Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loeto lo lo Fetotseng Tsela e Motho Mongwe a Lebang Dilo ka Yone

Loeto lo lo Fetotseng Tsela e Motho Mongwe a Lebang Dilo ka Yone

Loeto lo lo Fetotseng Tsela e Motho Mongwe a Lebang Dilo ka Yone

“KE NE ke shwegashwega go bolelela ba lelapa la gaetsho ka ‘baengele’ ba babedi ba Modimo a ba nthomeletseng.” Mafoko ao a ne a kwalwa ke rre mongwe yo o neng a etetswe ke basetsana ba babedi ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Dibeke di le mmalwa pele ga ba tla go mo etela, o ne a tlhokafaletswe ke mosadi yo a neng a na le dingwaga di le 45 a mo nyetse. O ne a aparetswe ke bohutsana bo se kana ka sepe. Bana ba gagwe ba ba setseng ba godile ba ne ba mo gomoditse mme ba ne ba nna kgakala thata. Ditsala le baagelani ba ne ba sa mo etele.

Fa basetsana bano ba ne ba mo etetse, monna yono o ne a ba raya a re: “Nna le Modimo ga re buisane.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo utlwela botlhoko mme ba mo tlogelela pampitshana e e theilweng mo Baebeleng e e nang le setlhogo se se reng, Go Na Le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? O ne a e bala mo go one maitseboa ao mme ya mo gomotsa.

Morago ga nakonyana Basupi bano ba babedi ba ne ba boa. Ba ne ba sa ntse ba gakologelwa kafa a neng a utlwile botlhoko ka teng fa ba ne ba mo etetse mo nakong e e fetileng mme ba ne ba tlile go tlhola gore dilo di ntse di mo tsamaela jang. Monna yono o ne a kwala jaana moragonyana: “Ke ne ke gakgamaditswe thata ke gore batho ba babedi ba ke sa ba itseng ba ne ba amega ka nna e bile ba tshwenyegile ka gore dilo di ntsamaela jang.” O ne a kgothadiwa ke mafoko a ba neng ba a mmalela go tswa mo Baebeleng. Basetsana bano ba ne ba bua gore ba tla boa. Monna yono o ne a itumetse tota mme a kwala mafoko a a kwadilweng fa godimo mo lekwalong le a neng a le romela kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la gagabo.

Pele ga monna yono a fudugela gaufi le mongwe wa bana ba gagwe, o ne a ya pokanong ya Basupi ba ga Jehofa mme a ya go ja le lelapa la mongwe wa basetsana bao ba ba kileng ba mo etela. O ne a kwala jaana: “Ke a fuduga mo lefelong leno mme ga ke na go tsamaya ke lebala basetsana ba babedi bano le kereke ya lona e bile ke tla nna ke lo rapelela. Ee, jaanong ke a rapela—ke rapela thata. Ruri tsela e ke lebang dilo ka yone e fetogile gotlhelele. Basetsana ba babedi bao ba thusitse thata gore ke fetole tsela e ke lebang dilo ka yone, mme ke tla ba leboga botshelo jotlhe jwa me.”