Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Boifa Modimo—“Kotlhao e e Isang Botlhaleng”

Go Boifa Modimo—“Kotlhao e e Isang Botlhaleng”

Go Boifa Modimo—“Kotlhao e e Isang Botlhaleng”

BOTLHALE jwa boammaaruri bo rulagantse moletlo o mogolo. Bo “rometse bahumagatsana ba jone ba ba bo tlhokomelang, gore bo tle bo tlhaeletse kwa godimo ga motse: ‘Le fa e le mang yo o se nang maitemogelo, a a fapogele fano.’ Le fa e le mang yo o seng botlhale—o mo reile a re: ‘Tlang, lo iphepe ka senkgwe sa me lo bo lo nne le seabe mo go nweng beine e ke e tlhakantseng. Tlogelang ba ba se nang maitemogelo mme lo tswelele lo tshela, lo tsamaye lo tlhamaletse mo tseleng ya tlhaloganyo.’”—Diane 9:1-6.

Go jela mo tafoleng ya botlhale ga go ke go leretse motho sepe se se bosula kana se se kotsi. Go reetsa botlhale jwa Modimo jo bo mo dianeng tse di tlhotlheleditsweng le go amogela kgalemelo ya jone go leretse motho matswela a a molemo fela. Go ntse jalo le ka mafoko a a botlhale a a kwadilweng mo go Diane 15:16-33. * Go sekegela tsebe kgakololo ya mafoko ano a makhutshwane go ka re thusa go kgotsofalela bonnye jo re nang le jone, ga re thusa go gatela pele le go itumelela botshelo. Go dira jalo gape go ka re thusa go dira ditshwetso tse di molemo e bile go ka re thusa go nna re le mo tseleng e e isang botshelong.

Fa go Nna Le go Le Gonnye go le Botoka

Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo a re: “Go botoka go nna le mo gonnye o boifa Jehofa go na le go nna le letlepu le le nang le tlhakatlhakano.” (Diane 15:16) Ke boeleele go itlhokomolosa Mmopi mme o gagamalela go dira gore dikhumo e nne tsone di tlang pele mo botshelong. Botshelo jo bo ntseng jalo bo tletse ka ditiro tse dintsi tsa go lapisega le go tlhobaela. A bo go swabisa jang go lemoga o setse o tsofetse gore tsela yotlhe ya botshelo jwa gago e ne e le e e sa kgotsofatseng le e e se nang mosola! Ruri ga go botlhale go kgobokanya dikhumo di le dintsi tse di nang le “tlhakatlhakano.” A bo go ne go ka nna botoka jang gore motho a ithute sephiri sa kgotsofalo le go tshela ka sone! Kgotsofalo ya mmatota e bonwa ka go boifa Jehofa—mo kamanong ya rona le ene—e seng ka go nna le dikhumo.—1 Timotheo 6:6-8.

Solomone o ne a bua jaana a gatelela gore go nna le kamano e e molemo le batho ba bangwe go botlhokwa thata go na le go nna le dithoto di le dintsi: “Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng go na le poo e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa mme go na le letlhoo.” (Diane 15:17) Ee, go nna le kamano ya lorato mo lelapeng go botlhokwa go feta go nna le letlepu la dijo. Lelapa la motsadi yo o nosi le ka nna la bo le tlhoka dilo dingwe. Mo dinageng dingwe motho a ka kgona go nna fela le dijo tsa go buga legaba. Lefa go ntse jalo, lelapa le a itumela mo tikologong e go nang le moya wa lorato mo go yone.

Tota le mo malapeng a gantsi go nang le moya wa lorato mo go one, go ka tlhaga maemo a a thata. Mongwe mo lelapeng a ka bua kana a dira sengwe se se kgopisang yo mongwe. Yo o kgopisitsweng o tshwanetse go itshwara jang? Diane 15:18 ya re: “Motho yo o galefileng o tsosa manganga, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.” Karabo e e bonolo, e seng e e bogale, e dira gore go nne le kagiso le kutlwano. Kgakololo ya seane seno e thusa ka tsela e e tshwanang le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo, go akaretsa le mo ditirong tsa phuthego le mo bodireding jwa phatlalatsa.

Fa ‘Tsela e Tlhomilwe’

Seane se se latelang se supa pharologano fa gare ga motho yo o sa sekegelang botlhale tsebe le yo o bo sekegetseng tsebe. Kgosi e e botlhale ya re: “Tsela ya setshwakga e tshwana le legora la mongana, mme tselana ya bathokgami ke tsela e e tlhomilweng.”Diane 15:19.

Legora la mongana ke legora le le dimitlwa le le tlhabang. Setshwakga se akanya ka mefuta yotlhe ya dikgoreletsi mme se bo se di dirisa e le seipato sa go se dire tiro nngwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba siameng ga ba tshwenyege ka dilo tse di ka nnang tsa ba kgoreletsa. Ba dira tiro ya bone ka natla mme ba tlhoma mogopolo mo go se ba se dirang. Ka go dira jalo ba tila mathata a mantsi a a tshwanang le dimitlwa a ba neng ba ka rakana le one fa ba ne ba sa tlhagafala. Tsela ya bone e ‘tlhomilwe,’ ke go re, e gatelapele. Ba gatela pele mo tirong ya bone mme ba itumelela katlego ya yone.

Ka sekai, akanya ka kgang ya go nna le kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo le go gatela pele go fitlha o gola semoyeng. Seno se tlhoka motho maiteko. Go ka nna motlhofo gore motho a dirise go se rutege, go se kgone go bala sentle, kgotsa go lebala dilo motlhofo e le seipato sa go se ithute Baebele ka tlhoafalo. A bo go ne go ka nna botoka jang gore motho a se letle dilo tse di ntseng jalo go nna dikgoreletsi mo go nneng le kitso! Tota le fa re se na bokgoni jo bo kalo, re sa ntse re ka dira maiteko a magolo go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bala le go tlhaloganya se re se balang, gongwe ka go dirisa didikishinare fa go tlhokega. Go nna le maikutlo a a siameng go tla re thusa go nna le kitso le go gatela pele semoyeng.

Fa ‘Rre a Ipela’

Kgosi ya Iseraele ya re: “Morwa yo o botlhale ke yo o ipedisang rraagwe, mme motho yo o sematla o nyatsa mmaagwe.” (Diane 15:20) A batsadi ga ba itumele fa bana ba bone ba dira dilo ka botlhale? Ke boammaaruri gore go tlhoka batsadi gore ba thapise bana ba bone le go ba otlhaya gore ba kgone go dira dilo ka botlhale. (Diane 22:6) Le fa go ntse jalo, a bo morwa yo o botlhale a leretse batsadi ba gagwe boipelo jo bogolo jang ne! Mme yo o seeleele o ba leretse mahutsana a a sa feleng.

Fa kgosi eno e e botlhale e dirisa lefoko “boipelo” ka tsela e sele ya re: “Boeleele ke boipelo mo go yo o seng botlhale, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tlhamalalang fela.” (Diane 15:21) Batho ba ba se nang tlhaloganyo ba itumelela setshego sa boeleele le boitumelo jo bo sa leretseng motho kgotsofalo kana boitumelo jwa mmatota. Le fa go ntse jalo, motho yo o nang le temogo o kgona go lemoga boeleele jwa go nna ‘morati wa menate go na le go nna morati wa Modimo.’ (2 Timotheo 3:1, 4) Go kgomarela melaometheo ya Modimo go mo thusa go nna a dira dilo ka tshiamo le go tlhamalatsa tselana ya gagwe.

Fa “Go na Le se Se Fitlhelelwang”

Go tshela ka melaometheo ya Modimo go lere melemo le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa rona. Diane 15:22 ya re: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.”

Puo ya sephiri ke go bua le motho mo sephiring mme o bua le ene o sa fitlhe sepe. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “puo ya sephiri” le ranotswe e le ‘setlhopha se se atamalaneng’ mo go Pesalema 89:7. Seno se bontsha go buisana ka tsela ya go bulelana mafatlha. Puisano ya sephiri ke go bolelelana megopolo le maikutlo a a kwa teng, e seng o bua fela go fetisa nako. Fa banna le basadi le batsadi le bana ba buisana jalo ka kgololesego, go nna le kagiso le kutlwano gareng ga bone. Mme go se nne le puisano e e ntseng jalo go baka mathata le dikgotlhang mo lelapeng.

Fa re dira ditshwetso tse di botlhokwa, go molemo gore re sekegele tsebe kgakololo eno: “Go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” Ka sekai, fa re senka kalafi, a ga go molemo gore re senke kgakololo ya ngaka ya bobedi kgotsa ya boraro, segolo bogolo fa tshwetso eo e le masisi thata?

Go botlhokwa fela thata go nna le bagakolodi ba le bantsi mo dilong tsa semoya. “Go na le se se fitlhelelwang” fa bagolwane ba buisana le go dirisa ka botlalo botlhale jwa setlhopha sotlhe sa bone. Mo godimo ga moo, balebedi ba ba sa tswang go tlhomiwa ga ba a tshwanela go okaoka go senka kgakololo ya bagolwane ba ba godileng le ba ba nang le maitemogelo, segolobogolo fa ba tshwanelwa ke go dira maikarabelo mangwe a a boima.

Fa go Na le “Go Ipela mo Karabong”

Go ka nna le molemo ofe fa motho a bua mafoko a a nang le temogo? Kgosi ya Iseraele ya re: “Motho o a ipela mo karabong ya molomo wa gagwe, mme a bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!” (Diane 15:23) A ga re itumele fa karabo ya rona kana kgakololo ya rona e tsewa mme e tlhagisa matswela a a molemo? Le fa go ntse jalo, gore kgakololo ya rona e nne molemo, e tshwanetse ya tsamaisana le dilo tse pedi tse di tlhokegang.

Sa ntlha, e tshwanetse go ikaega gotlhelele ka Lefoko la Modimo, Baebele. (Pesalema 119:105; 2 Timotheo 3:16, 17) Go tswa foo, e tshwanetse go buiwa ka nako e e siameng. Tota le mafoko a a boammaaruri a ka gobatsa fa a sa buiwe ka nako e e siameng. Ka sekai, go naya motho kgakololo o ise o reetse sotlhe se a batlang go se tlhalosa ga go botlhale e bile ga go thuse. A bo go le botlhokwa jang gore re nne “bonako go utlwa, bonya go bua”!—Jakobe 1:19.

“Tselana ya Botshelo e ya Kwa Godimo”

Diane 15:24 ya re: “Tselana ya botshelo e ya kwa godimo mo go yo o dirang ka temogo, gore e fapoge Sheole kwa tlase.” Motho yo o dirang dilo ka temogo o mo tseleng e e tla mo faposang go ya kwa Sheole, lebitla le le tlwaelegileng la batho. O tila mekgwa e e kotsi e e jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go se dirise diokobatsi sentle le botagwa—mme ka go dira jalo a tila go swa pele ga nako. Tselana ya gagwe e isa kwa botshelong.

Ela tlhoko kafa tsela ya ba ba se nang temogo e farologanang le eo ka teng: “Jehofa o tla rutlolola ntlo ya baikgodisi, mme o tla baakanya molelwane wa motlholagadi. Maano a yo o bosula ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme mafoko a a monate a phepa. Yo o dirang poelo e e sa siamang o tlisetsa ntlo ya gagwe matlhabisa ditlhong, mme yo o tlhoileng dimpho [pipamolomo] ke ene yo o tla tswelelang a tshela.”Diane 15:25-27.

Fa kgosi ya Iseraele e re bontsha tsela ya go tila serai se batho ba le bantsi ba welang mo go sone a re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.” (Diane 15:28) A bo kgakololo ya seane seno e le botlhokwa jang ne! Dikarabo tsa boeleele le tse di se nang tlhaloganyo tse di buiwang fela go sa akanngwe pele, ga di ke di felela ka sepe se se molemo. Fa re akanyetsa dilo tse di farologaneng tse di ka amang kgang e re e akanyetsang, go akaretsa le maemo le maikutlo a batho ba bangwe, go ka se ka ga direga gore re iphitlhele re buile sengwe se moragonyana re se ikwatlhaelang.

Mme gone, melemo ya go boifa Modimo le go amogela kgalemelo ya gagwe ke efe? Monna yo o botlhale o araba jaana: “Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa thapelo ya basiami.” (Diane 15:29) Modimo wa boammaaruri ga a atamalane le baikepi. Baebele ya re: “Yo o faposang tsebe ya gagwe mo go utlweng molao—le thapelo ya gagwe ke selo se se makgapha.” (Diane 28:9) Batho ba ba boifang Modimo mme ba leka ka bojotlhe go dira se se siameng, ba ka mo atamela ka kgololesego, ba na le tsholofelo ya gore o tla ba utlwa.

Se se ‘Ipedisang Pelo’

Fa Solomone a dirisa pharologanyo e e dirang gore motho a akanye a re: “Phatsimo ya matlho e ipedisa pelo; pego e e molemo e nontsha marapo.” (Diane 15:30) Marapo a ‘nontshiwa’ ke go nna le mooko o montsi. Seno se dira gore mmele otlhe o nne le nonofo le go dira gore pelo e itumele. Mme boipelo jwa pelo bo bonala ka matlho a a phatsimang. Pego e e molemo e nna le matswela a a ntseng jalo!

A dipego tsa koketsego e e nang teng mo kobamelong ya ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ga di re kgothatse ka tsela e e ntseng jalo? Ruri go utlwa ka katlego e e nang gone mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa go a re nonotsha gore re nne le seabe se segolo mo bodireding. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Maitemogelo a batho ba ba dirang Jehofa go nna Modimo wa bone le go ikamanya le kobamelo ya boammaaruri a dira gore dipelo tsa rona di ipele. E re ka ‘pego e e molemo e e tswang kwa nageng e e kgakala’ e na le tlhotlheletso e kgolo, a bo go le botlhokwa thata jang gore re bege tiro ya rona mo bodireding ka tsela e e tshwanetseng le e e boammaaruri!—Diane 25:25.

“Go na le Boikokobetso Pele ga Kgalalelo”

Fa kgosi e e botlhale e gatelela botlhokwa jwa go amogela kgalemelo mo maemong a a farologaneng ya re: “Tsebe e e reetsang kgalemelo ya botshelo e nna mo gare ga batho ba ba botlhale. Ope fela yo o tilang kotlhao o gana moya wa gagwe, mme yo o reetsang kgalemelo o bapala pelo.” (Diane 15:31,32) Kgalemelo kana kotlhao, e ama pelo ya motho le go e baakanya, e mo dira gore a nne le pono e e siameng. Ke gone ka moo “thupa ya kotlhao” e leng yone e e tlosang ‘boeleele jo bo bofeletsweng mo pelong ya mosimane’! (Diane 22:15) Motho yo o reetsang kotlhao o nna le pelo, ke go re, o nna le maitlhomo a a siameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, go gana kotlhao ke go gana botshelo.

Ee ruri, go re solegela molemo fa re amogela botlhale jwa kotlhao mme re bo amogela ka boikokobetso. Go dira jalo ga go felele fela ka kgotsofalo, kgatelopele, boipelo le katlego mme gape go felela ka kgalalelo le botshelo. Diane 15:33 e konela jaana: “Go boifa Jehofa ke kotlhao e e isang botlhaleng, mme go na le boikokobetso pele ga kgalalelo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona ditlhaloso tse di feletseng tsa Diane 15:1-15, bona Tora ya Tebelo ya July 1, 2006, ditsebe 13-16.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go nna le moya wa lorato mo lelapeng go molemo bogolo go go nna le letlepu la dijo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Le fa re na le dilo tse di ka re kgoreletsang go nna le kitso, go nna le maikutlo a a siameng go ka re thusa go nna le yone

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Puo ya sephiri ke go bolelelana megopolo le maikutlo a a kwa teng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

A o itse gore “pego e e molemo e nontsha marapo” ka tsela efe?