Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, Itlhopheleng go Direla Jehofa

Basha, Itlhopheleng go Direla Jehofa

Basha, Itlhopheleng go Direla Jehofa

“Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang.”—JOSHUA 24:15.

1, 2. Madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete a dirisa mefuta efe e e phoso ya go kolobetsa?

“A [BANA] ba nne Bakeresete fa ba setse ba itse Keresete.” Mokwadi yo o bidiwang Tertullian o ne a kwala mafoko ao fa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. le tloga le fela. O ne a sa dumalane le tlwaelo e e neng e anama mo Bokereseteng jwa botlhanogi mo motlheng wa gagwe ya gore masea a kolobediwe. Rabi wa Kereke, e bong Augustine o ne a se ka a dumalana le Tertullian le Baebele mme a bolela gore kolobetso e tlosa selabe sa boleo jwa kwa tshimologong le gore masea a a swang a sa kolobediwa a atlholelwa go ya diheleng. Seo se ne sa rotloetsa tlwaelo ya gore masea a kolobediwe ka bonako fa a sena go tsholwa.

2 Bontsi jwa dikereke tse dikgolo tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete di sa ntse di kolobetsa masea a a sa tswang go tsholwa. Mo godimo ga moo, go ralala hisitori babusi le baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba dinaga tse go tweng ke tsa Bokeresete ba ne ba na le tlwaelo ya go kolobetsa ka dikgoka “baheitane” ba ba ba gapileng. Le fa go ntse jalo, go kolobediwa ga masea le go kolobediwa ka dikgoka ga batho ba ba godileng ga go dumalane le Baebele.

Gompieno Motho o Itlhophela go Ineela

3, 4. Ke eng se se ka thusang bana ba batsadi ba ba ineetseng mo Modimong gore ba ineele ka bobone?

3 Baebele e bontsha gore Modimo o tsaya bana ba bannye ba le boitshepo tota le fa e le motsadi a le mongwe fela wa bone yo e leng Mokeresete yo o ikanyegang. (1 Bakorintha 7:14) A seo se bolela gore bana bao ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, bana ba ba godisiwang ke batsadi ba ba ineetseng mo go Jehofa ba newa thapiso e e ka ba thusang go ineela ka bobone mo go Jehofa. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Morwaaka, boloka taelo ya ga rrago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago . . . Fa o tsamaya, e tla go etelela pele; fa o robala, e tla go disa; mme fa o tsogile, e tla tshwenyega ka wena. Gonne taelo ke lobone, mme molao ke lesedi, mme dikgalemelo tsa kotlhao ke tsela ya botshelo.”—Diane 6:20-23.

4 Kaelo e batsadi ba Bakeresete ba e nayang bana ba bone e ka ba sireletsa fa ba iketleeleditse go e dirisa. Gape Solomone o ile a re: “Morwa yo o botlhale ke yo o ipedisang rraagwe, mme morwa yo o sematla ke khutsafalo mo go mmaagwe.” “Wena, morwaaka, utlwa mme o tlhalefe, o bo o goge pelo ya gago mo tseleng.” (Diane 10:1; 23:19) Ee, bana ba tshwanetse go iketleeletsa go amogela kgakololo, kgalemelo le kotlhao e le gore ba solegelwe molemo ke thapiso ya batsadi ba bone. Ga o tsalwe o le botlhale, mme gone, ‘o ka tlhalefa’ mme wa itirela tshwetso ya go latela ‘tsela ya botshelo.’

Taolo ya Mogopolo ke Eng?

5. Ke kgakololo efe e Paulo a ileng a e naya bana le borre?

5 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’ Mme lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:1-4.

6, 7. Go godisetsa bana mo “taolong ya mogopolo wa ga Jehofa” go akaretsa eng, mme ke eng fa go dira jalo go sa bolele gore batsadi ba a bo ba gatelela bana ba bone ka tsela e e sa siamang?

6 A batsadi ba Bakeresete ba a bo ba laola megopolo ya bana ba bone ka go ba gatelela fa ba ba godisetsa “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa”? Nnyaa. A re ka tshwaya batsadi phoso fa ba ruta bana ba bone dilo tse ba di tsayang di siame e bile di le molemo? Balatolamodimo ga ba tshwaiwe phoso fa ba ruta bana ba bone gore ga go na Modimo. Bakatoliki ba ikutlwa ba tshwanelwa ke go godisa bana ba bone ka ditumelo tsa Sekatoliki, mme ga ba ke ba tshwaiwa phoso ka seo. Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa le bone ga ba a tshwanela go pegwa molato wa gore ba laola megopolo ya bana ba bone ka tsela e e sa siamang fa ba ba godisa ka tsela e e tla dirang gore ba lebe dithuto tsa motheo le melaometheo ya boitsholo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

7 Go ya ka Theological Dictionary of the New Testament, lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le ‘taolo ya mogopolo’ mo go Baefeso 6:4 le kaya tiro e e “akaretsang go baakanya mogopolo, go lolamisa se se phoso, go tokafatsa boikutlo jo motho a nang le jone ka dilo tsa semoya.” Go tweng fa mosha a gana thapiso e batsadi ba mo nayang yone ka ntlha ya kgatelelo ya balekane le keletso ya go dira se bontsi bo se dirang? Ke bomang ba go ka tweng ba mo gatelela ka tsela e e sa siameng—batsadi kgotsa balekane ba mosha yono? Fa balekane bano ba mo gatelela go dirisa diokobatsi, go nwa bojalwa bobe, kgotsa go dira boitsholo jo bo maswe, a batsadi ba tshwanetse go tshwaiwa phoso ka gonne ba leka go baakanya tsela ya go akanya ya ngwana wa bone le go mo thusa go lemoga matswela a a bosula a boitshwaro joo jwa gagwe jo bo sa siameng?

8. Timotheo o ile a ‘tlhotlhelediwa jang go dumela’?

8 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela lekawana Timotheo a re: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse batho ba o di ithutileng mo go bone e bile o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.” (2 Timotheo 3:14, 15) Go tloga fela fa Timotheo a sa le mmotlana, mmaagwe le nkokoagwe ba ile ba nonotsha tumelo ya gagwe mo Modimong ka go mo thusa go nna le kitso ya Dikwalo Tse di Boitshepo. (Ditiro 16:1; 2 Timotheo 1:5) Moragonyana fa ba sena go nna Bakeresete, ba ne ba se ka ba pateletsa Timotheo go dumela, go na le moo ba ne ba mo ‘tlhotlheletsa’ ka go dirisa kitso ya Dikwalo go mmeela mabaka ka tsela e e molemo.

Jehofa o go Kopa Gore o Itlhophele

9. (a) Jehofa o ile a naya dibopiwa tsa gagwe seriti jang, mme ka ntlha yang? (b) Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi o ile a dirisa jang tshwanelo ya gagwe ya go itlhophela?

9 Jehofa o ne a ka nna a dira dibopiwa tsa gagwe gore di nne jaaka diroboto, di patelesega go dira thato ya gagwe mme di se na tshwanelo ya go itlhophela. Go na le moo, o ne a di naya seriti ka go di abela tshwanelo ya go itlhophela. Modimo wa rona o batla gore batho ba mo direle ka go rata. O itumelela go bona dibopiwa tsa gagwe, tse disha le tse di godileng, di mo direla ka gonne di mo rata. Sekao se se molemo go gaisa tsotlhe sa motho yo o neng a ikobela Modimo ka go rata ke Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo Jehofa a ileng a bua jaana ka ene: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Morwa yono wa motsalwapele o ile a raya Rraagwe a re: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.”—Pesalema 40:8; Bahebera 10:9, 10.

10. Ke eng se se batlegang gore motho a direle Jehofa ka tsela e a e amogelang?

10 Jehofa o lebeletse gore batho ba ba mo direlang ba ba kaelwang ke Morwawe ba nne le moya o o ntseng jalo wa go mo ikobela ka go rata. Mopesalema o ile a opela jaana ka tsela ya boporofeti: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, o na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.” (Pesalema 110:3) Dikarolo tsotlhe tsa phuthego ya ga Jehofa, karolo ya kwa legodimong le ya mo lefatsheng, di dira dilo ka go ikobela go dira thato ya Modimo ka go rata.

11. Ke tshwetso efe e basha ba batsadi ba bone ba ineetseng ba tshwanetseng go itirela yone?

11 Ka gone, lona basha, lo tshwanetse go itse gore batsadi ba lona kgotsa bagolwane ba Bakeresete mo phuthegong ba ka se ka ba lo pateletsa go kolobediwa. Lona ka bolona lo tshwanetse go direla Jehofa ka gonne lo batla go dira jalo. Joshua wa bogologolo o ile a raya Baiseraele a re: ‘Direlang Jehofa ka go tlhoka molato le ka boammaaruri . . . Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang.’ (Joshua 24:14-22) Ka tsela e e tshwanang, lona ka bolona lo tshwanetse lwa itirela tshwetso ya go ineela mo go Jehofa le go dirisa botshelo jwa lona mo go direng thato ya gagwe.

Go Amogela Maikarabelo a Gago

12. (a) Le fa gone batsadi ba ka thapisa bana ba bone, ke eng se ba ka se kang ba ba direla sone? (b) Ke leng mosha a nnang le boikarabelo fa pele ga ga Jehofa ka ditshwetso tse a di dirang?

12 Lona basha, go tla tla nako ya gore lo se ka lwa tlhola lo sirelediwa ke boikanyegi jwa batsadi ba lona. (1 Bakorintha 7:14) Morutwa Jakobe o ile a re: “Fa mongwe a itse go dira se se siameng mme le fa go ntse jalo a sa se dire, ke boleo mo go ene.” (Jakobe 4:17) Batsadi ba ka se direle Modimo mo boemong jwa bana ba bone fela jaaka bana le bone ba ka se direle Modimo mo boemong jwa batsadi ba bone. (Esekiele 18:20) A o ithutile ka Jehofa le maikaelelo a gagwe? A o godile sentle go ka tlhaloganya se o ithutileng sone le go simolola go nna le kamano ya botsala le ene? A ga se selo se se utlwalang go bo Modimo a go tsaya o ka kgona go dira tshwetso ya go mo direla?

13. Ke dipotso dife tse go ka nnang molemo gore basha ba ba iseng ba kolobediwe ba ipotse tsone?

13 A o mosha yo o iseng a kolobediwe yo o godisiwang ke batsadi ba ba boifang Modimo, yo o nnang gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete le e leng go nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi? Fa go le jalo, ipotse jaana ka boikanyegi: ‘Ke eng se se ntlhotlheletsang go dira dilo tseno? A ke nna gone mo dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka gonne batsadi ba me ba batla ke dira jalo kgotsa a ke dira dilo tseno ka gonne ke batla go itumedisa Jehofa?’ A o itlhatswitse pelo ka bowena ka se “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng,” e leng sone?—Baroma 12:2.

Ke Eng fa o Diega go Kolobediwa?

14. Ke dikai dife tsa mo Baebeleng tse di bontshang gore motho ga a tshwanela go diega go kolobediwa go sa tlhokege?

14 “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Monna wa Moethiopia yo o neng a botsa Filipo wa moefangele potso eo e ne e le gone a sa tswang go ithuta gore Jesu ke Mesia. Le fa go ntse jalo, Moethiopia yono o ne a na le kitso e e lekaneng ya Dikwalo mo a neng a lemoga gore ga a tshwanela go diega go bolela phatlalatsa gore go tloga ka nako eo go ya pele o tla direla Jehofa a le karolo ya phuthego ya Bokeresete, mme seo se ne sa mo leretse boipelo. (Ditiro 8:26-39) Ka tsela e e tshwanang, mosadi yo o bidiwang Lidia, yo o neng a ‘bula pelo ya gagwe thata gore a tlhwaele tsebe dilo tse di buiwang ke Paulo,’ o ne a “kolobediwa” ka yone nako eo, ene le lelapa la gagwe. (Ditiro 16:14, 15) Legolegwa lengwe la kwa Filipi le lone le ne la reetsa Paulo le Silase fa ba ne ba “bua lefoko la ga Jehofa le ene” mme “ene le ba gagwe ba ne ba kolobediwa kwantle ga tiego.” (Ditiro 16:25-34) Ka gone, fa o na le kitso ya motheo ka Jehofa le maikaelelo a gagwe, o na le keletso e kgolo ya go dira thato ya gagwe, o itsege ka boitshwaro jo bo molemo mo phuthegong e bile o nna gone ka boikanyegi mo dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ke eng fa o okaoka go kolobediwa?—Mathaio 28:19, 20.

15, 16. (a) Ke tsela efe e e phoso ya go akanya e e ka dirang gore basha bangwe ba okaoke go kolobediwa? (b) Go dira tshwetso ya go ineela le go kolobediwa go ka sireletsa basha jang?

15 A e ka tswa e le gore o okaoka go tsaya kgato eno e e botlhokwa ka gonne o boifa gore o tla ikarabelela fa go ka direga gore o dire sengwe se se sa siamang? Fa e le gore go ntse jalo, akanya ka seno: A o ne o ka gana go dira kopo ya go nna le lekwalo la go kgweetsa fela ka gonne o tshaba gore letsatsi lengwe o tla dira kotsi? Legoka! Go ntse jalo le ka kolobetso, ga o a tshwanela go okaoka go kolobediwa fa o tshwanelega. Tota e bile, go kolobediwa go tla go tlhotlheletsa go dira bojotlhe go tila go dira dilo tse di sa siamang fa o neetse botshelo jwa gago mo go Jehofa e bile o dumetse go dira thato ya gagwe. (Bafilipi 4:13) Lona basha, lo se ka lwa akanya gore fa lo okaoka go kolobediwa seo se tla lo thusa gore lo se ka lwa ikarabelela. Fa motho a setse a fitlhile mo dingwageng tsa go rwala maikarabelo, o a ikarabelela mo go Jehofa ka se a se dirang go sa kgathalasege gore a o kolobeditswe kgotsa ga a kolobediwa.—Baroma 14:11, 12.

16 Basupi ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba bolela gore go tsaya tshwetso ya go kolobediwa ba sa le basha go ba thusitse fela thata. Ka sekai, akanya ka Mosupi mongwe wa dingwaga tse 23 wa kwa Yuropa Botlhaba. O gakologelwa gore go kolobediwa a le dingwaga di le 13 go ile ga mo tlhotlheletsa gore a nne kelotlhoko gore a se ka a fekeediwa ke “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) O ile a dira tshwetso ya go nna modiredi wa nako e e tletseng go tloga fela a sa le mmotlana. Gompieno o itumelela go dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Basha botlhe ba ba tlhophang go direla Jehofa ba letetswe ke masego a le mantsi, go akaretsa le wena.

17. Ke mo dilong dife moo go tlhokegang gore re ‘tswelele re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa’?

17 Boineelo le kolobetso ke tshimologo ya botshelo jwa go tsaya tsia thato ya ga Jehofa mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Go diragatsa boineelo jwa rona go akaretsa ‘go ithekela nako.’ Re dira seo jang? Ka go dirisa nako e re neng re e dirisetsa dilo tse di seng botlhokwa mme jaanong re e dirisetsa go ithuta Baebele ka tlhoafalo, go nna gone ka metlha mo dipokanong, le go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Baefeso 5:15, 16; Mathaio 24:14) Boineelo jwa rona mo go Jehofa le keletso ya rona ya go dira thato ya gagwe bo re solegela molemo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona, go akaretsa le tsela e re dirisang nako ya rona ka yone go itapolosa, mokgwa wa rona wa go ja le go nwa, le mofuta wa mmino o re o reetsang. Ke eng fa o sa tlhophe boitapoloso jo o tla kgonang go itumelela jone go ya go ile? Basha ba le bantsi ba ba itumetseng ba Basupi ba tla go bolelela gore go na le ditsela di le dintsi tse di molemo tsa go ijesa monate tse di sa thulaneng le “thato ya ga Jehofa.”—Baefeso 5:17-19.

“Re Tla Tsamaya le Lona”

18. Ke potso efe e basha ba tshwanetseng go ipotsa yone?

18 Go tloga ka 1513 B.C.E. go fitlha ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a na le setlhopha sa batho ba a ba itlhophetseng go nna baobamedi ba gagwe. (Isaia 43:12) Bana ba Baiseraele ba ne ba tsholwa e le karolo ya setšhaba seo. Fa e sa le ka Pentekosete, Jehofa o ile a nna le “setšhaba” se sesha mo lefatsheng, Iseraele wa semoya, “batho ba leina la gagwe.” (1 Petere 2:9, 10; Ditiro 15:14; Bagalatia 6:16) Moaposetoloi Paulo o bolela gore Keresete o intlafaleditse “setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) Lona basha lo neilwe tshono ya go iponela ka bolona gore batho bao ke bomang. Ke bomang gompieno ba e leng “setšhaba se se siameng se se itshwarang ka boikanyego” se se tshelang go dumalana le melaometheo ya Baebele, ba e leng Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa e bile ba bolela gore Bogosi jwa gagwe ke jone fela tsholofelo ya batho? (Isaia 26:2-4) Sekaseka dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete le madumedi a mangwe, mme o bapise boitshwaro jwa tsone le tsela e Baebele e laelang gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba itshware ka yone.

19. Dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe di tlhatswegile pelo ka eng?

19 Dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le basha ba le bantsi, ba tlhatswegile pelo gore masalela a a tloditsweng a Basupi ba ga Jehofa ke bone ‘setšhaba seo se se siameng.’ Ba raya Baiseraele bano ba semoya ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.” (Sekarea 8:23) Lona basha, ruri re a solofela e bile re rapelela gore lo tseye tshwetso ya go nna bangwe ba batho ba Modimo mme ka go dira jalo lo “tlhophe botshelo”—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa.—Duteronome 30:15-20; 2 Petere 3:11-13.

Fa re Boeletsa

• Mafoko a a reng taolo ya mogopolo a akaretsa eng?

• Jehofa o amogela mofuta ofe wa tirelo?

• Ke tshwetso efe e basha botlhe ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba ineetseng ba lebaneng le yone?

• Ke eng fa motho a sa tshwanela go diega go kolobediwa go sa tlhokege?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

O tla reetsa mang?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Boineelo le kolobetso di ka go sireletsa ka tsela efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke eng se se go thibelang go kolobediwa?