Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Modimo wa Rona o Tla Kgona go re Golola’

‘Modimo wa Rona o Tla Kgona go re Golola’

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

‘Modimo wa Rona o Tla Kgona go re Golola’

TIRAGALO eno e ne e dirilwe gore e nne e e kgatlhang thata. Setshwantsho se segolo thata sa gouta se ne se tlhomilwe mo dipoeng tsa Dura, e go lebegang e le gaufi le motse wa Babelona. Setshwantsho seno se ne se tshwanetse go kgakolwa mo moletlong o o kgethegileng o mo go one go tla bong go na le badiredibagolo, ba go lebeletsweng gore ba ikobe fa pele ga setshwantsho seno fa go utlwala modumo wa diletswa tse di farologaneng tsa mmino. Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare o ne a laetse gore mongwe le mongwe fela yo o ganang go obamela setshwantsho seno o tla swa mo leubelong le le tukang malakabe. Tota ke mang yo o neng a ka leka go tlola taelo eo?

Batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba gakgamala tota fa ba bona baobamedi ba bararo ba ba boifang Jehofa—Shaderake, Meshake, le Abedenego—ba sa ikobe fa pele ga setshwantsho seno. Ba ne ba itse gore fa ba dira jalo ba ne ba tla bo ba sa ineela mo go Jehofa Modimo ka mo go feletseng. (Duteronome 5:8-10) Fa Nebukadenesare a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa ba eme fela, ba ne ba bua le ene ba sa boife ba re: “Fa e le gore go tla nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang o tla kgona go re golola. O tla re golola mo leubelong le le tukang le mo seatleng sa gago, wena kgosi. Mme fa go sa nne jalo, o itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”—Daniele 3:17, 18.

Fa Bahebera bano ba bararo ba latlhelwa mo leubelong le le tukang, matshelo a bone a ne a bolokwa fela ka kgakgamatso. Modimo o ne a romela moengele go sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Mme gone ba ne ba setse ba tlhophile go swa go na le go se ikobele Jehofa. * Se ba neng ba se dira se ne se tshwana le se se neng sa dirwa ke baaposetoloi ba ga Jesu Keresete dingwaga di feta makgolo a le marataro morago ga foo, fa ba ne ba bua fa pele ga kgotlatshekelokgolo ya Bajuda ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

Thuto ya Botlhokwa mo go Rona

Shaderake, Meshake le Abedenego ke dikai tse di molemo tsa tumelo, kutlo le boikanyegi. Bahebera bano ba bararo ba ne ba supa tumelo mo go Jehofa. Segakolodi sa bone se se thapisitsweng ka Dikwalo se ne se sa ba letle gore ba nne le seabe mo tirong epe ya kobamelo ya maaka kana e e supang go ineela mo bomorafeng. Bakeresete ba mo motlheng ono le bone ba ikanya Modimo wa boammaaruri ka botlalo. Ba kaelwa ke segakolodi sa bone se se thapisitsweng ke Baebele mme ba gana go nna le seabe mo ditirong tsa kobamelo ya maaka kgotsa mo meletlong e e sa dumalaneng le melao le melaometheo ya Modimo.

Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang ba ne ba ikanya Jehofa mme ba gana go tlogela go nna kutlo mo Modimong ka ntlha ya maemo kana kgalalelo e ba neng ba tla e bona mo mmusomogolong wa Babelona. Makawana ao a ne a ikaeletse go boga le go swa go na le go senya kamano ya bone le Modimo. Fela jaaka Moshe a ne a dira pele ga bone, ba ne ba ‘tswelela ba nitame jaaka e kete ba bona Ene yo o sa bonaleng.’ (Bahebera 11:27) Go sa kgathalesege gore Jehofa o ne a tla ba golola mo losong kana o ne a se kitla a ba golola, makawana ano a mararo a ne a ikemiseditse go nna a thokgame mo go ene go na le go ineela gore ba boloke matshelo a bone. Moaposetoloi Paulo o tshwanetse a bo a ne a bua ka sekai sa bone fa a ne a umaka ba ba ikanyegang ba ba neng “ba itshokela maatla a molelo.” (Bahebera 11:34) Batlhanka ba ga Jehofa ba supa tumelo le go nna kutlo ka tsela e e ntseng jalo fa ba ntse ba lebana le diteko tsa bothokgami mo motlheng wa rona.

Mo maitemogelong ano a ga Shaderake, Meshake le Abedenego re ithuta gape gore Modimo o duela ba ba ikanyegang mo go ene. Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa . . . ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Pesalema 37:28) Gompieno ga re kake ra letela gore Modimo a re golole ka kgakgamatso jaaka a ne a dira ka Bahebera ba bararo. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore go sa kgathalesege masetlapelo a re lebanang le one, Rraarona yo o kwa legodimong o tla re thusa. Modimo a ka tlosa bothata jo re lebaneng le jone, a re naya nonofo ya go bo itshokela kana a re tsosa fa re bolokile bothokgami go ya losong. (Pesalema 37:10, 11, 29; Johane 5:28, 29) Nako nngwe le nngwe fa bothokgami jwa rona bo lekwa, tumelo, kutlo le boikanyegi ke tsone di fenyang fa re tlhopha go utlwa Modimo bogolo go batho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, July/August.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

A O NE O ITSE?

• Bahebera ba bararo ba ne ba atametse dingwaga tse 30 fa ba ne ba lebana le teko eno ya bothokgami.

• Ga go pelaelo gore leubelo le ne le dirilwe gore le nne mogote thata kafa go ka kgonegang ka teng.—Daniele 3:19.