Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Kitso

Go Batla Kitso

Go Batla Kitso

LAURA FERMI yo e leng mosadi wa mankge yo o itsegeng wa fisikisi o ne a re: “Ga go ise go ke go direge gore go tlhoka kitso go nne botoka go feta go nna le yone.” Batho bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le seo, ba re go tlhoka kitso ga go kotsi le e seng. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi, mafoko ao a boammaaruri, e seng fela mo dipatlisisong tsa saense mme le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Go tlhoka kitso, fa e le go tlhoka go itse se se boammaaruri, go dirile gore batho ba bantsi ba apaape mo lefifing la botlhokakitso, la boitshwaro, le la semoya ka dingwagangwaga.—Baefeso 4:18.

Ke lone lebaka la go bo batho ba ba akanyang ba batla kitso. Ba batla go itse gore ke ka ntlha yang fa re tshela le gore ke eng se se tla diregang mo isagweng. Ba lekile ditsela tse dintsi fa ba ntse ba batla kitso. A re sekasekeng dingwe tsa tsone ka bokhutshwane.

A re Ka Kgona go Bona Kitso mo Bodumeding?

Go ya ka ngwao ya Sebuda, Siddhārtha Gautama, mosimolodi wa Bobuda, o ne a tshwentswe thata ke go boga ga batho le loso. O ne a kopa baruti ba Bahindu gore ba mo thuse go bona “tsela ya boammaaruri.” Bangwe ba bone ba ne ba re a dirise thulaganyo ya go itshidila mmele e e bidiwang yoga mme a tshele botshelo jwa go itshotla. La bofelo Gautama o ne a tlhopha gore a tlhatlhanye thata gore a tle a bone kitso ya boammaaruri.

Batho ba bangwe fa ba batla go nna le kitso ba dirisa diokobatsi tse di fetolang tsela e tlhaloganyo e berekang ka yone. Ka sekai, gompieno maloko a Native American Church (Kereke ya kwa Amerika ya batho ba ba tlholegileng teng) ba tlhalosa semela sa peyote se se nang le seokobatsi se se dirang gore motho a bone dipono, ba re ke “mosenodi wa kitso e e fitlhegileng.”

Mofilosofi wa lekgolo la bo18 la dingwaga e bong Jean-Jacques Rousseau o ne a dumela gore motho yo ka bopeloephepa a batlang go nna le kitso a ka newa tshenolo ya semoya ke Modimo. Jang? Ka go reetsa “se Modimo a se bolelelang pelo.” Go tswa foo, tsela e o ikutlwang ka yone ka dilo—se maikutlo a gago le segakolodi di se go bolelelang—e tla nna yone “tsela e e tlhomameng e o tshwanetseng go e tsaya mo gare ga dikgopolo tse dintsi tse di raraaneng tsa batho,” go bua jalo Rousseau.—History of Western Philosophy.

A re Ka Kgona go Bona Kitso ka go Dirisa Maatla a go Akanya?

Bontsi jwa balekane ba ga Rosseau ba ne ba sa dumalane gotlhelele le go dira dilo jalo ka tsela ya bodumedi. Ka sekai, Voltaire yo e neng e le Mofora jaaka Rosseau, o ne a na le maikutlo a gore go na le gore bodumedi bo sedifaletse batho, e ntse e le jone bo tsenyang batho ba Yuropa mo botlhokakitsong jo bogolo ka dingwagangwaga, le mo tumelabotlhoding e bile bo dira gore ba se ka ba itshokelana mo metlheng e bakwalahisitori bangwe ba e bitsang Metlha ya Lefifi.

Voltaire o ne a nna leloko la mokgatlho mongwe wa kwa Yuropa o o bidiwang Tshedifalelo, o o dumelang mo go sekasekeng dilo pele ga o di dumela. Balatedi ba mokgatlho ono ba ne ba boa ba dirisa dikgopolo tsa Bagerika ba bogologolo tsa gore go kgona go akanya le go batlisisa dilo ka saense ke dilo tsa botlhokwa tse di ka thusang motho go bona kitso ya boammaaruri. Leloko le lengwe la mokgatlho oo, e bong Bernard de Fontenelle o ne a re go kgona go akanya fela go ne go ka dira gore batho ba iphitlhele ba le mo “lekgolong la dingwaga la batho ba ba nnang ba sedifalelwa letsatsi le letsatsi mo go tlileng go felela ka gore makgolo otlhe a a fetileng a dingwaga a fitlhelwe e le metlha ya botlhokakitso fa a bapisiwa le lekgolo leno la dingwaga.”—Encyclopædia Britannica.

Tseno ke dingwe tsa dikgopolo tse di ganetsanang tsa kafa batho ba ka bonang kitso ka teng. A ruri go na le “tsela e e tlhomameng” e re ka e dirisang go batla boammaaruri? Bala gore setlhogo se se latelang sa reng ka motswedi o o ka ikanngwang wa go bona kitso.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Gautama (Buddha), Rosseau le Voltaire ba ne ba dirisa ditsela tse di farologaneng go batla kitso