Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Re itse jang gore tsela e botlhale bo tlhalosiwang ka yone mo go Diane 8:22-31 e tlhalosa Jesu Keresete pele ga a tla go tshela mo lefatsheng?

Mafoko a a tlhotlheleditsweng a a tlhalosang botlhale a a fitlhelwang mo go Diane a re: “Jehofa o nketshitse ke le tshimologo ya tsela ya gagwe, ke le wa ntlha mo go tse a di fitlheletseng bogologolo. . . . Pele ga fa dithaba di tlhongwa, pele ga dithota, ke ne ka tsholwa jaaka e kete ka ditlhabi tsa pelegi . . . Fa a ne a baakanya magodimo ke ne ke le teng; . . . foo ke ne ke le fa thoko ga gagwe ke le modiri yo o setswerere, mme ka nna yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe, . . . mme dilo tse ke neng ke di rata di ne di na le bomorwa batho.”

Mafoko ano a ka se ka a bo a tlhalosa botlhale jwa Modimo fela kana botlhale ka bojone. Ka ntlha yang? Ka gonne botlhale jo go buiwang ka jone fano bo ne jwa ‘ntshiwa’ kana jwa bopiwa e le tshimologo ya tsela ya ga Jehofa. Jehofa Modimo o sa le a ntse a le teng e bile o sa le a ntse a le botlhale. (Pesalema 90:1, 2) Botlhale jwa gagwe ga bo na tshimologo; ga bo a bopiwa kana go tlhagisiwa. Bo ne jwa se ka jwa “tsholwa jaaka e kete ka ditlhabi tsa pelegi.” Mo godimo ga moo, botlhale jono bo tlhalosiwa bo bua e bile bo dira dilo, e leng se se bontshang gore ke motho.—Diane 8:1.

Buka eno ya Diane ya re bogologolo botlhale bo ne bo le fa thoko ga Mmopi Jehofa, e le “modiri wa setswerere.” Ruri mafoko ao a tshwanela Jesu. Bogologolo pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a dirisana thata le Jehofa mo Lefoko la Modimo le reng: “O nnile gone pele ga dilo tsotlhe tse dingwe mme dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa dirwa ka ene gore di nne gone.”—Bakolosa 1:17; Tshenolo 3:14.

Go a tshwanela go bo Morwa wa Modimo a tlhalosiwa e le botlhale, ka gonne ke Ene yo o neng a senola maikaelelo a a botlhale a ga Jehofa le ditaelo. Pele ga Jesu a tla go tshela mo lefatsheng, e ne e le Lefoko la Modimo, kana Mmueledi. (Johane 1:1) O tlhalosiwa e le “maatla a Modimo le botlhale jwa Modimo.” (1 Bakorintha 1:24, 30) A bo mafoko ano a tlhalosa Morwa wa Modimo ka tsela e e molemo jang ne, yo go rata batho ga gagwe go ileng ga mo tlhotlheletsa go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya bone!—Johane 3:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Pele ga fa dithaba di tlhongwa . . . ke ne ka tsholwa”