Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya Mmatota ya go Bona Boitumelo

Tsela ya Mmatota ya go Bona Boitumelo

Tsela ya Mmatota ya go Bona Boitumelo

“GO BATLA Boitumelo” ke tshwanelo ya batho botlhe. Eo ke tsela e bakwadi ba lekwalo la boipuso jwa United States of America ba neng ba leba dilo ka teng. Mme go batla sengwe ga go tshwane le go se fitlhelela. Le fa basha ba bantsi ba batla go bona ditiro mo go tsa boitlosobodutu le mo go tsa metshameko, ke ba le kae ba o ba itseng ba ba atlegileng? Seopedi sengwe se se itsegeng se se itseng ka fa go leng thata ka teng go nna moopedi yo o atlegileng a re: “Go ka direga thata gore o se atlege.”

Fa e le gore o kile wa nna le maikutlo a gore o ka se atlege go bona boitumelo, o se ka wa kgobega marapo. Fa o batla boitumelo ka tsela e e tshwanetseng, o tla bo bona. Ke ka ntlha yang fa re rialo? Setlhogo se se fetileng se buile ka “Modimo yo o itumetseng,” Jehofa. (1 Timotheo 1:11) Mo Baebeleng, Modimo o a go kaela gore o se ka wa iphitlhela o iteile sefololetse fa o batla boitumelo. Jehofa o ka go thusa go fenya dilo tse gantsi di bakang bohutsana. Ka sekai, sekaseka kafa a ka go gomotsang ka teng fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafala.

Fa Mongwe Yo re Mo Ratang a Tlhokafala

A go na le sengwe se se siameng se se ka buiwang ka loso? Loso lo kgaoganya batsadi le bana ba bone e bile lo kgaoganya bana le batsadi ba bone. Lo kgaoganya ditsala tse dikgolo mme le dira gore ditšhaba tse di kitlaneng di ikutlwe di sa babalesega. Fa loso lo tlhaga, lelapa le le itumetseng le ka aparelwa ke bohutsana jo bo seng kana ka sepe.

Go itsege sentle gore loso lo tlisa masetlapelo. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ganetsa seo mme ba re loso ke masego. Ela tlhoko se se neng sa direga fa Setsuatsue sa Katrina se sena go tlhasela Kgogometso ya Mexico ka August 2005. Kwa phitlhong ya mongwe yo o neng a bolawa ke sefefo seo, moruti o ne a re: “Ga a bolawa ke Katrina. Modimo o mmileditse gae.” Ka lekgetlho le lengwe, tlelereke ya sepatela e ne ya bolelela mosetsana mongwe gore a se ka a tshwenyega ka gonne Modimo a ne a tseetse mmaagwe kwa legodimong. Mosetsana yoo o ne a lela, a re: “Ke ka ntlha yang fa a mo tsere a mo kgaogantse le nna?”

Dikgopolo tse di ntseng jalo tse di phoso ka baswi ga di gomotse batho ba ba swetsweng. Ka ntlha yang? Ka gonne ga di bue boammaaruri ka loso. E bile dikgopolo tseo di dira dilo maswe le go feta ka go dira gore go lebege e kete Modimo o tseela malapa le ditsala baratiwa ba bone ka ditsela tse di setlhogo le tse di botlhoko. Go na le gore Modimo a tsewe e le mogomotsi, go dirwa gore a lebege e le motho yo o bosula fa go nna le masetlapelo a loso. Mme Lefoko la Modimo le bua boammaaruri ka loso.

Baebele e bitsa loso e re ke mmaba. E tshwantsha loso le kgosi e e busang batho. (Baroma 5:17; 1 Bakorintha 15:26) Loso ke mmaba yo o maatla mo e leng gore ga go na motho ope yo o ka emelanang le lone, mme mongwe le mongwe yo re mo ratang yo o swang o oketsa palo ya batho ba bantsintsi ba loso lo setseng lo ba gapile. Se Baebele e se buang mo ntlheng eno se bontsha sentle gore ke ka ntlha yang fa re hutsafala sekanakana e bile re kgobega marapo jaana fa mongwe yo re mo ratang a swa. E bolela gore go ikutlwa jalo ke selo se se tlwaelegileng. A mme gone Modimo o dirisa mmaba loso go tseela baratiwa ba rona kwa legodimong? A re letleng Baebele e arabe potso eo.

Moreri 9:5, 10 ya re: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.” Sheole ke eng? Ke lebitla le le tlwaelegileng le batho ba yang kwa go lone fa ba swa. Mo lebitleng baswi ga ba kgone go dira sepe, ga ba tshikinyege, ga ba utlwe sepe e bile ga ba kgone go akanya le fa e le sepe. Go ntse jaaka e kete ba ile ka boroko. * Ka jalo Baebele e tlhalosa sentle gore Modimo ga a tseye baratiwa ba rona ba ba suleng gore ba ye go nna le ene kwa legodimong. Loso lo dirile gore ba sale ba se na botshelo mo lebitleng.

Jesu o ne a tlhomamisa seo fa tsala ya gagwe Lasaro a sena go swa. Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko jo bo kwa teng. Fa e le gore Lasaro o ne a ile kwa legodimong gore a ye go nna le Modimo Mothatayotlhe, e ne e tla bo e se go bontsha bopelonomi bope gore Jesu a mo tsosetse mo lefatsheng a bo a boa a swa gape. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela gore kwa mabitleng, Jesu o ne a goela kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” Baebele e tswelela ka gore: “Monna yo o neng a sule a tswa.” Lasaro o ne a boa a tshela gape. Jesu o ne a itse gore o ne a ise a ko a ye gope. O ne a sule a le mo lebitleng.—Johane 11:11-14, 34, 38-44.

Tiragalo eno e e kwadilweng mo Baebeleng e re thusa go tlhaloganya gore Modimo ga a dirise loso go ntsha batho mo lefatsheng a ba isa kwa legodimong. Ka jalo re ka atamalana le Modimo, re itse gore ga se ene a re baketseng mahutsana. Gape re ka dumela gore o tlhaloganya ka botlalo gore mmaba loso o re utlwisa botlhoko e bile o baka bohutsana bo se kana ka sepe. Mme se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi se bontsha gore baswi ga ba boge mo molelong wa dihele kana kwa pakatoring mme ba sule ba mo mabitleng. Ka jalo, ga go tlhokege gore fa re akanya ka baratiwa ba rona re bo re tla re tlelwa ke maikutlo a go tlhoa Modimo kgotsa re tlelwa ke poifo ya go ipotsa gore ba kae. Gape Jehofa o re naya kgomotso e nngwe mo Baebeleng.

Tsholofelo e a Itumedisa

Ditemana tse re tlotlileng ka tsone di bontsha gore go nna le tsholofelo go botlhokwa thata go dira gore motho a itumele ka tsela ya mmatota. Lefoko “tsholofelo” jaaka le dirisitswe mo Baebeleng le kaya go solofela sengwe se se molemo. Gore re bone kafa go nna le tsholofelo go ka tlisang boitumelo ka teng gone jaanong, a re boeleng kwa pegong ya ga Jesu fa a ne a tsosa Lasaro.

Go na le mabaka a ka nna mabedi a go bo Jesu a ile a dira kgakgamatso eo. La ntlha, o ne a batla go fedisa bohutsana jwa ga Maratha, Marea le ditsala tse di neng di hutsafetse. Ba ne ba ka boa ba itumelela go nna le moratiwa wa bone gape. Mme Jesu o ne a bolelela Maratha lebaka la bobedi, le e leng la botlhokwa thata: “A ke ne ka se ka ka go bolelela gore fa o ne o ka dumela o ne o tla bona kgalalelo ya Modimo?” (Johane 11:40) The New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips e ranotse polelwana ya bofelo e re “kgakgamatso e Modimo a ka e dirang.” Fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo losong, o ne a bontsha se Jehofa Modimo a ka se dirang le se a tla se dirang mo nakong e e tlang. Dintlha tse dingwe tsa “kgakgamatso e Modimo a ka e dirang” ke tseno.

Mo go Johane 5:28, 29 Jesu o ne a re: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” Seno se raya gore baswi botlhe ba ba kwa Sheole, go akaretsa le baratiwa ba rona, ba tla boa ba tshela gape. Ditiro 24:15 e tlhalosa se sengwe gape ka tiragalo eno e e gakgamatsang, fa e re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Ka jalo le “ba ba sa siamang,” e leng batho ba bantsi ba ba neng ba sa itse Jehofa e bile ba sa mo direle, mo nakong e e tlang ba tla bulegelwa ke sebaka sa go amogelwa ke Modimo.

Tsogo eno e tla direga kae? Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” Akanya fela ka seno! Malapa le ditsala tse di ileng tsa kgaoganngwa ke loso ba tla kopana gape mono mo lefatsheng. Fa o akanya ka go boa o itumelela botshelo mmogo le batho ba o kileng wa bo o itumelela go nna le bone, go a utlwala gore pelo ya gago e phophome ka boitumelo.

Jehofa o Batla Gore o Itumele

Re tlotlile ka ditsela tse pedi tse Jehofa a ka oketsang boitumelo jwa gago ka tsone le fa o ka tswa o na le mathata. Sa ntlha, o go naya kitso le kaelo e e ka go thusang go lebana le mathata ka katlego a dirisa Baebele. Mo godimo ga go re thusa go lebana le bohutsana jo bo bakwang ke loso, kgakololo ya Baebele gape e ka re thusa go lebana le mathata a itsholelo le a botsogo. E ka go thusa go itshokela go tlhoka tshiamiso le dikhuduego tsa dipolotiki. Mme fa o dirisa kaelo ya yone mo botshelong jwa gago, e ka go thusa go lebana le mathata a mangwe a o nang le one.

Sa bobedi, fa o ithuta Baebele o nna le tsholofelo e e gaisang le fa e le sepe fela se o ka se newang ke batho. Go tsosiwa ga ditsala le ba lelapa ke karolo ya tsholofelo e Baebele e e nayang. Tshenolo 21:3, 4 e re naya tlhaloso e e oketsegileng: “Modimo ka boene o tla nna le [batho]. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Seno se raya gore sengwe le sengwe se se go utlwisang botlhoko mo botshelong se gaufi le go fedisediwa ruri. Se Baebele e se solofetsang se tlile go diragala mme o ka itumelela go bona fa se direga. Go itse fela gore mo nakong e e tlang dilo di tlile go nna botoka go dira gore re wele makgwafo. Go itse gore fa o sena go swa ga o boge ka bosakhutleng ke lebaka le lengwe le le itumedisang.

Ka sekai: Mo dingwageng di sekae tse di fetileng monna wa ga Maria o ne a swa loso lo lo botlhoko a bolawa ke kankere. O ne a santse a lelela monna wa gagwe fa mathata a tsa madi a ne a dira gore ene le bomorwadie ba bararo ba lelekwe mo legaeng la bone. Dingwaga di le pedi morago ga foo, Maria o ne a lemoga gore o na le kankere. O setse a arilwe dikaro tse pedi tse dikgolo mme o nna fela a le mo ditlhabing letsatsi le letsatsi. Le fa a na le mathata ano, o nna a na le tsholofelo mme o kgothatsa batho ba bangwe. O kgona jang go nna a itumetse?

Maria a re: “Fa ke na le bothata, ke leka gore ke se ka ka akanya thata ka bothata jwa me. Ke leka gore ke se ka ka ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Ke eng fa seno se diragaletse nna? Ke ka ntlha yang fa ke boga jaana? Ke eng fa ke lwala jaana?’ Go akanya thata ka dilo tse di botlhoko tse di go diragalelang go go tlogela o feletswe ke maatla. Go na le moo ke dirisa nonofo ya me go direla Jehofa le go thusa ba bangwe. Seno se dira gore ke itumele.”

Go nna le tsholofelo go thusa Maria jang? O tlhomile mogopolo wa gagwe mo nakong e mo go yone Jehofa a tla fedisang bolwetse le mathata a mangwe a batho. Fa a ya bookelong go ya go alafiwa, o bolelela batho ba bangwe ba ba tshwerweng ke kankere ba ba ka tswang ba itlhobogile, ka tsholofelo e a nang le yone. Go nna le tsholofelo go botlhokwa go le kana kang mo go Maria? A re: “Gantsi ke akanya ka se Baebele e se buang mo go Bahebera 6:19, fa Paulo a ne a tlhalosa tsholofelo a re ke tshetledi ya moya. Fa o se na tshetledi, o tla phepheulega jaaka mokoro mo setsuatsueng. Mme fa o bofeletswe mo tshetleding, o ka se nne mo kotsing le fa o na le mathata a magolo.” Go nna le “tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng” go thusa Maria go nna a itumetse. Le wena go ka dira gore o nne o itumetse.—Tito 1:2.

Fa o ithuta Baebele, o ka bona boitumelo jwa mmatota le fa o na le mathata. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o na le dipotso malebana le gore go ithuta Baebele go mosola go le kana kang. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go bontsha dikarabo tse o tlhokang go di itse go tswa mo Baebeleng gore o tle o nne motho yo o itumetseng tota. Fa o ntse o emetse go diragadiwa ga tsholofetso e Jehofa a e re nayang, o ka nna gareng ga batho ba ba tlhalosiwang jaana: “Ba tla bona boitumelo le boipelo, mme khutsafalo le go fegelwa di tla tshaba.”—Isaia 35:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Encyclopædia Britannica (2003) e tlhalosa Sheole e re ke “lefelo le go sa utlwiweng botlhoko e bile go sa itumelwe kwa go lone, lefelo le go sa otlhaiweng kwa go lone e bile go se na tuelo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke boammaaruri jwa Baebele fela jo bo ka fokotsang bohutsana

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsholofetso ya Baebele ya tsogo ya baswi e ka dira gore o itumele