Baruke—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Jeremia
Baruke—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Jeremia
A O ITSE “Baruke morwa Neria”? (Jeremia 36:4) Le fa a umakiwa mo dikgaolong di le nnè fela tsa Baebele, o itsiwe thata ke babadi ba Baebele e le mokwaledi le tsala e kgolo thata ya ga moporofeti Jeremia. Ene le moporofeti Jeremia ba ne ba bona dingwaga tsa bofelo tse 18 tsa mathata tsa puso ya kwa Juda, go senngwa mo go botlhoko ga Jerusalema ke Bababelona ka 607 B.C.E., le go tshabela ga bangwe kwa Egepeto.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana e ne ya re fa go ribololwa dikano tse pedi tsa letsopa tse di bidiwang di-bulla * tsa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. tse di neng di na le mokwalo o o reng “Ya ga Berekhyahu [leina la Sehebera la ga Baruke], morwa Neriyahu [leina la Sehebera la ga Neria], wa Mokwadi,” seno se ne sa dira gore bakanoki ba batle go itse mo gontsinyana ka motho yono yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Baruke e ne e le mang? O ne a tswa mo lelapeng la mofuta mang, a na le thutego e e kana kang, e bile a na le maemo afe mo setšhabeng? Go tshegetsa ga gagwe Jeremia a nitame go re senolela eng ka ene? Re ka ithuta eng mo go ene? A re senke dikarabo tsa dipotso tseno ka go tlhatlhoba tshedimosetso e re nang le yone go tswa mo Baebeleng le mo ditiragalong tsa hisitori.
Lelapa le a Tswang Kwa go Lone le Maemo a Gagwe
Bakanoki ba le bantsi gompieno ba dumela gore Baruke o tshwanetse a bo a ne a tswa mo lelapeng le le tlhageletseng la bakwadi kwa Juda. Ba bontsha mabaka a le mmalwa a go bo ba bua jalo. Ka sekai, Baebele e bitsa Baruke ka sereto se se kgethegileng, e leng “mokwaledi,” kgotsa “mokwadi” mo dithanolong dingwe. Dikwalo di bua gape le ka Seraia, morwarraagwe, gore e ne e le mongwe wa badiredi ba ba botlhokwa mo ntlong ya ga Kgosi Sedekia.—Jeremia 36:32; 51:59.
Moithutamarope e bong Philip J. King o kwala jaana malebana le bakwadi ba motlha wa ga Jeremia: “Bakwadi, ba tiro ya bone e neng e le bokwaledi, e ne e le setlhopha se se tlhageletseng kwa Juda kwa bofelong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. le mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga. . . . Sereto seno se ne se fiwa badiredi ba maemo a a kwa godimo ba segosi.”
Mo godimo ga moo, pego e e mo go Jeremia kgaolo 36, e re tla e sekasekang ka botlalo, e bontsha gore Baruke o ne a kgona go tla a buisana le bagakolodi ba kgosi e bile o ne a letleletswe go dirisa phaposi ya bojelo ya ga Gemaria, yo e neng e le kgosana kgotsa modiredi. Mokanoki wa Baebele e bong James Muilenberg o tlhalosa jaana: “Baruke o ne a kgona go tsena mo phaposing ya bojelo ya bakwadi ka gonne tota maemo a gagwe a ne a mo letla go tsena koo le gore ene ka boene e ne e le mongwe wa badiredi ba puso ba ba neng ba phuthegile mo pokanong e e botlhokwa ya fa go ne go balwa momeno phatlalatsa. E ne e le yo mongwe wa badiredi koo.”
Buka ya Corpus of West Semitic Stamp Seals e tlhalosa ntlha e nngwe gape e e re bolelelang sengwe ka maemo a ga Baruke: “E re ka bulla ya ga Berekhyahu e ne ya fitlhelwa e na le di-bulla tse dingwe tse dintsi tsa badiredibagolo, go a utlwala go dumela gore Baruke/Berekhyahu le ene o ne a na le maemo a a kwa godimo fela jaaka badiredi ba bangwe bao.” Go bonala tshedimosetso e e gone e supa gore Baruke le morwarraagwe e bong Seraia e ne e le badiredibagolo ba ba neng ba eme moporofeti yo o ikanyegang e bong Jeremia nokeng mo dingwageng tsa ditiragalo pele ga go senngwa ga Jerusalema.
O Tshegetsa Jeremia
Go ya ka ditiragalo, Baruke o umakiwa lekgetlho la ntlha mo go Jeremia kgaolo 36, mo ‘ngwageng wa bonè wa ga Jehoiakime,’ kgotsa mo e ka nnang ka 625 B.C.E. Mo lobakeng lono Jeremia o ne a feditse dingwaga di le 23 e le moporofeti.—Jeremia 25:1-3; 36:1, 4.
Ka nako eo Jehofa o ne a laela Jeremia jaana: “Itseele buka ya momeno, mme o kwale mo go yone mafoko otlhe a ke a buileng le wena kgatlhanong le Iseraele le Juda le ditšhaba tsotlhe, . . . go tloga mo metlheng ya ga Josia, go tla go fitlha mo letsatsing leno.” Pego eno e tswelela jaana: “Jeremia a bitsa Baruke morwa Neria gore Baruke a tle a kwale se se tswang mo molomong wa ga Jeremia mafoko otlhe a ga Jehofa.”—Jeremia 36:2-4.
Ke ka ntlha yang fa go ne go bidiwa Baruke? Jeremia o ne a mo raya a re: “Ke tswaletswe. Ga ke kgone go tsena mo ntlong ya ga Jehofa.” (Jeremia 36:5) Go bonala Jeremia a ne a thibetswe go tsena mo tempeleng koo molaetsa wa ga Jehofa o neng o tshwanetse go balwa gone, gongwe e le ka gonne melaetsa e e neng ya balwa pelenyana e ne ya galefisa baeteledipele. (Jeremia 26:1-9) Ga go pelaelo gore Baruke e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa, mme o ne “a dira go ya ka sotlhe se moporofeti Jeremia a neng a se mo laetse.”—Jeremia 36:8.
Go kwala ditlhagiso tse di neng tsa ntshiwa mo dingwageng di le 23 tse di fetileng go ne go tsaya lobaka, mme gongwe Jeremia gape o ne a letetse nako e e siameng. Mme ka November kgotsa December 624 B.C.E. Baruke o ne ka bopelokgale “a simolola go balela mafoko a ga Jeremia kwa godimo mo bukeng kwa ntlong ya ga Jehofa, mo phaposing ya bojelo ya ga Gemaria . . . , mo ditsebeng tsa batho botlhe.”—Jeremia 36:8-10.
Mikaia morwa Gemaria o ne a bolelela rraagwe le dikgosana di le mmalwa ka se se diragetseng, mme ba ne ba bitsa Baruke gore a tle go ba balela lokwalo lwa momeno gape. Pego eno e bolela jaana: “Jaanong ga diragala gore fela fa ba utlwa mafoko otlhe, ba lebana ka poifo; mme ba raya Baruke ba re: ‘Ruri re tla bolelela kgosi mafoko ano otlhe. . . . Tsamaya, o iphitlhe, wena le Jeremia, gore ope a se ka a itse gore lo kae.’”—Jeremia 36:11-19.
Fa Kgosi Jehoiakime a utlwa se Baruke a se kwadileng ka taelo ya ga Jeremia, o ne a galefa mme a gagola momeno, a o latlhela mo molelong, mme a laela banna ba gagwe go tshwara Jeremia le Baruke. Ka taelo ya ga Jehofa, banna ba babedi bano ba ne ba kwala khopi e nngwe ya momeno ono fa ba ntse ba iphitlhile.—Jeremia 36:21-32.
Ga go na pelaelo gore Baruke o ne a itse ka dikotsi tsa kabelo eno. O tshwanetse a bo a ne a itse gore Jeremia o ne a ile a tshosediwa dingwaga di le mmalwa pelenyana. O tshwanetse a bo a ile a utlwa le ka se se neng sa diragalela Urija, yo o neng a porofeta “tumalanong le mafoko otlhe a ga Jeremia” mme a bolawa ke Kgosi Jehoiakime. Go ntse go le jalo, Baruke o ne a iketleeleditse go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go kwala le dikgolagano tse a neng a na le tsone le badiredi ba puso go tshegetsa Jeremia mo kabelong ya gagwe.—Jeremia 26:1-9, 20-24.
Se Nnele go Batla “Dilo Tse Dikgolo”
Ka nako ya fa Baruke a kwala momeno wa ntlha, o ne a lebana le dinako tsa mathata. O ne a bua a re: “A bo go latlhega nna, gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapile ka ntlha ya go fegelwa ga me, mme ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.” Bothata e ne e le eng?—Jeremia 45:1-3.
Ga re newe karabo e e tlhamaletseng ya seo. Mme a ko o leke go akanya ka boemo jo Baruke a neng a le mo go jone. Go bolelela batho ba Iseraele le Juda ditlhagiso tse di sa bolong go nna di ntshiwa ka dingwaga di le 23 go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore botlhanogi jwa bone le go latlha ga bone Jehofa di bonale sentle. Tshwetso ya ga Jehofa ya go senya Jerusalema le Juda le go isa setšhaba seno botshwarwa ka dingwaga di le 70 kwa Babelona—e leng tshedimosetso e Jehofa a neng a e senola mo go one ngwaga oo mme gongwe e bile e ne ya tsenngwa mo momenong—e tshwanetse ya bo e ile ya tshosa Baruke. (Jeremia 25:1-11) Mo godimo ga moo, go ne go na le kotsi ya gore a ka nna a latlhegelwa ke maemo le tiro ya gagwe ka ntlha ya go tshegetsa Jeremia mo nakong eno ya mathata.
Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, Jehofa ka boene o ne a tsenelela ka go thusa Baruke go nna a gakologetswe katlholo e e tlang. Jehofa o ne a re: “Se ke se agileng ke a se rutlolola, le se ke se Jeremia 45:4, 5.
jadileng ke a se kumola, le lefatshe lotlhe.” Go tswa foo o ne a gakolola Baruke jaana: “Mme fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla.”—Jehofa ga a ka a tlhalosa gore “dilo tse dikgolo” tseno ke eng, mme gone Baruke o tshwanetse a bo a ne a itse gore a gongwe e ne e le go ipatlela dilo ka bopelotshetlha, go rata maemo, kgotsa go batla go nna le dilo tse di bonalang. Jehofa o ne a mo gakolola gore o tshwanetse go leba dilo jaaka fa di ntse mme a gakologelwe se se tlang: “Bona, ke tlisa masetlapelo mo nameng yotlhe, . . . mme ke tla go naya moya wa gago e le thopo mo mafelong otlhe a o tla yang kwa go one.” Selo sa botlhokwatlhokwa se Baruke a neng a na le sone, botshelo jwa gagwe, se ne se tla bolokwa gongwe le gongwe fela kwa a neng a tla ya gone.—Jeremia 45:5.
Morago ga ditiragalo tseno tse di tlhalosiwang mo go Jeremia kgaolo 36 le 45, tse di neng tsa diragala go tloga ka 625 go ya go 624 B.C.E. Baebele ga e bue sepe ka Baruke go fitlha dikgwedi di le mmalwa pele Bababelona ba senya Jerusalema le Juda ka 607 B.C.E. Go ne ga diregang ka nako eo?
Baruke o Tshegetsa Jeremia Gape
Ka nako ya fa Babelona e dikaganyeditse Jerusalema, pego ya Baebele e boa gape e umaka Baruke. Jeremia “o ne a thibetswe mo Lolwapeng lwa Badisa” fa Jehofa a ne a mmolelela gore a reke karolo ya naga ya ngwana wa ga rangwanaagwe kwa Anathothe e le sesupo sa gore go ne go tla nna le tsosoloso. Baruke o ne a bidiwa go tla go thusa mo dilong tsa semolao.—Jeremia 32:1, 2, 6, 7.
Jeremia o ne a tlhalosa jaana: “Ka kwala mo setlankaneng sa tshupo mme ka tsenya sekano ka ba ka tsaya basupi jaaka ke ne ke lekanya bokete jwa madi mo dikaleng. Morago ga moo ke ne ka tsaya setlankana sa tshupo sa theko, se se kannweng . . . le se se sa kanwang; go tswa foo ke ne ka naya Baruke . . . setlankana sa tshupo sa theko.” Mme o ne a laela Baruke go kana ditlankana tsa tshupo tsa theko mo sejaneng sa letsopa gore di nne di bolokesegile. Bakanoki bangwe ba dumela gore fa Jeremia a re ‘o ne a kwala’ setlankana seno, tota o ne a biletsa Baruke, e leng mokwadi, yo e leng ene a neng a dira tiro ya go kwala.—Jeremia 32:10-14; 36:4, 17, 18; 45:1.
Baruke le Jeremia ba ne ba latela tlwaelo ya nako eo fa go dirwa dilo tsa semolao. Sengwe sa
dilo tse ba neng ba di dira e ne e le go kwala ditlankana tse pedi tsa tshupo. Buka ya Corpus of West Semitic Stamp Seals e tlhalosa jaana: “Setlankana sa ntlha se ne se bidiwa ‘setlankana se se kanetsweng’ ka gonne se ne se potokwa se bo se kanwa ka bulla kgotsa di-bulla; e ne e le khopi ya ntlhantlha ya lekwalo la tumalano. . . . Setlankana sa bobedi, ‘setlankana se se sa kanwang’ e ne e le khopi ya se se kanetsweng, khopi e e tlamang, mme e ne e le se se neng se ka nna se dirisiwa nako le nako. Ka gone go ne go na le dikhopi tse pedi, ya ntlha, le ya bobedi e e tshwanang le ya ntlha, tse di neng di kwalwa mo dishiting tse pedi tsa papirase.” Dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di supela gore e ne e le selo se se tlwaelegileng go boloka makwalo mo sejaneng sa letsopa.Labofelo Bababelona ba ne ba gapa Jerusalema, ba e ja ka molelo, mme ba tsaya mongwe le mongwe, kwa ntle ga ba se kae fela ba ba humanegileng, ba ba isa botshwarwa. Nebukadenesare o ne a tlhoma Gedalia go nna mmusi. Gedalia o ne a bolawa dikgwedi di le pedi morago ga moo. Bajuda ba ba neng ba setse ba ne ba rulaganyetsa go fudugela kwa Egepeto, le mororo Jeremia a ne a ba gakolola ka tlhotlheletso gore ba se ka ba ya koo, mme Baruke o boa a umakwa gape mo tiragalong eno.—Jeremia 39:2, 8; 40:5; 41:1, 2; 42:13-17.
Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka. Jehofa Modimo wa rona ga a go roma, a re, ‘Lo se ka lwa tsena mo Egepeto gore lo age teng lo le baeng.’ Mme Baruke morwa Neria o go tlhotlheletsa kgatlhanong le rona ka boikaelelo jwa gore a re tsenye mo seatleng sa Bakaladia, gore ba re bolaye kgotsa ba re ise botshwarwa kwa Babelona.” (Jeremia 43:2, 3) Go bonala tatofatso eno e bontsha gore baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dumela gore Baruke o ne a na le tlhotlheletso e kgolo mo go Jeremia. A ba ne ba dumela gore ka ntlha ya boemo jwa ga Baruke kgotsa botsala jwa gagwe le Jeremia jo bo saleng bo simolola bogologolo, o ne a sa tlhole jaanong a dira fela tiro ya go nna mokwaledi wa moporofeti yono? Go ka tswa go le jalo, mme gone le fa baeteledipele bano ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba akanya eng, molaetsa ono ruri o ne o tswa kwa go Jehofa.
Le fa go ne go ntshiwa ditlhagiso tse di tswang kwa Modimong, Bajuda ba ba setseng ba ne ba tswa mme ba tsaya “moporofeti Jeremia le Baruke morwa Neria,” ba tsamaya le bone. Jeremia o bega jaana: “La bofelo ba tsena mo lefatsheng la Egepeto, ka gonne ba ne ba se ka ba utlwa lentswe la ga Jehofa; mme ba goroga kwa Tapanese ka monokela,” toropo e e fa molelwaneng, e e kwa karolong e e kwa botlhaba ya molomo wa noka ya Nile, gaufi le Sinai. Go tloga fano ga go tlhole go buiwa sepe se sengwe ka Baruke mo Baebeleng.—Jeremia 43:5-7.
Ke Eng se re Ithutang Sone ka Baruke?
Go na le dilo di le dintsi tse di botlhokwa tse re ka ithutang tsone ka Baruke. Thuto nngwe e e botlhokwa thata ke go iketleeletsa ga gagwe go dirisa bokgoni jwa gagwe le dikgolagano tsa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa, le fa matswela e ne e tla nna afe. Ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa gompieno—banna le basadi—ba bontsha moya o o tshwanang, ba dirisa bokgoni jwa bone mo tirelong ya Bethele, ya kago, le tse dingwe. O ka bontsha jang moya ono o o tshwanang le wa ga Baruke?
Fa Baruke a ne a gakololwa gore mo malatsing a bofelo a Juda ga go na nako ya go itshenkela “dilo tse dikgolo,” go bonala a ne a amogela kgakololo eno, ka gonne eleruri o ne a amogela moya wa gagwe e le thopo. Go a utlwala gore le rona re dirise kgakololo eno mo go rona, ka gonne le rona re tshela mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno ya dilo. Le rona Jehofa o re solofetsa selo se se tshwanang—botshelo jwa rona bo tla bolokwa. A re tla amogela dikgakololo tse di tshwanang le tseno jaaka Baruke a ne a dira?
Gape go na le thuto e nngwe e e mosola e re ka ithutang yone go tswa mo kgannyeng eno. Baruke o ne a thusa Jeremia le ngwana wa rangwanaagwe gore ba dire dilo tsa semolao tse di neng di tshwanetse go dirwa fa ba dirisana mo go tsa kgwebo, le fa tota banna ba babedi bano e ne e le masika. Seno ke sekai sa Dikwalo se Bakeresete ba ba dirisanang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ka tsa kgwebo ba batlang go se latela. Go kafa Dikwalong, go a thusa, e bile go bontsha lorato go latela sekao seno sa go kwala ditumalano tsa kgwebo fa fatshe.
Le mororo Baruke a tlhagelela makgetlo a le mmalwa fela mo Baebeleng, ke sekao se Bakeresete botlhe gompieno ba tlhokang go se ela tlhoko. A o tla etsa sekao se se molemo seno sa mokwaledi yo o ikanyegang wa ga Jeremia?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Bulla ke sephuthelwana se sennye sa letsopa se se neng se dirisediwa go kanela lekwalo le le botlhokwa. Letsopa leno le ne le na le letshwao le le neng le supa gore lekwalo leno ke la ga mang kgotsa le tswa kwa go mang.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
“Bulla” ya ga Baruke
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bulla: Courtesy of Israel Museum, Jerusalem