Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Golola yo o Utlwang Botlhoko

Jehofa o Golola yo o Utlwang Botlhoko

Jehofa o Golola yo o Utlwang Botlhoko

“Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.”—PESALEMA 34:19.

1, 2. Mokeresete mongwe yo o ikanyegang o ne a nna le bothata bofe, mme ke ka ntlha yang fa re ka nna le maikutlo a a ntseng jalo?

MOSADI mongwe yo o sa leng mosha yo o bidiwang Keiko * e ntse e le Mosupi wa ga Jehofa ka dingwaga di feta 20. O ne a nna mmulatsela wa ka metlha ka lobakanyana kgotsa mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. O ne a rata tshiamelo eo fela thata. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, Keiko o ne a fekeediwa ke maikutlo a go ikutlwa a se na tsholofelo e bile a latlhegile. A re: “Ke ne ke nnela dilelo fela.” Keiko o ne a leka go fenya maikutlo a gagwe a bohutsana ka go oketsa nako e a e dirisang go ithuta a le esi. A re: “Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go baakanya seemo sa me. E bile ke ne ke setse ke eletsa go swa.”

2 A o kile wa nna le maikutlo a a ntseng jalo a go ikutlwa o feletswe ke tsholofelo? E re ka o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o na le mabaka a a utlwalang a go ipela ka gonne boineelo jwa bomodimo “bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” (1 Timotheo 4:8) Gone jaanong, o nna mo paradaiseng ya semoya! Le fa go ntse jalo, a seo se raya gore o sireleditswe mo mefuteng yotlhe ya kutlobotlhoko? Le e seng! Baebele ya re: “Masetlapelo a mosiami a mantsi.” (Pesalema 34:19) Seno ga se gakgamatse, ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Rotlhe re utlwa ditlamorago tsa taolo eo ya ga Satane ka tsela nngwe.—Baefeso 6:12.

Ditlamorago Tsa Kutlobotlhoko

3. Naya dikai tsa mo Baebeleng tsa batlhanka ba Modimo ba ba neng ba ngomoga pelo thata.

3 Go ngomoga pelo ka lobaka lo loleele go ka dira gore re nne re hutsafetse ka dinako tsotlhe. (Diane 15:15) Akanya ka monna yo o siameng e bong Jobe. Fa Jobe a ne a le mo gare ga matshwenyego a magolo, o ne a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Jobe o ne a feletswe ke boipelo. Ka nakwana o ne a bile a akanya gore Jehofa o mo latlhile. (Jobe 29:1-5) Jobe ga se ene fela motlhanka wa Modimo yo o ileng a nna mo tlalelong e kgolo. Baebele e re bolelela gore Hana o ne a le “moya o bogalaka” ka gonne a se na bana. (1 Samuele 1:9-11) Rebeka o ne a bolela jaana a utlwisitswe botlhoko thata ke seemo sengwe sa mo lapeng: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me.” (Genesise 27:46) Fa Dafide a ne a akanya ka diphoso tsa gagwe, o ne a re: “Ke tsamatsamaile ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.” (Pesalema 38:6) Dikai tseno tse di seng kae di re bontsha sentle gore banna le basadi ba ba boifang Modimo ba motlha wa pele ga Bokeresete ba ne ba tle ba ngomoge pelo thata.

4. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo go na le “meya e e tshwenyegileng maikutlo” mo Bakereseteng gompieno?

4 Go tweng ka Bakeresete? Moaposetoloi Paulo o ne a bona go tlhokega go bolelela Bathesalonika gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Buka nngwe ya tshupiso ya re lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “meya e e tshwenyegileng maikutlo” le ka kaya batho “ba ba gateletsweng ka nakwana ke mathata a botshelo.” Mafoko a ga Paulo a bontsha gore bangwe ba batho ba ba neng ba tloditswe ka moya mo phuthegong eo ya kwa Thesalonika ba ne ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Go na le meya e e tshwenyegileng maikutlo le mo Bakereseteng gompieno. Mme ke ka ntlha yang fa ba gateletswe mo maikutlong? A re sekasekeng mabaka a le mararo a a tlwaelegileng.

Go sa Itekanelang ga Rona Go ka Re Ngomola Pelo

5, 6. Mafoko a a mo go Baroma 7:22-25 a ka re gomotsa jang?

5 Bakeresete ba boammaaruri ba utlwisiwa botlhoko ke seemo sa bone sa go nna baleofi, ga ba tshwane le batho ba ba bosula ba “ba sa tlhole[ng] ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.” (Baefeso 4:19) Ba ka nna ba ikutlwa jaaka Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” Go tswa foo Paulo o ne a re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo!”—Baroma 7:22-24.

6 A o kile wa ikutlwa jaaka Paulo a ne a ikutlwa? Ga go phoso gore o ipone makoa, ka gonne seno se ka go thusa go gopola kafa boleo bo leng masisi ka teng mme sa nonotsha maikemisetso a gago a gore o tile bosula. Mme ga o a tshwanela go nna o hutsafetse ka ntlha ya makoa a gago. Paulo o ne a oketsa jaana mo mafokong a kutlobotlhoko a a sa tswang go nopolwa: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:25) Ee, Paulo o ne a na le tumelo ya gore madi a ga Jesu a a tsholotsweng a ka mo rekolola mo boleong jo a bo ruileng.—Baroma 5:18.

7. Ke eng se se ka thusang motho gore a se ka a gatelelwa mo maikutlong ka ntlha ya go sekamela mo boleong?

7 Fa o ikutlwa o tlalelwa ka ntlha ya go bo o le moleofi, o ka gomodiwa ke mafoko a ga moaposetoloi Johane yo o neng a kwala jaana: “Fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Fa o gateletswe maikutlo ka ntlha ya go sekamela mo boleong, nna o gopotse gore Jesu o swetse baleofi, e seng batho ba ba itekanetseng. Tota, “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.

8, 9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gana dikakanyo tse di re kgobang marapo?

8 Le fa go ntse jalo, a re re o ile wa dira boleo jo bo masisi mo nakong e e fetileng. Kwantle ga pelaelo, o buile le Jehofa ka thapelo ka kgang eo, gongwe gantsi. Bagolwane ba Bakeresete ba ile ba go thusa semoyeng. (Jakobe 5:14, 15) O ne wa ikwatlhaya tota mme ka jalo wa se tlosiwe mo phuthegong. Kgotsa gongwe o ile wa tlogela phuthego ya Modimo ka nakwana, mme moragonyana wa ikwatlhaya mme wa boa wa nna le seemo se se phepa. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, o ka nna o ntse o gopola boleo jwa gago jo bo fetileng mme jwa go tshwenya. Fa seo se direga, gopola gore Jehofa o itshwarela batho ba ruri ba ikwatlhayang, a ba itshwarela “ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:7) Mo godimo ga moo, ga a batle gore o ikutlwe o latlhilwe e bile o se na tsholofelo. Seo se ne se ka itumedisa Satane. (2 Bakorintha 2:7, 10, 11) Diabolo o tla senngwa ka gonne o tshwanelwa ke go senngwa, mme a ka rata o akanya gore le wena o tshwanelwa ke katlholo e e ntseng jalo. (Tshenolo 20:10) O se ka wa letla Satane a atlega mo leanong la gagwe la go senya tumelo ya gago. (Baefeso 6:11) Mo boemong jwa moo, ‘ganetsana le ene’ mo kgannyeng eno, fela jaaka o mo ganetsa mo dilong tse dingwe.—1 Petere 5:9.

9 Mo go Tshenolo 12:10, Satane o bidiwa “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona”—Bakeresete ba ba tloditsweng. O ba ‘latofatsa bosigo le motshegare’ fa pele ga Modimo. Fa o akanya ka temana eno, seo se ka go thusa go bona gore Satane, molatofatsi wa maaka, a ka itumela fa o ka itatofatsa, wa ikgala, le fa Jehofa ene a sa go latofatse. (1 Johane 3:19-22) Ke ka ntlha yang fa o nnela go ipogisa ka ntlha ya diphoso tsa gago gore o bo o batle go itlhoboga? O se ka wa letla Satane a senya kamano ya gago le Modimo. Le ka motlha o se ka wa letla Diabolo a go lebatsa gore Jehofa ‘o kutlwelobotlhoko, o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.’—Ekesodo 34:6.

Makoa a Rona A ka Re Kgoba Marapo

10. Makoa a rona a ka re kgoba marapo jang?

10 Bakeresete bangwe ba kgobiwa marapo ke tsela e makoa a bone a amang tirelo ya bone mo Modimong ka yone. A go ntse jalo ka wena? Gongwe bolwetse bongwe jo bo sa foleng, go tsofala, kgotsa maemo a mangwe, a go thibela go dirisa nako e ntsi jaaka pele mo bodireding. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba kgothalediwa go ithekela nako ya go direla Modimo. (Baefeso 5:15, 16) Mme go tweng fa e le gore ruri go na le makoa a mmatota a a go thibelang go dira mo gontsi mo bodireding mme seno se go kgoba marapo?

11. Kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bagalatia 6:4 e ka re solegela molemo jang?

11 Baebele e re rotloetsa gore re se ka ra nna bobodu mme re nne “baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:12) Re ka dira seo fela fa re sekaseka sekao sa bone se se molemo re bo re leka go etsa tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo, re ka se thusege fa re nnela go itseela kwa tlase re ipapisa le ba bangwe re bo re tsaya gore ga go sepe se re ka se dirang se se mosola. Ka jalo, go tla bo go le molemo go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

12. Ke ka ntlha yang fa re ka ipelela tirelo e re e direlang Jehofa?

12 Bakeresete ba na le lebaka le le utlwalang la go ipela, tota le fa ba kgorelediwa ke mathata a a masisi a botsogo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Maemo a o se nang thata mo go one a ka tswa a go ketefaletsa go dira ka selekanyo se o kileng wa bo o dira ka sone pele. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa, o ka nna wa kgona go dira ka botlalo mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi jwa Bokeresete, tse di jaaka go rera ka founo le ka go kwala makwalo. Ruri Jehofa Modimo o tla go segofaletsa tirelo e o e dirang ka moya otlhe le lorato lo o mo ratang ka lone le lo o ratang batho ba bangwe ka lone.—Mathaio 22:36-40.

“Dinako Tsa Mathata” Di ka Re Kgoba Marapo

13, 14. (a) ‘Dinako tseno tsa mathata’ di ka re utlwisa botlhoko jang? (b) Ke eng se se bontshang gore lorato ga lo yo gompieno?

13 Le fa re lebile pele kwa botshelong mo lefatsheng la Modimo le lesha la tshiamo, gone jaanong re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Re gomodiwa ke go itse gore ditiragalo tse di hutsafatsang di bontsha gore re gaufi le go gololwa. Le fa go ntse jalo, maemo a a re dikologileng a a re ama. Ka sekai, go tweng fa o se na tiro? Ditiro di ka tswa di sa bonale, mme fa dikgwedi di ntse di feta, o ka ipotsa gore a Jehofa o bona bothata jo o mo go jone le gore a o utlwa dithapelo tsa gago. Kgotsa gongwe o a tlhaolwa kgotsa o direlwa tshiamololo ka tsela nngwe e sele. Tota le go bala ditlhogo fela tsa dipampiri tsa dikgang go ka dira gore o ikutlwe jaaka monna yo o siameng e bong Lote, yo o neng a “tshwenyegile thata” kgotsa a kgobegile marapo ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa siamang jwa batho ba motlha wa gagwe.—2 Petere 2:7.

14 Go na le ntlha nngwe e re ka se kang ra e tlhokomologa malebana le metlha ya bofelo. Baebele e ne ya bolelela pele gore batho ba le bantsi ba tla bo ba ‘se na lorato lwa tlholego.’ (2 Timotheo 3:3) Batho ba le bantsi ga ba na lorato gotlhelele mo malapeng a bone. E bile, go ya ka buka ya Family Violence, “bosupi bo bontsha gore gantsi batho ba ba bolayang ba bangwe, ba ba tlhasela mo mmeleng, kgotsa ba ba sotla mo maikutlong kgotsa ka tsa tlhakanelodikobo e a bo e le ba malapa a bone e se batho fela . . . . Bagolo le bana bangwe ba fitlhela lone lefelo le ba tshwanetseng go ka bo ba ratiwa e bile ba babalesegile mo go lone, e le lone le le kotsi go a feta otlhe.” Batho ba ba ileng ba nna le maemo a a sa itumediseng mo gae e ka nna ya re mo dingwageng tsa moragonyana ba nna le go tlhobaela le go tlalelwa. Go tweng fa o le mo seemong seo?

15. Lorato lwa ga Jehofa lo feta lwa motho ope o sele ka tsela efe?

15 Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) A bo go gomotsa jang ne go itse gore lorato lwa ga Jehofa lo feta lwa motsadi ope fela wa motho! Le fa go ka nna botlhoko jang go latlhiwa kgotsa go sotliwa ke motsadi wa gago, seo ga se ame ka tsela epe gore Jehofa o go tlhokomela go le kana kang. (Baroma 8:38, 39) Gakologelwa gore Modimo o goga ba a ba ratang. (Johane 3:16; 6:44) Go sa kgathalesege gore batho ba ile ba go tshwara jang, Rrago yo o kwa legodimong ene o a go rata!

Dikgato Tse di ka Thusang go Fedisa go Kgobega Marapo

16, 17. Fa motho a ikutlwa a kgobegile marapo, a ka dirang gore a nne a nonofile semoyeng?

16 Go na le dikgato tse o ka di tsayang tse di ka thusang go fedisa go kgobega marapo. Ka sekai, o ka nna le thulaganyo e e kgothatsang ya ditiro tsa Bokeresete. Tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, bogolo jang fa o bona e kete o tla fekeediwa ke go kgobega marapo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Fa ke ne ke re: ‘Lonao lwa me lo tla tsamaya lo sa tsepama,’ bopelonomi jwa gago jwa lorato, wena Jehofa, bo ne jwa nna jwa ntshegetsa. Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pesalema 94:18, 19) Go bala Baebele ka metlha go tla go thusa gore o tlatse mogopolo wa gago ka mafoko a a gomotsang le dikakanyo tse di kgothatsang.

17 Thapelo le yone e botlhokwa. Le fa o ka se ka wa kgona go tlhalosa maikutlo a gago ka botlalo ka mafoko, Jehofa o itse se o lekang go se bua. (Baroma 8:26, 27) Mopesalema o ne a tlhomamisa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.

18. Motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a ka tsaya dikgato dife tse di thusang?

18 Batho bangwe ba tlalelwa ka ntlha ya bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. * Fa o na le bothata joo, leka go tlhoma mogopolo kwa lefatsheng la Modimo le lesha le kwa nakong e ka yone ‘go se nang monni ope yo o tla reng: “Ke a bobola.”’ (Isaia 33:24) Fa maikutlo a gago e se a go hutsafala fela ga nakwana, go ka nna molemo go batla thuso ya kalafi. (Mathaio 9:12) Gape go botlhokwa gore o itlhokomele mo mmeleng. Go ja sentle le go itshidila mmele go ka thusa. Tlhomamisa gore o ikhutsa mo go lekaneng. O se ka wa robala masigo o diilwe ke go lebelela thelebishene, mme o se ka wa itlosa bodutu ka dilo tse di tla go lapisang mo maikutlong le mo mmeleng. Mo godimo ga tsotlhe, tswelela pele o dira ditiro tse di itumedisang Modimo! Le fa e ise e nne nako ya gore Jehofa a ‘phimole dikeledi tsotlhe,’ o tla go thusa go itshoka.—Tshenolo 21:4; 1 Bakorintha 10:13.

Go Tshela “Kafa Tlase ga Seatla se se Thata sa Modimo”

19. Jehofa o solofetsa batho ba ba mo botlhokong eng?

19 Baebele e re tlhomamisetsa gore le fa masetlapelo a mosiami a le mantsi, “Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pesalema 34:19) Modimo o dira seo jang? Fa moaposetoloi Paulo a ne a rapela gangwe le gape gore a namolwe mo ‘mutlweng wa gagwe wa mo nameng,’ Jehofa o ne a mo raya a re: “Maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” (2 Bakorintha 12:7-9) Jehofa o ne a solofetsa Paulo eng, mme wena o go solofetsa eng? Ga a solofetse gore o tla tlisa kalafi ya ka bonako, mme o solofetsa go go naya maatla a go itshoka.

20. Le fa re le mo ditekong, ke eng se re se tlhomamisediwang mo go 1 Petere 5:6, 7?

20 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:6, 7) E re ka Jehofa a go kgathalela, a ka se go latlhe. O tla go ema nokeng le fa o ka tswa o le mo ditekong dife. Gopola gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba “kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo.” Fa re ntse re direla Jehofa, o re naya maatla a go itshoka. Fa re ikanyega mo go ene, ga go sepe se se ka re gobatsang semoyeng ka tsela e e ka se baakanngweng. Ka jalo, a re nneng re ikanyega mo go Jehofa gore re tle re bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng mme re bone letsatsi le ka lone a tla bong a namoletse ruri motho yo o bogang!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Leina le fetotswe.

^ ser. 18 Bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo tlhokang kalafi, ga se go kgobega marapo fela, mme ke seemo se se lemotshegang se mo go sone motho a hutsafalang thata ka lobaka lo loleele. Go bona tshedimosetso e nngwe, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1988, tsebe 25-9; November 15, 1988, tsebe 21-4; le September 1, 1996, tsebe 30-1.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa le bone batlhanka ba ga Jehofa tota ba nna mo botlhokong?

• Dingwe tsa dilo tse di ka dirang gore bangwe ba batho ba Modimo ba ikutlwe ba kgobegile marapo ke dife?

• Jehofa o re thusa jang go itshokela ditlhobaelo tsa rona?

• Re “kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo” ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Le fa batho ba ga Jehofa ba le mo ditekong, ba na le lebaka le le utlwalang la go ipela

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go rera ka founo ke tsela nngwe e o ka direlang Jehofa ka pelo yotlhe ka yone