Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Akanya Thata ka Molemo wa Phuthego ya ga Jehofa

Akanya Thata ka Molemo wa Phuthego ya ga Jehofa

Akanya Thata ka Molemo wa Phuthego ya ga Jehofa

“Ruri re tla kgotsofadiwa ke molemo wa ntlo ya gago.”—PESALEMA 65:4.

1, 2. (a) Dithulaganyo tsa kwa tempeleng di ne di tla ama batho ba Modimo jang? (b) Dafide o ne a thusa ka dilo dife mo tirong ya go aga tempele?

DAFIDE wa Iseraele wa bogologolo ke mongwe wa batho ba ba tlhomologileng thata ba go buiwang ka bone mo Dikwalong tsa Sehebera. Motho yono yo e neng e le modisa, seopedi, moporofeti e bile e le kgosi o ne a ikanya Jehofa Modimo ka pelo yotlhe. Kamano e e molemo e Dafide a neng a na le yone le Jehofa e ne ya dira gore a eletse go agela Modimo ntlo. Ntlo eo, kgotsa tempele, e ne e tla nna boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri kwa Iseraele. Dafide o ne a itse gore dithulaganyo tsa kwa tempeleng di ne di tla tlisetsa batho ba Modimo boipelo le masego. Ka jalo, Dafide o ne a opela jaana: “Go itumela yo [wena Jehofa] o mo tlhophang o bo o mo dira gore a atamele, gore a tle a nne mo malwapeng a gago. Ruri re tla kgotsofadiwa ke molemo wa ntlo ya gago, lefelo le le boitshepo la tempele ya gago.”—Pesalema 65:4.

2 Dafide ga a ka a letlelelwa go okamela tiro ya go aga ntlo ya ga Jehofa. Go na le moo, tshiamelo eo e ne ya beelwa morwawe e bong Solomone. Dafide ga a ka a ngongoregela gore tshiamelo e a neng a e eletsa thata jaana e ne e neilwe mongwe o sele. Selo sa botlhokwa thata mo go ene e ne e le gore tempele e agiwe. O ne a ema thulaganyo eno nokeng ka pelo yotlhe ka go fa Solomone dipolane tsa go aga tse a neng a di neilwe ke Jehofa. Mo godimo ga moo, Dafide o ne a rulaganya Balefi ba le diketekete ka ditlhopha tse ba neng ba tla direla ka tsone a bo a ntsha gouta e ntsi le selefera gore e thuse mo go ageng tempele.—1 Ditiragalo 17:1, 4, 11, 12; 23:3-6; 28:11, 12; 29:1-5.

3. Batlhanka ba Modimo ba ikutlwa jang ka dithulaganyo tsa kobamelo ya boammaaruri?

3 Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba ema nokeng dithulaganyo tsa kobamelo ya boammaaruri kwa ntlong ya Modimo. Le rona batlhanka ba ga Jehofa ba gone jaanong, re ema nokeng dithulaganyo tsa kobamelo mo karolong e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa. Ka jalo re bontsha gore re na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Dafide. Ga re batho ba ba ngongoregang. Mo boemong jwa moo, re akanya thata ka molemo wa phuthego ya Modimo. A o akantse ka dilo tse dintsi tse di molemo tse re ka di anaanelang e le tota? A re sekasekeng dingwe tsa tsone.

Re Anaanela ba ba Eteletseng Pele

4, 5. (a) “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o diragatsa thomo ya gagwe jang? (b) Basupi bangwe ba ile ba ikutlwa jang ka dijo tsa semoya tse ba di newang?

4 Re na le mabaka a a utlwalang a go anaanela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tlhomilweng ke Jesu Keresete gore a tlhokomele dilo tsa gagwe tse di mo lefatsheng. Setlhopha sa motlhanka sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya se etelela pele mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo, se rulaganya dipokano tsa kobamelo e bile se gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 400. Batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba itumelela go ja ‘dijo tseno tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45-47) Ruri ga go na lebaka lepe la go ngongorega ka seo.

5 Go fetile dingwaga di le dintsi Elfi yo o godileng yo e leng Mosupi wa ga Jehofa a gomodiwa le go thusiwa ke go dirisa kgakololo ya Dikwalo e e mo dikgatisong tsa setlhopha sa motlhanka. Ka ntlha ya go anaanela thata, Elfi o ne a kwala jaana: “Tota nka bo ke le kae fa e ka bo e se ka phuthego ya ga Jehofa?” Peter le Irmgard le bone ba na le dingwaga tse dintsi e le batlhanka ba Modimo. Irmgard a re o lebogela dikgatiso tsotlhe tse di dirilweng ke “phuthego ya ga Jehofa e e lorato le e e amegang ka batho.” Dikgatiso tseno di akaretsa tse di diretsweng batho ba ba tlhokang thuso e e kgethegileng, jaaka batho ba ba sa boneng kgotsa ba ba sa utlweng sentle mo ditsebeng.

6, 7. (a) Ditiro tsa diphuthego tse di mo lefatsheng lotlhe di tlhokometswe jang? (b) Bangwe ba ile ba reng kaga karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa?

6 Setlhopha sa ‘motlhanka yo o boikanyego’ se emelwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, setlhotshwana sa banna ba ba tloditsweng ka moya ba ba direlang kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York. Setlhopha se se Laolang se tlhoma batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le maitemogelo gore ba direle kwa diofising tsa makala tse di okametseng tiro ya diphuthego di feta 98 000 mo lefatsheng lotlhe. Banna ba ba diragatsang se Baebele e se batlang ba tlhomiwa go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong tseno. (1 Timotheo 3:1-9, 12, 13) Bagolwane ba etelela pele e bile ba disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng ka lorato. A bo go le molemo jang go nna karolo ya letsomane leo le go utlwa lorato le kutlwano e e leng teng mo gare ga “bakaulengwe botlhe”!—1 Petere 2:17; 5:2, 3.

7 Mo boemong jwa go tlisa dingongorego, gantsi batho ba bolela gore ba anaanela kaelo ya semoya e bagolwane ba ba nayang yone ka lorato. Ka sekai, akanya ka Birgit, mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete yo o mo dingwageng tsa bo30. Fa a sa le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a tlwaelana le batho ba ba nang le tlhotlheletso e e sa siamang mme a batla a wela mo bosuleng. Mme kgakololo e e utlwalang sentle ya bagolwane e e theilweng mo Baebeleng le go engwa nokeng ke badumedi ka ene go ne ga mo thusa gore a tswe mo seemong se se neng se ka mo tsenya mo kotsing. Jaanong Birgit o ikutlwa jang? A re: “Ke itumelela thata gore ke sa ntse ke le mo phuthegong e e molemo ya ga Jehofa.” Andreas wa dingwaga tse 17 a re: “Ruri eno ke phuthego ya ga Jehofa, ke phuthego e e molemo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng.” A ga re a tshwanela go itumelela kafa karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e leng molemo ka teng?

Batho ba ba Eteletseng Pele Ga ba A Itekanela

8, 9. Bangwe ba batho ba motlha wa ga Dafide ba ne ba itshwara jang, mme Dafide o ne a tsibogela seo jang?

8 Gone ke boammaaruri, batho ba ba tlhomilweng gore ba etelele pele mo kobamelong ya boammaaruri ga ba a itekanela. Botlhe ba dira diphoso, mme bangwe ba bone ba na le makoa a a sa feleng a ba lekang ka natla go a laola. A seno se tshwanetse sa re kgopisa? Nnyaa. Tota le batho bangwe ba ba neng ba neilwe maikarabelo a mantsi kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba dira diphoso tse di masisi. Ka sekai, fa Dafide a ne a sa le mosha, o ne a kopiwa go leletsa Kgosi Saulo diletswa gore a ritibale e re ka a ne a tshwenyegile. Moragonyana, Saulo o ne a leka go bolaya Dafide, mme ene a tshwanelwa ke go sia gore a iphalotse.—1 Samuele 16:14-23; 18:10-12; 19:18; 20:32, 33; 22:1-5.

9 Baiseraele ba bangwe ba ne ba dira ka boferefere. Ka sekai, Joabe yo e neng e le molaodi wa masole a ga Dafide, o ne a bolaya Abenere, yo e neng e le losika le Saulo. Abesalome o ne a loga leano kgatlhanong le rraagwe e bong Dafide, gore a mo amoge bogosi. Mme mogakolodi wa ga Dafide yo a neng a mo ikanya e bong Ahitofele o ne a mo tsietsa. (2 Samuele 3:22-30; 15:1-17, 31; 16:15, 21) Le fa go ntse jalo, Dafide ga a ka a nnela go ngongorega a tenegile; le gone ga a ka a tlogela kobamelo ya boammaaruri. Go na le moo, o ne a itshwara ka tsela e e farologaneng le eo gotlhelele. Mathata a ile a dira gore Dafide a ngaparele Jehofa mme a nne a na le boikutlo jo bo siameng jo a neng a na le jone fa a ne a tshaba Saulo. Ka nako eo, Dafide o ne a opela jaana: “Nkutlwele botlhoko, wena Modimo, nkutlwele botlhoko, gonne moya wa me o tshabetse mo go wena; mme ke tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago go fitlha dipitlagano di feta.”—Pesalema 57:1.

10, 11. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Gertrud o ne a diragalelwa ke eng fa a sa le mosha, mme o ne a reng ka diphoso tsa badumedi ka ene?

10 Ga go na lebaka la gore re ngongorege re re go na le boferefere mo phuthegong ya Modimo gompieno. Jehofa le baengele ba gagwe le fa e le badisa ba semoya ga ba letlelele gore go nne le batho ba ba boferefere, ba ba boikepo, mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, rotlhe re lebana le go sa itekanelang ga batho—ga rona le ga batlhanka ba bangwe ba Modimo.

11 Fa Gertrud, yo o sa bolong go obamela Jehofa ka lobaka lo loleele, a ne a sa le mosha, o ne a latofadiwa ka gore o fora batho, gore tota ga se mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. O ne a itshwara jang? A Gertrud o ne a ngongoregela go tshwarwa jalo? Nnyaa. Pelenyana fela ga gore a tlhokafale ka 2003 a na le dingwaga di le 91, o ne a akanya ka botshelo jwa gagwe mme a tlhalosa jaana: “Tiragalo eno le dilo tse dingwe tse di ileng tsa ntiragalela moragonyana di nthutile gore le fa batho ba dira diphoso, Jehofa o kaela tiro ya gagwe e kgolo, e a dirisang rona batho ba ba sa itekanelang mo go yone.” Fa Gertrud a ne a lebane le go sa itekanelang ga batlhanka ba bangwe ba Modimo, o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo.

12. (a) Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoma sekao sefe se se sa siamang? (b) Re tshwanetse ra tlhoma dikakanyo tsa rona mo go eng?

12 E re ka tota le Bakeresete ba ba ikanyegang le ba ba ineetseng ba sa itekanela, fa motlhanka yo o tlhomilweng a dira phoso, a re tsweleleng pele re dira “dilo tsotlhe go se na dingongorego.” (Bafilipi 2:14) A bo go ne go ka swabisa jang fa re ne re ka latela sekao se se sa siamang sa batho ba le mmalwanyana ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga la Bokeresete! Go ya ka morutwa Jude, barutisi ba maaka ba motlha oo ba ne ba “itlhokomolosa borena e bile ba kgoba ba ba galalelang.” Mo godimo ga moo, badiraphoso bao e ne e le “bangongoregi, bagaladi kaga seemo sa bone sa botshelo.” (Jude 8, 16) A re ganeng tsela ya bangongoregi mme re tlhomeng dikakanyo tsa rona mo dilong tse di molemo tse re di newang ka ‘motlhanka yo o boikanyego.’ A re anaaneleng bomolemo jwa phuthego ya ga Jehofa mme re nne re “dire dilo tsotlhe go se na dingongorego.”

“Puo Eno e a Tsitsibanya”

13. Bangwe ba ne ba itshwara jang ka dithuto dingwe tsa ga Jesu Keresete?

13 Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ngongorega ka batlhanka ba ba tlhomilweng, mme ba bangwe ba ne ba ngongorega ka dithuto tsa ga Jesu. Jaaka go bontshitswe mo go Johane 6:48-69, Jesu o ne a re: “Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng. . . . Bontsi jwa barutwa ba gagwe, e rile ba utlwa seno, ba re: ‘Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?’” Jesu o ne a itse gore “barutwa ba gagwe ba ne ba ngongorega ka seno.” Mo godimo ga moo, “ka ntlha ya seno bontsi jwa [bone] ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.” Mme ga se barutwa botlhe ba ba neng ba ngongorega. Ela tlhoko se se ileng sa direga fa Jesu a ne a botsa baaposetoloi ba ba 12: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Moaposetoloi Petere o ne a araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.”

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ngongorega ka dithuto dingwe tsa Bokeresete? (b) Re ka ithuta eng ka kgang ya monna yo o bidiwang Emanuel?

14 Mo metlheng ya gompieno, palo e nnye ya batho ba Modimo e ile ya se kgotsofale ka ntlha ya dithuto dingwe tsa Bokeresete mme ba ne ba ngongorega ka karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa. Ke ka ntlha yang fa go direga jalo? Go ngongorega mo go ntseng jalo gantsi go bakwa ke go se tlhaloganye tsela e Modimo a dirang dilo ka yone. Mmopi o senolela batho ba gagwe boammaaruri kgato ka kgato. Ka jalo tsela e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone ruri e tla nna e tokafadiwa gangwe le gape. Bontsi jo bogolo jwa batho ba ga Jehofa ba a ipela fa go tokafadiwa jalo. Ba se kae ba “siama ka tsela e e feteletseng” mme ga ba amogele diphetogo tse di ntseng jalo. (Moreri 7:16) Boikgogomoso bo ka nna le seabe, mme bangwe ba wela mo seraing sa go batla go itaola. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go ngongorega mo go ntseng jalo go kotsi, ka gonne go ka re busetsa mo lefatsheng le mo ditseleng tsa lone.

15 Ka sekai, Emanuel e ne e le Mosupi yo o neng a tshwaya phoso dingwe tsa dilo tse a neng a di bala mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) O ne a tlogela go bala dibuka tsa rona tsa Bokeresete mme kgabagare a bolelela bagolwane ba phuthego ya gagabo gore ga a tlhole a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, e rile go ise go ye kae, Emanuel a lemoga gore gone dithuto tsa phuthego ya ga Jehofa di boammaaruri. O ne a ikgolaganya le Basupi, a dumela phoso ya gagwe, mme a busediwa gape a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Seo se ne sa felela ka gore a boe a itumele gape.

16. Ke eng se se ka re thusang go fenya dipelaelo kaga dithuto dingwe tsa Bokeresete?

16 Go tweng fa re raelesega go ngongorega ka gonne re na le dipelaelo ka dithuto dingwe tsa phuthego ya ga Jehofa? Fa go le jalo, a re se feleng pelo. Gongwe kgabagare “motlhanka yo o boikanyego” a ka gatisa sengwe se se arabang dipotso tsa rona le go tlosa dipelaelo tsa rona. Go molemo go batla thuso mo bagolwaneng ba Bakeresete. (Jude 22, 23) Go rapela, go ithuta le go kopanela le badumedi ka rona ba ba ratang dilo tsa semoya, le gone go ka re thusa go tlosa dipelaelo le go oketsa tsela e re anaanelang ka yone dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele tse di nonotshang tumelo, tse re di ithutileng ka thulaganyo ya ga Jehofa e a re nayang tshedimosetso ka yone.

Nna O na Le Boikutlo jo bo Siameng

17, 18. Mo boemong jwa go ngongorega, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo ntseng jang, mme ka ntlha yang?

17 Gone ke boammaaruri gore batho ba ba sa itekanelang, ka tlholego ba sekametse mo boleong, mme bangwe ba ka nna le tshekamelo e e nonofileng ya go ngongorega go sa tlhokege. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Mme fa re ne re ka nna batho ba ba ngongoregetseng ruri, re ne re tla tsenya kamano ya rona le Jehofa Modimo mo kotsing. Ka gone, re tshwanetse go laola tshekamelo epe e re ka nnang le yone ya go ngongorega.

18 Mo boemong jwa go ngongorega ka dilo dingwe mo phuthegong, re tshwanetse go nna re na le boikutlo jo bo siameng mme re nne le thulaganyo e e re thusang gore re nne re tshwaregile, re itumetse, re sisimoga dilo tsa semoya, re leba dilo ka tekatekano e bile re na le tumelo e e nonofileng. (1 Bakorintha 15:58; Tito 2:1-5) Jehofa o laola sengwe le sengwe mo phuthegong ya gagwe ya lefatshe lotlhe, mme Jesu o bona dilo tsotlhe tse di diragalang mo phuthegong nngwe le nngwe, fela jaaka a ne a di bona mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Tshenolo 1:10, 11) Nna o letetse Modimo le Keresete ka bopelotelele, ene Tlhogo ya phuthego. Badisa ba ba nang le maikarabelo ba ka nna ba dirisiwa go baakanya maemo a a ka tlhokang go baakanngwa.—Pesalema 43:5; Bakolosa 1:18; Tito 1:5.

19. Fa Bogosi bo ise bo laole dikgang tsotlhe tsa batho, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go eng?

19 Go ise go ye kae, tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tla fela, mme Bogosi jwa ga Mesia bo tla laola dikgang tsotlhe tsa batho. Fa nako eo e ise e tle, a bo go le botlhokwa jang gore mongwe le mongwe wa rona a nne a na le boikutlo jo bo siameng! Seno se tla re thusa go bona dinonofo tse di molemo tsa badumedi ka rona, go na le go tlhoma mogopolo mo makoeng a bone. Go tlhoma mogopolo mo dikarolong tse di molemo tsa botho jwa bone go tla dira gore re itumele. Ka jalo, mo boemong jwa go hutsafadiwa ke go nnela go ngongorega, re tla kgothala semoyeng.

20. Fa re na le boikutlo jo bo siameng, re tla nna le masego afe?

20 Boikutlo jo bo siameng gape bo tla re thusa go nna re gopotse masego a mantsi a re nnang le one ka gonne re kopanela le karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa. Eno ke yone fela phuthego mo lefatsheng e e ikobelang taolo ya Molaodimogolo wa lobopo. O ikutlwa jang ka ntlha eo le ka tshiamelo ya go obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri, Jehofa? E kete boikutlo jwa gago bo ka tshwana le jwa ga Dafide, yo o neng a opela a re: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena. Go itumela yo o mo tlhophang o bo o mo dira gore a atamele, gore a tle a nne mo malwapeng a gago. Ruri re tla kgotsofadiwa ke molemo wa ntlo ya gago.”—Pesalema 65:2, 4.

A o A Gopola?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go anaanela batho ba ba eteletseng pele mo phuthegong?

• Re tshwanetse ra itshwara jang fa bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba dira diphoso?

• Re tshwanetse ra leba jang dipaakanyo tse di dirwang mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone?

• Ke eng se se ka thusang Mokeresete go fenya dipelaelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Dafide o ne a naya Solomone dipolane tsa tempele mme a ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka pelo yotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bagolwane ba Bakeresete ba itumelela go thusa ka dilo tsa semoya