Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgabagare Lelapa la Rona Le ne La Nna Seoposengwe!

Kgabagare Lelapa la Rona Le ne La Nna Seoposengwe!

Kgang ya Botshelo

Kgabagare Lelapa la Rona Le ne La Nna Seoposengwe!

JAAKA GO BOLETSE SUMIKO HIRANO

Ke ne ke bone tsela e e molemolemo ya go tshela mme ke ne ke batla gore monna wa me a e itumelele le nna. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le 42 pele seo se ka direga.

NNA le monna wa me re ne ra nyalana ka 1951, fa ke ne ke na le dingwaga di le 21. Mo dingwageng di le nnè fela, re ne re na le barwa ba le babedi mme botshelo jwa rona bo ne bo lebega bo itumedisa tota.

Letsatsi lengwe ka 1957, nkgonne o ne a mpolelela gore o ntse a etelwa ke mosadi mongwe yo e leng morongwa wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa ene e ne e le Mobuda, o ne a simolola go ithuta Baebele le morongwa yono mme a nkgothaletsa gore le nna ke ithute Baebele. Ke ne ka dumela. Ke ne ke tsena kereke ya Porotesetanta, ka jalo ke ne ke akanya gore ke ne ke tla kgona go bona diphoso mo dithutong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore tota ke ne ke se na kitso e e kalo ka Baebele. Ke ne ka tshwanelwa ke go botsa morongwa yono gore, “Jehofa ke mang?” Ke ne ke ise ke tsamaye ke utlwe leina leo le dirisiwa mo kerekeng ya me. Morongwa e bong Daphne Cooke (moragonyana o ne a nna Daphne Pettitt) o ne a re ke bale Isaia 42:8, e e buang ka tlhamalalo gore Jehofa ke leina la Modimo Mothatayotlhe. Daphne o ne a araba dipotso tsa me tsotlhe a dirisa Baebele.

Ke ne ka botsa moruti wa me tsone dipotso tse ke di boditseng morongwa yono. O ne a nthaya a re: “Go botsa dipotso ke boleo. Dumela fela se o se bolelelwang.” Le fa gone ke ne ke sa tseye gore go botsa dipotso go phoso, ke ne ka fetsa dikgwedi di le thataro ke ya kerekeng Sontaga mongwe le mongwe mo mosong mme thapama ke ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kafa Seno se Neng sa Ama Lenyalo La me Ka Gone

Se ke neng ke ithuta sone mo Baebeleng se ne se nkgatlha tota mme ke ne ka se bolelela monna wa me e bong Kazuhiko. Morago ga go ithuta le morago ga pokano nngwe le nngwe ke ne ke mo tlotlela se ke ithutileng sone. Seno se ne sa dira gore go se tlhole go nna monate jaaka pele magareng ga rona. O ne a sa batle ke nna Mosupi wa ga Jehofa. Mme gone ke ne ke itumelela go ithuta Baebele thata mo e leng gore ke ne ka tswelela go ithuta le go kopanela le Basupi.

Pele ke ya dipokanong mo maitseboeng a go neng go tshwarwa dipokano mo go one, ke ne ke apeela Kazuhiko dijo tse a di ratang thata, le fa go ntse jalo, o ne a di tlogela a bo a ya go ja kwa resetšhurenteng. Fa ke boela gae morago ga dipokano, ke ne ke mo fitlhela a ngadile e bile a sa batle go mpuisa. Morago ga malatsi a le mabedi kana a le mararo, o ne a siama mme e bo e setse e le nako ya gore ke ye dipokanong gape.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa thiibi, jo bo neng bo setse bo bolaile maloko a le mmalwa a losika lwa monna wa me. Kazuhiko o ne a tshwenyegile thata, mme a mpolelela gore fa nka nna botoka ke tla dira sengwe le sengwe se ke se ratang. Ke ne ka mo kopa gore fa a ka tlogela fela go nthibela go ya dipokanong tsa beke le beke. O ne a dumela.

Ke ne ka tsaya dikgwedi di le thataro go fola, mme ka nako eo ke ne ke ithuta Baebele ka mo go tseneletseng. Ke ne ke batla mo e keteng dithuto tsa Basupi di a ganetsana mme ke ipolelela gore fa nka fitlhela le fa e le nngwe fela e e ganetsanang ke tlile go emisa go ithuta. Ga ke a ka ka fitlhela sepe. Go na le moo, diphoso tsa Kereke ya Porotesetanta di ne tsa nna mo mpaananeng. Ke ne ka simolola go itse ka lorato lwa ga Jehofa le tshiamiso ya gagwe mme ka bona matswela a a molemo a go tshela go dumalana le melao ya gagwe.

Fa ke sena go nna botoka, monna wa me o ne a boloka tsholofetso ya gagwe mme a se ka a nkganetsa go ya dipokanong. Ke ne ka nna ke gola semoyeng, mme ka May 1958 ke ne ka kolobediwa mme ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke eletsa tota gore ba lelapa la me ba obamele Modimo wa boammaaruri le nna.

Go Thusa Banake Semoyeng

Ka metlha bomorwaake ba ne ba ya le nna dipokanong le kwa tirong ya go rera, mme dilo dingwe tse di neng tsa direga di ne tsa mpontsha gore kitso ya bone ya Baebele e ne e ntse e gola. Letsatsi lengwe morwaake wa dingwaga di le thataro e bong Masahiko, o ne a tshameka kafa ntle ga ntlo. Ke ne ka utlwa modumo o mogolo mme mongwe o ne a goa. Moagelani o ne a tabogela mo ntlong ya me a goa a re morwaake o thutswe ke koloi. A o ne a sule? Ke ne ka leka go ritibala mo maikutlong fa ke tabogela kwa ntle. Fa ke bona tsela e baesekele ya gagwe e neng e sugakane ka yone ke ne ka roroma, mme ke ne ka mmona a tla kwa go nna a gobetse go se kae fela. O ne a ntlamparela mme a re: “Mama, Jehofa o nthusitse, a ga go jalo?” Fa ke mmona a tshela e bile a bua mafoko ao a a monate ke ne ka lela.

Letsatsi lengwe fa re le mo bodireding re ne ra kopana le monnamogolo yo o neng a goa a re: “Tota o akanya gore o dirang o gogagoga ngwana jaana? Ruri ke mo utlwela botlhoko.” Pele nka araba, ke fa Tomoyoshi yo o nang le dingwaga di le robedi a re: “Rremogolo, mmè ga a mpateletse go ya go rera. Ke rera gonne ke batla go direla Jehofa.” Monnamogolo o ne a re leba fela a feletswe ke mafoko.

Fa re tla mo dilong tsa semoya, basimanyana ba me e ne e le bana ba ba se nang rre. Ke nna ke neng ke tshwanetse go ba ruta boammaaruri jwa Baebele, le mororo le nna ke ne ke sa ntse ke na le mo gontsi go go ithuta. Ke ne ka leka ka natla go godisa lorato, tumelo le tlhoafalo ya me mme ke leka le go ba tlhomela sekao se se molemo. Letsatsi le letsatsi ke ne ke rapela Jehofa le banake. Ke ne ke ba tlotlela maitemogelo a ke neng ke nna le one mo tirong ya go rera. Seno se ne sa ba kgothatsa. Fa moragonyana ba bodiwa gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba nna babulatsela kana badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba nako e e tletseng ba ne ba araba jaana: “Re ne ra lemoga gore mmaarona o ne a itumetse tota mo tirong ya bobulatsela ka jalo le rona re ne re batla go itumela.”

Ke ne ke leka ka natla gore ke se ka ka bua dilo tse di sa tshwanelang ka rraabone kana ka motho ope mo phuthegong. Ke ne ke lemogile gore go bua dilo tse di sa tshwanelang go ka ama banake ka tsela e e maswe. Ba ka nna ba feleletsa ba se tlhole ba tlotla motho yo go buiwang maswe ka ene le ene yo o buang maswe ka ba bangwe.

Go Fenya Dikgoreletsi Gore ke Kgone go Gatela Pele

Ka 1963, tiro e monna wa me a neng a e dira e ne ya tlhoka lelapa la rona gore le fudugele kwa Taiwan. Monna wa me o ne a nthaya a re fa nka fitlha ka rerela Bajapane fa re goroga koo, seno se ka baka mathata. Re ne re tla busediwa kwa Japane mme seno se ne se tla bakela khampani ya gagwe mathata. O ne a batla go re kgaoganya le Basupi.

Basupi ba kwa Taiwan ba dipokano tsa bone tsotlhe di tshwarwang ka Se-China, ba ne ba re amogela ka diatla tsoopedi. Ke ne ka swetsa ka gore ke ithute Se-China gore ke kgone go rerela batho ba mo lefelong leo go na le go rerela Bajapane. Ka tsela eo ke ne ke tla tila mathata a monna wa me a neng a a umakile.

Go tsalana le Basupi ba Taiwan go ne ga re nonotsha. Banyalani bangwe ba barongwa e bong Harvey le Kathy Logan ba ne ba re thusa thata. Mokaulengwe Logan o ne a nna rre wa semoya wa basimanyana ba me. O ne a ba bontsha gore go direla Jehofa ga se botshelo jo bo se nang boitumelo le jo bo thata. Ke dumela gore basimanyana ba me ba ne ba dira tshwetso ya go direla Jehofa fa re le kwa Taiwan.

Tomoyoshi le Masahiko ba ne ba ya kwa sekolong sa Baamerika kwa ba neng ba ithuta Seesemane le Se-China teng. Thuto eo e ne ya ba tlhomelela gore mo isagweng ba kgone go nna badiredi ba Modimo wa boammaaruri Jehofa. Ke leboga Jehofa thata go bo a ne a fetola nako e go neng go lebega e tla nna boima gore e nne e e nang le masego a a nnelang ruri. Morago ga dingwaga di le tharo le halofo tse di sa lebalesegeng kwa Taiwan, lelapa la rona le ne la boela Japane.

Basimane ba me jaanong e ne e setse e le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome mme ba ne ba batla go itaola. Ke ne ka fetsa diura di le dintsi ke tlotla le bone ka melaometheo ya Baebele mme Jehofa o ne a nthusa mo nakong eo e e thata. Fa Tomoyoshi a fetsa kwa sekolong se segolwane, o ne a nna mmulatsela. Mo dingwageng tsa gagwe tsa ntlha tsa go bula tsela, o ne a kgona go thusa batho ba le banè gore ba ineele mo go Jehofa ba bo ba kolobediwe. Masahiko o ne a latela sekao sa ga mogolowe mme a simolola go bula tsela fela fa a tswa mo sekolong sa sekontari. O ne a thusa basha ba le banè gore ba nne Basupi mo dingwageng tsa gagwe tsa ntlha tse nnè e le mmulatsela.

Jehofa o ne a segofatsa banake le eleng go feta. Tomoyoshi o ne a ithuta le monna wa mosadi yo ke neng ke mo thusitse go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Barwadi ba bone ba babedi le bone ba ne ba nna Basupi. Moragonyana Tomoyoshi o ne a nyalana le morwadiabone yo mogolo e bong Nobuko mme Masahiko ene a nyala yo mmotlana e bong Masako. Gone jaanong Tomoyoshi le Nobuko ba direla kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Mme Masahiko le Masako bone ke barongwa kwa Paraguay.

Monna Wa me O Fetoga ka Iketlo

Mo dingwageng tseo, monna wa me o ne a lebega a sa kgatlhegele tumelo ya rona le eseng, mme gone re ne re bona matshwaonyana a a supang gore o a fetoga. Fa batho bangwe ba nkganetsa, o ne a buelela ditumelo tsa me mme a dumalana le boammaaruri jwa Baebele a sa lemoge gore o dira jalo. O ne a thusa Basupi ba ba tlhokang. Fa a ne a bua kwa lenyalong la mongwe wa barwa ba rona o ne a re: “Go ruta batho tsela e e siameng ya go tshela ke yone tiro e e molemo go di gaisa tsotlhe e bile e le e e thata go di gaisa. Bomorwaake le basadi ba bone ba tlhophile yone tsela eno e e thata. Ke kopa gore lo ba thuse.” Ditiragalo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore ke akanye gore tota o ne a tlile go direla Jehofa le rona nako nngwe.

Ke ne ke rulaganya le Basupi bangwe gore ba re etele mo legaeng la rona. Ke ne ke laletsa Kazuhiko kwa dipokanong tsa Bokeresete le kwa dikopanong mmogo le kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Fa tiro ya gagwe e mo letla, o ne a tla mme gone a ntse a goga dinao. Gantsi ke ne ke na le boikutlo jwa gore o ne a ka nna a amogela thuto ya Baebele, ka jalo ke ne ke laletsa bagolwane ba Bakeresete mo lelapeng la rona. Mme gone o ne a gana go ithuta. Ke ne ke ipotsa gore tota mathata e ne e le eng.

Ke ne ka gakologelwa mafoko a ga moaposetoloi Petere a a reng: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ke boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:1, 2) Ke ne ka lemoga gore ke ne ke sa latele kgakololo eo ka metlha. Gore ke kgone go e latela ka botlalo, ke ne ke tshwanetse go tokafatsa bomoya jwa me.

Ka 1970, ke ne ka simolola go bula tsela, mokgele wa me e le go nna motho yo o godileng semoyeng. Go ne ga feta dingwaga di le 20, mme monna wa me o ne a ise a fetoge mo dilong tsa semoya. Nako nngwe motho mongwe yo o neng a ithuta Baebele o kile a nthaya a re: “Go tshwanetse ga bo go le thata go thusa batho ba bangwe fa o palelwa ke go thusa le ene monna wa gago tota.” Seo se ne se kgoba marapo thata mme gone ga ke a ka ka itlhoboga.

Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1980, batsadi ba rona ba ne ba setse ba godile thata. Go ba tlhokomela le go dira ditiro tsa me tse dingwe go ne go lapisa thata e bile go ngomola pelo. Mo dingwageng tsotlhe tseno ba ne ba le kgatlhanong le go dumela ga me mo go Jehofa, mme ke ne ke leka go ba bontsha lorato kafa ke neng nka kgona ka teng. Pelenyana fela a tlhokafala, mmè, yo o neng a na le dingwaga di le 96 o ne a nthaya a re: “Sumiko, fa nka tsosiwa mo baswing ke tla tsena mo bodumeding jwa gago.” Ke ne ka lemoga gore matsapa a me e ne e se a lefela.

Monna wa me o ne a lemogile dilo tsotlhe tse ke neng ke di diretse batsadi ba rona. Go supa kanaanelo o ne a simolola go tla dipokanong ka metlha. O ne a dira jalo ka dingwagangwaga, mme a sa gatele pele semoyeng. Ke ne ka tswelela ke leka go mo itumedisa. Ke ne ke laletsa ditsala tsa gagwe mmogo le badirikaene ba kgwebo ba ba tswang kwa dinageng di sele gore ba tle go ja le rona mo gae. Ke ne ke itlosa bodutu le ene. Mme fa diura tse di tlhokegang tsa babulatsela di ne di fokodiwa go nna 70 ka kgwedi, ke ne ka dirisa nako e e oketsegileng e ke neng ke na le yone go nna le ene.

Go Rola Tiro go Tlisa Diphetogo

Monna wa me o ne a rola tiro ka 1993. Jaanong ke ne ke akanya gore kgabagare o tla bona nako ya go ithuta Baebele. Mme o ne a re go obamela Modimo fela ka gonne a na le nako go tla bo go sa supe tlotlo. O ne a re, go na le moo, o ne a tla obamela Modimo fa pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsa gore a dire jalo mme o ne a re ke se ka ka mo pateletsa.

Letsatsi lengwe Kazuhiko o ne a mpotsa gore a jaanong ke ne ke tla fetsa dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa me ke mo tshelela. Seno se ne sa nkutlwisa botlhoko tota gonne fa e sa le ke nyalana le ene ke ne ke mo direla sotlhe se nka se kgonang. Ke ne ke lekile kafa nka kgonang ka gone go mo itumedisa, mme o ne a na le boikutlo jwa gore ke tshelela Jehofa go feta ene. Morago ga go akanya ka kgang eno ka nakwana, ke ne ka mmolelela gore ga go sepe se nka se dirang se se fetang se ke neng ke setse ke se dira. Mme fa a ne a ka dira le nna mo go se ke neng ke setse ke se dira, re ne re tla simolola botshelo jo bosha mmogo jo bo neng bo tla nnela ruri e seng dingwaganyana fela mme ka bosakhutleng. Monna wa me o ne a fetsa malatsi a sa nkarabe. Kgabagare o ne a mpotsa a re: “Jaanong a o tla ithuta Baebele le nna?” Nako le nako fa ke gakologelwa mafoko ano, pelo ya me e kiba ka boitumelo.

Kwa tshimologong, ke ne ka rulaganya gore mogolwane mongwe wa Mokeresete a ithute le monna wa me, mme o ne a nthaya a re, “Ga ke ye go ithuta le ope, ke batla go ithuta le wena.” Ka jalo re ne ra simolola thuto ya letsatsi le letsatsi ya Baebele. E re ka ke ne ke le mo phuthegong ya Se-China mme monna wa me a ne a se bua ka thelelo, re ne ra ithuta ka Se-China. Re ne ra bala le Baebele yotlhe mo nakong e e kafa tlase ga ngwaga fela.

Mo nakong eno, mogolwane mongwe mo phuthegong ya Se-China mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba kgatlhegela thata nna le monna wa me. Le fa gone ba ne ba le bannye mo baneng ba rona, ba ne ba nna ditsala tsa rona tsa boammaaruri. Basupi ba bangwe ba le bantsi le bone ba ne ba kgatlhegela monna wa me fela thata. Ba ne ba re tshola sentle thata e bile ba tlotla le Kazuhiko e kete ke rraabone. Seno se ne se mo itumedisa tota.

Letsatsi lengwe go ne ga goroga taletso ya lenyalo la mongwe yo o mo phuthegong kwa ntlong ya rona e kwadilwe leina la monna wa me kafa ntle. Go bo a tlotlilwe jaaka tlhogo ya lelapa go ne ga dira gore a nne teng mo lenyalong leo. O ne a simolola go nna botsalano mo Basuping mme a simolola go ithuta Baebele le mogolwane mongwe wa Mokeresete. Go ithuta ga gagwe Baebele, go ya dipokanong, tsela e phuthego e neng e le lorato ka yone, di ne tsa mo thusa gore a gatele pele semoyeng.

Kgabagare Lelapa la Rona le Nna Seoposengwe

Ka December 2000, monna wa me o ne a supa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa. Barwaake le basadi ba bone ba ne ba tswa kgakala kwa ba neng ba le teng go tla bo bona “kgakgamatso” eno ya segompieno. Go ne ga re tsaya dingwaga di le 42, mme kgabagare re ne re ra nna lelapa le le momaganeng.

Gone jaanong, moso mongwe le mongwe nna le monna wa me re tlotla ka temana ya Baebele ya letsatsi re bo re bala Baebele mmogo. Letsatsi le letsatsi re itumelela metlotlo ya semoya mme re nna le seabe mmogo mo ditirong tsa semoya. Gone jaanong monna wa me ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong mme bosheng jaana o ne a neela puo ya Baebele ka Se-China. Ke leboga Jehofa thata go bo a re kopantse. Ke lebile pele go tlotlomatsa leina le gagwe le bolaodi jwa gagwe mmogo le ba lelapa la me botlhe le ditsala ba ke ba ratang thata.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

CHINA

DEMOCRATIC PEOPLE’S REPUBLIC OF KOREA

REPUBLIC OF KOREA

Lewatle la Japane

JAPANE

Tokyo

Lewatle le le kafa Botlhaba la China

TAIWAN

Taipei

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le ba lelapa la me ka 1958, ngwaga o ke kolobeditsweng ka one

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Re ne ra nonotshiwa semoyeng ke ditsala tse di jaaka Harvey le Kathy Logan fa re fuduga go tswa kwa Tokyo go ya kwa Taipei

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gompieno lelapa la me le seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri