Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa solegelwa molemo ke go bala ditlhogo tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo tsa bosheng? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Jaaka Pesalema 72:12 e ile ya bolelela pele, Jesu o tla “golola mohumanegi” jang?

Mo pusong ya gagwe, mongwe le mongwe o tla tshwarwa ka tshiamo, go se na ditiro tsa bonweenwee. Gantsi ntwa e baka lehuma, mme Keresete o tla tlisa kagiso e e feletseng. O utlwela batho botlhoko e bile o tla dira gore ba nne seoposengwe, mme o tla tlhomamisa gore batho ba nne le letlotlo la dijo. (Pesalema 72:4-16)—5/1, tsebe 7.

• Rona Bakeresete re ka bontsha jang ‘kgololesego ya rona ya go bua’? (1 Timotheo 3:13; Filemone 8; Bahebera 4:16)

Re ka dira jalo ka go rerela ba bangwe ka bopelokgale, ka go ruta le go naya kgakololo ka bonako le ka tsela e e nang le matswela le ka go bulela Modimo mafatlha a rona ka thapelo, re tlhomamisegile gore o tla re utlwa le go re araba.—5/15, tsebe 14-16

• Mo Molaong, ke ka ntlha yang fa ditiragalo dingwe tsa tlholego tse di amanang le tlhakanelodikobo di ne di dira gore motho a “itshekologe”?

Melao e e malebana le go itshekologa go go bakiwang ke go tswa peo, go bona kgwedi le go tshola ngwana e ne e rotloetsa go nna le mekgwa e e siameng ya go tshela, e gatelela boitshepo jwa madi le gore batho ba ne ba tlhoka go direlwa tetlanyo.—6/1, tsebe 31.

• Fa motho a batla go itumela, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore a bale buka ya Dipesalema?

Bakwadi ba Dipesalema ba ne ba itse gore se se dirang gore motho a itumele, ke fa a na le kamano e ntle le Modimo. (Pesalema 112:1) Ba ne ba gatelela gore ga go na dikamano dipe tsa batho, ga go na sepe sa dilo tse di bonalang tse motho a ka nnang le tsone le gore ga go na sepe se motho a ka se fitlhelelang se se ka mo leretseng boitumelo jo bo tshwanang le jo re nnang le jone fa re le mo gare ga “setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa.” (Pesalema 144:15)—6/15, tsebe 12.

• Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le kamano efe e e kgethegileng le Jehofa?

Ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a dira gore a nne le kamano e ntšha le Baiseraele, a dira kgolagano le bone. (Ekesodo 19:5, 6; 24:7) Morago ga moo, Baiseraele ba ne ba tsholwa e le maloko a setšhaba se Modimo a se ikgethetseng se se ineetseng mo go ene. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne tshwanetse go itirela tshwetso ya go direla Modimo.—7/1, tsebe 21-2.

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira “dilo tsotlhe go se na dingongorego”? (Bafilipi 2:14)

Dikai tse dintsi tse di mo Dikwalong di bontsha gore go ngongorega go ne ga senya mo bathong ba Modimo. Re tshwanetse go akanya thata ka tlhotlheletso e e senyang e go ka nnang le yone gompieno. Batho ba ba sa itekanelang ba rata go ngongorega, mme re tshwanetse go itisa gore re bone matshwao ape a a supang gore re nna le mokgwa ono mme re a tile.—7/15, tsebe 16-17.

• Re itse jang gore botlhale jaaka bo tlhalosiwa mo go Diane 8:22-31 ga se nonofo fela e batho ba nnang le yone?

Botlhale jo go buiwang ka jone fano bo ne jwa ‘ntshiwa’ kana jwa bopiwa e le tshimologo ya tsela ya ga Jehofa. Modimo o sa le a ntse a le teng e bile o sa le a ntse a le botlhale; botlhale jwa gagwe ga bo a bopiwa. Botlhale jo go buiwang ka jone mo go Diane 8:22-31 bo ne bo le fa thoko ga Modimo, e le “modiri wa setswerere,” mo go rayang gore e ne e le sebopiwa sa moya se se neng sa nna Jesu, yo o neng a dira gaufi thata ke Modimo ka nako ya popo. (Bakolosa 1:17; Tshenolo 3:14)—8/1, tsebe 31.