Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Boraro le ya Bonè ya Buka ya Dipesalema

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Boraro le ya Bonè ya Buka ya Dipesalema

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Boraro le ya Bonè ya Buka ya Dipesalema

MO THAPELONG e mopesalema a neng a e rapela, o botsa Modimo jaana: “A bopelonomi jwa gago jwa lorato bo tla bolelwa mo lefelong la go fitlhela, boikanyegi jwa gago mo lefelong la tshenyego?” (Pesalema 88:11) Ga go pelaelo gore karabo ke nnyaa. Ga re ka ke ra kgona go baka Jehofa fa re sa tshele. Go baka Jehofa ke lebaka le le utlwalang la gore re nne re tshela, mme go bo re tshela ke gone go tshwanetseng ga re tlhotlheletsa gore re mmake.

Karolo ya Boraro le ya Bonè ya buka ya Dipesalema e mo go yone go nang le Pesalema 73 go ya go 106 e re naya mabaka a le mantsi a go baka Mmopi le leina la gagwe. Go akanya ka kelotlhoko ka dipesalema tseno go tshwanetse ga godisa tsela e re anaanelang “lefoko la Modimo” ka yone mme go re tlhotlheletse gore re godise le go tokafatsa tsela e re bontshang ka yone gore re a mmaka. (Bahebera 4:12) A re sekasekeng pele karolo ya Boraro ya Buka ya Dipesalema.

“GO ATAMELA MODIMO GO MOLEMO MO GO NNA”

(Pesalema 73:1–89:52)

Dipesalema tsa ntlha tse 11 tse di mo karolong ya boraro di tlhamilwe ke Asafe kana maloko a lelapa la gagwe. Pina e e simololang e tlhalosa se se neng sa boloka Asafe gore a se ka a timediwa ke go akanya ka tsela e e phoso. O fitlheletse tshwetso e e molemo. O opela jaana: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna.” (Pesalema 73:28) Mo go Pesalema 74, o lelela go senngwa ga Jerusalema. Pesalema 75, 76 le 77 di tlhalosa Jehofa e le Moatlhodi yo o siameng, Mmoloki wa ba ba pelonolo le Moutlwi wa dithapelo. Pesalema 78 e umaka dilo tsa nako e e fetileng tse di neng tsa dirwa ke Baiseraele go tloga ka nako ya ga Moshe go fitlha kwa go ya ga Dafide. Pesalema 79 ke selelo sa go senngwa ga tempele. Morago ga moo go latela thapelo ya gore batho ba Modimo ba tsosolosiwe. Pesalema 81 e rotloetsa gore Jehofa a ikobelwe. Pesalema 82 le 83 ke dithapelo tsa gore Modimo a diragatse katlholo mo baatlhoding ba ba boikepo le mo babeng ba Modimo.

Pina ya bomorwa Kora ya re: “Moya wa me o tlhologeletswe malwapa a ga Jehofa e bile o lapile.” (Pesalema 84:2) Pesalema 85 ke kopo ya gore Modimo a segofatse Bajuda ba ba tswang botshwarwa. Pesalema eno e gatelela gore go segofadiwa ka dilo tsa semoya go botlhokwa thata go feta go segofadiwa ka dilo tsa senama. Mo go Pesalema 86, Dafide o kopa Modimo gore a mo tlhokomele a bo a mo kaele. Mo go Pesalema 87, pina e e kaga Siona le ba ba tsholetsweng teng e latelwa ke thapelo e e isiwang kwa go Jehofa e e mo go Pesalema 88. Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa jaaka bo tlhalosiwa mo kgolaganong ya ga Dafide bo gatelelwa mo go Pesalema 89, e e tlhamilweng ke Ethane, yo gongwe e leng mongwe wa banna ba le banè ba ba botlhale mo motlheng wa ga Solomone.—1 Dikgosi 4:31.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

73:9—Ke ka tsela efe ba ba boikepo ba ‘beileng molomo wa bone kwa magodimong, mme loleme lwa bone lo tsamayatsamayang mo lefatsheng’? E re ka ba ba boikepo ba sa tlotle ope kwa legodimong kana mo lefatsheng, ga ba okaoke go tlhapatsa Modimo ka molomo wa bone. Gape ba senya batho maina ka maleme a bone.

74:13, 14—Ke leng Jehofa a neng a ‘thuba ditlhogo tsa ditshedi tse ditonatona tsa lewatle mo metsing, a bo a thubaganya ditlhogo tsa Lefiathane’? “Faro, kgosi ya Egepeto” o bidiwa “setshedi se setonatona sa lewatle se se namaletseng mo gare ga mesele ya sone ya Nile.” (Esekiele 29:3) Lefiathane a ka tswa a emela “ba ba nonofileng ba ga Faro.” (Pesalema 74:14, mokwalo o kwa tlase mo go NW.) Go lebega go thubaganngwa ga ditlhogo tsa bone go raya go fenngwa ga ga Faro le masole a gagwe fa Jehofa a ne a golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto.

75:4, 5, 10—Lereo “lonaka” le bolelang? Dinaka tsa phologolo ke sebetsa se se thata. Ke gone ka moo, lereo “lonaka” le kayang maatla kana nonofo ka tsela ya tshwantshetso. Jehofa o tsholetsa dinaka tsa batho ba gagwe, a dira gore di godisiwe, mme o ‘kgaola dinaka tsa baikepi.’ Re tlhagisiwa gore re se ka ra ‘godisetsa lonaka lwa rona kwa godimo’ mo go rayang gore re se ka ra nna le maikutlo a boikgodiso kana a lonyatso. E re ka Jehofa e le ene a godisang, dikabelo le maikarabelo mo phuthegong di tshwanetse go tsewa di tswa kwa go ene.—Pesalema 75:7.

76:10—“Tšararego ya motho” e ka baka Jehofa jang? Go ka nna le matswela a a molemo fa Modimo a letla gore batho ba re galefele gonne re le batlhanka ba gagwe. Mathata le fa e ka nna afe a re ka lebanang la one a re thapisa ka tsela nngwe. Jehofa o letla pogiso fela fa e re thapisa. (1 Petere 5:10) ‘Modimo o ikgatlha ka mo go setseng ga tšararego ya batho.’ Go tweng fa re ka boga go fitlha re swa? Seno le sone se baka Jehofa gonne batho ba ba bonang re itshoka ka boikanyego le bone ba ka simolola go baka Modimo.

78:24, 25—Ke ka ntlha yang fa mana a bidiwa “dijo tsa ditlhaka tsa legodimo” le “senkgwe sa ba ba maatla”? Mafoko ano ga a bolele gore mana e ne e le dijo tsa baengele. E ne e le “dijo tsa ditlhaka tsa legodimo” gonne di ne di tswa kwa legodimong. (Pesalema 105:40) E re ka baengele kana “ba ba maatla” ba nna kwa legodimong, mafoko a a reng “senkgwe sa ba ba maatla,” a ka tswa a raya fela gore se ne se tswa kwa Modimong yo o nnang kwa legodimong. (Pesalema 11:4) Gape Jehofa a ka tswa a ne a dirisa baengele gore ba neye Baiseraele mana.

82:1, 6—Ke bomang ba ba bidiwang “medimo” le “barwa ba Mogodimodimo”? Dipolelo tseno ka bobedi di kaya baatlhodi ba batho mo Iseraele. Tsela e ba bidiwang ka yone e tshwanela tota e re ka ba ne ba tla nna babueledi le baemedi ba Modimo.—Johane 10:33-36.

83:2—Go ‘tsholetsa tlhogo’ go kayang? Letshwao leno le supa gore o siametse go bontsha maatla kana go tsaya kgato, gantsi e le go nna kgatlhanong, go lwa kana go patika.

Se re Ithutang Sone:

73:2-5, 18-20, 25, 28. Ga re a tshwanela go tswela batho ba ba boikepo pelo fa ba atlega mme re etse mekgwa ya bone e e sa siamang. Ba ba boikepo ba mo lefelong le le boreledi. Ga go pelaelo gore ba tla ‘wa ba nne marope.’ Mo godimo ga moo, e tla bo e le matsapa a bophiri fela go leka go tlosa boikepo gonne ga bo ka ke jwa tloga mo pusong e e sa itekanelang ya batho. Fela jaaka Asafe, re tla bo re dira sentle fa re lebana le boikepo ka “go atamela Modimo” le ka go nna le kamano e e gaufiufi le Ene.

73:3, 6, 8, 27. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra nna mabela, ra ikgogomosa, ra nna lesotlo le go nna batsietsi. Re tshwanetse go dira seno le fa gone go nna le mekgwa e e ntseng jalo go ka bonala go na le melemo e mengwe.

73:15-17. Fa re tlhakane tlhogo ka se re se akanyang, re tshwanetse go tila go bolelela ba bangwe ka dikakanyo tsa rona tse di raraaneng. Go “bolela kgang jalo” go ka nyemisa ba bangwe mooko. Re tshwanetse go tlhatlhanya ka kagiso ka dilo tse re amegileng ka tsone mme re di rarabolole ka go nna re kopanela le badumedi mmogo le rona.—Diane 18:1.

73:21-24. Go nna ‘pelo botlhoko’ ka ntlha ya batho ba ba boikepo ba go lebegang ba tshela sentle go tshwantshiwa le go itshwara jaaka diphologolo tse di se nang tlhaloganyo. Go dira jalo ke go phamoga fela re laolwa ke maikutlo. Go na le moo, re tshwanetse go kaelwa ke kgakololo ya ga Jehofa, re tlhomamisegile ka botlalo gore o tla ‘tshwara seatla sa rona sa moja’ mme a re tshegetse. Mo godimo ga moo, Jehofa ‘o tla re isa kgalalelong’ ke gore o tla dira gore re nne le kamano e e gaufiufi le ene.

77:6. Go tlhokega nako ya go ithuta le go tlhatlhanya gore re bontshe gore re amega go tswa pelong ka boammaaruri jwa semoya le go bo batla ka kelotlhoko. Ruri go botlhokwa gore re beele kwa thoko nako ya go nna nosi!

79:9. Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona, bogolosegolo fa di amana le go itshepisiwa ga leina la gagwe.

81:13, 16. Go reetsa lentswe la ga Jehofa le go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe go tla re leretse masego a mantsi.—Diane 10:22.

82:2, 5Go tlhoka tshiamiso go dira gore ‘metheo ya lefatshe’ e reketle. Ditiro tsa go tlhoka tshiamiso di dira gore go se ka ga nna le go tlhomama mo bathong.

84:1-4, 10-12. Bakwadi ba dipesalema ba re tlhomela sekao ka tsela e ba neng ba anaanela lefelo la ga Jehofa la kobamelo ka yone le ka tsela e ba neng ba kgotsofaletse ditshiamelo tsa bone tsa tirelo ka yone.

86:5. Ruri re tshwanetse go leboga tota gore Jehofa “o iketleeleditse go itshwarela”! O batla bosupi le fa e ka nna bofe jo bo ka mo nayang lebaka la gore a bontshe modiraphoso bopelotlhomogi.

87:5, 6A batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng la Paradaise ba tla tsamaya ba itse maina a ba ba tsoseditsweng mo botshelong jwa legodimo? Ditemana tseno di bontsha gore go ka nna ga direga.

88:13, 14. Go diega ga ga Jehofa go araba dithapelo tsa rona ka bothata jo bo rileng, go ka tswa go raya gore o batla gore re bontshe gore a tota re ineetse mo go ene.

“MO NTSHETSENG DITEBOGO, BAKANG LEINA LA GAGWE”

(Pesalema 90:1–106:48)

Ela tlhoko mabaka a a farologaneng a go galaletsa Jehofa a a umakilweng mo karolong ya bonè ya dipesalema. Mo go Pesalema 90, Moshe o farologanya go nna teng ga “Kgosi ya bosakhutleng” le botshelo jwa motho jo bo fetang ka bofefo. (1 Timotheo 1:17) Go ya ka Pesalema 91:2, Moshe o bitsa Jehofa ‘botshabelo jwa gagwe le kago ya gagwe e e thata’—Motswedi wa gagwe wa polokesego. Dipesalema di le mmalwa tse di latelang di bua ka dinonofo tse di molemo tsa Modimo, dikgopolo tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo le ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. Dipesalema di le tharo di simolola ka mafoko a a reng, “Jehofa e setse e le kgosi.” (Pesalema 93:1; 97:1; 99:1) Fa mopesalema a bua kafa Jehofa e leng Modiri wa rona ka gone, o re laletsa gore re ‘mo ntshetseng ditebogo, re bake leina la gagwe.’—Pesalema 100:4.

Mmusi yo o boifang Jehofa a ka tsamaisa dilo jang? Pesalema 101, e e kwadilweng ke Kgosi Dafide e re naya karabo. Pesalema e e latelang e re bolelela gore “ruri [Jehofa] o tla retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe, mme a sa nyatse thapelo ya bone.” (Pesalema 102:17) Pesalema 103 yone e re bolelela gore Jehofa o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le kutlwelobotlhoko. Fa a bua ka dilo tse dintsi tse Modimo a di tlhodileng mo lefatsheng, mopesalema a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale.” (Pesalema 104:24) Dipina tse pedi tsa bofelo tsa Karolo ya Bonè di galaletsa Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang.—Pesalema 105:2, 5; 106:7, 22.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

91:1, 2—‘Lefelo la sephiri la Mogodimodimo’ ke eng mme gone re ka kgona jang go ‘nna’ mo go lone? Leno ke lefelo la tshwantshetso le le nang le tshireletsego le polokesego ya semoya—seemo se mo go sone re sireletsegang gore re se ka ra gobala semoyeng. Lefelo leno ke la sephiri gonne batho ba ba sa ikanyeng Modimo ga ba le itse. Re dira Jehofa bonno jwa rona ka go leba kwa go ene gore e nne botshabelo le kago ya rona e e thata, ka go mo galaletsa gonne e le Molaodimogolo wa lobopo, le ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Re ikutlwa re sireletsegile semoyeng gonne re a itse gore ka dinako tsotlhe Jehofa o iketleeleditse go re thusa.—Pesalema 90:1.

92:12—Ke ka tsela efe basiami ba ‘tlhagisang dithunya jaaka setlhare sa mokolane se dira’? Setlhare sa mokolane se itsege ka go ungwa ga sone. Motho yo o siameng o tshwana le setlhare sa mokolane gonne o tlhamaletse mo matlhong a ga Jehofa mme o ungwa “leungo le le molemo” le le akaretsang ditiro tse di molemo.—Mathaio 7:17-20.

Se re Ithutang Sone:

90:7, 8, 13, 14. Ka dinako tsotlhe diphoso tse re di dirang di senya kamano ya rona le Modimo wa boammaaruri. Mme maleo a a fitlhilweng ga a ka ke a fitlhega mo go ene. Le fa go ntse jalo, fa tota re ikwatlhaya mme re tlogela tsela ya rona e e phoso, Jehofa o tla re amogela gape a bo a ‘re kgotsofatse ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.’

90:10, 12. E re ka botshelo bo le bokhutshwane, re tshwanetse go ‘bala malatsi a rona.’ Re ka dira seo jang? Ka go ‘nna le pelo e e botlhale,’ kana ka go dira dilo ka botlhale gore re se ka ra senya malatsi a rona a a setseng, go na le moo re a dirise ka tsela e e itumedisang Jehofa. Seno se tlhoka gore re dire gore dilo tsa semoya di tle pele mme re dirise nako ya rona ka tsela e e botlhale.—Baefeso 5:15, 16; Bafilipi 1:10.

90:17. Re tshwanetse go rapela gore Jehofa a “tlhomamise ka thata . . . tiro ya diatla tsa rona,” mme a segofatse maiteko a re a dirang mo bodireding.

92:14, 15. Ka go nna baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo le ka go kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa, batho ba ba godileng ba tswelela “ba nonne e bile ba le banana”—ba le matlhagatlhaga semoyeng—mme ke batho ba ba botlhokwa tota mo phuthegong.

94:19. Go sa kgathalesege gore ke eng se se dirang gore re nne le ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang,’ go bala le go tlhatlhanya ka “dikgomotso” tse di fitlhelwang mo Baebeleng go tla re gomotsa.

95:7, 8Go reetsa kgakololo ya Dikwalo, go e sekegela tsebe le go e utlwa go tla re thusa gore dipelo tsa rona di se ka tsa kgwaralala.—Bahebera 3:7, 8.

106:36, 37. Ditemana tseno di amanya go obamela medingwana le go ntshetsa madimona ditlhabelo. Seno se bontsha gore motho yo o dirisang medingwana a ka nna a tlhotlhelediwa ke madimona. Baebele e re rotloetsa jaana: “Itiseng mo medingwaneng.”—1 Johane 5:21.

“Bakang Jah!”

Dipina tse tharo tsa bofelo tsa Karolo ya Bonè ya buka ya Dipesalema di felela ka kgakololo eno: “Bakang Jah!” Pesalema ya bofelo mo karolong eno e bile e simolola ka mafoko ano. (Pesalema 104:35; 105:45; 106:1, 48) Totatota mafoko a a reng, “Bakang Jah!” a tlhaga gantsi mo Karolong ya Bonè ya buka ya dipesalema.

Ruri re na le lebaka le le utlwalang la go baka Jehofa. Pesalema 73 go ya go 106 e re neile mo gontsi mo re ka tlhatlhanyang ka gone, e tladitse dipelo tsa rona ka ditebogo tse di yang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong. A ga re tlhotlheletsege go ‘baka Jah’ ka nonofo ya rona yotlhe fa re akanya ka dilo tsotlhe tse a setseng a re diretse tsone le tse a tla re direlang tsone mo isagweng?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fela jaaka Asafe, re ka lebana le boikepo ka “go atamela Modimo”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Faro o fenngwa kwa Lewatleng le Lehibidu

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

A o a itse gore ke ka ntlha yang fa mana a bidiwa “senkgwe sa ba ba maatla”?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke eng se se ka thusang go tlosa ‘dikakanyo tsa rona tse di tlhobaetsang’?