Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

BATHO ba ile ba welwa ke masetlapelo a magolo tota kwa tshimologong ya go nna teng ga batho! Moengele mongwe o ne a tsuologela bolaodi jwa Mmopi wa gagwe. Setsuolodi seno se ne sa raela mosadi wa ntlha e bong Efa gore a je leungo le le neng le ileditswe. Moengele yono o ne a raya Efa le monna wa gagwe, Adame a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 2:16, 17; 3:1-5) Moengele yoo wa setsuolodi o ne a bidiwa Diabolo le Satane.—Tshenolo 12:9.

A Efa o ne a reetsa mafoko a ga Satane? Baebele ya re: “Mosadi a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa. Ka jalo a tsaya leungo la sone mme a le ja. Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.” (Genesise 3:6) Ee, banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa ba ne ba kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. Ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise bone le bana ba bone. Bana ba ba neng ba tshwanetse go tsholwa ba itekanetse ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri jaanong ba ne ba tla rua boleo le loso.—Baroma 5:12.

Jehofa Modimo, Molaodimogolo wa lobopo, o ne a dirang? O ne a dira thulaganyo ya gore re itshwarelwe maleo. (Baroma 5:8) Jehofa Modimo gape o tlhomile puso e e tla baakanyang bothata jono. Puso eno e bidiwa “bogosi jwa Modimo.” (Luke 21:31) Bogosi jono, jo e leng karolo ya puso ya Modimo ya lefatshe lotlhe, bo na le boikaelelo jo bo rileng.

Boikaelelo jwa Bogosi jwa Modimo ke eng? Dingwe tsa dikarolo tsa jone ke dife mme bo ka bapisiwa jang le dipuso tsa batho? Bogosi jono bo ne bo tshwanetse go simolola go busa leng? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.