Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga o Kake wa Kgona go e Boloka, Ka Jalo e Dirise Sentle

Ga o Kake wa Kgona go e Boloka, Ka Jalo e Dirise Sentle

Ga o Kake wa Kgona go e Boloka, Ka Jalo e Dirise Sentle

NAKO ke madi. Ono ke moano o o dirisiwang ke batho ba le bantsi. Totatota nako e farologana thata le madi le dilo tse dingwe tse di bonalang. Ga o ka ke wa kgona go e beela kwa thoko gore o e dirise mo isagweng, mme o ka kgona go dira seno ka madi, dijo, lookwane kana dilo tse dingwe tse dintsi. Go boloka nako o sa e dirise ga go thuse sepe. Go diregang fa o ka robala diura di le robedi o bo o leka go boloka nako ka go nna fela o sa dire sepe letsatsi lotlhe? Fa letsatsi le wela, diura tse o sa di dirisang di tla bo di senyegile fela.

Nako e ka tshwantshiwa le noka e kgolo e e elelang ka bofefo. E nna e elelela ntlheng e le nngwe. Ga o ka ke wa kgona go e emisa kana gone go dirisa metsi otlhe a a fetang mo go yone. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng batho ba ne ba simolola go aga mafetlho a metsi mo lotshitshing lwa noka. Ba ne ba dirisa mafetlho ano go tsaya maatla mo metsing a a elelang mme maatla ao ba a dirisetsa ditshilo tsa bone, dishaga, dipompo le dihamore tsa bone. Ka tsela e e tshwanang o ka laola nako, wa e dirisa o sa e boloke mme gone o e dirisetsa go fitlhelela sengwe se se molemo. Le fa go ntse jalo, gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go lwa le magodu a le mabedi a magolo a nako—mokgwa wa go nna o ntse o re o tla dira selo ka moso le sengwe se se tsamaisanang le seno e leng dilo tse di sa tlhokegeng. A re sekasekeng pele kgang ya go nna o ntse o re o tla dira selo ka moso.

O se Ka wa Nna o Ntse O re O Tla Dira Dilo ka Moso

Moano o mongwe wa re, Tiro e o ka kgonang go e dira gompieno o se ka wa e beela letsatsi le le latelang. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ga ba latele kgakololo eo. Fa ba lebane le tiro e e thata, ba bona tharabololo e e motlhofo e le go e beela nako e e tlang. Go nna o ntse o re o tla dira selo ka moso go raya “go tlogela ka boomo e bile e le ka metlha go dira tiro nngwe e e tshwanetseng go dirwa.” Motho o kgona go feleletsa a na le tlwaelo ya go beela ditiro nako e e tlang. Fa tiro e koelana, o ikgolola ka gore a e busetse morago a bo a itumelela nako e a nnang fela a sa dire sepe—go fitlhela tiro e nna ntsi gape.

Ka dinako dingwe, tsela e re ikutlwang ka yone mo mmeleng le mo maikutlong e ka tlhoka gore re busetse tiro nngwe kana tiro yotlhe kwa morago. Mme gone nako le nako mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go ikhutsa mo thulaganyong ya gagwe ya ka metlha ya ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Tota le Morwa Modimo o ne a ikhutsa. Jesu o ne a nna a tshwaregile mo bodireding jwa gagwe, mme gape o ne a ipha nako ya gore ene le barutwa ba gagwe ba ikhutse. (Mareko 6:31, 32) Go ikhutsa ka tsela eo go molemo tota. Le fa go ntse jalo, go nna o ntse o re o tla dira selo ka moso gone go farologane le seno gotlhelele; gantsi gone go kotsi. Ela tlhoko sekai seno.

Mosha mongwe o na le dibeke di le tharo go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya gagwe ya dipalo. O na le dibuka di le dintsi tse a tshwanelwang ke go di bala. O a lemoga gore tiro eno e ntsi thata. O wela mo seraing sa go e beela nako e e tlang. Go na le gore a ithute, o lebelela thelebishene. Letsatsi le letsatsi o ntse a busetsa morago tiro e a tshwanetseng go e dira gore a falole tlhatlhobo. Mme jaanong bosigo jwa pele ga letsatsi la tlhatlhobo o tshwanelwa ke gore a dire tiro eno yotlhe ka bosigo bo le bongwe fela. O nna mo tesekeng ya gagwe a bo a simolola go ithuta.

Go feta diura a ntse a dutse foo a ithuta. Fa maloko a mangwe a lelapa one a robetse, ene o leka ka thata go tshwara ka tlhogo di-equations, di-cosines le di-square roots. Mo letsatsing le le latelang fa a fitlha kwa sekolong, o lwa le go araba dipotso tse tlhaloganyo ya gagwe e e lapileng e sa batleng go di araba. O bona maduo a a kwa tlase thata, mme ga a falole tlhatlhobo eo. O tshwanelwa ke go ithuta dipalo tseo gape mme go ka direga gore a se ka a fetisediwa kwa mophatong o o latelang.

Go busetsa tiro kwa morago go ne ga tsenya moithuti yono mo kotsing. Mme go na le molaomotheo wa Baebele o o ka thusang batho gore ba se ka ba wela mo boemong jo bo ntseng jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng.” (Baefeso 5:15, 16) Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba dirise nako ya bone ka botlhale fa ba dira ditiro tse di direlwang Bogosi, mme molaomotheo oo o ka thusa thata le mo ditirong tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa mo botshelong. E re ka gantsi re kgona go itlhophela gore re tla dira leng tiro e e rileng, re tla nna le matswela a a molemo e bile re tla kgona go dira tiro eo ka bonako fa re tlhopha go simolola go e dira ka nako e e ‘siameng’ kana e e tshwanelang. Fela jaaka temana eno e bontsha, seno ke sone se se tlhaolang batho “ba ba botlhale.”

‘Nako e e siameng’ ya gore moithuti yono yo mosha a simolole go ithutela tlhatlhobo ya gagwe ya dipalo e ne e tla nna efe? Gongwe fa a ne a ka dirisa metsotso e le 15 maitseboa mangwe le mangwe go ithuta, o ne a ka kgona go fetsa. Ka tsela eo, go ne go se kitla go tlhokega gore bosigo jwa pele ga letsatsi la tlhatlhobo ka nako e a ka bong a robetse ka yone, a bo a ntse a leka go tshwara dipalo ka tlhogo. Mo letsatsing la tlhatlhobo, o ne a tla bo a ikhuditse sentle e bile a ipaakantse mme o ne a tla bona maduo a a siameng.

Ka jalo fa o neilwe tiro, batla ‘nako e e siametseng’ tiro eo mme o e dire. Fa o dira jalo ga o kitla o wela mo seraing sa go nna o busetsa tiro kwa morago le matswela a teng. Gape o tla kgotsofadiwa ke tiro e o tla bong o e dirile ka botlalo. Seno se botlhokwa thata fa e le gore tiro e o e dirang e tla ama batho ba bangwe, jaaka fa o dira dikabelo tsa mo phuthegong ya Bokeresete.

Fokotsa Dilo Tse di sa Tlhokegeng

Jaaka go bontshitswe pelenyana, ntlha ya bobedi e e ka re thusang go dirisa nako ya rona sentle ke go fokotsa dilo tse di sa tlhokegeng. Re itse sentle gore go ja nako go rulaganya dilo sentle, go di dirisa, go di phepafatsa, go di boloka le go di batla. Go nna le dilo tse dintsi go tlhoka nako e ntsi. Go bereka mo phaposing kana mo ntlong e e tletseng dilwana go ja nako e ntsi e bile go tlhakanya tlhogo go feta fa o bereka mo phaposing e e bulegileng e sa tlalatlala dilwana. Mo godimo ga moo, fa dilo di ntse di tlala mo phaposing, go tla tlhokega nako e e oketsegileng go batla sengwe mo gare ga tsone.

Bomankge mo tirong ya go phepafatsa ba re mo e ka nnang halofo ya nako e batho ba e dirisang fa ba phepafatsa, ba e senya ba ntse ba “dikologa mo phaposing ba sutisa dilwana le matlakala a a tletsetletseng mo tseleng ya bone.” Go ntse fela jalo le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Ka jalo, fa e le gore o batla go dirisa nako ya gago ka tsela e e molemo, leba lefelo le o nnang mo go lone. A le tletse ka dilo tse di sa tlhokegeng, tse di dirang gore o palelwe ke go suta ka kgololesego mme mo godimo ga tsotlhe di go senyetsa nako? Fa go ntse jalo, fokotsa dilo tse o sa di tlhokeng.

Go latlha dilo tse o sa di tlhokeng go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Go ntsha dilo tse o di ratang, mme gone o sa di tlhoke go thata—go batlile go tshwana le go latlhegelwa ke tsala ya botlhokwa. Ka jalo o ka dira jang tshwetso ya gore o boloke selo se se rileng kana o se latlhe? Bangwe ba dirisa molao ono: Fa o sa dirisa selo ngwaga otlhe, se latlhe. Go tweng fa o sa ntse o okaoka go se latlha le morago ga ngwaga? Se beye mo lefelong le o bolokang dilo mo go lone dikgwedi tse dingwe gape tse thataro. Fa o se leba gape mme o lemoga gore go fetile ngwaga le halofo o sa se dirisa, go ka nna ga nna motlhofo go kgaogana le sone. Go sa kgathalesege gore boemo e ka tswa e le bofe, maitlhomo a gago ke go fokotsa dilwana tse o sa di tlhokeng—le go dirisa nako ya gago ka tsela e e molemo.

Dilo tse di sa tlhokegeng ga se fela tse di mo legaeng la motho kana mo lefelong le a berekelang mo go lone. Jesu o ne a bua ka “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo,” tse di ka ‘hupetsang lefoko’ la Modimo mme tsa dira gore motho “a nne yo o sa ungweng” mo mafokong a a molemo. (Mathaio 13:22) Botshelo jwa motho bo ka tlala ka ditiro tse dintsi tse di sa tlhokegeng mo a feleletsang a thatafalelwa ke go bona nako e a e tlhokang go boloka thulaganyo ya go dira ditiro tsa semoya. Ditlamorago tsa gone ke gore a ka nna a koafala semoyeng mme kgabagare a se ka a kgona go tsena mo lefatsheng le lesha le Modimo a re solofeditseng lone, kwa go tla bong go na le nako e e sa feleng ya go dira dilo tse di lereng kgotsofalo ya mmatota le boitumelo.—Isaia 65:17-24; 2 Petere 3:13.

A ka metlha o iphitlhela o leka go rulaganya nako ya gago gore o dire dilo tsotlhe tse o bonang o tshwanetse go di dira—di ka tswa di amana le tiro ya gago, legae, koloi, boitlosobodutu, maeto, thulaganyo ya go ikatisa, dikokoano tsa boitlosobodutu kana ditiro tse dingwe tse dintsi? Fa go le jalo, gongwe ke nako ya gore o bone kafa o ka fokotsang ka gone dilo tse o sa di tlhokeng gore o nne le nako e e oketsegileng ya go dira ditiro tsa semoya.

Seane se sengwe se se tlwaelegileng sa re, Nako ga e emele ope. E le ruri nako e tsamaya e sa emise jaaka molatswana o o elelang ka bofefo. Ga e ka ke ya busediwa morago kana ya bolokwa; fa e ile, e etse ruri. Le fa go ntse jalo, ka go latela melaometheo mengwe e e motlhofo ya Baebele le go tsaya dikgato di le mmalwa tsa botlhokwa, re ka kgona go laola nako e re e tlhokang go dira “dilo tse di botlhokwa thata” gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng le “gore Modimo a galalediwe a bo a bakwe.”—Bafilipi 1:10, 11.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Nako e tshwana le molatswana o o elelang ka bofefo, e ka dirisediwa tiro e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

‘Nako e e siameng’ ya gore a simolole go ithutela tlhatlhobo ya gagwe ke efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go berekela mo lefelong le le tletseng dithoto go ja nako e ntsi e bile go kgoba marapo