Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Utlwile ka Boitshoko Jwa ga Jobe”

“Lo Utlwile ka Boitshoko Jwa ga Jobe”

“Lo Utlwile ka Boitshoko Jwa ga Jobe”

“Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.”—JAKOBE 5:11.

1, 2. Banyalani bangwe ba kwa Poland ba ne ba lebana le teko efe?

HARALD ABT o ne a ise a digele ngwaga e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa masole a ga Hitler a ne a gapa motse wa Danzig (e jaanong e leng Gdańsk) kwa bokone jwa Poland. Mme dilo di ne tsa simolola go nna thata, ee go nna kotsi, mo Bakereseteng ba boammaaruri koo. Ba-Gestapo ba ne ba leka go pateletsa Harald go saena pampiri e e tlhalosang gore o itatola tumelo, mme o ne a gana. Morago ga dibeke di se kae Harald a le mo kgolegelong, o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen, kwa a neng a nnela go tshosediwa le go itewa teng. Motlhankedi mongwe o ne a supa sentshamosi sa lefelo le go fisediwang batho mo go lone mme a raya Harald a re, “Fa o sa tlogele tumelo ya gago, mo malatsing a le 14 o tla bo o tlhatlogela kwa go Jehofa wa gago fale.”

2 Fa Harald a ne a tshwarwa, mosadi wa gagwe e bong Elsa o ne a sa ntse a anyisa mosetsanyana wa bone wa dikgwedi tse di lesome. Mme Ba-Gestapo ga ba a ka ba tlogela Elsa. Go ise go ye kae, ba ne ba tsaya ngwana wa gagwe mme ene ba mo romela kwa kampeng e go neng go bolaelwa batho kwa go yone kwa Auschwitz. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go tswelela a tshela ka dingwagangwaga, fela jaaka Harald. Fa o bala makasine wa Tora ya Tebelo wa April 15, 1980, (ka Seesemane) o tla utlwa mo go oketsegileng kafa ba ileng ba itshoka ka teng. Harald o ne a kwala jaana: “Ke ntse dingwaga di le 14 tsa botshelo jwa me mo dikampeng tsa pogisetso le mo dikgolegelong ka ntlha ya go dumela mo Modimong. Batho ba a tle ba mpotse ba re: ‘A mosadi wa gago o ne a go thusa go itshokela sotlhe seno?’ Ee ruri! Go tswa fela kwa tshimologong, ke ne ke itse gore a ka se ka a itatola tumelo ya gagwe, mme go itse seo go ne ga nnonotsha. Ke ne ke itse gore a ka mpa a mpona ke sule ke ikanyega go na le go itse gore ke ne ke golotswe ka gonne ke latotse tumelo. . . . Elsa o ne a itshokela mathata a mantsi mo dingwageng tsa fa a le mo dikampeng tsa pogisetso kwa Jeremane.”

3, 4. (a) Ke dikai tsa bomang tse di ka kgothatsang Bakeresete go itshoka? (b) Ke ka ntlha yang fa Baebele e re rotloetsa go sekaseka ditiragalo tsa ga Jobe?

3 Ga go motlhofo le e seng go itshokela go direlwa bosula, jaaka Basupi ba le bantsi ba ka bolela. Ka lebaka leo, Baebele e gakolola Bakeresete botlhe jaana: “Tsayang baporofeti e le sekao sa go boga bosula le go bontshiwa ga bopelotelele, bone ba ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa.” (Jakobe 5:10) Mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ile ba bogisiwa kwantle ga lebaka. Dikai tse di tlhomilweng ke ‘leru le legolo leno la basupi’ di ka re kgothatsa gore re tswelele pele re taboga lobelo lwa rona lwa Bokeresete ka boitshoko.—Bahebera 11:32-38; 12:1.

4 Mo pegong ya Baebele, Jobe ruri ke sekai se se molemo sa boitshoko. Jakobe o ne a kwala jaana: “Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Se se diragaletseng Jobe se re bontsha go se kae fela gore batho ba ba ikanyegang ba Jehofa a ba segofatsang ba tla duelwa jang. Sa botlhokwa le go feta, se senola dithuto tsa boammaaruri tse di tla re solegelang molemo ka dinako tsa mathata. Buka ya Jobe e re thusa go araba dipotso tseno: Fa re lekwa, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa tse di amegang mo kgannyeng eo? Ke dinonofo dife le maikutlo a a re thusang go itshoka? Re ka nonotsha jang Bakeresete ka rona ba ba bogang?

Go Tlhaloganya Dintlha ka Botlalo

5. Ke kgang efe ya botlhokwa e re tshwanetseng go nna re e gopotse fa re lebane le diteko kgotsa dithaelo?

5 Re tshwanetse go tlhaloganya dintlha ka botlalo gore re nne re itsetsepetse mo kobamelong fa re lebane le mathata. Go seng jalo, mathata a re nang le one a ka dira gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo kobamelong. Kgang ya go ikanyega mo Modimong e botlhokwa fela thata. Rraarona yo o kwa legodimong o re kopa sengwe se mongwe le mongwe wa rona a ka se akanyetsang: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) A tshiamelo e kgolo jang ne! Le fa re na le makoa e bile re sa itekanela, re ka ipedisa Mmopi wa rona. Re dira jalo fa lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo dira gore re kgone go itshokela diteko le dithaelo. Lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete lo itshokela dilo tsotlhe. Ga lo ke lo fela.—1 Bakorintha 13:7, 8.

6. Satane o kgoba Jehofa jang, mme ka selekanyo se se kae?

6 Buka ya Jobe e bontsha sentle gore Satane ke ene a kgobang Jehofa. Gape e senola kafa mmaba yono yo o sa bonaleng a leng bosula ka teng le kafa a eletsang ka teng go senya kamano ya rona le Modimo. Jaaka kgang ya ga Jobe e bontshitse, tota Satane o latofatsa batlhanka botlhe ba ga Jehofa a re ba na le maitlhomo a bopelotshetlha e bile o leka go supa gore lorato lo ba ratang Modimo ka lone lo ka tsidifala. O ntse a kgoba Modimo jalo ka diketekete tsa dingwaga. Fa Satane a ne a kobiwa kwa legodimong, lentswe le le tswang kwa legodimong le ne la mmitsa “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona” mme la re o ba latofatsa jalo “bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona.” (Tshenolo 12:10) Fa re itshoka ka boikanyegi, re ka bontsha gore ditatofatso tsa gagwe ke tsa maaka.

7. Re ka emelana sentle jang le makoa a mmele?

7 Re tshwanetse ra gopola gore Diabolo o tla leka go dirisa pitlagano epe fela e re lebanang le yone go leka go re tlhoboganya le Jehofa. O raetse Jesu leng? Ke fa Jesu a ne a tshwerwe ke tlala morago ga go itima dijo malatsi a le mantsi. (Luke 4:1-3) Le fa go ntse jalo, maatla a Jesu a neng a na le one ka ntlha ya kamano ya gagwe le Modimo a ne a mo thusa go gana dithaelo tsa ga Diabolo ka nitamo. A bo go le botlhokwa jang ne go dirisa maatla a kobamelo ya Modimo go lwantsha bokoa bope jwa mmele—e ka tswa bo bakilwe ke bolwetse kgotsa botsofe! Le fa “motho yo re leng ene kafa ntle a onala,” ga re ineele ka gonne “motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.”—2 Bakorintha 4:16.

8. (a) Maikutlo a a kgobang marapo a ka re koafatsa jang? (b) Jesu o ne a na le boikutlo bofe?

8 Mo godimo ga moo, maikutlo a a kgobang marapo a ka koafatsa maatla a re a bonang ka go obamela Modimo. Motho a ka ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letlelela seno?’ Yo mongwe a ka nna a ipotsa jaana morago ga go se tshwarwe sentle, ‘Ke eng fa mokaulengwe a ka ntshwara jaana?’ Maikutlo a a ntseng jalo a ka dira gore re tlhokomologe dikgang tsa botlhokwa mme re tlhome mogopolo fela mo dilong tse di re amang ka namana. Go lebega tsela e e phoso e balekane ba ga Jobe ba bararo ba neng ba bua ka yone e ne e mo kgoba marapo fela jaaka bolwetse jwa gagwe bo ne bo mo koafatsa mo mmeleng. (Jobe 16:20; 19:2) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore fa motho a nna a galefetse ruri a ka “naya Diabolo sebaka.” (Baefeso 4:26, 27) Mo boemong jwa go bontsha go kgobega marapo kgotsa go galefela batho kgotsa go akanya thata kafa sengwe se sa dirwang ka tshiamiso ka teng, Bakeresete ba ka solegelwa molemo thata fa ba etsa Jesu ka go “ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo,” e bong Jehofa Modimo. (1 Petere 2:21-23) Go nna le “tshekamelo eo ya mogopolo” ya ga Jesu go ka re thusa thata go emelana le ditlhaselo tsa ga Satane.—1 Petere 4:1.

9. Modimo o re tlhomamisetsa jang malebana le mekgweleo e re tshwanelwang ke go e rwala kgotsa dithaelo tse re lebanang le tsone?

9 Mo godimo ga tsotlhe, le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya mathata a rona e le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Modimo ga a re amogele. Go tsaya dilo ka tsela eo e e phoso go ile ga utlwisa Jobe botlhoko fa a ne a tlhasetswe ka mafoko a a botlhoko ke batho ba ba neng ba tshwanetse go mo gomotsa. (Jobe 19:21, 22) Baebele e re tlhomamisetsa ka mafoko ano: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Go fapaana le seo, Jehofa o re solofetsa gore o tla re thusa go itshokela mokgweleo le fa e ka nna ofe o o re welang a bo a re neye kgoro ya botso fa re wetswe ke thaelo epe fela. (Pesalema 55:22; 1 Bakorintha 10:13) Fa re atamela Modimo ka dinako tsa mathata, re ka leba seemo kafa tota se leng ka teng, mme ra kgona go ganetsa Diabolo.—Jakobe 4:7, 8.

Se se Ka re Thusang go Itshoka

10, 11. (a) Ke eng se se neng sa thusa Jobe go itshoka? (b) Go nna le segakolodi se se siameng go ne ga thusa Jobe jang?

10 Le fa Jobe a ne a le mo masetlapelong, e bile a gobololwa ke batho ba ba neng ba tshwanetse go mo gomotsa, a sa itse le gore tota ke mang yo o mmakelang masetlapelo, o ne a nna a bolokile bothokgami. Re ka ithuta eng mo boitshokong jwa gagwe? Kwantle ga pelaelo, lebaka la konokono le le mo thusitseng go atlega e ne e le go ikanyega ga gagwe mo go Jehofa. ‘O ne a boifa Modimo e bile a fapoga bosula.’ (Jobe 1:1) E ne e le tsela e a tshelang ka yone. Jobe o ne a gana go latlha Jehofa, tota le fa a ne a sa tlhaloganye lebaka la go bo dilo di ile tsa senyega ka tshoganyetso fela. Jobe o ne a dumela gore o tshwanetse go direla Modimo go le monate le go le bosula.—Jobe 1:21; 2:10.

11 Jobe gape o ne a gomodiwa ke go nna le segakolodi se se molemo. Ka nako e ka yone go neng go lebega e kete o a swa, o ne a gomodiwa ke go itse gore o ne a dirile sotlhe se a ka se kgonang go thusa batho ba bangwe, gore o ne a tshwareletse mo melaong ya ga Jehofa ya tshiamo, le gore o ne a kgonne go tila mefuta yotlhe ya kobamelo ya maaka.—Jobe 31:4-11.

12. Jobe o ne a tsibogela thuso ya ga Elihu jang?

12 Se se salang ke gore Jobe o ne a tlhoka thuso gore a baakanye tsela e a lebang dilo dingwe ka yone. Mme o ne a amogela thuso eo ka boikokobetso—e leng selo se sengwe se se neng sa mo thusa gore a kgone go itshoka. Jobe o ne a reetsa kgakololo e e mosola ya ga Elihu ka tlotlo, mme o ne a amogela fa Jehofa a mo kgalemela. O ne a dumela seo a re: “Ke ne ka bua, mme ke ne ke sa tlhaloganye. . . . Ke [boa] ka morago mo mafokong a me, mme ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.” (Jobe 42:3, 6) Le fa Jobe a ne a sa ntse a lwala, o ne a itumelela gore go baakanya tsela e a akanyang ka yone go ne go dirile gore a atamalane le Modimo. “Ke a itse gore [wena Jehofa] o kgona go dira dilo tsotlhe.” (Jobe 42:2) E re ka Jehofa a ne a tlhalosetsa Jobe bogolo jwa gagwe, o ne a kgona go tlhaloganya botoka gore o mo seemong sefe fa a bapisiwa le Mmopi.

13. Go nna pelotlhomogi go ne ga solegela Jobe molemo jang?

13 La bofelo, Jobe ke sekai se se molemo thata sa bopelotlhomogi. Bagomotsi ba gagwe ba maaka ba ne ba mo utlwisa botlhoko thata, mme fa Jehofa a re Jobe a ba rapelele, o ne a dira jalo. Morago ga moo, Jehofa o ne a fodisa Jobe. (Jobe 42:8, 10) Go bonala sentle gore go boloka sekgopi go ka se re thuse go itshoka, mme lorato le bopelotlhomogi tsone di ka re thusa. Go tlogela sekgopi go a re lapolosa gore re kgone go nonotshiwa ke kobamelo ya rona, mme fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa.—Mareko 11:25.

Bagakolodi ba ba Botlhale Ba ba Re Thusang go Itshoka

14, 15. (a) Ke dinonofo dife tse di tla thusang mogakolodi go fodisa ba bangwe? (b) Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Elihu a ile a kgona go thusa Jobe.

14 Thuto e nngwe e re ka e ithutang mo pegong ya ga Jobe ke mosola wa bagakolodi ba ba botlhale. Batho ba ba ntseng jalo ke barwarraamotho ba ba “tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Le fa go ntse jalo, jaaka se se diragaletseng Jobe se bontsha, bagakolodi ba bangwe ba ka utlwisa botlhoko go na le go fodisa. Mogakolodi yo o molemo o tshwanetse a nna pelotlhomogi, a nna tlotlo le bopelonomi, fela jaaka Elihu a ne a ntse. Bagolwane le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng ba ka nna ba tshwanelwa ke go baakanya tsela e bakaulengwe ba ba imetsweng ke mathata ba akanyang ka yone, mme bagakolodi bao ba ka ithuta go le gontsi mo bukeng ya Jobe.—Bagalatia 6:1; Bahebera 12:12, 13.

15 Go na le dilo tse dintsi tse di molemo tse re ka di ithutang mo tseleng e Elihu a neng a itshwara ka yone. O ne a reetsa ka lobaka lo loleele pele a tsibogela mafoko a a phoso a balekane ba bararo ba ga Jobe. (Jobe 32:11; Diane 18:13) Elihu o ne a dirisa leina la ga Jobe mme a bua le ene jaaka tsala. (Jobe 33:1) Elihu o ne a sa tshwane le bagomotsi ba maaka ba bararo, o ne a sa itseye a le kwa godimo ga ga Jobe. O ne a re: “Le nna ke ne ka bopiwa ka letsopa.” O ne a sa batle go oketsa go boga ga ga Jobe ka mafoko a a botlhoko. (Jobe 33:6, 7; Diane 12:18) Elihu ga a ka a tshwaya Jobe phoso ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jwa nako e e fetileng, mme o ne a mo akgolela tshiamo ya gagwe. (Jobe 33:32) Sa botlhokwa le go feta, Elihu o ne a leba dilo ka tsela ya Modimo, mme o ne a thusa Jobe go akanyetsa thata ntlha ya gore Jehofa a ka se ka a dira tshiamololo. (Jobe 34:10-12) O ne a kgothaletsa Jobe go letela Jehofa, go na le go leka go itlhalosa a le tshiamo. (Jobe 35:2; 37:14, 23) Ruri bagolwane ba Bakeresete le ba bangwe ba ka solegelwa molemo ke dithuto tse di jaaka tseno.

16. Balekane ba ga Jobe ba maaka ba bararo ba ne ba nna didirisiwa tsa ga Satane jang?

16 Kgakololo e e botlhale ya ga Elihu e farologane gotlhelele le mafoko a a botlhoko a ga Elifase, Biledade, le Sofare. Jehofa o ne a ba raya a re: “Ga lo a bua se se boammaaruri kaga me.” (Jobe 42:7) Tota le fa ba ne ba ka bolela gore ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, ba ne ba nna didirisiwa tsa ga Satane mo boemong jwa go nna balekane ba ba ikanyegang. Ka boraro jwa bone go tswa kwa tshimologong fela ba ne ba tsaya gore Jobe ka boene o ne a ipaketse masetlapelo. (Jobe 4:7, 8; 8:6; 20:22, 29) Go ya ka Elifase, Modimo ga a ikanye batlhanka ba gagwe, e bile ga a na sepe gore a re siame kgotsa nnyaa. (Jobe 15:15; 22:2, 3) Elifase o ne a ba a latofatsa Jobe ka dilo tse a neng a sa di dira. (Jobe 22:5, 9) Mme Elihu ene o ne a thusa Jobe gore a boe a lebe kobamelo ya Modimo ka tsela e e siameng, e leng jone boikaelelo jwa mogakolodi yo o lorato.

17. Re tshwanetse ra gopola eng fa re lekwa?

17 Go na le thuto e nngwe gape ka boitshoko e re ka e ithutang mo bukeng ya Jobe. Modimo wa rona yo o lorato o leba seemo sa rona mme o iketleeditse e bile a ka kgona go re thusa ka ditsela tse di farologaneng. Kwa tshimologong re badile ka maitemogelo a ga Elsa Abt. Akanya ka tshwetso e a ileng a e dira: “Pele ke tshwarwa, ke ne nkile ka bala lekwalo la kgaitsadi mongwe yo o neng a bolela gore fa a ne a lekwa thata moya wa ga Jehofa o ne wa dira gore a ritibale. Ke ne ka tsaya gore o tshwanetse a bo a feteletsa dilo go se kae. Mme fa go ne go lekwa nna, ke ne ka bona gore o ne a bua boammaaruri. Ruri go a direga. Fa go ise go go diragalele, ga o kgone go bona gore go ka direga jang. Mme tota go ile ga ntiragalela. Jehofa o a thusa.” Elsa o ne a sa bue ka sengwe se Jehofa a ka se dirang kgotsa ka se a ileng a se dira dimilione tsa dingwaga tse di fetileng mo motlheng wa ga Jobe. O ne a bua ka motlha wa rona. Ee, “Jehofa o a thusa!”

Go Itumela Motho yo o Itshokang

18. Jobe o ne a solegelwa molemo jang ke go itshoka?

18 Ke ba se kae fela ba rona ba ba tla tshwanelwang ke go bona dipitlagano tse di botlhoko jaaka tsa ga Jobe. Mme le fa tsamaiso eno ya dilo e ka re tlisetsa diteko dife, re na le mabaka a a utlwalang a go nna re na le bothokgami, fela jaaka Jobe. E bile tota, boitshoko bo ne jwa tokafatsa botshelo jwa ga Jobe. Bo ne jwa mo dira gore a itekanele, a felele. (Jakobe 1:2-4) Bo ne jwa nonotsha kamano ya gagwe le Modimo. Jobe o ne a tlhomamisa jaana: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.” (Jobe 42:5) Satane o ne a supiwa e le moaki ka gonne ga a ka a kgona go fedisa bothokgami jwa ga Jobe. Makgolo a dingwaga moragonyana, Jehofa o ne a sa ntse a umaka motlhanka wa gagwe Jobe e le mongwe wa batho ba ba tshiamo. (Esekiele 14:14) Pego ya gagwe ya bothokgami le boitshoko e tlhotlheletsa batho ba Modimo le gompieno.

19. Ke ka ntlha yang fa o akanya gore go itshoka go mosola?

19 Fa Jakobe a ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga kaga go itshoka, o ne a umaka kgotsofalo e e bakwang ke boitshoko. Mme o ne a dirisa sekai sa ga Jobe go ba gopotsa gore Jehofa o segofatsa fela thata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Jakobe 5:11) Re bala jaana mo go Jobe 42:12: “Fa e le Jehofa ene, a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” Modimo o ne a fa Jobe dilo tse di neng di mo latlhegetse go menagane gabedi, mme o ne a tshela botshelo jo boleele, a itumetse. (Jobe 42:16, 17) Ka tsela e e tshwanang, botlhoko bope, go boga kgotsa bohutsana bope jo re ka nnang le jone mo tsamaisong eno ya dilo bo tla fedisiwa go bo go lebalwe ka jone mo lefatsheng la Modimo le lesha. (Isaia 65:17; Tshenolo 21:4) Re utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe, mme re ititeile sehuba gore ka thuso ya ga Jehofa re etse sekao sa ga Jobe. Baebele e solofetsa jaana: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo, se Jehofa a neng a se solofetsa ba ba tswelelang ba mo rata.”—Jakobe 1:12.

O ka Araba Jang?

• Re ka ipedisa pelo ya ga Jehofa jang?

• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore mathata a rona a supa gore Modimo ga a re amogele?

• Ke dilo dife tse di neng tsa thusa Jobe go itshoka?

• Re ka etsa Elihu jang fa re nonotsha badumedi ka rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mogakolodi yo o molemo o pelotlhomogi, o na le tlotlo e bile o pelonomi

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Elsa le Harald Abt