Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Botlhale—Boifa Modimo!

Nna Botlhale—Boifa Modimo!

Nna Botlhale—Boifa Modimo!

“Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.”—DIANE 9:10.

1. Ke eng fa batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhaloganya kgang ya go boifa Modimo?

NAKO nngwe go tlhalosa motho e le yo o boifang Modimo go kile ga bo go tsewa e le selo se se molemo. Gompieno batho ba le bantsi ba tsaya kgang ya go boifa Modimo e le selo se se seilweng ke nako mme go le thata go se tlhaloganya. Ba ka botsa jaana, ‘Fa Modimo a le lorato, ke eng fa ke tshwanetse go mmoifa?’ Mo go bone, poifo ke selo se se sa itumediseng, maikutlo a a tshosang. Le fa go ntse jalo, poifo Modimo ya boammaaruri e na le bokao jo bo akaretsang dilo di le dintsi, jaaka fa re tla bona, ga se maikutlo fela.

2, 3. Poifo Modimo ya boammaaruri e akaretsa eng?

2 Go ya ka Baebele, go boifa Modimo ke sengwe se se molemo. (Isaia 11:3) Ke go tlotla Modimo ka tlotlo e e boteng, go nna le keletso e kgolo ya go se batle go mo utlwisa botlhoko. (Pesalema 115:11) Go akaretsa go amogela le go kgomarela melao ya Modimo ya boitshwaro le go batla go tshela go ya ka se a reng se siame le se a reng se phoso. Buka nngwe e tlhalosa gore poifo e e ntseng jalo e e siameng e bontsha “go nna le maikutlo a a boteng ka Modimo a a dirang gore o itshware ka tsela e e siameng le go tila go dira sepe se se bosula.” Go a tshwanela go bo Lefoko la Modimo le re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.”—Diane 9:10.

3 Ee ruri, go boifa Modimo go akaretsa dilo di le dintsi tse di amanang le botshelo jwa batho. Ga go amane fela le botlhale mme gape go amana le boipelo, kagiso, katlego, go tshela lobaka lo loleele, tsholofelo le go nna le boikanyo le tshepo. (Pesalema 2:11; Diane 1:7; 10:27; 14:26; 22:4; 23:17, 18; Ditiro 9:31) Go amana thata le tumelo le lorato. Tota e bile, go akaretsa sengwe le sengwe se se amanang le kamano ya rona le Modimo le beng ka rona. (Duteronome 10:12; Jobe 6:14; Bahebera 11:7) Go boifa Modimo go akaretsa go dumela o sa belaele sepe gore Rraarona wa selegodimo o amega ka rona le gore o iketleeleditse go re itshwarela diphoso. (Pesalema 130:4) Ke baikepi ba ba sa ikwatlhaeng fela ba ba tshwanelwang ke go boifa Modimo lebaibai. *Bahebera 10:26-31.

Go Ithuta go Boifa Jehofa

4. Ke eng se se ka re thusang go ‘ithuta go boifa Jehofa’?

4 E re ka poifo Modimo e le botlhokwa thata mo go direng ditshwetso tse di siameng le gore re segofadiwe ke Modimo, ke eng se se ka re thusang gore re “ithute go boifa Jehofa” sentle? (Duteronome 17:19) Dikai di le dintsi tsa banna le basadi ba ba boifang Modimo di kwadilwe mo Dikwalong “go re laya.” (Baroma 15:4) Gore re kgone go tlhaloganya se tota se bolelwang ke go boifa Modimo, a re sekaseke botshelo jwa mongwe wa dikai tseo, Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo.

5. Tiro ya go disa e ile ya thusa Dafide jang go tlhaloganya go boifa Jehofa?

5 Jehofa o ne a latlha kgosi ya ntlha ya Iseraele e bong Saulo, ka gonne a ne a boifa batho mme a sa boife Modimo. (1 Samuele 15:24-26) Kafa letlhakoreng le lengwe, botshelo jwa ga Dafide le kamano ya gagwe ya botsala le Jehofa di mo supa e le motho yo ruri a neng a boifa Modimo. Go tloga Dafide a sa le mmotlana o ne a tlhola a le kwa nageng a fudisa dinku tsa ga rraagwe. (1 Samuele 16:11) Masigo a le mantsi a Dafide a neng a a fetsa a lebile dinaledi fa a ntse a disitse a tshwanetse a bo a ile a mo thusa go tlhaloganya go boifa Jehofa. Le fa gone Dafide a ne a ka kgona go tlhaloganya bontlhanngwe fela jwa lobopo lo logolo, o ne a kgona go dira tshwetso e e siameng—Modimo o tshwanelwa ke gore re mo tlotle le go mo galaletsa. O ne a kwala jaana moragonyana: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?”—Pesalema 8:3, 4.

6. Go tlhaloganya bogolo jwa ga Jehofa go ne ga dira gore Dafide a ikutlwe jang?

6 Go a tshwanela go bo Dafide a ile a kgatlhega tota fa a ipapisa le magodimo a magolo a a tletseng dinaledi. Go na le gore kitso eno e mo tshose, e ne ya mo tlhotlheletsa go baka Jehofa jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.” (Pesalema 19:1) Poifo Modimo e e ntseng jalo e ne ya dira gore Dafide a atamalane thata le Jehofa le gore a batle go mo itse le go tshela go ya ka ditsela tsa gagwe tse di siameng. Akanya fela kafa Dafide a ileng a ikutlwa ka teng fa a ne a opelela Jehofa jaana: “O mogolo e bile o dira dilo tse di gakgamatsang; o Modimo, wena o le esi. Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.”—Pesalema 86:10, 11.

7. Go boifa Modimo go ile ga thusa Dafide jang go lwa le Goliate?

7 Fa Bafilisitia ba ne ba thibeletse mo nageng ya Iseraele, mokaloba wa bone yo o boleele jwa dimetara tse tharo e bong Goliate, o ne a sotla ka Baiseraele, a bua sengwe se se jaaka: ‘Tlhophang monna a le mongwe gore a tle go lwa le nna! Fa a ka fenya re tla lo direla.’ (1 Samuele 17:4-10) Saulo le masole otlhe a gagwe ba ne ba welwa ke poifo—mme e seng Dafide. O ne a itse gore Jehofa ke ene yo o neng a tshwanelwa ke go boifiwa, e seng motho ope, le fa motho yoo a ka tswa a le maatla go le kana kang. Dafide o ne a raya Goliate a re: “Ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo . . . mme phuthego eno yotlhe e tla itse gore Jehofa ga a boloke ka tšhaka le fa e le ka lerumo, ka gonne tlhabano ke ya ga Jehofa.” Ka motsekedi le ka letlapa le le lengwe fela—le ka thuso ya ga Jehofa—Dafide a itaya mokaloba ono a mo latlhela fa fatshe.—1 Samuele 17:45-47.

8. Dikai tsa Baebele tsa batho ba ba neng ba boifa Modimo di re ruta eng?

8 Re ka lebana le dikgoreletsi le baba ba ba boitshegang fela jaaka ba Dafide a ileng a tshwanelwa ke go lebana le bone. Ke eng se re ka se dirang? Re ka lebana le tsone ka tsela e Dafide le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ileng ba lebana le tsone—ka poifo Modimo. Go boifa Modimo go tla re thusa go fenya go boifa batho. Motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang Nehemia o ile a kgothatsa Baiseraele ka ene, ba ba neng ba lebane le kgatelelo ya baganetsi, a re: “Lo se ka lwa boifa ka ntlha ya bone. Nnang lo gopotse; Jehofa yo mogolo le yo o boitshegang.” (Nehemia 4:14) Ka thuso ya ga Jehofa, Dafide, Nehemia le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba atlega mo go diragatseng dikabelo tsa bone tse ba di neilweng ke Modimo. Ka go nna le poifo Modimo le rona re ka kgona.

Go Lebana le Mathata ka go Boifa Modimo

9. Dafide o ile a bontsha go boifa Modimo mo maemong afe?

9 Fa Dafide a sena go kgemetha Goliate, Jehofa o ne a mo naya diphenyo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, Saulo yo o lefufa o ile a leka go bolaya Dafide—sa ntlha a dira jalo ka go phamoga, moragonyana e le ka tsela e e bofitlha mme kgabagare ka mophato wa sesole. Le mororo Jehofa a ile a tlhomamisetsa Dafide gore o tla nna kgosi, Dafide o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a tshwanelwa ke go tshaba, go lwa, le go letela nako ya ga Jehofa ya gore a mo dire kgosi. Mo dilong tseo tsotlhe, Dafide o ile a bontsha gore o boifa Modimo wa boammaaruri.—1 Samuele 18:9, 11, 17; 24:2.

10. Dafide o ile a bontsha go boifa Modimo jang fa a lebane le maemo a a kotsi?

10 Nako nngwe Dafide o ile a tshabela kwa motseng wa Gathe wa ga Akishe kgosi ya Filisitia, motse wa gaabo Goliate. (1 Samuele 21:10-15) Batlhanka ba kgosi ba ne ba gana go amogela Dafide ba re ke mmaba wa setšhaba sa bone. Dafide o ile a dira eng mo maemong ao a a kotsi? O ne a tshololela Jehofa pelo ya gagwe ka thapelo. (Pesalema 56:1-4, 11-13) Le fa gone Dafide a ile a tshwanelwa ke go itira jaaka e kete ke setsenwa gore a se ka a bolawa, o ne a itse gore tota ke Jehofa yo o mo namotseng ka go segofatsa maiteko ao a gagwe. Go ikanya Jehofa ga ga Dafide ka pelo yotlhe le ka botlalo go ne go bontsha gore ruri o ne a boifa Modimo.—Pesalema 34:4-6, 9-11.

11. Re ka bontsha go boifa Modimo jang fa re lebane le diteko jaaka Dafide?

11 Jaaka Dafide, re ka bontsha go boifa Modimo ka go ikanya tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re thusa go itshokela mathata. Dafide o ile a re: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” (Pesalema 37:5) Seno ga se bolele gore re rolela mathata a rona kwa go Jehofa kwantle ga gore re dire maiteko a go a rarabolola re lebeletse gore e nne ene yo o re rarabololelang one. Dafide ga a ka rapela gore Modimo a mo thuse a bo a nna fela a sa dire sepe. O ne a dirisa bokgoni le tlhaloganyo tse Jehofa a mo neileng tsone go lebana le bothata joo. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a itse gore maiteko ka boone fela a ka se thuse motho go atlega. Go tshwanetse ga nna jalo le ka rona. Fa re setse re dirile sotlhe se re ka se kgonang, re tshwanetse go tlogela tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa. Tota e bile, gantsi ga go na sepe se re ka se dirang fa e se go ikaega fela ka Jehofa. Ke mo maemong a a ntseng jalo moo re bontshang poifo Modimo ya rona. Re ka kgothadiwa ke mafoko ano a a tswang pelong a ga Dafide: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.”—Pesalema 25:14.

12. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya dithapelo tsa rona masisi, mme ke boikutlo bofe jo re sa tshwanelang go nna le jone?

12 Ka gone, re tshwanetse go tsaya dithapelo tsa rona le kamano ya rona le Modimo e le selo se se masisi. Fa re atamela Jehofa, re tshwanetse “go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6; Jakobe 1:5-8) Mme fa a re thusa, re tshwanetse go ‘itshupa re na le tebogo’ jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a re gakolola. (Bakolosa 3:15, 17) Ga re a tshwanela go nna jaaka batho ba mogolwane mongwe wa Mokeresete, yo o tloditsweng yo o nang le maitemogelo, a ileng a bua jaana ka bone: “Ba tsaya Modimo jaaka e kete ke motlhanka wa bone. Fa ba tlhoka sengwe, ba batla go thwantsha monwana fela a bo a tla kwa go bone. Fa ba setse ba bone se ba se batlang ga ba tlhole ba mo tlhoka.” Boikutlo jo bo ntseng jalo ga bo bontshe go nna le poifo Modimo.

Fa Motho a Felelwa ke Poifo Modimo

13. Ke leng Dafide a ileng a se ka a bontsha go tlotla Molao wa Modimo?

13 Go bona thuso ya ga Jehofa ka nako ya mathata go ile ga nonotsha poifo Modimo ya ga Dafide le go godisa tsela e a mo ikanyang ka yone. (Pesalema 31:22-24) Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le makgetlo a le mararo a Dafide a ileng a se ka a bontsha go boifa Modimo ka one mme seo sa felela ka matswela a a sa itumediseng. Lekgetlo la ntlha ke fa a ne a isa letlole la ga Jehofa la kgolagano kwa Jerusalema ka koloi ya dipholo go na le go dira gore Balefi ba le sikare, jaaka fa Modimo a ne a laetse. Fa Usahe yo o neng a eteletse koloi eo pele a ne a tshwara Letlole gore le se ka la wa, o ne a swa ka yone nako eo ka ntlha ya “tiro eo ya go tlhoka poifo.” Ee, Usahe o ile a dira boleo jo bo masisi, le fa go ntse jalo tiragalo eo e e sa itumediseng e bakilwe ke go bo Dafide a ile a se ka a bontsha go tlotla Molao wa Modimo. Go boifa Modimo go bolela go dira dilo ka tsela e a batlang di dirwa ka yone.—2 Samuele 6:2-9; Dipalo 4:15; 7:9.

14. Go ne ga direga eng ka ntlha ya go bo Dafide a ile a bala Baiseraele?

14 Moragonyana Dafide o ile a tlhotlhelediwa ke Satane go bala masole a Iseraele. (1 Ditiragalo 21:1) Ka go dira jalo o ne a bontsha go felelwa ke poifo Modimo, e leng se se neng sa dira gore go swe Baiseraele ba le 70 000. Le mororo Dafide a ile a kopa Jehofa go mo itshwarela, ene le batho ba bangwe ba ile ba boga mo go botlhoko.—2 Samuele 24:1-16.

15. Ke eng se se neng sa dira gore Dafide a dire boaka?

15 Tiragalo e nngwe e Dafide a ileng a bontsha go felelwa ke poifo Modimo ka nakwana mo go yone e ne e le fa a dira boaka le Bathesheba, mosadi wa ga Uria. Dafide o ne a itse gore go dira boaka kana le e leng go eletsa mosadi wa mong ka ene, ke selo se se phoso. (Ekesodo 20:14, 17) Bothata bo simologile fa Dafide a gaodisa Bathesheba a tlhapa. Go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng go ne go tshwanetse ga tlhotlheletsa Dafide gore ka yone nako eo a lebe go sele le go akanya ka sengwe se sele. Go na le moo, go bonala Dafide a ile ‘a nna a mo lebile’ go fitlha kgotelo e fekeetsa poifo Modimo ya gagwe. (Mathaio 5:28; 2 Samuele 11:1-4) Dafide o ne a lebala gore Jehofa o ne a nna le seabe mo go sengwe le sengwe se a se dirang mo botshelong jwa gagwe.—Pesalema 139:1-7.

16. Ke matswela afe a Dafide a ileng a lebana le one ka ntlha ya boleo jwa gagwe?

16 Boaka jo Dafide a bo dirileng le Bathesheba bo feletse ka gore ba nne le morwa. Ka bonako fela morago ga moo, Jehofa o ne a romela moporofeti wa gagwe Nathane go senola boleo jwa ga Dafide. Fa Dafide a sena go itharabologelwa, o ne a boa a nna le poifo Modimo mme a ikwatlhaya. O ne a kopa Jehofa gore a se ka a mo latlha kana a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo mo go ene. (Pesalema 51:7, 11) Jehofa o ne a itshwarela Dafide mme a tlhofofatsa kotlhao ya gagwe, le fa go ntse jalo o ne a se ka a mo sireletsa mo ditlamoragong tsotlhe tsa ditiro tsa gagwe. Morwa wa ga Dafide o ne a swa, mme mathata le mahutsana a wela lelapa la gagwe go tloga ka nako eo go ya pele. A bo go palelwa ke go boifa Modimo go ile ga mo leretse matswela a a botlhoko jang ne!—2 Samuele 12:10-14; 13:10-14; 15:14.

17. Bontsha mathata a go se ikanyege go a bakang.

17 Le gompieno go palelwa ke go bontsha go boifa Modimo mo dilong tsa boitshwaro go ka nna le matswela a a maswe le a a nnelang ruri. Akanya ka botlhoko jwa mosadi mongwe fa a ne a lemoga gore monna wa gagwe wa Mokeresete o ile a se ka a ikanyega fa a ne a ile moseja ka tiro. Ka ntlha ya go garoga pelo le khutsafalo o ne a ipipa sefatlhego ka diatla mme a thubega ka selelo. Go tla tsaya monna wa gagwe lobaka lo lo kae go dira gore a boe a mo ikanye le go mo tlotla gape? Motho a ka tila matswela ao a a sa itumediseng ka go nna le poifo Modimo ya mmatota.—1 Bakorintha 6:18.

Go Boifa Modimo go re Thibela go Leofa

18. Boikaelelo jwa ga Satane ke eng mme o dirisa mokgwa ofe?

18 Satane o leswafatsa boitshwaro jwa lefatshe ka lobelo lo logolo mme segolobogolo o batla go leswafatsa Bakeresete ba boammaaruri. O dira jalo ka go dirisa tsela e e tlhamaletseng go tlhotlheletsa dipelo le megopolo ya rona—segolobogolo ka se re se bonang le se re se utlwang. (Baefeso 4:17-19) O tla dira eng fa go direga gore ka tshoganyetso o kopane le ditshwantsho tse di sa siamang, mafoko kana batho?

19. Go boifa Modimo go ile ga thusa Mokeresete mongwe jang gore a fenye thaelo?

19 Akanya ka kgang ya ga André *, yo e leng mogolwane wa Mokeresete, rre, e bile e le ngaka kwa Yuropa. Fa André a ne a bereka bosigo jotlhe kwa bookelong, badiri ka ene ba basadi ba ne ba nna ba kgomaretsa melaetsa—e e kgabisitsweng ka dipelo—mo mosamong wa gagwe, ba mo hepisa gore a tlhakanele dikobo le bone. André o ne a gana maiteko ao a bone a sa okaoke. Mo godimo ga moo, o ne a itlosa mo tikologong eo e e sa siamang ka go senka tiro e sele. Go boifa Modimo go ne ga itshupa e le kgato e e botlhale mme ga dira gore Modimo a mo segofatse, ka gonne gompieno André ke modiredi wa nakwana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa nageng ya bone.

20, 21. (a) Poifo Modimo e ka re thusa jang go tila go dira boleo? (b) Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?

20 Go nna o akantse thata ka megopolo e e phoso go ka dira gore motho a latlhe kamano e a neng a na le yone le Jehofa ka go dira sengwe se a se nang tshwanelo ya go se dira. (Jakobe 1:14, 15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re boifa Jehofa, re tla emela kgakala—le e leng go tsamaela kgakala—le batho, mafelo, ditiro le boitlosobodutu jo bo ka re dirang gore re koafatse maemo a rona a boitsholo. (Diane 22:3) Le fa seo se ka bakela motho maswabi kgotsa ga mo tlhoka go intsha setlhabelo go le kana kang, seo ga se sepe fa se bapisiwa le go latlhegelwa ke go amogelwa ke Modimo. (Mathaio 5:29, 30) Go boifa Modimo go akaretsa gore le ka motlha re se itsenye ka boomo mo maemong ape a a amanang le boitsholo jo bo maswe, go akaretsa mefuta yotlhe ya ditshwantsho tse di hepisang, go na le moo go akaretsa go dira gore matlho a rona “a fete a sa bona se se se nang mosola.” Fa re dira jalo, re ka ikanya gore Jehofa o tla re ‘boloka re tshela’ le go re tlamela ka sengwe le sengwe se tota re se tlhokang.—Pesalema 84:11; 119:37.

21 Ee ruri, ka metlha ke kgato e e botlhale go itshwara ka tsela e e bontshang go nna le poifo Modimo ya boammaaruri. E bile gape go leretse motho boitumelo jwa boammaaruri. (Pesalema 34:9) Seno se tla tlhalosiwa sentle mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E E Mo Baebeleng: O ka Boifa Jang Modimo wa Lorato?” mo makasineng wa Tsogang! ya January 8, 1998, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 19 Leina le fetotswe.

A o Ka Tlhalosa?

• Go boifa Modimo go akaretsa dinonofo dife tsa Bokeresete?

• Go boifa Modimo go ka thusa motho jang go fenya go boifa batho?

• Re ka bontsha jang gore re na le pono e e siameng ka thapelo?

• Go boifa Modimo go ka re thusa jang gore re se ka ra leofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide o ile a ithuta go boifa Modimo fa a etse tlhoko ditiro tsa ga Jehofa tsa popo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

O tla dira eng fa o iphitlhela o le mo seemong se se go raelang?