Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitshoko bo Lere Boipelo

Boitshoko bo Lere Boipelo

Kgang ya Botshelo

Boitshoko bo Lere Boipelo

JAAKA GO BOLETSE MÁRIO ROCHA DE SOUZA

“Karo ya ga Rre Rocha e ka nna ya se ka ya atlega.” Gompieno, dingwaga di le 20 morago ga gore ngaka e bue mafoko ao a a kgobang marapo, ke sa ntse ke tshela, ke direla Jehofa ke le mmoledi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Ke eng se se neng sa nthusa go itshoka mo dingwageng tseno tsotlhe?

DINGWAGA tsa me tsa fa ke sa ntse ke le ngwana ke di feditse mo polasing e e gaufi le Santo Estêvão e leng motsana o o mo kgaolong ya Bahia e e kafa bokonebotlhaba jwa Brazil. Fa ke na le dingwaga di le supa, ke ne ka simolola go thusa Rre ka tiro ya mo polasing. Letsatsi lengwe le lengwe morago ga sekolo, o ne a mpha tiro nngwe. Fa nako e ntse e tsamaya, Rre o ne a ntlogela le polasi gore ke e tlhokomele nako le nako fa a tsaya loeto lwa kgwebo go ya kwa motsemogolong o o bidiwang Salvador.

Re ne re se na motlakase, metsi a dipompo kana didirisiwa tsa gompieno, mme gone re ne re itumetse. Ke ne ke fofisa khaete ya me kana ke tshameka ka dikolotsana tsa logong tse nna le ditsala tsa me re neng re itiretse tsone. Gape ke ne ke tshameka seletswa sa mmino se se bidiwang clarinet mo mekolokong ya sedumedi. Ke ne ke le leloko la khwaere mo kerekeng ya rona, mme ke teng kwa ke neng ka bona buka e e bidiwang História Sagrada (Hisitori e e Boitshepo), e e neng ya dira gore ke kgatlhegele Baebele thata.

Ka 1932, fa ke le dingwaga di le 20, karolo e e kafa bokonebotlhaba jwa Brazil e ne ya tlhaselwa ke leuba le legolo le le neng la tsaya nako e e telele. Metlhape ya rona e ne ya swa, dijalo tsa senyega, ka jalo ke ne ka fudugela kwa Salvador kwa ke neng ka bona tiro ya go kgweetsa thekisi gone. Moragonyana ke ne ka hira ntlo mme ka ya go tsaya ba lelapa la gaetsho gore ba tle go nna le nna. Ka 1944, Rre o ne a tlhokafala, mme ka tshwanelwa ke go sala ke tlhokometse Mmè le bonnake ba basetsana ba le robedi le ba basimane ba le bararo.

Mokgweetsi wa Thekisi o Nna Moreri wa Efangele

Sengwe sa dilo tsa ntlha tse ke neng ka di dira fa ke goroga kwa Salvador, ke go reka Baebele. Morago ga go tsena kereke ya Baptist dingwaga di le mmalwa, ke ne ka simolola go nna tsala ya monna mongwe yo o bidiwang Durval yo le ene a neng a kgweetsa dithekisi. Gantsi nna le Durval re ne re tshwara metlotlo e meleele ya Baebele. Letsatsi lengwe o ne a nnaya bukana ya setlhogo se se reng, Where Are the Dead? * (Baswi ba Kae?) Le fa gone ke ne ke dumela gore motho o na le moya o o sa sweng, ke ne ke batla go itse thata mo ke neng ka sekaseka seno ka go bala ditemana tsa Baebele tse di nopotsweng mo bukaneng eo. Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore Baebele e ne e tlhomamisa gore moya o o leofang o tla swa.—Esekiele 18:4.

Fa Durval a sena go lemoga kafa ke neng ke kgatlhega ka gone, o ne a kopa Antônio Andrade, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa gore a nketele kwa lapeng. Morago ga loeto lwa boraro lwa ga Antônio, o ne a nkopa gore ke tsamaye le ene fa a ya go rerela ba bangwe ka Baebele. Fa a sena go bua mo magaeng a mabedi a ntlha o ne a re: “Jaanong go bua wena.” Ke ne ke tshogile tota, mme se se neng sa intumedisa ke gore lelapa lengwe le ne la ntheetsa ka kelotlhoko mme la amogela dibuka tse pedi tse ke neng ke ba naya tsone. Go fitlha le gompieno ke sa ntse ke itumela ka yone tsela eo fa ke kopana le mongwe yo o kgatlhegelang boammaaruri jwa Baebele.

Ka April 19, 1943, ka nako ya segopotso sa loso lwa ga Keresete sa ngwaga oo, ke ne ka kolobediwa mo Lewatleng la Atlantic gaufi le Salvador. E re ka go ne go tlhokega banna ba Bakeresete ba ba nang le maitemogelo, ke ne ka tlhomiwa gore ke thuse setlhopha sa Basupi se se neng se kopanela mo legaeng la ga Mokaulengwe Andrade le le mo go mongwe wa mebila e mesesane e e kopanyang karolo e e kwa godimo le e e kwa tlase ya toropo ya Salvador.

Tiro e a Ganediwa

Tiro ya rona ya Bokeresete e ne e sa itsiwe mo dingwageng tsa Ntwa ya Lefatshe II (1939-45). Badiredibagolo bangwe ba ne ba belaela gore re ditlhola tsa kwa Amerika Bokone gonne bontsi jwa dibuka tsa rona di ne di tswa kwa United States. Ka jalo go ne go tlwaelegile gore Basupi ba tshwarwe le go botsolodiwa. Fa Mosupi mongwe a ne a sa boe kwa bodireding jwa tshimo, re ne re swetsa ka gore o tlhatlhetswe, mme re ne re ya kwa seteisheneng sa mapodise go ya go kopa gore a gololwe.

Ka August 1943, Adolphe Messmer, Mosupi mongwe wa Mojeremane, o ne a goroga mo Salvador go tla go re thusa go rulaganya kopano ya rona ya ntlha. Fa balaodi ba sena go re naya tetla ya go tshwara kopano eno, re ne ra itsise puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Kgololesego mo Lefatsheng le Lesha” mo lokwalodikgannyeng lwa mo lefelong la rona, dipampiri tsa phasalatso di ne tsa manegwa mo difensetereng tsa mabenkele le mo dithekising. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la bobedi la kopano, lepodise lengwe le ne la re itsise gore tetla ya rona ya go tshwara kopano e phimotswe. Bishopomogolo wa Salvador o ne a tlhotlheletsa tlhogo ya mapodise gore e emise kopano ya rona. Le fa go ntse jalo, kgabagare ka April o o latelang re ne ra newa tetla ya go tshwara puo ya phatlalatsa e go neng go itsisitswe ka yone.

Mokgele o ke Tshwanelwang Ke go O Latelela

Ka 1946, ke ne ka lalediwa go nna gone kwa Kopanong ya Puso ya Modimo ya Merafe e e Itumetseng e e neng e tshwaretswe mo toropong ya São Paulo. Kapotene wa sekepe sa merwalo kwa Salvador o ne a re letla go tsamaya ka sekepe sa gagwe fa fela re ne re ka robala mo boalong jo bo kwa godimo jwa sekepe. Go sa kgathalesege sefefo se se neng sa dira gore rotlhe re lwadiwe ke lewatle, re ne ra goroga ka polokesego kwa boemakepe jwa Rio de Janeiro, morago ga malatsi a le manè re le mo lewatleng. Basupi ba mo Rio ba ne ba re amogela mo malapeng a bone gore re ikhutse malatsi a sekae pele ga re tsweletsa loeto lwa rona ka terena. Fa terena ya rona e goroga kwa São Paulo, re ne ra dumedisiwa ke setlhopha se sennye sa Basupi ba ba neng ba tshotse difolaga tse di nang le molaetsa o o reng, “Re a Lo Amogela Lona Basupi ba ga Jehofa.”

Nakwana fela fa ke sena go boela kwa Salvador, ke ne ka bua le Harry Black, yo e neng e le morongwa yo o tswang kwa United States ka keletso ya me ya go nna mmulatsela, e leng tsela e badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwang ka yone. Harry o ne a nkgopotsa gore ke na le boikarabelo jwa lelapa jo ke tshwanetseng go bo tlhokomela, mme a nkgakolola gore ke nne pelotelele. Kgabagare ka June 1952, bonnake ba ne ba setse ba kgona go itlamela ka madi, mme ke ne ka abelwa go nna mmulatsela mo phuthegong e nnye ya kwa Ilhéus, e e leng dikilometara di le 210 kafa borwa jwa Salvador.

Thulaganyo e e Lorato

Mo ngwageng o o latelang ke ne ka romelwa kwa Jequié, e leng toropo e kgolo e e mo bogareng jwa Bahia kwa go neng go se na Basupi gone. Motho wa ntlha yo ke neng ka mo etela e ne e le moruti wa lefelo leo. O ne a nthaya a re toropo eo ke ya gagwe mme a ka se ka a ntetla gore ke rere mo go yone. O ne a tlhagisa maloko a kereke ya gagwe gore go ne go tlile “moporofeti wa maaka” mme a romela ditlhola mo toropong yotlhe gore di lebe se ke se dirang. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leo, ke ne ka tsamaisa dibuka tsa Baebele tse di fetang 90 mme ka simolola dithuto di le nnè tsa Baebele. Dingwaga di le pedi morago ga moo, Basupi ba le 36 ba mo Jequié ba ne ba setse ba na le Holo ya bone ya Bogosi! Gompieno go na le diphuthego di le robedi mo Jequié, tse di nang le Basupi ba ka nna 700.

Mo dikgweding tsa me tsa ntlha mo Jequié, ke ne ke hirile phaposi e nnye e e neng e le mo karolong e e kwa thoko ya toropo. Mme ke ne ka kopana le Miguel Vaz de Oliveira, yo e neng e le mong wa Hotel Sudoeste, e leng nngwe ya dihotele tse di gaisang mo Jequié. Miguel o ne a amogela thuto ya Baebele mme a nkopa gore ke tle go nna mo go nngwe ya diphaposi tsa hotele ya gagwe. Moragonyana Miguel le mosadi wa gagwe ba ne ba nna Basupi.

Sengwe sa dilo tse ke di gakologelwang ka boitumelo ka malatsi a me kwa Jequié se malebana le Luiz Cotrim, yo e neng e le morutabana wa sekolo se segolwane yo ke neng ka ithuta Baebele le ene. Luiz o ne a ithaopa go nthusa go tokafatsa kitso ya me ya Sepotokisi le dipalo. Ke ne ka dumela kwantle ga go okaoka gonne ke ne ke feditse thuto ya sekolo se se potlana fela. Dithuto tseo tse re neng re di tshwara beke le beke morago ga thuto ya Baebele ya ga Luiz, di ne tsa nthusa go ipaakanyetsa ditshiamelo tse di oketsegileng tse ke neng ka di amogela mo phuthegong ya ga Jehofa.

Go Lebana le Kgwetlho e Ntšha

Ka 1956 ke ne ka amogela lekwalo le le neng le ntaletsa kwa ofising ya rona ya lekala e ka nako eo e neng e le kwa Rio de Janeiro, kwa ke neng ke ya go thapisediwa go nna molebedi wa potologo, e leng tsela e badiredi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwang ka yone. Khoso ya go re thapisa e mo go yone go neng go na le bakaulengwe ba bangwe ba le robedi, e ne ya tsaya lobaka lo lo kafa godimo fela ga kgwedi. Fa e setse e ya kwa bokhutlong, ke ne ka abelwa go ya kwa São Paulo, e leng kabelo e e neng ya dira gore ke tshwenyege tota. Ke ne ka ipotsa gore: ‘Tota ke ya go dirang mo Bantadianeng botlhe bao ke le monna fela wa motho yo montsho? A gone ba tla nkamogela’? *

Ke ne ka kgothala tota mo phuthegong ya ntlha e ke neng ka e etela mo kgaolong ya Santo Amaro, fa ke bona Holo ya Bogosi e tletse ka Basupi le batho ba ba kgatlhegang. Se se neng sa mpontsha gore tota ke ne ke sa tlhoke go tshwenyega ka sepe ke gore mo mafelobekeng ao, baboledi botlhe ba le 97 ba ne ba ya le nna kwa bodireding. Ke ne ka bona gore ‘ruri ke bakaulengwe ba me.’ Lorato lwa bakaulengwe bao le bokgaitsadi ke lone lo neng lwa nnaya bopelokgale jwa gore ke itshoke mo bodireding jono jwa go etela diphuthego.

Diesele, Dipitse le Dithakadu

Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse balebedi ba ba etang ba neng ba lebana le tsone mo malatsing ao e ne e le maeto a maleele a ba neng ba tshwanelwa ke go a tsaya gore ba fitlhe kwa ditlhopheng tse dinnye tsa Basupi ba ba neng ba le kwa metseselegaeng. Mo mafelong ao, go ne go sa bolokesega go tsamaya ka dipalangwa tsa botlhe kana di ne di seyo gotlhelele, mme bontsi jwa ditsela tsa teng di ne di le ditshesane e bile e le tsa mmu.

Bakaulengwe ba mo dipotologong dingwe ba ne ba rarabolola bothata jono ka go reka esele kana pitse e e tla dirisiwang ke molebedi wa potologo. Gantsi ka Mantaga ke ne ke pega sale mo pitseng ya me, ke bofelele merwalo ya me ka kgole ke bo ke tsaya loeto lwa diura di le 12 go ya kwa phuthegong e e latelang. Basupi ba kwa Santa Fé do Sul ba ne ba na le esele e e bidiwang Dourado (Goldie) e e neng e itse tsela e e yang kwa ditlhopheng tsa go ithuta tse di leng mo motseselegaeng oo. Dourado e ne e ema mo dihekeng tsa polasi e bo e leta ka bopelotelele gore ke di bule. Morago ga ketelo nna le Dourado re ne re tswelela ka loeto lwa rona go ya kwa setlhopheng se se latelang.

Go tlhokega ga mekgwa e e tlhomameng ya tlhaeletsano le gone go ne go dira gore tiro ya potologo e nne thata. Ka sekai, gore ke kgone go etela setlhopha se sennye sa Basupi ba ba neng ba kopana mo polasing e e mo Mato Grosso State, ke ne ke tshwanelwa ke go kgabaganya Noka ya Araguaia ka mokoro ke bo ke tsamaya dikilometara di ka nna 25 ka esele mo sekgweng. Nako nngwe ke ne ka kwalela setlhopha seno ke ba itsise ka ketelo ya me, mme go lebega lekwalo leo le ne le sa goroga gonne go ne go se ope yo o ntetileng fa ke kgabaganya noka. E ne e setse e le ka letlatlana, ka jalo ke ne ka kopa mong wa bara nngwe gore a ntlhokomelele dithoto tsa me, mme ka tsamaya ka dinao ke tshotse kgetse ya me ya dibuka fela.

Go ise go ye kae go ne ga fifala. Fa ke ntse ke kgokgweetsega mo lefifing, ke ne ka utlwa thakadu e gona. Ke ne nkile ka utlwa gore thakadu e kgona go kubuga fela e bo e bolaya motho ka maoto a yone a kwa pele a a nonofileng. Ka jalo nako nngwe le nngwe fa sengwe se dira modumo mo sekgweng, ke ne ke ya kwa pele ka kelotlhoko ke itshireleditse ka kgetsi ya me ya dibuka. Fa ke sena go tsamaya diura, ke ne ka goroga mo molatswaneng. Ka maswabi, e re ka go ne go le lefifi, ga ke a ka ka lemoga gore go ne go na le terata e e logilweng kafa letlhakoreng le lengwe la losi lwa molatswana ono. Ke ne ka kgona go tlola molatswana ono ka go parola gangwe fela mme ka iphitlhela ke tloletse mo terateng e e neng ya ntshega!

Kgabagare ke ne ka goroga mo polasing mme ka kgatlhantshiwa ke modumo wa dintša tse di neng di bogola. Go ne go tlwaelegile gore magodu a dinku a tlhasele bosigo, ka jalo e ne ya re fela fa setswalo se bulega, ka ikitsise gore ke mang. Ke tshwanetse ka bo ke ne ke tlhomola pelo tota ka diaparo tse di gagogileng, tse di nang le madi, mme gone bakaulengwe ba ne ba itumeletse go mpona.

Go ne go le monate tota mo motlheng oo, go sa kgathalesege mathata ano a ke neng ke lebana le one. Ke ne ke itumelela maeto a maleele a ke neng ke a tsamaya ka pitse le ka dinao, ka dinako dingwe ke ikhutsa mo moriting wa ditlhare ke reetsa molodi wa dinonyane, ke leba bophokoje ba kgabaganya mo ditseleng tse di didimetseng tse ke neng ke tsamaya mo go tsone. Sengwe sa dilo tse di neng di intumedisa e ne e le go itse gore maeto ano a ne a thusa batho thata. Ba le bantsi ba bone ba ne ba nkwalela makwalo go supa kafa ba lebogang ka gone. Ba bangwe ba ne ba nteboga fa re kopana kwa dikopanong. Ruri ke ne ke itumela tota fa ke bona batho ba fenya mathata a botho a ba neng ba na le one mme ba gatela pele semoyeng!

Kgabagare ke Bona Mothusi

Mo dingwageng tseo ke ne ke dira tiro ya go potologa ke le nosi, mme seo se ne sa nthuta go ikaega ka Jehofa le go mo dira “lefika la me le legolo le kago ya me e e thata.” (Pesalema 18:2) Mo godimo ga moo, ke ne ka lemoga gore go nna ke sa nyala go ne ga nthusa gore ke tlhome mogopolo ka mo go feletseng mo dilong tse di direlwang Bogosi.

Le fa go ntse jalo, ka 1978, ke ne ka kopana le kgaitsadi wa mmulatsela yo o bidiwang Júlia Takahashi. O ne a tlogetse tiro e e neng e duela sentle ya booki kwa bookelong jo bogolo jwa São Paulo, gore a ye go direla kwa go neng go tlhokega thata baboledi ba Bogosi. Bagolwane ba Bakeresete ba ba neng ba mo itse ba ne ba mmua molemo tota fa ba bua ka dinonofo tsa gagwe tsa semoya le bokgoni jwa gagwe mo tirong ya bobulatsela. O ka akanya fela gore tshwetso ya me ya go nyala morago ga dingwaga di le dintsi jaana e ne ya gakgamatsa bangwe jang. Tsala nngwe ya me e ne e sa dumele, mme o ne a ntsholofetsa gore fa tota nka nyala, o tlile go nnaya poo ya boima jwa dikilogerama di le 270. Re ne ra besa poo eo kwa moletlong wa lenyalo la rona ka July 1, 1978.

Go Itshoka Le fa Ke Lwala

Júlia o ne a tsamaya le nna mo tirong ya go eta, mme re ne ra etela diphuthego tse di kafa borwa le tse di kafa borwabotlhaba jwa Brazil mo dingwageng di le robedi tse di neng tsa latela. Ke yone nako e ke neng ka simolola go nna le mathata a pelo ka yone. Mo makgetlong a le mabedi ke ne ka idibala fa ke ntse ke buisana le beng ba matlo mo tirong ya go rera. Ka ntlha ya bokoa jono jwa me, re ne ra amogela kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Birigüi, mo São Paulo State.

Ka nako eo, Basupi ba mo Birigüi ba ne ba ithaopa gore ba nkise ka koloi kwa ngakeng kwa Goiânia e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 500. Fa seemo sa me se sena go tlhomama, ke ne ka dira karo ya go tsenngwa motšhini o o bidiwang pacemaker o o thusang pelo go itaya sentle. Seno se diragetse dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng. Go sa kgathalesege dikaro tse dingwe tse pedi tsa pelo tse ke neng ka di dira, ke sa ntse ke tlhagafetse mo tirong ya go dira barutwa. Fela jaaka basadi ba bangwe ba bantsi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, Júlia o ntse a nnonotsha le go nkgothatsa ka dinako tsotlhe.

Ke sa ntse ke kgona go bulatsela le fa gone mathata a botsogo a dira gore ke se ka ka kgona go bereka jaaka ke ne nka rata e bile ka dinako dingwe a dira gore ke kgobege marapo. Ke ikgakolola gore Jehofa ga a ka a re solofetsa go tshela botshelo jo bo matobetobe mo tsamaisong eno ya bogologolo. Le rona re tshwanelwa ke go itshoka fela jaaka moaposetoloi Paulo le Bakeresete ba bangwe ba bogologolo ba le bone ba neng ba itshoka.—Ditiro 14:22.

Bosheng jaana, ke ne ka bona Baebele ya me ya ntlha e ke neng ka nna le yone ka bo1930. Mme mo khabareng e e kafa gare ke ne ke kwadile 350—e leng palo ya baboledi ba Bogosi mo Brazil fa ke ne ke simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete ka 1943. Ga go dumelesege gore gone jaanong go na le Basupi ba ba fetang 600 000 mo Brazil. Ruri ke tshiamelo go bo ke nnile le seabe se sennye mo go direng gore kgolo eno e nne teng! Eleruri Jehofa o ntuetse fela thata ka ntlha ya go itshoka. Fela jaaka mopesalema, ke kgona gore: “Jehofa o dirile selo se segolo ka se a se re diretseng. Re a ipela.”—Pesalema 126:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 23 Bafaladi ba Bantadiana ba ba ka nnang 1 000 000 ba ne ba aga kwa São Paulo, mo bogareng jwa 1870 le 1920.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi ba itsise ka puo ya phatlalatsa mo kopanong ya ntlha kwa toropong ya Salvador, 1943

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Basupi ba goroga kwa São Paulo go tla go nna gone mo Kopanong ya Merafe e e Itumetseng, 1946

[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Ke le mo tirong ya go eta kwa bofelong jwa bo1950

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le mosadi wa me, Júlia