Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Dikopo Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”

“A Dikopo Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”

“A Dikopo Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”

“Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”—BAFILIPI 4:6.

1. Ke mang yo re nang le tshiamelo ya go buisana le ene, mme ke eng fa seo se gakgamatsa?

FA O ne o ka kopa go bua le molaodi wa naga ya lona, o ne o tla newa karabo efe? O ne o ka nna wa arabiwa ka bopelonomi ke ofisi ya gagwe, le fa go ntse jalo gantsi go ka se ka ga direga gore o letlwe go bua le molaodi ka boene. Mme ga go a nna jalo ka Molaodi yo mogolo go ba gaisa botlhe, Jehofa Modimo, Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Re ka kgona go bua le ene gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe e re batlang ka yone. Dithapelo tse a di amogelang di ka mo fitlhelela ka dinako tsotlhe. (Diane 15:29) A selo se se itumedisang ruri! A go anaanela ga rona seno ga go a tshwanela ga re tlhotlheletsa go rapela ka metlha Ene yo ka tshwanelo a bidiwang gore ke “Moutlwi wa thapelo”?—Pesalema 65:2.

2. Ke eng se se tlhokegang gore Modimo a amogele dithapelo tsa rona?

2 Le fa go ntse jalo, mongwe a ka nna a botsa, ‘Modimo o amogela dithapelo tse di ntseng jang?’ Baebele e tlhalosa selo sengwe se se tlhokegang gore dithapelo di amogelege fa e re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Ee, jaaka fa go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, selo sa botlhokwa se se tlhokegang go atamela Modimo ke tumelo. Modimo o iketleeleditse go amogela dithapelo tsa batho ba ba mo atamelang, mme gone ba tshwanetse go dira jalo ka tumelo le ditiro tse di siameng le ka tlhoafalo le maikutlo a a siameng.

3. (a) Jaaka fa dithapelo tsa batlhanka ba bogologolo ba ba ikanyegang di bontsha, ke dilo dife tse re ka di akaretsang mo dithapelong tsa rona? (b) Ke mefuta efe ya dithapelo e e leng gone?

3 Moaposetoloi Paulo o ile a kgothatsa Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafilipi 4:6, 7) Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba itsise Modimo ditlhobaelo tsa bone. Bangwe ba batho bao ke Hana, Elija, Hesekia le Daniele. (1 Samuele 2:1-10; 1 Dikgosi 18:36, 37; 2 Dikgosi 19:15-19; Daniele 9:3-21) Re tshwanetse go etsa sekao sa bone. Ela tlhoko gape gore mafoko a ga Paulo a bontsha gore go na le mefuta e e farologaneng ya dithapelo. O umakile ditebogo, ke gore, thapelo e mo go yone re lebogang Modimo ka se a re direlang sone. Thapelo e e ntseng jalo e ka tswakanngwa le pako. Mokokotlelo, ke kopo e e dirwang ka boikokobetso le ka tlhoafalo. Mme gape re ka bolela dikopo tsa rona ka go kopa sengwe ka tlhamalalo. (Luke 11:2, 3) Rraarona wa kwa legodimong o letla gore re mo atamele ka epe fela ya ditsela tseno.

4. Lefa Jehofa a itse dilo tse re di tlhokang, ke eng fa re sa ntse re tshwanelwa ke go mo itsise dikopo tsa rona?

4 Bangwe ba ka nna ba botsa, ‘A Jehofa ga a itse dilo tsotlhe tse re di tlhokang le pele re di kopa?’ Ee, o a di itse. (Mathaio 6:8, 32) Ke eng he, fa a sa ntse a batla gore re mo atamele ka dikopo tsa rona? Akanya ka sekai seno: Mong wa lebenkele a ka nna a solofetsa bangwe ba bareki ba gagwe mpho nngwe. Lefa go ntse jalo, gore bareki bano ba nne le mpho eo, ba tshwanetse go tla kwa go mong wa lebenkele go tla go e tsaya. Ba ba sa batleng go tsaya matsapa a go ya kwa go ene go ya go tsaya mpho eo ba tla bo ba sa bontshe go e anaanela. Ka tsela e e tshwanang, fa re tlhokomologa go itsise Jehofa dikopo tsa rona ka thapelo, seo se bontsha go se anaanele dilo tse a re tlamelang ka tsone. Jesu o ile a re: “Kopang mme lo tla amogela.” (Johane 16:24) Fa re dira jalo, re bontsha gore re ikanya Modimo.

Re Tshwanetse go Atamela Modimo Jang?

5. Ke eng fa re tshwanetse go rapela ka leina la ga Jesu?

5 Jehofa ga a re beele melao e mentsi e e gagametseng ya kafa re ka mo rapelang ka teng. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itse tsela e e siameng ya go atamela Modimo, e e tlhalosiwang mo Baebeleng. Ka sekai, Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe jaana: “Fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.” (Johane 16:23) Ka gone, re tshwanetse go rapela mo leineng la ga Jesu, re bontsha go tsaya tsia gore ke ka ene fela Modimo a segofatsang batho botlhe.

6. Fa re rapela, re tshwanetse ra bo re eme kana re dutse jang?

6 Re tshwanetse ra bo re eme kana re dutse ka tsela efe fa re rapela? Ga go na tsela epe e e kgethegileng e Baebele e reng re tshwanetse ra bo re eme kana re dutse ka yone e le gore dithapelo tsa rona di utlwiwe. (1 Dikgosi 8:22; Nehemia 8:6; Mareko 11:25; Luke 22:41) Selo sa botlhokwa ke go rapela Modimo ka tlhoafalo le ka maikutlo a a siameng.—Joele 2:12, 13.

7. (a) Lefoko “amen” le kaya eng? (b) Le dirisiwa jang ka tsela e e tshwanetseng mo dithapelong?

7 Go tweng ka lefoko “amen”? Dikwalo di bontsha gore gantsi eo ke tsela e e siameng ya go konela dithapelo tsa rona, segolobogolo fa re rapela phatlalatsa. (Pesalema 72:19; 89:52) Lefoko la Sehebera a·menʹ le na le bokao jo tota bo kayang “a go nne jalo.” Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e tlhalosa gore botlhokwa jwa go re “Amen” kwa bofelong jwa thapelo ke “go tlhomamisa mafoko a a builweng le go kopa gore a diragadiwe.” Ka gone, fa motho a konela thapelo ka go re “Amen” yo o tswang pelong, o a bo a bontsha gore o tlhoafetse ka se a sa tswang go se bua. Fa Mokeresete yo o emetseng phuthego ka thapelo a konela ka lefoko leo, ba ba mo reeditseng le bone ba ka nna ba re “Amen” mo pelong kana ba buela kwa godimo go bontsha gore ba dumalana le se se sa tswang go buiwa.—1 Bakorintha 14:16.

8. Dingwe tsa dithapelo tsa rona di ka tshwana jang le tsa ga Jakobe kana Aborahame, mme seo se tla bo se bontsha eng ka rona?

8 Ka dinako tse dingwe Modimo a ka letla gore re bontshe gore re amegile go le kana kang ka dilo tse re di rapelelang. Re ka nna ra tshwanelwa ke go nna jaaka Jakobe wa bogologolo, yo o neng a mekamekana bosigo jotlhe le moengele e le gore a mo segofatse. (Genesise 32:24-26) Kana maemo mangwe a ka re tlhoka gore re nne jaaka Aborahame, yo o neng a kopa Jehofa gangwe le gape mo boemong jwa ga Lote le batho bape fela ba ba siameng ba ba ka tswang ba ne ba le gone kwa Sodoma. (Genesise 18:22-33) Le rona re ka tshwanelwa ke go ikuela kwa go Jehofa ka dilo tse re di tsayang di le botlhokwa, re mo kopa ka ntlha ya tshiamo ya gagwe, lorato lwa bopelonomi le kutlwelobotlhoko.

Re ka Rapelela Eng?

9. Re tshwanetse go amega thata ka eng fa re rapela?

9 Se lebale gore Paulo o ile a re: “Mo go sengwe le sengwe . . . a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafilipi 4:6) Ka gone, dithapelo tsa rona di ka akaretsa sengwe le sengwe fela mo botshelong. Lefa go ntse jalo, selo sa pele se re tshwanetseng go amega ka sone mo dithapelong e tshwanetse go nna dilo tse di amang Jehofa. Daniele o re tlhomela sekao se se molemo mo kgannyeng eno. Fa Baiseraele ba ne ba boga ka ntlha ya go otlhaelwa maleo a bone, Daniele o ne a kopa Jehofa go ba utlwela botlhoko a re: “O se ka wa diega, ka ntlha ya gago, Modimo wa me, [ka ntlha ya] leina la gago.” (Daniele 9:15-19) A le rona dithapelo tsa rona di bontsha gore selo se re amegileng thata ka sone ke leina la ga Jehofa le go diragadiwa ga thato ya gagwe?

10. Re itse jang gore ga go molato go rapelela dilo tse di amang motho ka namana?

10 Mme gone, gape ga go molato go rapelela dilo tse di re amang ka namana. Ka sekai, jaaka mopesalema, re ka nna ra kopa go nna le kitso e kgolwane ka dilo tsa semoya. O ne a rapela jaana: “Ntira gore ke tlhaloganye, gore ke tle ke boloke molao wa gago le gore ke o boloke ka pelo yotlhe.” (Pesalema 119:33, 34; Bakolosa 1:9, 10) Jesu o ne a “isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong.” (Bahebera 5:7) Ka go dira jalo, o ne a bontsha gore ga go molato gore motho a kope nonofo fa a lebane le dikotsi kana diteko. Fa Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe thapelo ya sekao, o ne a akaretsa le dilo tse di amang motho ka namana, tse di jaaka go kopa go itshwarelwa diphoso le go bona dijo tsa letsatsi le letsatsi.

11. Thapelo e ka re thusa jang gore re se ka ra ineelela go fenngwa ke dithaelo?

11 Mo thapelong eo ya sekao, Jesu o ne a akaretsa le kopo eno: “O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:9-13) Moragonyana o ne a gakolola jaana: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Mathaio 26:41) Thapelo e botlhokwa fa re lebana le dithaelo. Re ka nna ra raelwa go tlhokomologa melaometheo ya Baebele kwa tirong kana kwa sekolong. Batho ba e seng Basupi ba ka batla gore re kopanele le bone mo ditirong tse di sa siamang. Re ka nna ra kopiwa go dira sengwe se se thulanang le melaometheo e e siameng. Ka dinako tseo, go ka nna molemo go reetsa kgakololo ya ga Jesu ya gore re rapele—pele ga re lebana le thaelo kana fa re setse re lebane le yone—re kopa Modimo gore a se ka a letla gore re fenngwe ke thaelo.

12. Ke dilo dife tse di tlhobaetsang tse di ka dirang gore re rapele, mme re ka lebelela eng ka Jehofa?

12 Gompieno batlhanka ba Modimo ba lebana le mathata le ditlhobaelo tsa mefutafuta. Dilo tse dikgolo tse di tlhobaetsang batho ba le bantsi ke malwetse le go ngomoga pelo. Maemo a a kotsi a re tshelelang mo go one a dira gore botshelo bo ngomole pelo. Mathata a ikonomi a dira gore go nne thata gore batho ba kgone go itshedisa. A bo go gomotsa jang go itse gore Jehofa o sekegela batlhanka ba gagwe tsebe ba ba mo itsiseng dilo tseno! Pesalema 102:17 e bua jaana ka Jehofa: “Ruri o tla retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe, mme a sa nyatse thapelo ya bone.”

13. (a) Ke dilo dife tse di amang motho ka namana tse di ka umakwang mo thapelong? (b) Anela sekai sa thapelo e e ntseng jalo.

13 Tota re ka rapelela dilo dingwe le dingwe fela tse di amanang le tirelo ya rona go Jehofa le kamano ya rona le ene. (1 Johane 5:14) Fa o na le ditshwetso tse o tshwanelwang ke go di dira malebana le lenyalo kana tiro kana go oketsa bodiredi jwa gago, ikutlwe o gololesegile go di itsise Modimo, o kopa kaelo ya gagwe. Ka sekai, lekgarebe lengwe la kwa Philippines le ne le batla go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, le ne le se na tiro ya boitshediso e le neng le tla itlamela ka yone. A re: “Matlhatso mangwe ke ne ka rapela Jehofa ke bua le ene ka tlhamalalo ka kgang ya bobulatsela. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, ke ne ka abela mosha mongwe buka. Ke ne ka utlwa fela mosetsana yono a re: ‘O ye kwa sekolong sa rona go sa le mo mosong ka Mosupologo.’ Ke ne ka mmotsa gore ‘Ka ntlha yang?’ O ne a mpolelela gore go na le phatlhatiro e e tlhokang motho ka bonako. Ke ne ka ya mme ka fitlha ka hiriwa ka yone nako eo. Go ne ga direga ka bonako tota.” Basupi ba le bantsi ba diragaletswe ke se se tshwanang. Ka jalo o se okaoke go umaka dilo tse o di kopang ka pelo yotlhe mo dithapelong tse o di rapelang Modimo!

Go Tweng fa re Leofile?

14, 15. (a) Ke eng fa motho a sa tshwanela go tshaba go rapela tota le fa a leofile? (b) Kwantle ga go ithapelela ke eng gape se se ka thusang motho yo o leofileng go fola semoyeng?

14 Thapelo e ka thusa jang fa motho a leofile? Ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong o ka nna wa tshaba go rapela. Le fa go ntse jalo, seo ga se kgato e e botlhale. Ka sekai: Fa batho ba lwala ba a itse gore ba ka ya kwa ngakeng go bona thuso. Mme go tweng fa motho yo o lwalang a ka okaoka go ya ngakeng ka gonne a tlhabisiwa ditlhong ke bolwetse jwa gagwe? Seo se ka felela ka masetlapelo! Ka tsela e e tshwanang, motho yo o leofileng mme a tlhabiwa ke ditlhong go rapela Modimo a ka lebana le masetlapelo a magolo. Go swabela boleo ga go a tshwanela ga re thibela gore re se ka ra bua le Jehofa. Tota e bile, Modimo o laletsa batho ba ba dirileng maleo a a masisi gore ba mo rapele. Moporofeti Isaia o ile a kgothaletsa baleofi ba motlha wa gagwe go bitsa Jehofa, ka “gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:6, 7) Ke boammaaruri gore, motho a ka tshwanelwa ke go ‘nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa’ ka go simolola pele ka go nolofatsa pelo ya gagwe, a tlogela go dira boleo mme a ikwatlhaya ka pelo yotlhe.—Pesalema 119:58; Daniele 9:13.

15 Fa motho a leofile go na le lebaka le lengwe gape le le dirang gore go rapela go nne botlhokwa. Morutwa Jakobe o tlhalosa jaana malebana le motho yo o tlhokang thuso ya semoya: “A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, . . . e bile Jehofa o tla mo kakatlolola.” (Jakobe 5:14, 15) Ee, motho o tshwanetse a ipolela boleo jwa gagwe mo go Jehofa ka thapelo, mme gape a ka kopa banna ba bagolwane gore ba mo rapelele. Seo se tla mo thusa gore a fole semoyeng.

Go Araba Dithapelo

16, 17. (a) Jehofa o araba dithapelo jang? (b) Ke ditiragalo dife tse di bontshang gore thapelo e amana thata le tiro ya go rera?

16 Dithapelo di arabiwa jang? Dingwe di ka arabiwa ka bonako le ka tsela e e bonalang sentle. (2 Dikgosi 20:1-6) Tse dingwe di ka tsaya nako, mme le dikarabo tsa tsone di ka nna tsa se ka tsa lemotshega motlhofo. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa ga Jesu sa motlholagadi yo o neng a nna a boaboela kwa moatlhoding, go ka nna ga tlhokega gore re rapelele dilo dingwe gangwe le gape. (Luke 18:1-8) Le fa go ntse jalo re ka tlhomamisega gore fa re rapela ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo, le ka motlha Jehofa a ka se ka a re: “Tlogela go ntshwenya.”—Luke 11:5-9.

17 Batho ba ga Jehofa ba ile ba bona a araba dithapelo tsa bone ka makgetlo a mantsi. Seno se ile sa bonala gantsi mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa. Ka sekai, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba kwa Philippines ba ne ba abela batho dibuka tsa Baebele mo lefelong lengwe le le kwa thoko kwa nageng eo. Fa ba abela mosadi mongwe pampitshana, matlho a gagwe a ne a gelela dikeledi. O ne a re: “Maabane bosigo ke ile ka rapela Modimo gore a nthomelele mongwe go nthuta Baebele, mme ke akanya gore eno ke tsela e a arabang thapelo ya me ka yone.” Ka bonako fela morago ga moo, mosadi yono o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Kwa nageng nngwe ya Borwabotlhaba jwa Asia, mokaulengwe mongwe o ne a tshogile ka ntlha ya go rera mo lefelong lengwe le moago wa lone o nang le tshireletso e e gagametseng. Le fa go ntse jalo, o ne a rapela Jehofa, a ipeta pelo, mme a tsena mo moagong oo. O ne a kokota mo go nngwe ya dikgoro tsa moago oo mme ga tlhaga lekgarebe lengwe. Fa mokaulengwe a tlhalosa lebaka la go bo a etile, lekgarebe leno le ne la simolola go lela. Le ne la tlhalosa gore ga le bolo go batla Basupi ba ga Jehofa le gore le ntse le rapelela gore le kopane le bone. Mokaulengwe o ne a itumelela go mo thusa go golagana le phuthego ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa.

18. (a) Fa dithapelo tsa rona di arabiwa re tshwanetse go tsiboga jang? (b) Re ka tlhomamisega ka eng fa re dirisa tshono nngwe le nngwe go rapela?

18 Ruri thapelo ke thulaganyo e e molemolemo. Jehofa o iketleeleditse go e reetsa le go e tsibogela. (Isaia 30:18, 19) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko go bona ditsela tse Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka tsone. A ka nna a se ka a di araba ka tsela e re neng re lebeletse ka yone. Mme gone, fa re lemoga kaelo ya gagwe, le ka motlha re se lebale go mo leboga le go mo baka. (1 Bathesalonika 5:18) Mo godimo ga moo, ka metlha gakologelwa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” Ee, dirisa tshono nngwe le nngwe go bua le Modimo. Fa o dira jalo, o tla tswelela pele o diragalelwa ke boammaaruri jono jwa se Paulo a se buang malebana le batho ba dithapelo tsa bone di arabiwang: “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafilipi 4:6, 7.

A o Ka Araba?

• Re ka rapela mefuta efe ya dithapelo?

• Re tshwanetse go rapela jang?

• Ke dilo dife tse re ka di akaretsang mo dithapelong tsa rona?

• Seabe sa thapelo ke sefe fa motho a leofile?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Thapelo e e tswang pelong e re thusa go se ineelele go fekeediwa ke dithaelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ka thapelo re bolelela Modimo kanaanelo ya rona, ditlhobaelo le dikopo tsa rona