Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”

“Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”

“Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”

“Tumelo ya Katoliki e bua ka Dilo Tsa Bofelo Tse Nnè: Loso, Katlholo, Dihele, Legodimo.”—Catholicism, e e kwadilweng ke George Brantl.

ELA TLHOKO gore mo lenaaneng leo la dilo tse go tweng di tla diragalela batho, lefatshe ga le umakiwe. Seo ga se gakgamatse ka gonne Kereke ya Katoliki, jaaka madumedi a mangwe a mantsi, e dumela gore letsatsi lengwe lefatshe le tlile go senngwa. Dictionnaire de Théologie Catholique e tlhalosa seno sentle kafa tlase ga setlhogo se se reng “Bokhutlo Jwa Lefatshe”: “Kereke ya Katoliki e dumela e bile e ruta gore lefatshe la gone jaanong, jaaka Modimo a le bopile le jaaka le le teng, le ka se nnele teng ruri.” Katekasima ya bosheng ya Katoliki gape ya re: “Lefatshe la rona . . . le tlile go nyelela.” Mme fa e le gore lefatshe le tlile go nyelela, ke eng se se tla diregang ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng tsa gore lefatshe le tla nna paradaise?

Baebele e bua ka paradaise e e tla nnang teng mo lefatsheng. Ka sekai, moporofeti Isaia o ne a tlhalosa lefatshe le banni ba lone jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.” (Isaia 65:21, 22) Bajuda, ba Modimo a neng a ba solofeditse dilo tseno, ba ne ba tlhomamisegile gore letsatsi lengwe Lefatshe le le Solofeditsweng—tota e bile, lefatshe lotlhe—le ne le tla nna paradaise e batho ba neng ba tla itumelela go nna mo go yone ka bosakhutleng.

Pesalema 37 e tlhomamisa tsholofelo eo. “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pesalema 37:11) Temana eno ga e bue ka go busediwa ga nakwana ga setšhaba sa Baiseraele kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Yone pesalema eo gape ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) * Ela tlhoko gore pesalema ya re botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ke tuelo ya “ba ba pelonolo.” Mo Baebeleng nngwe ya Sefora, go na le kakgelo mo temaneng eno e e reng lefoko “pelonolo” “le na le bokao jo bogolo go feta tsela e le ranolwang ka yone; le akaretsa batho ba ba seng sego, ba ba sotliwang kgotsa ba ba bogisiwang ka ntlha ya leina la ga Jehofa, batho ba ba dipelo di ikokobeditseng ba ba ikobelang Modimo.”

A e Tla Nna Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a dira tsholofetso e e re gopotsang ditemana tse di nopotsweng fa godimo: “Go sego ba ba bonolo ka gonne ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5, Revised Standard Version) Go bonala gape gore lefatshe le tshwanetse go nna tuelo ya bosakhutleng ya batho ba ba ikanyegang. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe sentle gore o ba baakanyetsa bonno “mo ntlong ya ga [Rraagwe]” le gore ba ne ba tla nna le ene kwa legodimong. (Johane 14:1, 2; Luke 12:32; 1 Petere 1:3, 4) Ka jalo, re tshwanetse go tlhaloganya jang ditsholofetso tsa masego a a tla nnang teng mo lefatsheng? A tota masego ao a sa ntse a tla tla, mme a tla tlela bomang?

Bakanoki ba le mmalwa ba Baebele ba re “lefatshe” le le umakiwang mo Therong ya ga Jesu ya mo Thabeng le le go buiwang ka lone mo Pesalema 37 ke lefatshe la tshwantshetso. F. Vigouroux mo dikakgelong tsa gagwe mo Bible de Glaire o ne a tlhaloganya ditemana tseno e le “tshwantshetso ya legodimo le ya Kereke.” M. Lagrange, mmatlisisi wa Baebele wa Mofora ene a re masego ano “ga se tsholofetso ya gore batho ba ba bonolo ba tla rua lefatshe le ba nnang mo go lone go sa kgathalesege gore a ke kafa tlase ga tsamaiso ya gone jaanong kana mo lefatsheng le le siameng le le tlang, mme tsholofetso eno e raya gore batho ba ba bonolo ba tla rua lefelo lengwe, go sa kgathalesege gore lefelo leo le tla bo le le kae, e leng bogosi jwa magodimo.” Mmatlisisi yo mongwe ene a re ke “tsela ya tshwantshetso ya go bua ka legodimo.” Mme ba bangwe bone ba re “lefatshe la tsholofetso, la Kanana le tsewa e le la tshwantshetso le emela legae kwa legodimong, bogosi jwa Modimo, le le tla ruiwang ke ba ba bonolo. Pesalema 37 le dikarolo tse dingwe tsa Baebele le tsone di a bo di kaya sone seo.” A mme re tshwanetse go potlakela go kgaphela kwa thoko lefatshe la mmatota le Modimo a le solofetsang?

Maikaelelo a Bosakhutleng ka Lefatshe

Kwa tshimologong, lefatshe le ne le amanngwa ka tlhamalalo le maikaelelo a Modimo ka batho. Mopesalema o ne a re: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Ka jalo, maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong ka batho a amana le lefatshe, e seng legodimo. Jehofa o ne a laela banyalani ba ntlha ba babedi gore ba atolose tshingwana ya Edene mme e anamele mo lefatsheng lotlhe. Maikaelelo ao e ne e se a nakwana. Jehofa mo Lefokong la gagwe o tlhomamisa gore lefatshe le tla nnela ruri: “Kokomana e a tsamaya, e bile kokomana e a tla; mme lefatshe le eme ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4; 1 Ditiragalo 16:30; Isaia 45:18.

Ditsholofetso tsa Modimo ga di ke di itaya sefololetse ka gonne ene ke Mogodimodimo mme o tlhomamisa gore di a diragadiwa. Baebele e tlhalosa kafa go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo go tlhomameng ka teng, mme e dira seno ka go dirisa modikologo wa tlholego wa metsi: “Gonne fela jaaka pula e e nang e fologa, le kapoko, e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe e dira gore le tlhagise maungo le bo le tlhogise, . . . lefoko la me [Lefoko la Modimo] le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” (Isaia 55:10, 11) Modimo o solofetsa batho dilo dingwe. Go ka feta lobaka lo lo rileng lwa nako ditsholofetso tseo di ise di diragadiwe, mme le ka motlha ga di ke di itaya sefololetse. Di “boela” mo go ene di diragaditse sotlhe se a se buileng.

Jehofa ruri o ne a ‘itumelela’ go direla batho lefatshe. Kwa bokhutlong jwa letsatsi la borataro la popo, o ne a re sengwe le sengwe se ne se le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Go fetolwa ga lefatshe gore e nne paradaise e e tlileng go nnela ruri ke karolo ya maikaelelo a Modimo a a iseng a diragadiwe. Le fa go ntse jalo, ditsholofetso tsa Modimo ‘ga di kitla di boela mo go ene di se na matswela.’ Ditsholofetso tsotlhe tsa botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng, mo batho ba tla tshelelang ruri ka kagiso le pabalesego di tla diragadiwa.—Pesalema 135:6; Isaia 46:10.

Ruri Boikaelelo Jwa Modimo bo Tla Diragadiwa

Boleo jwa batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, bo ne jwa kgoreletsa maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong a go dira lefatshe paradaise. Fa ba sena go tlhoka kutlo ba ne ba lelekwa mo tshingwaneng. Ka jalo ba ne ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna le seabe mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo a gore batho ba ba itekanetseng ba tshele mo lefatsheng la paradaise. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a rulaganya dilo gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Jang?—Genesise 3:17-19, 23.

Boemo kwa Edene bo ne bo tshwana le jwa monna yo o simololang go aga ntlo mo setsheng se sentle. Fela fa a sena go thaya motheo, go tla mongwe a bo a o senya. Go na le gore monna yono a phuaganye se a batlang go se dira, o dira maiteko a gore a fetse ntlo eo. Le fa go ka tlhokega gore a dirise madi a mantsi gore a kgone go dira tiro eo, seo ga se reye gore ga go tlhole go le botlhokwa gore a feleletse se a se simolotseng.

Ka tsela e e tshwanang, Modimo o dirile dithulaganyo tsa gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Fela fa batsadi ba rona ba ntlha ba sena go leofa, o ne a tlhalosa gore bana ba bone ba ne ba ka nna le tsholofelo e leng “losika” lo lo neng lo tla dirolola tshenyo yotlhe e e neng e setse e dirilwe. Fa boporofeti jono bo ne bo diragadiwa, karolo ya konokono ya losika lono e ne ya itshupa e le Morwa Modimo, Jesu, yo o neng a tla mo lefatsheng mme a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a rekolole batho. (Bagalatia 3:16; Mathaio 20:28) Fa Jesu a sena go tsosediwa kwa legodimong o ne a nna Kgosi ya Bogosi jono. Ke ene wa ntlha yo o bonolo yo o ruang lefatshe mmogo le batho ba ba ikanyegang ba ba tlhophilweng ba ba tsosediwang kwa legodimong gore e nne babusi mmogo le ene mo Bogosing jono. (Pesalema 2:6-9) Fa nako e ntse e ya, puso eno e tla laola dilo mo lefatsheng gore boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa go fetola lefatshe paradaise bo diragadiwe. Batho ba bangwe ba bantsintsi ba ba bonolo ba “rua lefatshe” ka tsela ya gore ba tla solegelwa molemo ke go busiwa ke Bogosi jono jo mo go jone go tla bong go busa Jesu Keresete le ba ba tla busang mmogo le ene.—Genesise 3:15; Daniele 2:44; Ditiro 2:32, 33; Tshenolo 20:5, 6.

“Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”

Poloko eno e motho a ka e bonang mo mafelong a mabedi a a sa tshwaneng, kwa legodimong le mo lefatsheng, e umakiwa mo ponatshegelong e e neng ya bonwa ke moaposetoloi Johane. O ne a bona dikgosi tse di neng di tlhophilwe mo barutweng ba ba ikanyegang ba ga Keresete di le mo ditulong tsa bogosi. Baebele e bua ka tlhamalalo gore bano ba ba tla busang le Keresete “ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” (Tshenolo 5:9, 10) Ela tlhoko gore maikaelelo a Modimo a diragadiwa ka ditsela tse pedi—lefatshe le le tsosolositsweng le le tla bong le eteletswe pele ke Bogosi jo bo kwa legodimong jwa ga Jesu Keresete le baruaboswa mmogo le ene. Dilo tseno tsotlhe tse di rulagantsweng ke Modimo di dira gore kgabagare lefatshe le nne Paradaise go ya ka maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong.

Jesu mo thapelong ya gagwe ya sekao, o ne a kopa barutwa ba gagwe gore ba rapelele gore thato ya Modimo e dirwe “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) A mafoko ano a ne a tla bo a utlwala fa lefatshe le ne le ka nyelela kgotsa fa e ne e le gore le tshwantshetsa fela legodimo? Gape a a ne a ka utlwala fa e le gore batho botlhe ba ba siameng ba ne ba ya legodimong? Thato ya Modimo ka lefatshe e bonala sentle mo Baebeleng, go simolola ka nako ya popo go tla go fitlha mo diponatshegelong tsa buka ya Tshenolo. Lefatshe le tlile go nna se Modimo a neng a ikaeletse gore le nne sone—paradaise. Eno ke thato ya Modimo e a solofetsang gore o tla e diragatsa. Batho ba ba ikanyegang mo lefatsheng ba rapelela gore thato eo e diragadiwe.

Maikaelelo a kwa tshimologong a Mmopi, Modimo yo o sa “fetogang” ke gore go nne le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Malaki 3:6; Johane 17:3; Jakobe 1:17) Makasine ono wa Tora ya Tebelo o ntse o tlhalosa dikarolo tse pedi tsa go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo, ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le lekgolo. Seno se re thusa go tlhaloganya ditsholofetso tse di fitlhelwang mo Baebeleng tse di malebana le go tsosolosiwa ga lefatshe. Re go kopa gore o tlhatlhobe kgang eno go ya pele, mme o ka dira seno ka go tshwara metlotlo le Basupi ba ga Jehofa kana ka go ikgolaganya le bagatisi ba makasine ono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Le fa dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola lefoko ‘eʹrets di re ke “naga” go na le gore di re “lefatshe,” ga go na lebaka la go dumela gore lefoko ‘eʹrets le le mo go Pesalema 37:11, 29 le bua fela ka naga e e neng e neilwe setšhaba sa Iseraele. Old Testament Word Studies e e kwadilweng ke William Wilson e tlhalosa ‘eʹrets e re ke “lefatshe lotlhe, dikarolo tsa lone tse go nniwang mo go tsone le tse go ka se nniweng mo go tsone; mme fa le dirisiwa go kaya se tota le se rayang le tshwantshetsa karolo nngwe ya lefatshe kana ya naga.” Bokao jwa ntlha le jwa konokono jwa lefoko la Sehebera ke polanete ya rona, kana kgolokwe e e leng lefatshe.—Bona Tora ya Tebelo ya January 1, 1986, tsebe 31.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Baebele ya re mo isagweng lefatshe le tla nna Paradaise

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A thapelo ya ga Jesu ya sekao e ne e tla bo e utlwala fa e le gore lefatshe le ne le tlile go nyelela?