Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshwanelo ya Batho ya go Nna le Seriti—Gantsi e a Tlhokomologiwa

Tshwanelo ya Batho ya go Nna le Seriti—Gantsi e a Tlhokomologiwa

Tshwanelo ya Batho ya go Nna le Seriti—Gantsi e a Tlhokomologiwa

“Sengwe le sengwe se se neng se re diragalela mo kampeng se ne se re nyenyefatsa le go re diga seriti.”—MAGDALENA KUSSEROW REUTER, YO O NENG A LE KWA KAMPENG YA POGISETSO YA BANASI.

BOSETLHOGO jo bo neng bo dirwa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II e ne e se tshimologo e bile e se bokhutlo jwa go tlontlololwa ga seriti sa batho. Fa re tlhatlhoba dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng le tse di diregang gone jaanong, selo se le sengwe se se phepafetseng ke se: Batho ba bantsi ga ba bolo go nyenyefadiwa le go digwa seriti.

Le fa go ntse jalo, go tlhokomologiwa ga tshwanelo ya batho ya go nna le seriti ga e a ka ya nna fela ditiro tse di setlhogo tse di ileng tsa direga mo hisitoring ya batho. Go na le go tlhagelela ka ditsela tse di bofitlha. Akanya ka ngwana yo o sotlwang ka gonne a na le bogole bongwe. Kana motswakwa yo o sotlwang ka gonne a na le mekgwa mengwe e e “sa tlwaelegang.” Kana motho yo o kgethololwang ka ntlha ya mmala wa letlalo la gagwe kana ka ntlha ya setšhaba sa gabone. Batho ba ba dirang dilo tseo ba ka nna ba tsaya go dira jalo e le selo se se kgatlhang, mme tsela e batho ba ba nyenyefadiwang ba utlwang botlhoko ka yone e bile ba ikutlwang ba isiwa kwa tlase ka yone ga e kgatlhe le e seng.—Diane 26:18, 19.

Go Nna le Seriti ga Motho ke Eng?

Dikishinare nngwe e tlhalosa seriti e re ke ‘go nna le mosola, go tlotlwa, kana go tseelwa kwa godimo.’ Ka jalo, go nna le seriti ga rona jaaka batho go akaretsa tsela e re itebang ka yone le tsela e batho ba bangwe ba dirisanang le rona ka yone. Le fa go ka tswa go na le mabaka a a farologaneng a a ka amang tsela e re itebang ka yone, tsela e batho ba bangwe ba re lebang ka yone kgotsa e ba re tshwarang ka yone e na le seabe se segolo mo tseleng e re itsayang re le botlhokwa ka yone mo botshelong.

Setšhaba sengwe le sengwe se na le batho ba sone ba ba humanegileng, ba ba sa kgoneng go iphemela, le ba go leng motlhofo gore batho ba ba sotle. Le fa go ntse jalo, go nna mo maemong ao ga go dige motho seriti. Boikutlo jwa ba bangwe le tsela e ba itshwarang ka yone ke gone mo go ka dirang gore motho a ikutlwe a se na seriti. Se se utlwisang botlhoko ke gore batho ba ba mo maemong a a ntseng jalo ke bone ba gantsi tshwanelo ya bone ya go nna le seriti e tlhokomologiwang. Re utlwa mafoko a a tshwanang le ano gantsi, “ga o motho wa sepe,” “ga o tshwanelwe ke sepe,” “ga o na seriti” fa go sotlwa batsofe, bahumanegi le batho ba ba golafetseng mo mmeleng kana mo tlhaloganyong!

Ke ka ntlha yang fa batho sotlana? A go tla tsamaya go direga gore batho ba nne le seriti jaaka e le tshwanelo ya bone? Setlhogo se se latelang se tla re naya karabo e e kgotsofatsang e e tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele.