Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go ka Kgonega Gore Batho Botlhe ba Nne le Seriti

Go ka Kgonega Gore Batho Botlhe ba Nne le Seriti

Go ka Kgonega Gore Batho Botlhe ba Nne le Seriti

“Re tshwanetse go dira lefatshe le lesha—lefatshe le le botoka thata—le mo go lone motho a tla nnelang le seriti ruri.”—PORESIDENTE WA UNITED STATES HARRY TRUMAN, KWA SAN FRANCISCO, KWA CALIFORNIA, U.S.A., APRIL 25, 1945.

JAAKA batho ba bantsi morago ga Ntwa ya Lefatshe II ba ne ba dumela, Poresidente Truman o ne a dumela gore batho ba ka ithuta mo dilong tse di diregileng mo hisitoring mme ba dire gore go nne le “lefatshe le lesha” le mo go lone mongwe le mongwe a tla nnang le seriti. Se se utlwisang botlhoko ke gore, dilo tse di diragetseng bosheng di bontsha gore seno ga se a direga. ‘Seriti se se nnelang ruri sa batho’ se ntse se tsweletse se gatakwa ka gonne modi wa bothata ga se batho, mme ke mmaba yo mogolo wa batho.

Se se Bakang Bothata

Baebele ya re mmaba yono ke Satane Diabolo, sebopiwa se se bosula sa moya, se se sa bolong go gwetlha tshwanelo ya Modimo ya go busa go tswa kwa tshimologong. Fa Satane a ne a bua le Efa kwa tshingwaneng ya Edene, maikaelelo a gagwe e ne e le go faposetsa batho kgakala le go direla Mmopi wa bone. (Genesise 3:1-5) Akanya fela kafa Adame le Efa ba ileng ba nna le diphelelo tse di maswe thata ka teng ka go ineela mo go Diabolo! Phelelo ya go sa utlwe molao wa Modimo malebana le leungo le le neng le ileditswe e ne ya nna gore boobabedi ba ne “ba ya go iphitlhela sefatlhego sa ga Jehofa Modimo.” Ka ntlha yang? Adame o ne a re: “Ke ne ke boifa ka gonne ke ne ke sa ikatega mme ka jalo ka iphitlha.” (Genesise 3:8-10) Kamano ya ga Adame le Rraagwe wa selegodimo le tsela e ene Adame a neng a iteba ka yone e ne ya fetoga. O ne a tlhabiwa ke ditlhong e bile a sa phuthologa fa a bua le Jehofa.

Ke ka ntlha yang fa Diabolo a ne a ka batla gore Adame a ikutlwe a se na seriti? Ke ka gonne motho o dirilwe mo setshwanong sa Modimo, mme Satane a ka itumelela go mmona a itshwara ka tsela e e sa galaletseng Modimo. (Genesise 1:27; Baroma 3:23) Seno se re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba digilwe seriti thata jaana. Jaaka Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” o rotloetsa moya ono “mo nakong e motho a laotseng motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (2 Bakorintha 4:4; Moreri 8:9; 1 Johane 5:19) A seno se raya gore batho ba ka se tsoge ba nnile le seriti gape?

Jehofa o Dira Gore Batho ba Gagwe ba Nne le Seriti

Akanya gape kafa maemo a neng a ntse ka teng kwa tshimong ya Edene pele ga Adame le Efa ba leofa. Ba ne ba na le dijo tse dintsi, tiro e e kgotsofatsang e bile ba na le tsholofelo ya go tshela ba itekanetse, ba tshelela ruri bone le bana ba bone. (Genesise 1:28) Tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e bontsha sentle gore Modimo o na le maikaelelo a a lorato ka batho e bile e le a a tla dirang gore ba nne le seriti.

A tsela e Jehofa a lebang go nna le seriti ga batho ka teng e ne ya fetoga fa Adame le Efa ba ne ba leofa? Nnyaa. O ne a ba akanyetsa fa ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong ka gonne ba ne ba sa ikatega. Ka lorato, Modimo o ne a ba naya “diaparo tse di telele tsa letlalo” gore ba dirise tsone mo boemong jwa matlhare a difeige a ba neng ba a rokagantse gore ba a apare. (Genesise 3:7, 21) Go na le gore Modimo a ba tlogele ba tlhabiwa ke ditlhong jalo, o ne a ba tshwara ka tsela e e ba nayang seriti.

Moragonyana fa Jehofa a ne a dirisana le setšhaba sa Iseraele, o ne a utlwela botlhoko dikhutsana, batlholagadi le baagi ba baeng—batho ba gantsi ba neng ba sotlwa. (Pesalema 72:13) Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba roba dijalo tsa bone tsa dijo tsa ditlhaka, ba photha ditlhare tsa bone tsa motlhware, le fa ba ne ba fula mo masimong a bone a morara, ba ne ba boleletswe gore ba se ka ba boa ba ya go ronopa se se setseng. Go na le moo, Modimo o ne a laetse gore se se ronopiwang se “salele moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi.” (Duteronome 24:19-21) Fa melao eno e latelwa, e ne e dira gore go se ka ga nna le bakopi mme e naya le batho ba ba neng ba humanegile thata tiro e e tlotlegang.

Jesu O ne A Dira Gore Batho ba Nne le Seriti

Fa Morwa Modimo, Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a rata gore batho ba bangwe ba nne le seriti. Ka sekai, fa a ne a le kwa Galalea, go ne ga tla monna mongwe kwa go ene a gateletswe ke bolwetse jwa lepero. Go ya ka Molao wa ga Moshe, molepero o ne a tshwanetse go goa a re: “Boitshekologo, boitshekologo!” gore a seka a tshela ba bangwe bolwetse. (Lefitiko 13:45) Le fa go ntse jalo, monna yono ga a ka a goa fa a ne a tla kwa go Jesu. O ne a wa ka sefatlhego mme a kopa Jesu: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” (Luke 5:12) Jesu o ne a dirang? Jesu ga a ka a otlhaya monna yoo ka gonne a ne a robile Molao, e bile ga a ka a mo tlhokomologa. O ne a tshwara molepero yoo ka tsela e e nang le seriti ka go mo ama a bo a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.”—Luke 5:13.

Ka makgetlho a mangwe Jesu o ne a bontsha gore o na le bokgoni jwa go fodisa a sa ame motho—ka dinako tse dingwe o ne a kgona go fodisa motho a le kgakala le ene. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno o ne a ama molepero yono. (Mathaio 15:21-28; Mareko 10:51, 52; Luke 7:1-10) Ka gonne monna yono a ne a ‘tletse lepero’ go bonala sentle gore o ne a na le nako e telele a sa ame ope e bile a sa amiwe ke ope. O tshwanetse a bo a ne a itumela tota go boa a amiwa ke motho yo mongwe! O ne a batla fela go fodisiwa lepero, o ne a sa lebelela go amiwa. Le fa go ntse jalo, tsela e Jesu a neng a mo fodisa ka yone e ne ya mo naya sengwe se a neng a sa tlhole a na le sone—seriti. A go a utlwala go dumela gore gompieno go ka nna le batho ba ba amegang jalo ka seriti sa batho ba bangwe? Fa e le gore go ntse jalo, go ka dirwa jang?

Molao o o Dirang Gore Batho ba Nne le Seriti

Jesu o ne a bua sengwe se batho ba bantsi ba tsayang e le tao e e itsegeng go di feta tsotlhe e e malebana le ditirisano tsa batho: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Molao ono wa Sekagouta, jaaka gantsi o bidiwa, o dira gore motho a tlotle yo mongwe, mme le ene a lebeletse se se tshwanang.

Jaaka dilo tse di setseng di diragetse di bontsha, go dirisa molao ono ga go motlhofo le e seng. Monna mongwe yo re tla mmitsang Harold a re: “Nkile ka bo ke rata go nyenyefatsa ba bangwe. Ke ne ke kgona go bua mafoko a sekae fela mme ke bo ke ba galefisa, ke dira gore ba tlhajwe ke ditlhong, mme ka dinako tse dingwe ba bo ba seke le dikeledi.” Mme go ne ga direga sengwe se se neng sa thusa Harold go fetola tsela e a neng a tshwara batho ba bangwe ka yone. “Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ne ba simolola go nketela. Ke tlhabiwa ke ditlhong fa ke akanya ka dilo tse ke neng ke tle ke di ba reye le tsela e ke neng ke tle ke ba tshware ka yone. Mme ga ba a ka ba itlhoboga, e bile ka bonya ka bonya dilo tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng di ne tsa nkama pelo mme tsa ntlhotlheletsa gore ke fetoge.” Gompieno, Harold kemogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Se se diragaletseng Harold ke bosupi jwa gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Lefoko la Modimo le na le maatla a go ama pelo ya motho le go fetola tsela e a akanyang ka yone le e a itshwarang ka yone. Eno ke yone tsela ya go naya ba bangwe seriti—go rata ka dipelo tsa rona tsotlhe go ba thusa go na le go ba utlwisa botlhoko, go ba tlotla go na le go ba nyenyefatsa.—Ditiro 20:35; Baroma 12:10.

Batho ba Tla Boa ba Nna le Seriti Gape

Keletso eo ke yone e e tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa gore ba bue le ba bangwe ka tsholofetso e e molemolemo ya Baebele. (Ditiro 5:42) Ga go na tsela e e molemolemo ya go tlotla le go naya mong ka wena seriti go feta go mmolelela “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” (Isaia 52:7) “Sengwe se se botoka” se akaretsa go apara “botho jo bosha,” jo bo tla bolayang “keletso e e utlwisang botlhoko” ya go diga ba bangwe seriti. (Bakolosa 3:5-10) Gape seo se akaretsa maikaelelo a Modimo a gore go ise go ye kae o tlile go fedisa maemo le mekgwa e e digang batho seriti, mmogo le motlhotlheletsi, Satane Diabolo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 20:1, 2, 10) Batho botlhe ba tla nna le seriti ka nako eo fela fa lefatshe le ‘tletse kitso ya ga Jehofa.’—Isaia 11:9.

Re go kopa gore o ithute ka tsholofetso eo e e molemolemo. O tla iponela ka bowena gore go dirisa melaometheo ya Baebele go naya ba bangwe seriti, fa o kopanela mmogo le Basupi ba ga Jehofa. E bile o tla ithuta kafa Bogosi jwa Modimo bo leng gaufi ka teng le go tlisa ‘lefatshe le lesha le le botoka thata’ le mo go lone “motho a tla nnelang le seriti ruri” e bile se se na go tsamaya se tlhokomologiwa gape.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go Ikanyega Go ne Ga Dira Gore ba Nne Ba na Le Seriti

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba feta 2 000 ba ne ba tsenngwa mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi ka ntlha ya se ba se dumelang. Gemma La Guardia Gluck, yo a kileng a tsenngwa mo kgolegelong kwa Ravensbrück, o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe My Story fa a ne a tlhalosa tsela e e tlhomologileng e ba neng ba bontsha boikanyego jwa bone ka yone: “Go na le nako e mapodise a Gestapo a neng a dira kitsiso ya gore Moithuti ope fela wa Baebele yo o ka itatolang tumelo a bo a saenela seo o ne a tla gololwa mme o ne a ka se tlhole a bogisiwa gape.” O ne a kwala jaana ka ba ba neng ba gana go saenela gore ba itatola tumelo ya bone: “Ba ne ba tlhopha gore ba tswelele ba boga mme ba eme ka bopelotelele ba lete letsatsi le ba tla gololwang ka lone.” Ke ka ntlha yang fa ba ne ba dira jalo? Magdalena, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, yo jaanong a nang le dingwaga di feta 80, a re: “Go ikanyega mo go Jehofa go ne go le botlhokwa thata go feta go dira le fa e le eng fela gore re tswelele re tshela. Re ne re tshwanetse go nna re ikanyega gore re tswelele re na le seriti.” *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Gore o kgone go bala ka sotlhe se se neng sa diragalela lelapa loora Kusserow, bala Tora ya Tebelo ya September 1, 1985, tsebe 10-15.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a tshwara batho ba a neng a ba alafa ka tsela e e nang le seriti

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara batho ba bangwe ka tsela e e nang le seriti ka go ba bolelela “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka”