Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boifa Jehofa—O Itumele!

Boifa Jehofa—O Itumele!

Boifa Jehofa—O Itumele!

“Go itumela motho yo o boifang Jehofa.”—PESALEMA 112:1.

1, 2. Go boifa Jehofa go ka re leretse eng?

BOITUMELO ga bo bonwe motlhofo. Boitumelo jwa boammaaruri bo ikaegile ka go dira ditshwetso tse di siameng, ka go dira se se siameng le ka go fapoga bosula. Modiri wa rona Jehofa, o re abetse Lefoko la gagwe, Baebele go re ruta kafa re ka nnang le tsela ya botshelo e e di gaisang tsotlhe. Fa re senka kaelo ya ga Jehofa le go e latela, re a bo ra bontsha go boifa Modimo mme seo se tla dira gore re nne le kgotsofalo le boitumelo jwa mmatota.—Pesalema 23:1; Diane 14:26.

2 Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dikai tsa mo Baebeleng le tsa batho ba gompieno tse di bontshang kafa poifo Modimo ya boammaaruri e ka nonotshang motho ka teng gore a se ka a ineelela go fekeediwa ke kgatelelo ya go dira se se phoso le go nna le bopelokgale jwa go dira se se siameng. Re tla bona gore poifo Modimo e ka re leretse boitumelo ka go re tlhotlheletsa go baakanya ditsela tsa rona tse di phoso, fela jaaka Kgosi Dafide a ile a dira. Re tla bona le gore go boifa Jehofa ke boswa jo bo botlhokwa jo batsadi ba ka bo abelang bana ba bone. Ee ruri, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Go itumela motho yo o boifang Jehofa.”—Pesalema 112:1.

Go Boa o Itumela Gape

3. Ke eng se se neng sa thusa Dafide go baakanya ditsela tsa gagwe morago ga go leofa?

3 Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, Dafide o ile a palelwa ke go bontsha go boifa Modimo ka makgetlo a mararo mme a leofa. Le fa go ntse jalo, tsela e a ileng a tsibogela kotlhao ya ga Jehofa ka yone e bontsha gore le fa a ile a leofa jalo, tota e ne e le motho yo o boifang Modimo. Tsela e a neng a boifa le go tlotla Modimo ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go dumela molato wa gagwe, go baakanya tsela ya gagwe le go boa a nna le kamano e e molemo le Jehofa. Le mororo diphoso tsa gagwe di ile tsa dira gore ene le batho ba bangwe ba boge, boikwatlhao jwa gagwe jwa mmatota bo ne jwa dira gore Jehofa a tswelele pele a mo ema nokeng le go mo segofatsa. Sekao sa ga Dafide se ka dira gore Bakeresete ba go ka diregang gore gompieno ba dire maleo a a masisi, ba nne pelokgale.

4. Go boifa Modimo go ka thusa motho jang go boa a itumela gape?

4 Akanya ka kgang ya ga Sonja. * Le mororo Sonja e ne e le moreri wa nako e e tletseng, o ne a itsalanya le batho ba ba bosula, a wela mo boitshwarong jo bo sa siameng mme a tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Fa Sonja a sena go itharabologelwa, o ne a dira sotlhe se se tlhokegang gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa. Fa nako e ntse e ya, o ne a busediwa mo phuthegong. Mo maemong ao otlhe Sonja ga a ise a ko a felelwe ke keletso ya go direla Jehofa. Kgabagare o ne a boa a tsenela bodiredi jwa nako e tletseng jwa bobulatsela. Moragonyana o ne a nyalana le mogolwane wa Mokeresete yo o o tlhomang sekao, mme gone jaanong ba dira mmogo ka boitumelo mo phuthegong. Le fa Sonja a ikwatlhaela go bo a ile a fapoga tsela ya Bokeresete ka nakwana, o itumelela gore go boifa Modimo go mo thusitse go boa.

Go Botoka go Boga Go na Le go Leofa

5, 6. Tlhalosa kafa Dafide a ileng a boloka botshelo jwa ga Saulo ka makgetlo a mabedi ka teng le gore ke eng fa a ile a dira jalo.

5 Ke boammaaruri gore, go botoka thata fa go boifa Modimo go re thusa go tila go dira boleo. Go ne go ntse jalo ka Dafide. Nako nngwe fa Saulo a ne a tsoma Dafide ka masole a le dikete di le tharo, o ne a tsena mo legageng le Dafide le banna ba gagwe ba neng ba iphitlhile mo go lone. Banna ba ga Dafide ba ne ba mo tlhotlheletsa go bolaya Saulo. Ba ne ba re Jehofa o ne a tsenya mmaba wa gagwe mo seatleng sa gagwe. Dafide o ne a nanarela kwa go Saulo mme a fitlha a gagola ntlhana ya seaparo sa gagwe. E re ka Dafide a ne a boifa Modimo, tota le yone kgato eo e e seng kotsi e ne ya dira gore a tshwenngwe ke segakolodi. O ne a raya banna ba gagwe ba ba neng ba galefile a re: “Go ka se direge ka nna, kafa ponong ya ga Jehofa, gore ke dire morena wa me selo se se ntseng jaana, motlodiwa wa ga Jehofa.” *1 Samuele 24:1-7.

6 Nako nngwe moragonyana Saulo le banna ba gagwe ba ne ba thibeletse go le bosigo mme botlhe ba ne ba thulamela “ba wetswe ke boroko jo bogolo jo bo tswang kwa go Jehofa.” Dafide le setlogolo sa gagwe se se pelokgale e bong Abishai ba ne ba iphitlhile ba le fa gare ga bothibelelo joo e bile ba eme fa pele ga Saulo yo o neng a robetse. Abishai o ne a batla go mo feleletsa teng fela foo. Dafide o ile a thiba Abishai ka go mmotsa jaana: “Ke mang yo o ntsheditseng motlodiwa wa ga Jehofa seatla mme a nna a se na molato?”—1 Samuele 26:9, 12.

7. Ke eng se se neng sa thibela Dafide go leofa?

7 Ke eng fa Dafide a ile a se ka a bolaya Saulo fa a ne a nna le ditshono tse pedi tsa go dira jalo? Ke ka gonne a ne a boifa Jehofa go feta kafa a boifang Saulo ka teng. Ka go bo Dafide a ne a na le poifo Modimo e e tshwanetseng, o ne a iketleeleditse go boga fa go tlhokega go na le go leofa. (Bahebera 11:25) O ne a ikanya bokgoni jwa ga Jehofa ka botlalo jwa go tlhokomela batho ba gagwe e bile a ikanya le gore le ene o tla mo tlhokomela ka namana. Dafide o ne a itse gore go ikobela Modimo le go mo ikanya go tla mo leretse boitumelo le masego a le mantsi, fa go se mo ikobele gone go tla dira gore a se ka a mo amogela. (Pesalema 65:4) Gape Dafide o ne a itse gore Modimo o ne a tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla mo dira kgosi le gore o tla tlosa Saulo mo setulong ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe.—1 Samuele 26:10.

Go Boifa Modimo go Leretse Motho Boitumelo

8. Tsela e Dafide a ileng a itshwara ka yone mo mathateng ke sekao se se molemo ka tsela efe?

8 Rona Bakeresete re ka lebelela go sotlwa, go bogisiwa le diteko tse dingwe. (Mathaio 24:9; 2 Petere 3:3) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra bo ra lebana le mathata a a amanang le badumedi ka rona. Le fa go ntse jalo, re a itse gore Jehofa o bona dilo tsotlhe, o utlwa dithapelo tsa rona le gore o tla baakanya dilo go ya ka thato ya gagwe ka nako e e tshwanetseng. (Baroma 12:17-21; Bahebera 4:16) Ka gone, go na le gore re boife baganetsi ba rona, re boifa Modimo le go lebelela gore e nne ene yo o re gololang. Jaaka Dafide, ga re ipusulosetse, e bile ga re tile pogo ka go tlola melao ya gagwe e e siameng. Kwa bofelong seno se dira gore re nne batho ba ba itumetseng. Seo se direga jang?

9. Neela sekai se se bontshang kafa go boifa Modimo go ka dirang gore motho a itumele le fa a bogisiwa.

9 Morongwa mongwe yo o nang le lobaka lo loleele a dira mo Afrika a re: “Ke gopola mmè mongwe le morwadie wa dingwaga tsa bolesome ba ba neng ba gana go reka karata ya lekoko la sepolotiki ka gonne ba ne ba sa batle go tsaya letlhakore. Ba ne ba itewa setlhogo ke segopa sa banna bangwe mme go tswa foo ba ba laela go ya gae. Fa ba ntse ba tsamaya, mmè o ne a leka go gomotsa morwadie yo o neng a lela a ipotsa gore ke eng fa ba ne ba diragalelwa ke selo se se ntseng jalo. Ka nako eo ba ne ba hutsafetse mme gone ba na le segakolodi se se se nang molato. Moragonyana ba ne ba itumelela gore ba ile ba ikobela Modimo. Fa ba ka bo ba ile ba reka karata ya lekoko leo, segopa seo se ne se tla itumela thata. Banna bao ba ne ba tla ba abela dinotsididi le go tsamaya ba binabina fa thoko ga bone fa ba boela gae. Mme gone mmè le morwadie ba ne ba tla kotlomana dipelo thata ka gonne ba ineeletse go fekeediwa ke teko eo.” Go boifa Modimo ga bone go ile ga ba thusa go se wele mo seraing seo.

10, 11. Mosadi mongwe o ile a nna le matswela afe a a molemo ka ntlha ya go boifa Modimo?

10 Go bontsha poifo Modimo gape go felela ka boitumelo fa o lebane le diteko tse di amanang le go tlotla boitshepo jwa botshelo. Fa Mary a ne a imile ngwana wa gagwe wa boraro, ngaka e ne ya mo kgothaletsa go ntsha mpa. E ne ya re: “O mo seemong se se kotsi. Maemo a gago a ka nna maswe nako nngwe le nngwe mme wa swa mo diureng tse 24. Mme le ngwana o tla swa. Tota le fa go ka direga eng, ga re tlhomamisege gore ngwana wa gago o tla tsholwa a itekanetse.” Mary o ne a ntse a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme gone a ise a kolobediwe. Mary a re: “Le fa go ntse jalo, ke ne ke dirile tshwetso ya go direla Jehofa, mme ke ne ke ititeile sehuba go nna ke ikanyega mo go ene go sa kgathalasege gore go direga eng.”—Ekesodo 21:22, 23.

11 Ka nako eo yotlhe e Mary a neng a imile ka yone, o ne a tshwarega thata mo go ithuteng Baebele le go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Kgabagare ngwana o ne a tsholwa. Mary a re: “Ka nako ya pelegi dilo di ne di se motlhofo jaaka go ne go ntse ka bana ba me ba ntlha ba babedi, mme gone maemo a ne a se ka a nna boima go le kalo.” Go boifa Modimo go ne ga thusa Mary go ipoloka a na le segakolodi se se molemo mme go ise go ye kae a kolobediwa. Fa ngwana yoo a ntse a gola, le ene o ne a ithuta go boifa Jehofa, mme gone jaanong o dira kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa.

‘Inonotshe ka Jehofa’

12. Go boifa Modimo go ne ga nonotsha Dafide jang?

12 Go boifa Jehofa ga ga Dafide ga go a ka ga mo thibela fela gore a se ka a dira se se phoso. Go ne ga mo nonotsha gore a dire ditshwetso tse di siameng le tse di botlhale mo maemong a a thata. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba fetsa ngwaga le dikgwedi tse nnè ba tshabetse kwa Sikelage motse wa Bafilisitia, gore Saulo a se ka a ba bolaya. (1 Samuele 27:5-7) Nako nngwe fa ba ne ba seo, batlhasedi ba Baamaleke ba ne ba fisa motse ba bo ba gapa le basadi botlhe ba banna bano le bana le metlhape. Fa Dafide le banna ba gagwe ba boa mme ba bona se se diragetseng ba ne ba lela. Go ise go ye kae khutsafalo eo e ne ya fetoga kgalefo mme banna bao ba batla go kgobotletsa Dafide ka matlapa. Le mororo Dafide a ne a ngomogile pelo, o ne a se ka a itlhoboga. (Diane 24:10) Go boifa Modimo go ne ga mo tlhotlheletsa go retologela kwa go Jehofa, mme a “inonotsha ka Jehofa.” Ka thuso ya Modimo, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba latela Baamaleke mme ba busa dilo tse ba neng ba di gapile.—1 Samuele 30:1-20.

13, 14. Go boifa Modimo go ile ga thusa Mokeresete mongwe jang go dira ditshwetso tse di siameng?

13 Le gompieno batlhanka ba Modimo ba lebana le maemo a a ba tlhokang go ikanya Jehofa le bopelokgale jwa go tsaya kgato. Ka sekai, akanya ka Kristina. Fa Kristina e sa le mosha o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo o ne a batla go nna moletsi wa piano mo dikonsarateng, mme o ne a atlega tota mo go seo. Mo godimo ga moo, o ne a ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong go dira tiro ya go rera mme ka gone a tshaba go tsaya maikarabelo a a tsamaisanang le go kolobediwa. Fa Kristina a ntse a tsweletse ka go ithuta Lefoko la Modimo, o ne a simolola go utlwa maatla a lone. O ne a simolola go ithuta go boifa Jehofa, mme a lemoga gore Jehofa o lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba mo rate ka pelo yotlhe, ka mogopolo otlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe. (Mareko 12:30) Seno se ne sa mo tlhotlheletsa go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

14 Kristina o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go gatela pele semoyeng. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke itse gore tiro ya go nna moletsi wa piano mo dikonsarateng e ne e tla ntlhoka go tlhola ke tsere mesepele le go saena dikonteraka di ka nna 400 ka ngwaga. Ka gone ke ne ka dira tshwetso ya gore bogolo ke nne morutisi go itlamela mo tirong ya me ya go nna moreri wa nako e tletseng.” Ka nako eo, Kristina o ne a setse a saenile tumalano ya go ya go tshameka piano la ntlha kwa holong ya dikonsarata e e di gaisang tsotlhe mo nageng eo. A re: “Konsarata eo e ne ya nna ya me ya ntlha le ya bofelo.” Kristina gone jaanong o nyetswe ke mogolwane wa Mokeresete. Boobabedi ba dira kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. O itumelela gore Jehofa o ile a mo naya nonofo ya go dira ditshwetso tse di siameng le gore jaanong a ka dirisa nako ya gagwe le maatla mo tirelong ya gagwe.

Boswa jo bo Botlhokwatlhokwa

15. Ke eng se Dafide a neng a batla go se abela bana ba gagwe, mme o ne a dira seo jang?

15 Dafide o ile a re: “Tlang, bana ke lona, ntheetsang; ke tla lo ruta go boifa Jehofa.” (Pesalema 34:11) E re ka Dafide e ne e le rre, o ne a ikaeletse go abela bana ba gagwe boswa jo bo botlhokwatlhokwa—go nna le poifo Modimo ya boammaaruri, e e siameng le e e molemo. Ka mafoko le ka ditiro, Dafide o ne a dira gore ba lemoge gore Jehofa ga se Modimo yo o setlhogo le yo o gatelelang, yo o nnang a letetse go tshwaya batho diphoso fa ba tlola melao ya gagwe, go na le moo o ne a dira gore ba lemoge gore ke Rre yo o lorato yo o itshwarelang bana ba gagwe ba mo lefatsheng. Dafide o ile a botsa jaana: “Diphoso, ke mang yo o batlanang le tsone?” Go tswa foo, fa a bontsha go ikanya ga gagwe gore Jehofa ga a nnele go sekaseka diphoso tsa rona, o ne a oketsa jaana: “Mpoloka ke le kgakala le dilo tse di sa lemotshegeng!” Dafide o ne a tlhomamisegile gore fa a dira bojotlhe, Jehofa a ka amogela mafoko le megopolo ya gagwe.—Pesalema 19:12, 14, Byington.

16, 17. Batsadi ba ka ruta bana ba bone jang go boifa Jehofa?

16 Dafide ke sekao se se molemo mo batsading gompieno. Ralph, yo ene le monnawe ba direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, a re: “Batsadi ba rona ba ne ba re godisa ka tsela e e neng e dira gore re itumelele go nna mo boammaaruring. Go tloga fela re sa le babotlana ba ne ba re akaretsa mo metlotlong e e amanang le ditiro tsa phuthego, mme re ne re tlhagafalela boammaaruri fela jaaka bone. Ba re godisitse ka tsela e e neng e re dira gore re dumele gore go na le dilo tse di molemo tse re ka di dirang mo tirelong ya ga Jehofa. Tota e bile, lelapa la rona le ne la fetsa dingwaga di le mmalwa le direla kwa nageng e go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi ka bontsi kwa go yone, re thusa go tlhoma diphuthego tse disha.

17 “Selo se se re thusitseng go nna re le mo tseleng e e siameng e ne e se go beelwa melao e mentsi e e gagametseng, go na le moo e ne e le ka go bo Jehofa e ne e le motho wa mmatota mo batsading ba rona e bile a le pelonomi le go nna molemo fela thata. Ba ne ba batla go itse Jehofa botoka le go mo itumedisa, mme re ne ra ithuta go le go ntsi go tswa mo poifong Modimo ya bone le mo loratong lo ba neng ba mo rata ka lone. Tota le fa re dirile sengwe se se phoso, batsadi ba rona ba ne ba sa re dire gore go nne jaaka e kete Jehofa ga a tlhole a re rata; e bile ba ne ba sa re galefele thata mo ba re beelang dithibelo tse di sa tlhokegeng. Gantsi ba ne ba re baya fa fatshe ba bo ba bua le rona ba ritibetse maikutlo, Mmè ka dinako tse dingwe o ne a tle a bue le rona a putsaputsa dikeledi a leka go ama dipelo tsa rona. Mme seo se ne se thusa. Re ne ra ithuta ka mafoko le ka ditiro tsa batsadi ba rona gore go boifa Jehofa ke selo se se molemo le gore go nna mongwe wa Basupi ba gagwe ke selo se se itumedisang e seng mokgweleo.”—1 Johane 5:3.

18. Re tla bona melemo efe ka go boifa Modimo wa boammaaruri?

18 Mangwe a “mafoko a bofelo a ga Dafide” a re: “Fa motho yo o busang batho a siame, a busa ka go boifa Modimo, foo go tshwana le lesedi la moso, fa letsatsi le phatsima.” (2 Samuele 23:1, 3, 4) Solomone, morwa wa ga Dafide e bile e le motlhatlhami wa gagwe, go bonala a ile a ithuta boammaaruri jwa mafoko ano ka gonne o ile a kopa Jehofa gore a mo neye “pelo e e utlwang” le bokgoni jwa gore “a lemoge molemo le bosula.” (1 Dikgosi 3:9) Solomone o ne a lemoga gore go boifa Jehofa go felela ka gore motho a nne le botlhale le boitumelo. Moragonyana o ne a sobokanya buka ya Moreri ka mafoko ano: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo wa boammaaruri o tla tlisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong ka ga sengwe le sengwe se se fitlhegileng, gore a se molemo kgotsa se bosula.” (Moreri 12:13, 14) Fa re sekegela tsebe kgakololo eo, re tla fitlhela gore “diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa” ga se fela go nna le botlhale le boitumelo mme gape ke “dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

19. Ke eng se se ka re thusang go tlhaloganya “go boifa Jehofa”?

19 Go tswa mo dikaing tsa mo Baebeleng le tsa motlha wa gompieno, re kgona go bona gore go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng go na le tlhotlheletso e e molemo mo botshelong jwa batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa. Poifo e e ntseng jalo ga e re thibele fela go dira dilo tse di se kitlang di itumedisa Rraarona wa selegodimo mme gape e re thusa go lebana le baganetsi ba rona ka bopelokgale le go nna le nonofo ya go itshokela diteko le mathata a re lebanang le one. Ka gone, a rotlhe, basha le bagolo, re ithuteng Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, re tlhatlhanya ka se re ithutang sone le go atamalana thata le Jehofa ka go mo rapela ka metlha go tswa pelong. Go dira jalo ga go kitla go re thusa fela go nna le “kitso ya Modimo” mme gape go tla re thusa go tlhaloganya “go boifa Jehofa.”—Diane 2:1-5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Maina a fetotswe.

^ ser. 5 Tiragalo eno e ka tswa e le nngwe ya tse di dirileng gore Dafide a tlhame Pesalema 57 le 142.

A o Ka Tlhalosa?

Go boifa Modimo go ka

• thusa motho jang go boa a baakanya tsela ya gagwe fa a dirile boleo jo bo masisi?

• leretse motho boitumelo jang fa a lebane le diteko le pogiso?

• re nonotsha jang gore re dire thato ya Modimo?

• nna boswa jo bo botlhokwatlhokwa jang mo baneng ba rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go boifa Jehofa go ne ga thibela Dafide gore a se ka a tlhasela Kgosi Saulo

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Go boifa Modimo ke boswa jo bo botlhokwatlhokwa jo batsadi ba ka bo abelang bana ba bone