Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ba Bonolo ba Tla Rua Lefatshe

Ba ba Bonolo ba Tla Rua Lefatshe

Ba ba Bonolo ba Tla Rua Lefatshe

“Ke akanya gore tlholego e tla fetolwa le go tsosolosiwa. . . . E seng ka bonako mme mo isagweng fa go tla bo go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha.”—Jean-Marie Pelt, moitse wa kwa Fora wa tsa tikologo.

BATHO ba bantsi ba ka rata go bona polanete ya rona e fetolwa go nna paradaise ka gonne ba tshwentswe thata ke maemo a tikologo le a loago. Le fa go ntse jalo, keletso eno ga se toro ya batho ba ba tshelang mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga fela. Baebele e ne ya solofetsa bogologolo gore Paradaise e tla boa e nna teng gape mo lefatsheng. Mafoko a ga Jesu a a reng, “ba ba bonolo . . . ba tla rua lefatshe” le “a thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong” ke dingwe tsa ditemana tse di itsegeng thata mo Baebeleng. (Mathaio 5:5; 6:10) Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba bantsi ga ba dumele gore lefatshe le tla nna paradaise e mo go yone go tla nnang batho ba ba bonolo. Batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ga ba dumele gore Paradaise e tla tsoga e nnile teng.

Makasine wa kwa Fora wa beke le beke e bong La Vie o tlhalosa lebaka la go bo Kereke ya Katoliki e sa tlhole e dumela mo paradaiseng, e ka tswa e le mo lefatsheng kana kwa legodimong: “Fa thuto eno e sena go nna e rutiwa thata mo Kerekeng ya Katoliki ka makgolo a ka nna 19 a dingwaga, [thuto] eno ya gore go tla nna le paradaise ga e sa tlhole e rutiwa mo Ditherong tsa Sontaga, mo dikhosong tsa thutabodumedi le mo ditlelaseng tsa katekasima.” Ga twe lefoko paradaise ka bolone le khurumeditswe ke “mouwane” wa “masaitsiweng le tlhakatlhakano.” Bareri bangwe ga ba dirise lefoko leo ka boomo ka gonne le “tlhagisa dikgopolo tse dintsi thata tsa gore go ka nna le boitumelo mo lefatsheng.”

Frédéric Lenoir, moithutaloago yo o remeletseng thata mo bodumeding, a re dithuto tsa gore go tla nna le paradise “ke dithuto tse di tshwanang tse di boaboelediwang fela.” Ka tsela e e tshwanang, Jean Delumeau, yo e leng rahisitori e bile a kwadile dibuka di le mmalwa ka kgang eno, o akanya gore ditsholofetso tse di mo Baebeleng di tla diragadiwa ka tsela ya tshwantshetso. A re: “Bakeresete ba araba potso e e reng, ‘A Paradaise e sa ntse e tla nna teng?’ ka go re: Ka ntlha ya go tsosiwa ga Mmoloki, letsatsi lengwe se re se solofetseng se tla diragala mme re tla itumela.”

A re sa ntse re ka dumela gore lefatshe le tla nna paradaise? Ke eng se tota se tla diragalang mo isagweng ka polanete ya rona, lefatshe? A isagwe e letobo kana re ka kgona go e bona sentle? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Emma Lee/Life File/Getty Images