Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng

Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng

Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng

“Jehofa Modimo wa gago o tlhophile wena gore o nne setšhaba sa gagwe.”—DUTERONOME 7:6.

1, 2. Jehofa o ne a direla batho ba gagwe ditiro dife tse di gakgamatsang, mme ke kamano efe e Baiseraele ba neng ba simolola go nna le yone le Modimo?

KA 1513 B.C.E., Jehofa o ne a dira gore a nne le kamano e ntšha le batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. Ka ngwaga oo, o ne a tlhabisa ditlhong mmusomogolo wa lefatshe wa nako eo mme a golola Baiseraele mo bokgobeng. Ka go dira jalo, a nna Mmoloki le Mong wa bone. Pele ga Modimo a tsaya kgato eo, o ne a raya Moshe a re: “Raya bomorwa Iseraele o re, ‘Ke nna Jehofa, mme ke tla lo ntsha kafa tlase ga mekgweleo ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone, ke tla lo namola ka lebogo le le otlolotsweng le ka dikatlholo tse dikgolo. Ke tla lo tseela kwa go nna jaaka setšhaba, mme ke tla itshupa ke le Modimo mo go lona.’”—Ekesodo 6:6, 7; 15:1-7, 11.

2 Ka bonako fela morago ga Khudugo ya Baiseraele kwa Egepeto, ba ne ba dira kgolagano le Jehofa Modimo wa bone. Go tloga ka nako eo, Jehofa o ne a tla nna le setlhopha sa batho, setšhaba mo lefatsheng, a sa tlhole a dirisana le batlhanka ba gagwe motho ka bongwe, ka malapa kana ka dikgotla tsa bone. (Ekesodo 19:5, 6; 24:7) O ne a naya batho ba gagwe melao e e laolang botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi, mme se se botlhokwa le go feta, melao eo e ne e laola kobamelo ya bone. Moshe o ne a ba raya a re: “Ke setšhaba sefe se segolo se se nang le medimo gaufi le sone ka tsela e Jehofa Modimo wa rona a leng ka yone mo go mmitseng gotlhe ga rona? E bile go na le setšhaba sefe se segolo se se nang le melao e e siameng le ditshwetso tsa boatlhodi jaaka molao ono otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno?”—Duteronome 4:7, 8.

Ba Tsholetswe mo Setšhabeng sa Basupi

3, 4. Ke lebaka lefe la botlhokwa le le neng la dira gore go nne le setšhaba sa Iseraele?

3 Makgolo a dingwaga morago go moo, Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go gakolola Baiseraele lebaka la botlhokwa la go nna gone ga setšhaba sa bone. Isaia o ile a re: “Jehofa o buile jaana, Mmopi wa gago, wena Jakobe, le Modiri wa gago, wena Iseraele: ‘O se ka wa boifa gonne ke go rekolotse. Ke go biditse ka leina la gago. O wa me. Gonne ke nna Jehofa Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele Mmoloki wa gago. . . . Tlisa bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa kwa ntlheng ya lefatshe, mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me le yo ke mmopetseng kgalalelo ya me, yo ke mmopileng, ee, yo ke mo dirileng. Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, . . . batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.’”—Isaia 43:1, 3, 6, 7, 10, 21.

4 E re ka Baiseraele ba ne ba bidiwa ka leina la ga Jehofa, ba ne ba tla nna basupi ba gagwe ba itsise ditšhaba ka bolaodi jwa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go nna batho ba ba ‘bopetsweng kgalalelo ya ga Jehofa.’ Ba ne ba tshwanetse go ‘anela pako ya ga Jehofa,’ ba itsise batho ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tsa go ba golola mme ka go dira jalo ba galaletsa leina la gagwe le le boitshepo. Ka bokhutshwane re ka re, ba ne ba tshwanetse go nna setšhaba se e leng basupi ba ga Jehofa.

5. Iseraele e ne e le setšhaba se se ineetseng ka tsela efe?

5 Mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E., Kgosi Solomone o ne a bontsha gore Jehofa o ne a dirile Iseraele go nna setšhaba se se tlhaolegileng. O ile a bua jaana fa a ne a rapela Jehofa: “O ba lomolotse jaaka boswa jwa gago mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.” (1 Dikgosi 8:53) Mongwe le mongwe wa Baiseraele le ene o ne a na le kamano e e kgethegileng le Jehofa. Pelenyana Moshe o ne a ile a ba raya a re: “Lo bana ba ga Jehofa Modimo wa lona. . . . Gonne o setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo wa gago.” (Duteronome 14:1, 2) Ka gone, bana ba Baiseraele ba ne ba sa tlhoke go ineela mo go Jehofa. Ba ne ba tsholwa e le maloko a setšhaba se se ineetseng mo Modimong. (Pesalema 79:13; 95:7) Kokomana nngwe le nngwe e ntšha e ne e rutwa melao ya ga Jehofa mme e ne e tshwanelwa ke go ikobela melao eo ka ntlha ya kgolagano e Iseraele a neng a e dirile le Jehofa.—Duteronome 11:18, 19.

Ba ne Ba na le Tshwanelo ya go Itlhophela

6. Mongwe le mongwe wa Baiseraele o ne a tshwanelwa ke go itlhophela eng?

6 Le fa Baiseraele ba ne ba tshotswe e le maloko a setšhaba se se ineetseng, mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwanelwa ke go itirela tshwetso ya gore a o batla go direla Modimo kana nnyaa. Pele ga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a ba raya a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago le boleele jwa malatsi a gago, gore o nne mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borragomogologolwane e bong Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le ba naya.” (Duteronome 30:19, 20) Ka gone, mongwe le mongwe wa Baiseraele o ne a tshwanelwa ke go itlhophela go rata Jehofa, go reetsa lentswe la gagwe le go mo ngaparela. E re ka Baiseraele ba ne ba na le tshwanelo ya go itlhophela, ba ne ba tla tshwanelwa ke go lebana le matswela a tshwetso ya bone.—Duteronome 30:16-18.

7. Go ne ga direga eng fa kokomana ya motlha wa ga Joshua e sena go swa?

7 Motlha wa Baatlhodi ke sekai se se bontshang sentle matswela a go ikanyega le go se ikanyege. Pele fela ga motlha oo o simologa, Baiseraele ba ne ba etsa sekao se se molemo sa ga Joshua mme ba segofalediwa seo. “Batho ba tswelela ba direla Jehofa ka malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a banna ba bagolwane ba ba neng ba nna ba tshela morago ga ga Joshua e le ba ba neng ba bone tiro yotlhe e kgolo ya ga Jehofa e a neng a e diretse Iseraele.” Le fa go ntse jalo, nako nngwe morago ga loso lwa ga Joshua, “ga tsoga kokomana e nngwe morago ga bone e e neng e sa itse Jehofa kgotsa tiro e a neng a e diretse Iseraele. Mme bomorwa Iseraele ba simolola go dira se se neng se le bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (Baatlhodi 2:7, 10, 11) Go bonala kokomana eo e ntšha e e neng e se na maitemogelo e ne e sa anaanele boswa jwa yone jwa go nna maloko a setšhaba se se ineetseng, se mo nakong e e fetileng Jehofa Modimo wa sone a ileng a se direla ditiro tse di gakgamatsang.—Pesalema 78:3-7, 10, 11.

Go Tshelela Boineelo Jwa Bone

8, 9. (a) Ke thulaganyo efe e e neng e naya Baiseraele tshono ya go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa? (b) Batho ba ba neng ba ithaopela go ntsha ditshupelo ba ne ba solegelwa molemo jang?

8 Jehofa o ne a naya batho ba gagwe ditshono tsa go bontsha gore ba tshelela boineelo jwa bone jaaka setšhaba. Ka sekai, Molao wa gagwe o ne o dira gore go nne le thulaganyo ya go ntsha ditlhabelo, kana ditshupelo, dingwe tsa tsone e le tse ba patelesegang go di ntsha fa tse dingwe tsone e le tse ba di ntshang ka go ithaopa. (Bahebera 8:3) Ditlhabelo tseo di ne di akaretsa ditshupelo tse di fisiwang, ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa kabalano—tsotlhe e le tse ba di ntshang ka go ithaopa—e le dimpho tse ba di abelang Jehofa gore a ba amogele le go mmontsha go mo leboga.—Lefitiko 7:11-13.

9 Ditlhabelo tseo tse ba neng ba ithaopela go di ntsha di ne di itumedisa Jehofa. Ditshupelo tse di fisiwang le tsa dijo tsa ditlhaka di ne di tsewa e le “lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa.” (Lefitiko 1:9; 2:2) Ka nako ya fa go ntshiwa setlhabelo sa kabalano, madi le mafura a phologolo a ne a abelwa Jehofa, mme dinama tse dingwe tsone di ne di jewa ke moperesiti le motho yo o tlisitseng setlhabelo. Ka jalo dijo tseo di ne di tshwantshetsa go nna le kamano ya kagiso le Jehofa. Molao o ne o re: “Jaanong fa go direga gore lo ntshetse Jehofa setlhabelo sa kabalano, lo se ntshetse go iponela kamogelo.” (Lefitiko 19:5) Le fa Baiseraele botlhe ba ne ba tsholwa ba ineetse mo go Jehofa, ba ba neng ba bontsha go ineela ka botlalo ka go ithaopa go ntsha ditshupelo ba ne ba “iponela kamogelo” ya gagwe mme o ne a ba segofatsa fela thata.—Malaki 3:10.

10. Jehofa o ile a bontsha jang go se itumele mo motlheng wa ga Isaia le wa ga Malaki?

10 Le fa go ntse jalo, gangwe le gape setšhaba sa Iseraele se se ineetseng mo go Jehofa se ne sa bontsha fa se sa ikanyege mo go ene. Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe Isaia go ba raya a re: “Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditshupelo tsa gago tse di fisiwang di feletse, e bile ga o a nkgalaletsa ka ditlhabelo tsa gago. Ga ke a go patelela gore o ntirele ka mpho.” (Isaia 43:23) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a sa tseye tsia ditshupelo tse motho a neng a di ntsha ka go patelediwa e bile e se ka go rata. Ka sekai, dingwaga di le makgolo a mararo morago ga Isaia, mo motlheng wa ga moporofeti Malaki, Baiseraele ba ne ba ntsha diphologolo tse di golafetseng ditlhabelo. Ke gone ka moo Malaki a neng a ba raya a re: “‘Ga lo intumedise ka gope,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘e bile ga ke ipelele tshupelo ya mpho e e tswang mo seatleng sa lona.’ . . . ‘Lo tlisitse sengwe se se tserweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se bobolang; ee, lo se tlisitse jaaka mpho. A nka se ipelela mo seatleng sa lona?’ go buile Jehofa.”—Malaki 1:10, 13; Amose 5:22.

Setšhaba se se Ineetseng se a Latlhwa

11. Iseraele e ne ya newa tshono efe?

11 Jehofa o ne a solofetsa Baiseraele jaana ka nako ya fa e nna setšhaba se se ineetseng mo go ene: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Mesia yo o solofeditsweng o ne a tla tlhaga mo go bone mme o ne a tla ba naya tshono ya gore e nne bone ba pele go nna maloko a puso ya Modimo ya bogosi. (Genesise 22:17, 18; 49:10; 2 Samuele 7:12, 16; Luke 1:31-33; Baroma 9:4, 5) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba se ka ba diragatsa boineelo jwa bone. (Mathaio 22:14) Ba ne ba gana Mesia mme kgabagare ba mmolaya.—Ditiro 7:51-53.

12. Ke mafoko afe a ga Jesu a a bontshang gore Jehofa o ne a se ka a tlhola a tsaya Iseraele e le setšhaba se se ineetseng mo go ene?

12 Jesu o ile a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda jaana malatsi a sekae pele ga a swa: “A lo ne lo ise lo ke lo bale mo Dikwalong, ‘Leje le baagi ba neng ba le gana ke lone le jaanong e leng leje la sekhutlo le legolo. Seno se nnile gone se tswa kwa go Jehofa, mme se molemo thata mo matlhong a rona’? Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Mathaio 21:42, 43) Fa Jesu a ne a bontsha gore Jehofa ga a tlhole a ba tsaya e le setšhaba sa gagwe se se ineetseng mo go ene ka go ba raya a re: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla. Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.”—Mathaio 23:37, 38.

Setšhaba se Sesha se se Ineetseng

13. Ke eng se Jehofa a neng a se porofeta mo motlheng wa ga Jeremia?

13 Mo motlheng wa ga moporofeti Jeremia, Jehofa o ne a bolelela pele sengwe se sesha malebana le batho ba gagwe. Re bala jaana: “‘Bona! Metlha e etla,’ go bua Jehofa, ‘ke tla dira kgolagano e ntšha le ntlo ya Iseraele le ntlo ya Juda; e seng e e tshwanang le kgolagano e ke neng ka e dira le borraabonemogologolwane mo letsatsing le ke neng ka ba tshwara ka seatla ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto, “kgolagano ya me e ba neng ba e tlola, le mororo nna ke ne ke le monna yo e leng mong wa bone,” go bua Jehofa.’ ‘Gonne eno ke kgolagano e ke tla e dirang le ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,’ go bua Jehofa. ‘Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone. Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.’”—Jeremia 31:31-33.

14. Setšhaba se sesha se se ineetseng mo go Jehofa se ne sa simolola leng, mme ke eng se e neng ya nna motheo wa go simolola ga sone? Tlhalosa gore setšhaba seo se sesha ke bomang.

14 Motheo wa kgolagano eno e ntšha o ne wa thewa fa Jesu a ne a swa mme moragonyana a isa boleng jwa madi a gagwe a a tsholotsweng kwa go Rraagwe ka 33 C.E. (Luke 22:20; Bahebera 9:15, 24-26) Le fa go ntse jalo, kgolagano e ntšha e ne ya simolola go dira fa barutwa ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. mme go tsalwa setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Baroma 2:28, 29; 9:6; 11:25, 26) Fa moaposetoloi Petere a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng o ne a re: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang. Gonne lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo.” (1 Petere 2:9, 10) Jehofa ga a tlhole a na le kamano e e kgethegileng le setšhaba sa Iseraele wa tlholego. Ka 33 C.E., o ne a tlogela go tlhola a amogela Iseraele wa mo lefatsheng mme jaanong o amogela Iseraele wa semoya, phuthego ya Bakeresete, “setšhaba se se ungwang maungo” sa Bogosi jwa ga Mesia.—Mathaio 21:43.

Boineelo Jwa Motho ka Boene

15. Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., Petere o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe go kolobediwa ka kolobetso efe?

15 Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., motho mongwe le mongwe, Mojuda kana Moditšhaba, o ne a tshwanelwa ke go ineela ka boene mo Modimong le go kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” * (Mathaio 28:19) Ka nako ya Pentekosete, moaposetoloi Petere o ne a bolela Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Bojudeng a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” (Ditiro 2:38) Bajuda bao le basokologi ba ne ba tshwanetse go bontsha ka kolobetso ya bone e seng fela gore ba ineetse mo go Jehofa mme gape gore ba amogetse Jesu go nna ene yo Jehofa a tla mo dirisang go ba itshwarela maleo. Ba ne ba tshwanetse go bontsha gore ba mo tsaya e le Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa le Moeteledipele wa bone, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete.—Bakolosa 1:13, 14, 18.

16. Mo motlheng wa ga Paulo, batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng—Bajuda le Baditšhaba—ba ne ba nna jang karolo ya Iseraele wa semoya?

16 Dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ke ne ka tlisa molaetsa kwa go ba ba kwa Damaseko pele le kwa go ba ba kwa Jerusalema, le mo nageng yotlhe ya Judea, le kwa ditšhabeng, wa gore ba ikwatlhaye ba bo ba retologele mo Modimong ka go dira ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Ditiro 26:20) Fa Paulo a sena go tlhatswa batho pelo—Bajuda le Baditšhaba—gore Jesu e ne e le Keresete, Mesia, o ne a ba thusa go ineela le go kolobediwa. (Ditiro 16:14, 15, 31-33; 17:3, 4; 18:8) Barutwa bao ba basha ba ne ba nna maloko a Iseraele wa semoya ka go fetogela kwa Modimong.

17. Ke tiro efe ya go tshwaya e e tlogang e wediwa, mme ke tiro efe e nngwe e e ntseng e gatela pele ka lobelo lo logolo?

17 Gompieno, go tshwaiwa ga bofelo ga masalela a Iseraele wa semoya go atametse. Ka nako ya fa go wediwa, “baengele ba banè” ba ba tshwereng diphefo tsa tshenyo tsa “pitlagano e kgolo” ba tla laelwa go di lesa. Fa go sa ntse go letilwe nako eo, go phuthwa ga “boidiidi jo bogolo,” jo bo solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng go gatela pele ka lobelo lo logolo. ‘Dinku tseno tse dingwe’ di itlhophetse go bontsha go dumela mo “mading a Kwana” le go kolobediwa go bontsha go ineela ga tsone mo go Jehofa. (Tshenolo 7:1-4, 9-15; 22:17; Johane 10:16; Mathaio 28:19, 20) Gareng ga bone go na le basha ba le bantsi ba ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete. Fa o le mongwe wa basha bao, o tla kgatlhegela go bala setlhogo se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

Fa re Boeletsa

• Ke eng fa go ne go sa tlhokege gore bana ba Baiseraele ba ineele ka bobone mo go Jehofa?

• Baiseraele ba ne ba ka bontsha jang gore ba tshelela boineelo jwa bone?

• Ke eng fa Jehofa a ile a latlha setšhaba sa gagwe se se ineetseng mo go ene, mme se ne sa tseelwa sebaka ke bomang?

• Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E., Bajuda le Baditšhaba ba ne ba tshwanelwa ke go dira eng go nna maloko a Iseraele wa semoya?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bana ba Baiseraele ba ne ba tsholwa e le maloko a setšhaba se Modimo a se ikgethetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Moiseraele mongwe le mongwe o ne a tshwanelwa ke go itirela tshwetso ya go direla Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ditshupelo tse Baiseraele ba neng ba ithaopa go di ntsha di ne di ba naya tshono ya go bontsha kafa ba ratang Jehofa ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., mongwe le mongwe wa balatedi ba ga Keresete o ne a tshwanelwa ke go ineela ka boene le go bontsha boineelo joo ka go kolobediwa