Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Koketsego e e Lapolosang mo Setlhaketlhakeng se Sentle

Koketsego e e Lapolosang mo Setlhaketlhakeng se Sentle

Koketsego e e Lapolosang mo Setlhaketlhakeng se Sentle

SELO sengwe se go se nang pelaelo gore se tle se kgatlhe bajanala ba ba etelang Taiwan ke dimela tsa teng tse ditala tsa boboatsatsi tse di apesitseng setlhaketlhake seno. Dimela tse dintle tse ditala tsa raese fa e ise e butswe di fetoga go nna le mmala o e keteng wa gauta fa di butswa ka nako ya thobo. Dikgwa tse di kitlanyeng, tse di nonneng di apesa matlhakore a dithaba. Go farologana le kwa ditoropong tse di kgotlhaganeng, dijalo tse dintsi tse ditala tse di kwa nageng le kwa dithabeng eleruri di a lapolosa. Tota e bile ke sone se se neng sa dira gore motho wa ntlha go tswa kwa Bophirima yo o neng a bona setlhaketlhake seno a tlhophe go se bitsa Ilha Formosa, kgotsa “Setlhaketlhake se Sentle.”

Ee, Taiwan ke setlhaketlhake se sentle mme se le sennye—se se boleele jwa dikilomitara di le 390 fela le bophara jwa dikilomitara di ka nna 160 mo dintlheng tsa sone tse di bulegileng thata. Karolo e kgolo ya setlhaketlhake seno ke dithaba tse di goletseng kwa godimo. Yü Shan (Thaba ya Morrison) e kwa godimo go gaisa Thaba ya Fuji ya Japane kgotsa Thaba ya Cook ya New Zealand. Go dikologa dithaba tseno tse dikgolo le go ela kwa lewatleng go na le dipoa tse ditshesane gaufi le dintshi tsa lewatle, tse di tlhanaselang ka batho ba Taiwan, ba jaanong ba fetang dimilione di le 22 kgakala.

Mofuta o Mosha wa Koketsego

Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o mosha wa koketsego o o nnang o ntse o bonala ka metlha kwa Taiwan—koketsego ya semoya. O kgona go e bona fa o leba tlhoafalo e batho ba teng, ba bannye le ba bagolo, ba e bontshang fa ba simolola go itse Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa. Go kgatlha tota go bona palo ya ba ba dirang ka tlhoafalo go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe e ntse e oketsega.

Koketsego eno e dira gore go tlhokege katoloso. Ka December 1990, go ne ga rekwa setsha gore go kgone go agiwa ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Lefelo le ba neng ba le mo go lone pele, le le neng le le kwa Taipei, le ne le setse le le lennye thata gore le ka dirisiwa go tlhokomela tiro ya baboledi ba Bogosi ba le 1 777 kwa Taiwan ka nako eo. Morago ga dingwaga di le mmalwa baithaopi ba dingwaga tsotlhe ba ba direlang kwa dinageng di sele le ba gone kwa Taiwan ba ntse ba dira ka natla, lefelo le lesha le lentle kwa Hsinwu le ne le siametse gore le ka dirisiwa ka August 1994. Ka nako eo go ne go na le ba le 2 515 ba ba neng ba kopanela mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Gone jaanong, morago ga dingwaga tse di fetang di le lesome, palo eno e menagane sebedi, ka baboledi ba feta ba le 5 500, mme kgwedi le kgwedi mo e ka nnang kotara e le nngwe ya palo eo e kopanela mo tirong ya go rera ya nako e e tletseng. Ba motho a kgonang go ba ela tlhoko ka tsela e e kgethegileng ke banna le basadi ba babotlana ba ba tshwanang le “marothodi a monyo” a moso a a lapolosang.—Pesalema 110:3.

Kgolo ya Semoya Mo go Ba Basha

Bontsi jwa baboledi ba ba tlhoafetseng ba dikgang tse di molemo ke ba ba sa ntseng ba le basha thata. Bangwe ba bone ke barutwana kwa dikolong. Ka sekai, kwa torotswaneng nngwe kwa bokone jwa Taiwan, banyalani bangwe ba ne ba laleditswe go tla lekgetlho la ntlha kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, koo Basupi ba ga Jehofa ba ithutang go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele gone. Banyalani bano ba ne ba kgatlhwa thata ke go bona mosimanyana yo monnye, Weijun, kwa seraleng, a bala Baebele ka botswerere thata go feta bagolo ba le bantsi. Mme mo pokanong e nngwe e ba neng ba ya kwa go yone, ba ne ba kgatlhegile tota go bona gore tota le bana ba ba tsenang keretšhe ba kgona go arabela bontle jaana mo dipokanong. Banyalani bano ba ne ba tlhalosa kafa bana ba babotlana ba neng ba itshwere sentle ka teng kwa Holong ya Bogosi.

Ke ka ntlha yang fa basha bano ba tlhoafetse jaana mo go ithuteng ka Baebele mo nageng eno e e tletseng thata ka bodumedi jwa Bobuda le bo-Tao? Ke ka gonne batsadi ba bone ba Bakeresete ba ile ba dirisa melaometheo ya Baebele mme ba ile ba aga botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa jo bo dirang gore kamano ya bone le Jehofa e nne sone selo se segolo thata mo go bone. Ka gonne batsadi ba ga Weijun ba leka go dira gore thuto ya bone ya Baebele le bodiredi jwa tshimo e nne dilo tse ba di itumelelang, bomogolowe e setse e le Basupi ba ba kolobeditsweng. Bosheng jaana fa Weijun a ne a kopa go kopanela mo tirong ya go rera phatlalatsa, mmaagwe o ne a tlhalosa gore mosimanyana yono mo kgweding eo o ne a setse a tsamaisitse dimakasine tse dintsi go feta tsa ba bangwe botlhe mo lelapeng di kopantswe. Ga go na pelaelo gore o itumelela go tlotla ka boammaaruri, go akgela kwa dipokanong, le go bolelela ba bangwe se a ithutileng sone.

Fa ba Ntse ba Gola

Basha bano ba dira jang fa ba ntse ba gola? Ba le bantsi ba bone ba tswelela go nna ba bontsha go rata Jehofa le bodiredi ka lorato lwa mmatota. Ka sekai, Huiping ke moithuti. Letsatsi lengwe motlhatlheledi wa bone o ne a umaka gore batho ba bodumedi bongwe ga ba amogele madi mme o ne a sa itse gore ke bomang. Morago ga tlelase eo, Mokeresete yono yo mmotlana o ne a tlhalosetsa motlhatlheledi wa gagwe gore batho bao ke Basupi ba ga Jehofa a ba a mo tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa ba tsaya kgato eo.

Motlhatlheledi yo mongwe ene o ne a bontsha bidio e e neng e bua ka malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Bidio eno e ne ya umaka 1 Bakorintha 6:9, mme motlhatlheledi yono ene a bo a re Baebele ga e nyatse go robalana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Le mo kgannyeng eno Huiping o ne a kgona go bolelela motlhatlheledi yono pono ya Modimo ka kgang eno.

Fa Shuxia, yo o mo tlelaseng e le nngwe le Huiping, a ne a baakanyetsa go dira pego ka thubakanyo ya mo lelapeng, Huiping o ne a mo naya makasine wa Tsogang! wa November 8, 2001, o kafa ntle o neng o na le setlhogo se se reng “Go Thusa Basadi ba ba Itewang” a ba a mo tlhalosetsa gore makasine ono o na le tshedimosetso e ntsi e e theilweng mo Baebeleng e e buang ka kgang eno. Fa nako e ntse e ile, Shuxia o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Gone jaanong ene le Huiping ba bolelela ba bangwe ka dikgang tse di molemo.

Bakeresete ba le bantsi ba go fitlhela go se motlhofo go itsiwe e le batho ba ba tshelang ka melaometheo ya Baebele. Go ntse jalo bogolo jang kwa ditoropong tse dinnye tsa kwa magaeng. Zhihao o ne a tshwanelwa ke go lebana le bothata jwa go tshegwa ke dithaka tsa gagwe ka ntlha ya tumelo ya gagwe le tiro ya go rera. O bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore ke direng ka gonne ke ne ke tshaba go kopana le bana ba ke tsenang le bone sekolo fa ke le mo bodireding. Ka dinako tse dingwe, go ne go nna le ba le lesome ba ba neng ba ntshotla!” Letsatsi lengwe morutabana o ne a abela Zhihao go neela puo mo tlelaseng ka bodumedi jwa gagwe. “Ke ne ka swetsa ka gore ke simolole puo ya me ka go bua ka Genesise kgaolo 1 mme ka tlotla ka dipotso tse di tshwanang le: Ke mang yo o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone? Mme go tlile jang gore motho a nne gone? E ne ya re fela fa ke simolola go bala Dikwalo, bangwe ba simolola go ntshega, ba re ke a tlhola. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ka ba ka ya go wetsa puo ya me. Morago ga moo, ke ne ka bona sebaka sa go bua le bangwe ba bana ba ke tsenang sekolo le bone ka tiro ya rona le ka tumelo ya rona. Jaanong, fa ba mpona ke le mo bodireding, ga ba tlhole ba ntshega!”

Zhihao o tswelela jaana: “Ka gonne batsadi ba me e le Basupi, re tlotla ka temana ya letsatsi moso mongwe le mongwe. Gape re ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Ke gone ka moo ke kgonang go lebana le mongwe le mongwe yo o ka nnang a bo a sa ntse a batla go ntshotla fa ke leka go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele jo bo lapolosang.”

Tingmei ke moithuti kwa sekolong sa thekenikone sa basetsana. Nako nngwe o ne a lalediwa go ya pikiniking le bangwe ba bana ba a tsenang sekolo nabo mmogo le basimane ba bangwe ba ba kwa sekolong se sengwe sa basimane. O ne a kgona go bona kotsi e e tlileng go nna teng mo go tsa boitshwaro mo pikiniking eno mme a swetsa ka gore a se ka a ya. O ne a nna a lalediwa makgetlo a le mmalwa, le mororo a ne a tle a tlotle le basetsana bano ka dintlha tse di mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. * Basetsana bano ba ne ba mo sotla, ba re o siilwe ke dinako. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga bonala botlhale jwa go tshela ka melaometheo ya Baebele fa mongwe wa basetsana bano a ima a bo a ntsha mpa. Tingmei a re: “Go dira se Jehofa a reng re se dire go dirile gore ke nne le segakolodi se sentle. Ka ntlha ya moo, ke nna ke itumetse e bile ke kgotsofetse thata.”

Go Fenya Mathata a a Kgoreletsang Koketsego

Mongwe wa ditsala tse dikgolo thata tsa ga Tingmei ke Ruiwen. Fa Ruiwen a sa ntse a le mmotlana, o ne a lapisiwa thata ke kgang ya gore ba tshwanelwa ke go nna ba ya dipokanong tsa Bokeresete le go kopanela mo bodireding jwa tshimo. Le fa go ntse jalo, fa a bona lorato lwa mmatota lwa ba ba mo phuthegong ya ga bone, a lo bapisa le lorato lwa menomasweu a bolaya a tshega lwa ba a neng a tsena sekolo le bone, o ne a lemoga gore o tshwanetse go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gagwe. Ruiwen o ne a simolola go rerela bana ba a tsenang sekolo le bone mme go ise go ye kae o ne a kgona go bona sentle se a tshwanetseng go se dira. O ne a simolola go nna mmulatsela yo o thusang, a dirisa diura tse di fetang 50 ka kgwedi mo bodireding. Go tswa foo a nna mmulatsela wa ka metlha, a dirisa diura tse di fetang tse 70 ka kgwedi mo bodireding. Ruiwen o tlhalosa jaana: “Ga ke kgone go tlhalosa ka tsela e ke lebogang Jehofa ka yone. Ga a ka a ntlhoboga. Le mororo ke ne ke dira dilo tse di neng di mo swabisa, o ne a sa ntse a nthata. Mmè le ba bangwe mo phuthegong le bone ba ne ba nthata ka tsela e e tshwanang. E re ka jaana ke tshwara dithuto di le tlhano tsa Baebele, ke bona ke kopanetse mo tirong e e kgotsofatsang thata.”

Kwa sekolong sengwe se segolo kwa motseng mongwe o o kwa magaeng, bana ba le babedi ba Basupi ba ne ba abetswe go ya go emela sekolo sa bone kwa kgaisanong nngwe ya tanse ya setso. E ne ya re fa basha bano ba Basupi ba utlwa gore e tla bo e le kgaisano ya mofuta mang, ba ne ba bona gore go kopanela mo go yone go ne go tlile go thulana le digakolodi tsa bone tsa Bokeresete. Fa ba leka go tlhalosa ntlha ya bone le go kopa gore ba se ka ba kopanela mo kgaisanong eno, kopo ya bone e ne ya se ka ya amogelwa. Go na le moo, barutabana ba ne ba ba bolelela gore ka gonne ba ne ba abetswe, ba ne ba tshwanetse go ya. E re ka basha bano ba Basupi ba ne ba sa batle go feleletsa ba dirile selo se se thulanang le digakolodi tsa bone, ba ne ba bula mo atereseng ya Internet ya lephata la thuto mme ba romela lekwalo le le neng le tlhalosa bothata jwa bone. Le mororo basha bano ba sa ka ba romelelwa ka tlhamalalo dikarabo, go ise go ye kae sekolo seno se ne sa bolelelwa gore se se ka sa pateletsa ope go kopanela mo kgaisanong eno. A bo basha ba babedi bano ba ne ba itumela jang ne go bona gore thapiso ya Baebele e ba neng ba e neilwe ga se fela gore e ne ya aga digakolodi tsa bone mme gape e ne ya ba thusa go ema ba nitame mo go direng se se siameng!

Tota le ba ba golafetseng mo mmeleng ba itumelela thata go bolelela ba bangwe tsholofelo ya bone e e mo Baebeleng. Minyu o tsetswe a ntse a golafetse. E re ka a sa kgone go dirisa matsogo a gagwe, o dirisa leleme la gagwe go phetlha ditemana tsa Baebele. Fa a neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kwa Holong ya Bogosi, o rapama mo sekanamelong se se kwa tlase mme mothusi wa gagwe o nna mo setulong se se kwa tlase a bo a mo tshwarela maekerofouno. Go kgothatsa jang go bona maiteko a Minyu a a dirang fa a baakanyetsa dipuo tseno!

Fa Minyu a ne a batla go nna mmoledi wa Bogosi, bokgaitsadi bangwe mo phuthegong ba ne ba ithuta gore ba ka neela jang bosupi ka thelefouno gore ba kgone go mo thusa. O tobetsa dinomoro tsa mogala ka leleme la gagwe mme bokgaitsadi ba mo thusa go boloka direkoto tsa batho ba a buisanang le bone. O itumelela tiro eno thata jaana mo e leng gore o kile a bo a nna mmulatsela yo o thusang, a dirisa diura di le 50 go ya go di le 60 kgwedi le kgwedi a bua le ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo ka founo. O bone bangwe ba ba amogelang dibuka tsa Baebele mme ba mo letla go dira maeto a go boela. Gone jaanong o tshwara dithuto tsa Baebele di le tharo le batho ba a kopaneng le bone ka tsela eno.

Ee, fela jaaka marothodi a monyo a a lapolosang, banna bano—le basadi—ba babotlana mo diphuthegong di le 78 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Taiwan ba leretse dimilionemilione tsa batho ba ba mo setlhaketlhakeng seno se se tlhanaselang dikgang tse di molemo tse di tshedisang tsa Bogosi, mme ba dira seno ka boitumelo le ka tlhoafalo. Eno ke karolo e nnye fela ya go diragadiwa ga boporofeti jono jwa Baebele mo lefatsheng lotlhe: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, o na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.” (Pesalema 110:3) A bo basha bano ba le kgothatso jang ne mo badiring mmogo le bone ba ba godileng, mme se se fetang seo, a bo ba itumedisa Rraabone yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo, jang ne!—Diane 27:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

GO TLHOKEGA DIHOLO TSE DINGWE TSA BOGOSI

Ka jaana go na le koketsego e kana kwa Taiwan, go tlhoka Diholo tse dingwe tsa Bogosi ke bothata jo bogolo. Ka ntlha yang? Ka gonne kwantle ga kwa magaeng mangwe, go batla go se na naga e e tshwanelang gore go ka agiwa Diholo Tsa Bogosi mo go yone. Mo godimo ga moo, o tlhoka go duela madi a mantsi thata go reka naga, mme le melao ya go abiwa ga naga le yone e gagametse thata. Kwa ditoropong tse dikgolo, selo se sengwe fela se se ka dirwang ke go reka se pele e neng e le diofisi mme ba bo ba di fetola go di dira Diholo Tsa Bogosi. Mme le fa go ntse jalo, diofisi di le dintsi di na le siling e e kwa tlase thata, diphuthego tse di dirisang mafelo ao di tshwanelwa ke go ntsha madi a mantsi gore mafelo ao a tlhokomelwe sentle, go nna le bothata jwa gore go na le thulaganyo e e gagametseng thata ya tshireletsego, le dilo tse dingwe tse di dirang gore di se ka tsa tshwanelegela go dirisiwa jaaka Diholo Tsa Bogosi.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, Basupi ba ga Jehofa kwa Taiwan ba ile ba kgona go ikagela Diholo Tsa Bogosi tse disha di le mmalwa. Basupi ba sa ntse ba tswelela ba batla ditsha tse dingwe tse ba ka di dirisang go aga Diholo Tsa Bogosi, fa ba ntse ba bontsha ka meneelo ya bone le ka go godisa bokgoni jwa bone mo go tsa kago gore ba rata go tlhokomela maikarabelo a go tlhokomela ditshenyegelo tsa tsone.