Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Botlhano ya Dipesalema

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Botlhano ya Dipesalema

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Botlhano ya Dipesalema

BAHUMI ba ka re: “Bomorwaarona ba tshwana le dimelanyana tse di godileng mo bosheng jwa tsone, bomorwadiarona ba tshwana le dikhutlo tse di setilweng ka mokgwa wa tsa ntlo ya segosi, dipolokelo tsa rona di tletse, . . . matsomane a rona a ntsifala ka dikete.” Mo godimo ga moo, bahumi ba ka re: “Go itumela setšhaba se go ntseng fela jalo mo go sone!” Le fa go ntse jalo, go farologana le bone, mopesalema a re: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!” (Pesalema 144:12-15) Go ka tla jang gore batho ba Modimo wa bone e leng Jehofa ba itumele? Jehofa ke Modimo yo o itumetseng, mme boitumelo ke nonofo e baobamedi ba gagwe ba nang le yone ka bontsi. (1 Timotheo 1:11) Seno se bonala sentle mo karolong ya bofelo ya dipina tseno tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo, e e akaretsang ya Pesalema 107 go ya go ya 150 Ps 107–150.

Buka eno ya botlhano ya Dipesalema gape e gatelela dinonofo tsa ga Jehofa tse di sa tshwaneng le dipe, tse di akaretsang bopelonomi jwa lorato, boammaaruri le molemo. Fa re nna le kitso e ntsi ka botho jwa Modimo, seo se tla dira gore re mo rate thata le go mmoifa. Mme seno se dira gore re nne batho ba ba itumetseng. A bo Buka ya Botlhano ya Dipesalema e re tshwaretse molaetsa o o botlhokwa jang ne!—Bahebera 4:12.

GO ITUMELA KA NTLHA YA BOPELONOMI JWA LORATO JWA GA JEHOFA

(Pesalema 107:1–119:176)

Bajuda ba ba boang kwa botshwarong jwa Babelona ba opela jaana: “A batho ba ke ba ntshetse Jehofa ditebogo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo go bomorwa batho.” (Pesalema 107:8, 15, 21, 31) Dafide o opela jaana fa a baka Modimo: “Boammaaruri jwa gago [bo] fitlha kwa loaping.” (Pesalema 108:4) Mo pineng e e latelang eo o rapela jaana: “Nthuse, tlhe Jehofa Modimo wa me; mpoloke kafa bopelonoming jwa gago jwa lorato.” (Pesalema 109:18, 19, 26) Pesalema 110 e bua boporofeti jo bo malebana le puso ya ga Mesia. Pesalema 111:10 ya re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” Go ya ka pesalema e e latelang, “go itumela motho yo o boifang Jehofa.”—Pesalema 112:1.

Pesalema ya 113 go ya go ya 118 Ps 113–118 di bidiwa gore ke Dipesalema tsa Halel, di bidiwa jalo ka go bo di boaboeletsa lefoko “Haleluja,” kana “Bakang Jah!” Go ya ka Mishnah—buka e e kwadilweng mo lekgolong la boraro la dingwaga ya dingwao tse pele di neng di fetisiwa ka molomo—dipina tseno di ne di opelwa kwa Tlolaganyong le kwa meketeng e mararo ya ngwaga le ngwaga ya Bajuda. Pesalema 119 e e leng pesalema e telele go gaisa tsotlhe le go gaisa dikgaolo tsotlhe mo Baebeleng, e tlotlomatsa molaetsa kana lefoko le le senotsweng la ga Jehofa.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

109:23—Dafide o ne a kaya eng fa a ne a re: “Ke patelesega go tsamaya jaaka moriti fa o fela”? Ka puo ya poko Dafide o ne a kaya gore o ikutlwa gore loso lwa gagwe lo atametse fela thata.—Pesalema 102:11.

110:1, 2—Ke eng se “Morena [wa ga Dafide],” Jesu Keresete, a ileng a se dira fa a ne a dula kafa letsogong la moja la Modimo? Morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a fitlha a leta kafa letsogong la moja la Modimo go fitlha a simolola go busa e le Kgosi ka 1914. Ka nako eo yotlhe, Jesu o ne a busa balatedi ba gagwe ba batlodiwa, a ba kaela mo tirong ya go rera le go dira barutwa le go ba baakanyetsa go busa le ene mo Bogosing jwa gagwe.—Mathaio 24:14; 28:18-20; Luke 22:28-30.

110:4—Jehofa o ‘ikanne eng kwantle ga go ikwatlhaya’? Maikano ao ke kgolagano e Jehofa a e dirileng le Jesu Keresete ya gore a nne Kgosi le Moperesiti yo Mogolo.—Luke 22:29.

113:3—Leina la ga Jehofa le tshwanetse go bakwa ka tsela efe “go tswa kwa tlhabong ya letsatsi go ya kwa phirimong ya lone”? Seno ga se akaretse fela setlhopha sa batho bangwe ba ba obamelang Modimo letsatsi le letsatsi. Go tloga kwa letsatsi le tlhabang teng kwa botlhaba go ya kwa le phirimang teng kwa bophirima, marang a letsatsi a bonesa lefatshe lotlhe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o tshwanetse go bakwa mo lefatsheng lotlhe. Seno se ka se kgonege kwantle ga gore go dirwe jalo ka tsela e e rulagantsweng sentle. Basupi ba ga Jehofa ba na le tshiamelo e e molemolemo ya go baka Modimo le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirong ya go bolela ka Bogosi.

116:15—‘Loso lwa batho ba ba ikanyegang lo tlhwatlhwakgolo’ go le kana kang mo go Jehofa? Baobamedi ba ga Jehofa ba tlhwatlhwakgolo thata jaana mo go ene mo a tsayang loso lwa bone jaaka setlhopha lo le botlhoko thata go ka le letlelela. Fa Jehofa a ne a ka letla seo go direga, go ne go tla nna jaaka e kete baba ba gagwe ba maatla go mo feta. Mo godimo ga moo, go ne go se kitla go sala batho bape mo lefatsheng go nna motheo wa lefatshe le lesha.

119:71—Ke eng se se ka nnang molemo ka go boga? Maemo a a thata a ka re ruta go ikaega ka botlalo ka Jehofa, go mo rapela ka tlhoafalo le go ithuta Baebele ka tlhagafalo le go dirisa se re ithutang sone. Mo godimo ga moo, tsela e re tsibogelang pogo ka yone e ka senola makoa a re ka tswang re na le one mo bothong jwa rona. Pogo e ka se re dire gore re galefe fa re e letla go re ntlafatsa.

119:96—Mafoko a a reng “bokhutlo jwa boitekanelo jotlhe” a kaya eng? Mopesalema o bua ka boitekanelo go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng. A ka tswa a ne a akantse kgang ya gore motho o na le tsela e e lekanyeditsweng e a lebang bosaitekanelang ka yone. Go farologana le batho, taelo ya Modimo yone ga e a lekanyediwa. Kaelo ya yone e ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo. New International Version e balega jaana: “Ke bona go nna boitekanelo gotlhe go lekanyeditswe, mme ditaelo tsa gago tsone ga di na selekanyo.”

119:164—Go baka Modimo “ga supa mo letsatsing” go kaya eng? Gantsi palo supa e kaya botlalo. Ka jalo, mopesalema o bolela gore Jehofa o tshwanelwa ke go bakwa ka botlalo.

Se re Ithutang Sone:

107:27-31. Botlhale jwa lefatshe bo tla ‘tlhakatlhakana’ ka nako ya Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Bo ka se namole ope mo tshenyong eo. Ke batho ba ba ikanyang poloko ya ga Jehofa fela ba ba tla tshelang go mo ntshetsa “ditebogo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.”

109:30, 31; 110:5. Seatla sa moja se lesole le kgatikanyang tšhaka ka sone gantsi ga se ke se sirelediwa ke thebe e gantsi e tshwarwang ka seatla sa molema. Ka tsela ya tshwantshetso, Jehofa o kafa “seatleng sa moja” sa batlhanka ba gagwe, go ba lwela. Ka gone, o a ba sireletsa e bile o a ba thusa—lebaka le le molemo ruri la go ‘mmaka thata’!

113:4-9. Jehofa o kwa godimo thata jaana mo a tshwanelwang ke go ikokobetsa gore a “lebe legodimo.” Le fa go ntse jalo, o akanyetsa batho ba maemo a a kwa tlase, bahumanegi le basadi ba e leng meopa. Morena Molaodimogolo Jehofa o boikokobetso mme o batla baobamedi ba gagwe le bone ba nna jalo.—Jakobe 4:6.

114:3-7. Go ithuta ka ditiro tse di gakgamatsang tse Jehofa a di diretseng batho ba gagwe kwa Lewatleng le Lehibidu, kwa Nokeng ya Joredane le kwa Thabeng ya Sinai go tshwanetse ga re ama fela thata. Batho, ba ba emelwang ke “lefatshe,” ba tshwanetse go akabala—ba nne “mo ditlhabing tse di botlhoko” ka tsela ya tshwantshetso—ka ntlha ya Morena.

119:97-101. Go nna le botlhale, temogo le tlhaloganyo go tswa mo Lefokong la Modimo go re sireletsa mo dikotsing tsa semoya.

119:105. Lefoko la Modimo ke lobone lwa dinao tsa rona ka tsela ya gore le ka re thusa go lepalepana le mathata a gone jaanong. Gape ka tsela ya tshwantshetso ke lesedi la tsela ya rona ka gonne le bolelela pele maikaelelo a Modimo ka isagwe.

GO ITUMELA LE FA RE LEBANA LE MATHATA

(Pesalema 120:1–145:21)

Re ka lebana jang le maemo a a gwetlhang le go fenya dipitlagano? Pesalema 120 go ya go 134 di re naya karabo e e tlhamaletseng. Re fenya mathata le go ipoloka re itumetse ka go senka thuso ya ga Jehofa. Dipesalema tseno, tse di bidiwang Dipina Tsa Ditlhatlogo, go ka direga gore di ne di opelwa fa Baiseraele ba ne ba tlhatlogela kwa Jerusalema go ya go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga.

Pesalema ya 135 le ya 136 Ps 135, 136 di tlhalosa Jehofa e le Modiri wa sengwe le sengwe se se mo kgatlhang, go farologana gotlhelele le medingwana e e sa tsheleng. Pesalema ya bo136 e tlhamilwe ka tsela ya gore e opelwe ka go tsibogelwa, karolo ya bofelo ya temana nngwe le nngwe e opelwa e le karabo ya karolo ya ntlha. Pesalema e e latelang e tlhalosa maemo a a utlwisang botlhoko a Bajuda kwa Babelona ba ba neng ba batla go obamela Jehofa kwa Siona. Pesalema ya 138 go ya go ya 145 Ps 138–145 ke dipesalema tsa ga Dafide. O batla go ‘baka Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe.’ Ka ntlha yang? A re: “Ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.” (Pesalema 138:1; 139:14) Mo dipesalemeng tse tlhano tse di latelang, Dafide o rapelela go sirelediwa mo bathong ba ba bosula, go kgalemelwa ka tshiamo, go gololwa mo babogising le go newa kaelo ya go nna le boitshwaro jo bo molemo. O gatelela boipelo jwa batho ba ga Jehofa. (Pesalema 144:15) Fa Dafide a sena go sekaseka bogolo le bomolemo jwa Modimo, o bolela jaana: “Molomo wa me o tla bua pako ya ga Jehofa; mme a nama yotlhe e bake leina la gagwe le le boitshepo ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Pesalema 145:21.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

122:3—Jerusalema e ne ya nna motse “o o gokagantsweng mmogo mo bongwefeleng” ka tsela efe? Jaaka fa e ne e le tlwaelo ka metse ya bogologolo, matlo a Jerusalema a ne a agilwe a bapile. Motse o ne o tshwaragane ka jalo go le motlhofo go o sireletsa. Mo godimo ga moo, go bapa thata ga matlo a teng go ne go dira gore baagi ba teng ba ikaege thata ka ba bangwe go thusana le go sireletsana. Seno se tshwantshetsa kutlwano ya semoya ya ditso tse 12 tsa Iseraele fa di ne di kopane go tla go obamela.

123:2—Papiso e e buang ka matlho a batlhanka e kaya eng? Batlhanka ba banna le ba basadi ba ne ba ikaega ka seatla sa mong wa bone kana mosadi wa mong wa bone ka ntlha ya mabaka a mabedi: go lemoga dilo tse mong wa bone a di batlang le go sirelediwa le go newa dilo tsa botshelo tse ba di tlhokang. Le rona re leba kwa go Jehofa go bona se thato ya gagwe e leng sone le gore a re amogele.

131:1-3—Dafide o ile a ‘ritibatsa le go didimatsa moya wa gagwe jang jaaka ngwana yo o sa tswang go kgwesiwa’? Fela jaaka ngwana yo o kgwesitsweng a ithuta go bona kgomotso le kgotsofalo mo diatleng tsa ga mmaagwe, Dafide le ene o ne a ithuta go ritibatsa le go didimatsa moya wa gagwe “jaaka ngwana yo o sa tswang go kgwesiwa.” Jang? Ka go se nne boikgogomoso mo pelong le go itseela kwa godimo le ka go se batlane le dilo tse dikgolo mo go ene. Go na le go batla tlotlomalo, Dafide gantsi o ne a lemoga mo a tlhaelang teng mme a bontsha boikokobetso. Go molemo fa le rona re etsa boikutlo jwa gagwe, segolobogolo fa re gagamalela ditshiamelo dingwe mo phuthegong.

Se re Ithutang Sone:

120:1, 2, 6, 7Go senya ba bangwe maina le go ba tlhaba ka mafoko go ka ba ngomola pelo ka tsela e ba sa kgoneng go e itshokela. Go laola loleme lwa rona ke tsela e nngwe e re bontshang ka yone gore re “emela kagiso.”

120:3, 4Fa re tshwanelwa ke go itshokela motho mongwe yo o nang le “loleme lo lo tsietsang,” re ka namediwa ke go itse gore Jehofa o tla tlhamalatsa dilo ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Basebi ba tla welwa ke masetlapelo a a tswang mo ‘monneng yo o thata.’ Ruri ba tla lebana le katlholo e e bogale ya ga Jehofa e e tshwantshediwang ke “magala a a tukang a ditlhare tsa monnamotswe.”

127:1, 2Mo go sotlhe se re se dirang, re tshwanetse go senka kaelo ya ga Jehofa.

133:1-3. Kutlwano ya batho ba ga Jehofa e a ritibatsa, e monate, e bile e a lapolosa. Ga re a tshwanela go e senya ka go rata go tshwayatshwaya diphoso, go ngangisana kana go rata go ngongorega.

137:1, 5, 6Baobamedi ba ga Jehofa ba ba neng ba ile botshwarong ba ne ba ikutlwa ba amana thata le Siona—e e neng e ntse e emela phuthego ya Modimo. Go tweng ka rona? A le rona re kgomarela phuthego e Jehofa a e dirisang gompieno?

138:2. Jehofa o ‘godisitse lefoko la gagwe kwa godimo ga leina la gagwe lotlhe’ ka tsela ya gore go diragadiwa ga dilo tsotlhe tse a di solofeditseng ka leina la gagwe go tla feta kgakala se re ka tswang re se solofetse. Ruri re letetswe ke dilo tse di itumedisang.

139:1-6, 15, 16. Jehofa o itse ditiro tsa rona, dikakanyo le mafoko a rona le e leng pele ga re a bua. O re itse go tloga fela fa re sa ntse re fetoga go nna leseanyana le le iseng le tsalwe, pele ga dikarolo tse di farologaneng tsa mmele wa rona di bopega. Kitso e Modimo a itseng mongwe le mongwe wa rona ka yone e “molemo thata” ka tsela e e ka se kang ya tlhaloganngwa. A bo go kgothatsa jang go itse gore ga se fela gore Jehofa o bona maemo a a boima a re lebanang le one mme gape o tlhaloganya tsela e a re amang ka yone!

139:7-12. Ga go na lefelo le re ka yang kwa go lone le le leng kgakala thata mo Modimo a ka se kang a kgona go re nonotsha re le kwa go lone.

139:17, 18. A go itse Jehofa ke selo se se monate mo go rona? (Diane 2:10) Fa go le jalo, re bone motswedi o o sa kgaleng wa boipelo. Dikakanyo tsa ga Jehofa “di feta le moshawa.” Go tla aga go na le go le gontsi go go ithuta ka ene.

139:23, 24. Re tshwanetse ra batla gore Jehofa a sekaseke motho wa rona yo o kwa teng go bona ‘ditsela tse di botlhoko’ mo go rona—dikakanyo, dikeletso le ditshekamelo tse di sa siamang—mme a re thuse go di tlosa.

143:4-7. Re ka kgona jang go itshokela le mathata a a boima thata? Mopesalema o tlhalosa se se ka re thusang: Go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa, re amega thata ka go dira ditiro tsa gagwe le go mo kopa thuso ka thapelo.

“Bakang Jah!”

Nngwe le nngwe ya dibuka tse tlhano tsa dipesalema e konela ka mafoko a go baka Jehofa. (Pesalema 41:13; 72:19, 20; 89:52; 106:48) Go ntse jalo le ka buka eno ya bofelo ya dipesalema. Pesalema 150:6 ya re: “Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah. Bakang Jah!” Seo se tla direga mo lefatsheng le lesha la Modimo.

Fa re ntse re tlhoafaletse nako eo e e itumedisang, re na le mabaka a a utlwalang a go galaletsa Modimo wa boammaaruri le go tlotlomatsa leina la gagwe. Fa re akanya ka boipelo jo re nang le jone ka ntlha ya go itse Jehofa le go nna le kamano e e molemo le ene, a ga re tlhotlheletsege go mmaka ka pelo e e tletseng kanaanelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ditiro tse dintle tsa ga Jehofa di a gakgamatsa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Dikakanyo tsa ga Jehofa “di feta moshawa”