemong a motho a leng mo go one kana go tlogela seriti sa gagwe gore a dirisane le motho wa maemo a a kwa tlase] gore a lebe legodimo le lefatshe, o tsholetsa motho wa maemo a a kwa tlase go tswa mo loroleng; o godisa mohumanegi go tswa mo kgatamping ya molora.”

Ga go gakgamatse go bo Jehofa a tlhoile “matlho a a ikgodisang” a batho ba ba ikgogomosang gonne ene o ikokobeditse. (Diane 6:16, 17) E re ka Mikale a ne a na le mokgwa ono o o bosula e bile a tlontlolotse yo Modimo a neng a mo tlhophile gore e nne kgosi, o ne a amogwa tshiamelo ya go tsholela Dafide ngwana wa mosimane. O ne a swa a se na ngwana. Ruri eno ke thuto e e botlhokwa tota mo go rona! Botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go utlwa mafoko a a reng: “Ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Petere 5:5.