Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tsofetse Mme ga a Golegwa

O Tsofetse Mme ga a Golegwa

O Tsofetse Mme ga a Golegwa

FA BOTSOFE bo iphile maatla, batho ba bantsi ba a koafala, mme ga ba tlhole ba kopana le batho ba bangwe mo setšhabeng. Go ne go sa nna jalo ka Fernand Rivarol yo o neng a tlhokafala a na le dingwaga di le 95 kwa Geneva, kwa Switzerland. O ne a nna a le esi ka gonne mosadi wa gagwe o ne a tlhokafetse mme morwadie yo o nyetsweng o ne a na le legae la gagwe. Le fa a ne a nna fela a le mo ntlong, o ne a sa jewe ke bodutu. Gantsi o ne a nna mo phaposing ya bojelo a le fa tafoleng a tshotse founu, mme a founela batho a bua le bone ka dilo tsa bodumedi.

Go na le nako nngwe mo botshelong jwa ga Fernand jo bo kgatlhang mo a neng a golegilwe ka tsela ya mmatota. Ka ntlha yang? Fela fa Fernand le mosadi wa gagwe ba sena go nna Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng ka 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa kwa Yuropa. Fernand o ne a ngaparela tshwetso ya gagwe e e neng e theilwe mo Baebeleng ya gore a se ka a gobatsa ope. Ka gonne a ne a dirile jalo, o ne a latlhegelwa ke tiro mme a tsenngwa mo kgolegelong makgetlho a le mmalwa—fa nako eo e kopane yotlhe ke dingwaga di le tlhano le sephatlo—mme ka nako eo o ne a kgaogantswe le mosadi wa gagwe le morwadie yo mmotlana.

Fa Fernand a bua ka dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng, a re: “Batho ba bantsi ba ne ba tsaya fela gore ke tlogetse tiro e e siameng, mme ke phuagantse lelapa la me. Batho ba ne ba ntlhoile e bile ba ntsaya ke le sekebekwa. Mme le fa go ntse jalo, fa ke akanya ka dingwaga tseo tse di boima, ke gakologelwa sentle thata kafa Jehofa a neng a re ema nokeng le go re thusa ka teng. Go setse go fetile dingwaga di le dintsi jaanong, mme ke sa ntse ke ikanya Jehofa thata fela jaaka ke ne ke mo ikanya ka nako eo.”

Go nna le tumelo jalo go ne ga dira gore Fernand a bolelele ba bangwe tsholofelo e a nang le yone e e tswang mo Baebeleng, a bua le bone ka founu. Fa a tlotlile monate le motho mongwe, o mo romelela dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Moragonyana o founela motho yoo gape gore a tlhole gore a o itumeletse go bala buka e a e mo romeletseng. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba kwala lekwalo la go leboga, mme seno se ne se mo itumedisa thata.

O ka nna wa kopana le mongwe yo o tshwanang le Fernand mo lefelong la gaeno. Go ka nna molemo gore o mo reetse gore o tle o itse se a se dumelang. Basupi ba ga Jehofa ka metlha ba itumelela go go bolelela se ba se dumelang.