Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Kitso ya Boammaaruri

Go Bona Kitso ya Boammaaruri

Go Bona Kitso ya Boammaaruri

E NE e le December 18, 1810. Letsatsi le ne le tloga le phirima. Mo lewatleng le le sa ritibalang, sekgalanyana go tswa kwa losing lwa lewatle lo lo kwa borwabotlhaba jwa Scotland, batsamaisi ba sekepe sa ntwa sa masole a lewatle a Boritane e leng HMS Pallas ba ne ba latlhegetswe ke tsela ya mo ba yang teng. Lefifi le kapoko e ntsi e e neng e wa di ne di dira gore go nne thata gore batsamaisi ba sekepe ba kgone go bona dipone tse di ba kaelang gore ba kgone go tsamaisa sekepe sa bone sentle. Akanya fela gore ba ile ba wela dibete jang fa ba bona dipone mme ba bo ba tsamaisetsa sekepe sa bone kwa go tsone! Le fa go ntse jalo, ka maswabi tseno e ne e se dipone tse di ba kaelang. E ne e le molelo o badiri ba neng ba o goditse gaufi le losi lwa lewatle. Sekepe sa Pallas se ne sa thula maje mme sa sugakana. Batho ba le 11 ba ba neng ba se palame ba ne ba nwela. E ne e le masetlapelo a magolo!

Fa go tliwa mo kgannyeng ya sekepe sa Pallas, phoso e e neng ya direga ke yone e e neng ya baka masetlapelo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, batho ba ba tsamayang ka sekepe ba ne ba lebana le kotsi e nngwe e kgolo—dipone tse di timetsang, tse di tshwanetseng di ka bo di ba kaela. Go ya ka buka ya Wrecks, Wreckers and Rescuers, dipone tseo di ne di beilwe moo gore di timetse dikepe, di di ise kwa dintshing tsa mawatle tse di nang le mafika gore ba thope dikepe tse di senyegileng.

‘Mekwalo e e Boitshepo E e Ka go Isang Polokong’

Fa o ntse o batla kitso, o lebana le dikotsi tse di tshwanang le tsa batho bao ba ba tsamayang ka sekepe. O ka nna wa latela tshedimosetso e e seng yone, kana wa tsiediwa ka boomo. Dilo tseo tsoopedi di ka felela ka masetlapelo. Ke eng se o ka se dirang go itshireletsa? Ke go tlhomamisa gore motswedi wa gago wa tshedimosetso o boammaaruri e bile o ka ikanngwa. Ka dingwaga di feta 125 makasine ono, o ile wa tlotlomatsa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, e leng Baebele e le lone motswedi o o ka ikanngwang go e gaisa yotlhe ka gonne e na le “mekwalo e e boitshepo e e nang le maatla a go go tlhalefisa le go go isa polokong.”—2 Timotheo 3:15-17, New English Bible.

Mme gone o tshwanetse go tlhatlhoba gore Baebele e itshupile go le kana kang gore e boammaaruri pele ga o e ikanya gore e ka go kaela sentle. (Pesalema 119:105; Diane 14:15) O gololesegile go kwalela bagatisi ba makasine ono gore o bone tshedimosetso e e thusitseng go tlhatswa batho ba le dimilione pelo gore eleruri Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ka sekai, o ka bala bukana ya setlhogo se se reng Buka ya Batho Botlhe. * E na le tshedimosetso e ntsi e e bontshang gore Baebele e boammaaruri, e ka ikanngwa e bile e tlhotlheleditswe.

Dithuto Tse di Botlhokwa Tsa Boammaaruri

Dingwe tsa dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri tse di mo ‘mekwalong e e boitshepo’ ke dife? Sekaseka dikai tse di latelang.

Go na le Modimo Mothatayotlhe a le esi e bile e le Mmopi yo o dirileng dilo tsotlhe. (Genesise 1:1) Re teng fela “ka gonne [Modimo] o bopile dilo tsotlhe” mme a re naya botshelo. (Tshenolo 4:11) Ke lone lebaka la go bo e le ene fela a tshwanelwang ke gore re mo obamele. Mmopi ke ene Motswedi o mogolo go e gaisa yotlhe wa kitso yotlhe. (Pesalema 36:9; Isaia 30:20, 21; 48:17, 18) O na le leina le a batlang gore re le dirise. (Ekesodo 3:15) Leina leo, le le kwalwang ka ditlhaka tsa Sehebera mme le ranolwa go twe YHWH, le tlhaga makgetlho a ka nna 7 000 mo Baebeleng. Le ntse le dirisiwa ka dingwagangwaga ka Setswana go twe “Jehofa.”—Pesalema 83:18.

Jehofa o dirile banna le basadi gore ba tshelele ruri mo Paradaiseng teng mono mo lefatsheng. O neile batho dinonofo tsa semoya tse di tshwanang le tsa gagwe. O ba neile ditalente le bokgoni tse di tla dirang gore ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng jo bo kgotsofatsang mo lefatsheng. (Genesise 1:26-28) E ne e se maikaelelo a gagwe gore lefatshe e nne lefelo le a lekelang batho mo go lone go bona gore a ba tshwanelegela go tshela kwa legodimong—lefelo le banna le basadi ba ipaakanyetsang mo go lone go ya go tshela botshelo jwa semoya kwa legodimong, jaaka e kete ba ka kgona go itumelela kamano e e molemo le Modimo fela fa ba le koo.

Go ne go se na sepe se se bosula ka batho ba Modimo a ba bopileng. Bosula bo nnile teng fela fa dibopiwa dingwe tsa Modimo—tse e leng batho le tsa semoya—di ne di dirisa kgololesego ya tsone ya go itlhophela ka tsela e e sa siamang mme di tsuologela Modimo. (Duteronome 32:5) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba ipona ba na le tshwanelo ya go itirela tshwetso ka bobone ya se se siameng le se se bosula. (Genesise 2:17; 3:1-5) Seo se ne sa tlisetsa batho loso. (Genesise 3:19; Baroma 5:12) Jehofa o ne a dira tshwetso ya gore a letlelele bosula ka nakwana e le gore a tle a rarabolole dikgang tse di tsositsweng ke botsuolodi joo. Mme maikaelelo a gagwe ka lefatshe le ka batho ga ise a fetoge. (Isaia 45:18) Banna le basadi ba sa ntse ba tla tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng le le phepafaditsweng.—Mathaio 6:10; Tshenolo 21:1-5.

Jesu Keresete, ga se Modimo Mothatayotlhe, mme ke Morwa Modimo. Jesu Keresete ka boene o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Ga ise a ko a ipolele gore o lekana le Modimo. Go na le moo o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Johane 14:28.

Jesu o na le seabe sa botlhokwa thata mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Modimo o ne a mo romela “jaaka lesedi mo lefatsheng, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go [ene] a se ka a nnela ruri mo lefifing.” (Johane 12:46) Go ya ka moaposetoloi Petere, “ga go na poloko mo go ope o sele.” (Ditiro 4:12) Seno se boammaaruri ka gonne poloko ya rona e ikaegile ka madi a a tlhwatlhwakgolo a ga Keresete. (1 Petere 1:18, 19) Jesu Keresete o ntshitse botshelo jwa gagwe e le setlhabelo sa thekololo go rekolola batho mo boleong jo batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba neng ba bo tlisetsa batho. (Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:6) Gape Modimo o ne a dirisa Jesu go senola thato ya gagwe le maikaelelo a gagwe.—Johane 8:12, 32, 46, 47; 14:6; Ditiro 26:23.

Modimo o tlhomile Bogosi kwa legodimong, kana puso, e mo go yone go busang Jesu Keresete le ba ba tlhophilweng mo bathong. Molaetsa ono wa bogosi jwa Modimo o tlhaga kgapetsakgapetsa mo Baebeleng. Modimo o neile puso eno maikarabelo a go tlhomamisa gore go dirwe thato ya gagwe mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong. (Mathaio 6:10) E ne e se maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong gore batho bape ba ye kwa legodimong. Legae la bone e ne e tla nna lefatshe. Mme ka gonne batho ba ile ba wela mo boleong, Modimo o ne a fetola maikaelelo a gagwe. O ne a rulaganyetsa go tlhopha batho go “tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba” gore ba ‘buse e le dikgosi’ le Keresete mo pusong ya kwa legodimong. (Tshenolo 5:9, 10) Go ise go ye kae Bogosi joo bo tla “thubaganya bo fedisa” mefuta yotlhe ya dipuso tsa batho, tse di tliseditseng batho bohutsana le botlhoko bo se kana ka sepe.—Daniele 2:44.

Moya o a swa. Thuto eno ya botlhokwa ya Baebele e re bolelela dilo tse dintsi ka motho le isagwe ya gagwe. Gape e tlosa botlhokakitso jotlhe jo bo tlhakantseng batho tlhogo ka boemo jwa baswi.

Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela jaana: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” (Genesise 2:7) A o tlhaloganya gore seo se kayang? Moya ga se sengwe fela se se mo teng ga mmele wa motho. Motho ga a na moya. Ene ka boene ke moya—go kopantswe dilo tse di tswang mo ‘loroleng lo lo tswang mo mmung’ le maatla a botshelo a a tswang kwa Modimong. Moya ga o tshelele ruri. Fa motho a swa, moya o a swa.—Genesise 3:19; Moreri 9:5, 10.

Batho ba ba suleng ba tla busediwa botshelong gape ka tsogo. Fa nako ya Modimo ya go letlelela bosula ka nakwana e sena go feta, ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la ga Jesu mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.’ (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Tsogo e tla busetsa batho mo botshelong mo lefatsheng la paradaise, gore ba tshele botshelo jo Modimo kwa tshimologong a neng a ikaeletse gore batho ba gagwe ba bo tshele.

Tlhatlhoba Dikwalo ka Kelotlhoko Letsatsi le Letsatsi

A o bona kafa go itse dithuto tseo tsa botlhokwa go ka go thusang ka teng? Mo metlheng eno e e thata, e e tletseng dikhuduego, go itse dilo tseo go ka go sireletsa mo go “se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone” e e anamisiwang ke Satane Diabolo. O itira “moengele wa lesedi,” mme baemedi ba gagwe ba itira “badiredi ba tshiamo.” (1 Timotheo 6:20; 2 Bakorintha 11:13-15) Kitso ya boammaaruri ya Baebele e ka go sireletsa mo go se go tweng ke tshedimosetso e e theilweng mo difilosofing tsa “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba lefatshe ba ba ‘ganneng lefoko la ga Jehofa.’—Mathaio 11:25; Jeremia 8:9.

Ka gonne mo motlheng wa ga moaposetoloi Johane go ne go na le dithuto tse dintsi thata le difilosofi, o ne a tlhagisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng.” O ne a re: “Tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Sekaseka sekai se se latelang. Fa o ne o ka amogela molaetsa mongwe o o neng o ka ama botshelo jwa gago thata, a o ne o tla o dumela fela ka gonne go lebega o tswa kwa motsweding o o ikanyegang? Nnyaa. O ne o tla batla go tlhomamisa motswedi wa molaetsa oo mme o bo o o tlhatlhobe pele ga o tsaya kgato ka one.

Modimo o dirile gore o kgone go dira jalo ka go go naya sengwe se se kwadilweng se se tlhotlheleditsweng—gore o ‘tlhomamise’ gore dipone tse di kaelang, tse o di latelang ke tsa boammaaruri. (1 Bathesalonika 5:21) Batho ba ba botlhale ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba akgolelwa go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi” go tlhomamisa gore se ba neng ba se bala se ne se le boammaaruri tota. (Ditiro 17:11) Le wena o ka dira se se tshwanang. Letla Baebele, jaaka “lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi,” e go kaele mme e go ise kwa tshireletsegong. (2 Petere 1:19-21) Fa o dira jalo, “o tla bona e e leng kitso ya Modimo,” e e go nayang tshedimosetso ya boammaaruri.—Diane 2:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Lefoko la Modimo le tshwana le lobone

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Leina la Modimo ke mang?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Isagwe ya batho ke eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

A Jesu ke Modimo Mothatayotlhe?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Baswi ba kae?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsogo ya baswi ke nngwe ya dithuto tsa botlhokwa tse di rutiwang mo Baebeleng