Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokwalo o e Seng Karolo ya Baebele o o Buang ka Setšhaba se se Bidiwang Iseraele

Mokwalo o e Seng Karolo ya Baebele o o Buang ka Setšhaba se se Bidiwang Iseraele

Mokwalo o e Seng Karolo ya Baebele o o Buang ka Setšhaba se se Bidiwang Iseraele

KWA Cairo Museum kwa Egepeto, go na le leje le le gabilweng la granite (keraniti) le le kwadilweng go gopola diphenyo tsa ga Faro Merneptah. Go ya ka diphopholetso tsa bakanoki bangwe, morwa yono wa bo13 wa ga Ramses II o ne a busa go simolola ka 1212 go ya go 1202 B.C.E.— go ela kwa bokhutlong jwa metlha ya Baatlhodi ba kwa Iseraele wa bogologolo. Mela e mebedi ya bofelo ya leje leo le le gabilweng la ga Merneptah e ne e balega jaana: “Kanana e thopilwe. Ashekelona e gapilwe, Gesera e thopilwe, [le] Yano‘am e ne ya senngwa. Iseraele e kgakgabetse, losika lwa gagwe ga lo tlhole lo le teng.”

Ke eng se lefoko “Iseraele” le se kayang fano? Mo mokwalong wa ditshwantsho, ditlhaka tse di sa bidiweng di ne di dirisiwa fa go kwalwa mafoko go bontsha gore mafoko a teng a wela mo setlhopheng sefe. Buka ya The Rise of Ancient Israel ya re: “Mo mafokong a le mararo mo go a le manè—Ashekelona, Gesere le Yanoam go ne go dirisitswe mokwalo o o re bontshang gore go buiwa ka metse. . . . Le fa go ntse jalo, mo go Iseraele go ne go dirisitswe o o bontshang gore go buiwa ka setšhaba.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Bokao jwa mokwalo ono ke eng? Hershel Shanks, morulaganyi le mokwadi, o araba jaana: “Leje le le gabilweng la ga Merneptah le bontsha gore setšhaba se se bidiwang Iseraele se simolotse go nna teng ka 1212 B.C.E. mme faro wa Egepeto o ne a itse ka bone e bile a ikgantsha ka gore o kile a ba fenya kwa ntweng.” William G. Dever, porofesa wa boithutamarope wa Near Eastern a re: “Leje le le gabilweng la ga Merneptah le re bolelela ntle le pelaelo gore: Kwa Kanana go na le setšhaba sa batho ba ba ipitsang ‘Iseraele’ mme ka go rialo Baegepeto ba ba bitsa ‘Baiseraele.’ Mme Baegepeto ba ba ne ba sa tshegetse Baebele, e bile ba ne ba ka se itlhamele leina la ‘Baiseraele’ gore ba buelele dilo tsa bone.”

Mo Baebeleng, Iseraele o umakiwa la ntlha e le leina le le neng la newa tlhogo ya lotso, Jakobe. Ditlogolwana tsa bomorwa Jakobe ba ba 12 di ne tsa bidiwa “bomorwa Iseraele.” (Genesise 32:22-28, 32; 35:9, 10) Dingwaga moragonyana, moporofeti Moshe le Faro wa Egepeto ba ne ba dirisa lefoko “Iseraele” fa ba ne ba bua ka ditlogolwana tseno tsa ga Jakobe. (Ekesodo 5:1, 2) Leje le le gabilweng la ga Merneptah e ne e le mokwalo wa bogologolo tala o o buang ka setšhaba se se bidiwang Iseraele o e seng karolo ya Baebele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Leje le le gabilweng la ga Merneptah

Ditshwantsho tse tharo tsa bofelo (go tswa kafa mojeng go ya kwa molemeng)—thobane le monna le mosadi ba ba ntseng fatshe—ke setšhaba sa Iseraele e le batswakwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Egyptian National Museum, Cairo, Egypt/Giraudon/The Bridgeman Art Library