Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa

MARK le Louise ke Basupi ba ga Jehofa. * Ba ne ba ruta bana ba bone Dikwalo ka lorato fela jaaka Baebele e kgothatsa batsadi ba Bakeresete gore ba dire. (Diane 22:6; 2 Timotheo 3:15) Ka maswabi, ga se bana ba bone botlhe ba ba neng ba tswelela ba direla Jehofa fa ba gola. Louise a re: “Pelo ya me e rotha madi ka ntlha ya banake ba ba tlogetseng go direla Jehofa. Nka kgona jang go dira e kete ga ke a utlwa botlhoko letsatsi le letsatsi? Fa batsadi ba bangwe ba bua ka barwa ba bone, ke ngomoga pelo, ke bo ke seka dikeledi.”

Ee, fa motho a itlhophela go tlogela Jehofa le tsela ya botshelo e e tlhalosiwang mo Dikwalong, go tlwaelegile gore maloko a a ikanyegang a lelapa la gagwe a nne mo tlalelong e kgolo. Irene a re: “Ke rata nkgonne fela thata. Nka dira sengwe le sengwe fela gore ke mmone a boela kwa go Jehofa!” Maria yo monnawe a neng a fularela Jehofa gore a tshele botshelo jwa go tlhoka boitsholo a re: “Go thata tota go itshokela seno gonne mo dilong tsotlhe tse dingwe o molemo tota mo go nna. Ke mo gopola tota mo dikokoanong tse dikgolo tsa lelapa.”

Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana?

Ke ka ntlha yang fa ba losika ba e leng Bakeresete ba ngomoga pelo jaana fa ngwana wa bone kana mongwe yo ba mo ratang a tlogela boammaaruri? Ka gonne ba a itse gore Dikwalo di solofetsa ba ba nnang ba ikanyega mo go Jehofa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:29; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3-5) Ba lebeletse pele go itumelela masego ano le balekane ba bone, bana ba bone, batsadi ba bone, bomonnaabone le ditlogolwana tsa bone. Ruri go ba utlwisa botlhoko tota fa ba akanya gore batho bano ba ba ba ratang ba ba tlogetseng go direla Jehofa ba ka nna ba latlhegelwa ke dilo tseno! Tota le mo botshelong jwa gone jaanong, Bakeresete ba tlhaloganya gore melao le melaometheo ya ga Jehofa e diretswe go solegela bone molemo. Ka jalo Bakeresete ba utlwa botlhoko tota fa ba bona batho ba ba ba ratang ba jala ka tsela e e tla dirang gore ba robe botlhoko.—Isaia 48:17, 18; Bagalatia 6:7, 8.

Go ka nna ga nna thata gore batho ba ba iseng ba latlhegelwe ke motho yo ba mo ratang ka tsela eno ba tlhaloganye kafa seno se utlwisang botlhoko ka gone. Totatota seno se ama mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago. Louise o bolela jaana: “Go ntse go nna thata le go feta go nna kwa dipokanong tsa Bokeresete ke lebeletse batsadi ba bangwe ba ntse ba tlotla le go tshega le bana ba bone. Ke sulafalelwa ke tiragalo nngwe le nngwe e e itumedisang e e nnang teng gonne mongwe yo ke mo ratang a seyo.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete o gakologelwa dingwaga di le nnè tse mo go tsone morwadie a neng a tlogela go dirisana le bone. A re: “Gantsi, tota le ‘dinako tse di monate’ di ne di utlwisa botlhoko. Fa ke ne nka naya mosadi wa me mpho kana ka mo isa mafelobeke kwa lefelong lengwe le lentle, o ne a thubega ka selelo a gakologelwa gore morwadie ga a itumelele dinako tseno tse di monate le rona.”

A Bakeresete bao ba feteletsa dilo? Nnyaa. Totatota ba ka tswa ba supa dinonofo tsa ga Jehofa ka selekanyo se se rileng, gonne motho o dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26, 27) Seno se raya goreng? Kana Jehofa o ne a ikutlwa jang fa batho ba gagwe ba ne ba mo tsuologela? Mo go Pesalema 78:38-41 re ithuta gore Jehofa o ne a utlwa botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlhagisa ka bopelotelele a bo a ba kgalemela, a ba itshwarela gangwe le gape fa ba supa boikwatlhao. Ga go pelaelo gore Jehofa o rata dibopiwa tsa gagwe fela thata, ‘tiro ya diatla tsa gagwe,’ ga a ba tlhoboge fela ka bonako. (Jobe 14:15; Jona 4:10, 11) O bopile batho ba na le bokgoni joo jwa go rata batho ba bangwe, mme kamano e e nnang teng mo malokong a lelapa e nonofile thata. Ka jalo ga go gakgamatse go bo batho ba hutsafala fa mongwe wa losika yo ba mo ratang a tlogela boammaaruri.

Ke boammaaruri gore nngwe ya diteko tse di thata tse di ka tlelang baobamedi ba boammaaruri ke go bona mongwe yo ba mo ratang a tlogela Jehofa. (Ditiro 14:22) Jesu o ne a re go amogela molaetsa wa gagwe go ne go tla baka dikgaogano mo malapeng a mangwe. (Mathaio 10:34-38) Seno ga se ka gonne molaetsa wa Baebele ka boone o baka dikgaogano. Go na le moo, maloko a lelapa a a sa dumelang kana a a sa ikanyegeng a ka baka dikgaogano ka go gana tsela ya Bokeresete, go e tlogela kana go e ganetsa. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leboga Jehofa tota gonne ga a tlogele batho ba gagwe ba ba ikanyegang a sa ba thuse gore ba lebane jang le diteko tse di ba tshwenyang. Fa e le gore o utlwile botlhoko ka gonne mongwe yo o mo ratang a tlogetse boammaaruri, ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go thusang gore o itshokele kutlobotlhoko eno mme o nne le selekanyo se se rileng sa boitumelo le kgotsofalo?

Go Lebana le Boemo Jono

“Ka go ikaga mo tumelong . . . , ipolokeng mo loratong lwa Modimo.” (Jude 20, 21) Go ikaegile ka seemo se o leng mo go sone, go ka direga gore gongwe ga go sepe se o ka se dirang go thusa leloko la lelapa le le tlogetseng go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ka kgona e bile o tshwanetse go ikaga semoyeng wena mmogo le maloko a mangwe a lelapa a a sa ntseng a ikanyega. Veronica, yo o nang le barwa ba le bararo, mme a ne a bona ba babedi ba bone ba tlogela boammaaruri o bolela jaana: “Nna le monna wa me re ne ra gakololwa gore fa re nna re nonofile semoyeng, re tla kgona go amogela barwa ba rona gape fa ba itharabologelwa. Morwa wa sesinyi a ka bo a feletse kae fa rraagwe a ka bo a ne a se mo boemong jo bo siameng go mo amogela gape?”

Gore o kgone go nna o nonofile, tshwarega thata ka ditiro tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. Seno se akaretsa go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele ka mo go tseneletseng le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Nna o siametse go thusa ba bangwe mo phuthegong go ya kafa maemo a gago a go letlang ka gone. Ke boammaaruri gore kwa tshimologong o ka nna wa fitlhela go le thata go dira dilo tseno. Veronica o gakologelwa jaana: “Maikutlo a ke neng ka nna le one kwa tshimologong fela, e ne e le gore ke itlhaole jaaka phologolo e e gobetseng. Mme monna wa me o ne a gatelela gore re tshwanetse go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya dilo tsa semoya. O ne a tlhomamisa gore re ya dipokanong. Fa go tla nako ya go ya kopanong e kgolo, ke ne ke tlhoka bopelokgale tota gore ke kgone go lebana le batho. Mme gone, thulaganyo eo e ne ya dira gore re atamalane le Jehofa. Morwa wa rona yo o neng a ntse a ikanyega mo go Jehofa o ne a agiwa thata ke kopano eo.”

Maria yo o umakilweng kwa tshimologong, o go fitlhela go thusa thata go nna a tshwaregile mo bodireding jwa tshimo mme gone jaanong o thusa batho ba le banè go ithuta Baebele. Laura le ene a re: “Le fa gone ke sa ntse ke lela letsatsi le letsatsi, ke leboga Jehofa thata gore le fa ke sa atlega jaaka batsadi ba bangwe mo go godiseng bana, ke na le molaetsa o o itekanetseng wa Baebele o o kgonang go thusa malapa mo malatsing ano a bofelo.” Ken le Eleanor ba bana ba bone ba ba setseng ba godile ba neng ba tlogela phuthego, ba ne ba rulaganya maemo a bone gore ba fudugele kwa lefelong le go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone mme ba tsenele bodiredi jwa nako e e tletseng. Seno se ba thusitse thata go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng le gore ba se ka ba fekeediwa ke kutlobotlhoko.

O se ka wa felelwa ke tsholofelo. Lorato “lo solofela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Ken yo o umakilweng kwa godimo a re: “Fa bana ba rona ba tlogela tsela ya boammaaruri, ke ne ke akanya gore go tshwana le fa ba sule. Mme fa nnake a se na go tlhokafala, tsela e ke neng ke leba dilo ka yone e ne ya fetoga. Ke leboga thata gore banake ga ba a swa ka tsela ya mmatota le gore Jehofa o sa ntse a ba buletse tsela ya gore ba boele kwa go ene gape.” Ke boammaaruri gore ba le bantsi ba ba tlogelang Jehofa kgabagare ba a boa.—Luke 15:11-24.

O se ka wa ipaya molato. Gantsi batsadi ba ka nna ba leba kwa morago ba bo ba ikwatlhaela gore ga ba a ka ba lebana le maemo mangwe ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, ntlha ya konokono e e tlhalosiwang mo go Esekiele 18:20 ke gore Jehofa o tsaya moleofi e le ene a ikarabelelang tsela e e phoso e a e tlhophileng, e seng batsadi ba gagwe. Ntlha e nngwe gape e e kgatlhang ke gore le fa gone buka ya Diane e bua thata ka boikarabelo jwa batsadi jwa go godisetsa bana ba bone mo tseleng e e siameng, e na le kgakololo e ntsi go feta eo go menagane makgetlo a ka nna manè ya gore bana ba tshwanetse go reetsa le go utlwa batsadi ba bone. Ee, bana ba na le boikarabelo jwa go reetsa thapiso e e tswang mo Baebeleng, e ba e newang ke batsadi ba bone ba ba sa itekanelang. O tshwanetse wa bo o ne wa lebana le boemo ka tsela e o neng o ka kgona ka yone ka nako eo. Mme le fa e le gore o na le boikutlo jwa gore go na le gongwe mo o neng wa dira diphoso teng le gore seo e ne e le molato wa gago, seno ga se reye gore diphoso tsa gago ke tsone di dirileng gore motho yoo yo o mo ratang a tlogele boammaaruri. E bile ‘nkabo’ ene tota ke ngwana wa morago. Ithute mo diphosong tsa gago, ikemisetse gore ga o na go di boeletsa gape mme o rapele Jehofa gore a go itshwarele. (Pesalema 103:8-14; Isaia 55:7) Mme o lebe kwa pele e seng mo dilong tse di fetileng.

Nna pelotelele mo bathong ba bangwe. Batho ba bangwe ba ka nna ba thatafalelwa ke go go kgothatsa kana go go gomotsa bogolosegolo fa ba ise ba diragalelwe ke se se go diragaletseng. Kwa ntle ga moo, batho ga ba lebe dilo ka tsela e e tshwanang fa go tliwa mo kgannyeng ya gore ke eng se se kgothatsang le se se gomotsang. Ka jalo fa bangwe ba bua dilo tse di go utlwisang botlhoko, dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Bakolosa 3:13: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”

Tlotla thulaganyo ya ga Jehofa ya go kgalemela. Fa mongwe wa losika lwa gago a kgalemetswe mo phuthegong, gakologelwa gore eno ke karolo ya thulaganyo ya ga Jehofa mme e tla solegela botlhe molemo go akaretsa le ene modiraphoso yoo. (Bahebera 12:11) Ka jalo, tila boikutlo le fa e ka nna bofe jwa go tshwayatshwaya bagolwane ba ba dirileng tshwetso eo diphoso. Gakologelwa gore matswela a a molemo a nna teng fa dilo di dirwa ka tsela ya ga Jehofa, le gore go ganetsana le thulaganyo ya ga Jehofa go tla oketsa tlalelo e e leng teng.

Moshe o ne a dira jaaka moatlhodi ka metlha fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto. (Ekesodo 18:13-16) E re ka fa mongwe a fentse kgetsi seno se ne se tla raya gore yo mongwe ene ga a e fenya, ruri bangwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba sa rate ditshwetso tsa ga Moshe. Gongwe go bona dikatlholo tsa ga Moshe molato ke sengwe sa dilo tse di neng di dira gore ka dinako tse dingwe Baiseraele ba tsuologele boeteledipele jwa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Moshe gore a etelele batho ba Gagwe pele, mme ga a ka a otlhaya Moshe o ne a otlhaya batho ba ba neng ba tsuologa le ba malapa a bone ba ba neng ba ba tshegetsa. (Dipalo 16:31-35) Re ka ithuta mo go seno ka gore re leke go tlotla le go dirisanammogo le ditshwetso tse di dirwang ke balaodi ba puso ya Modimo gompieno.

Delores o gakologelwa kafa a neng a thatafalelwa ka gone ke go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng fa morwadie a ne a kgalemetswe mo phuthegong. A re: “Ke ne ka thusiwa ke go bala gangwe le gape ditlhogo tse di buang gore dithulaganyo tsa ga Jehofa di tekatekano. Ke ne ka ipatlela bukana ya go kwala dintlha tsa dipuo le ditlhogo tse di tla nthusang go itshoka le go tswelela ke direla Jehofa.” Seno se re gorosa mo ntlheng e nngwe gape ya botlhokwa e e ka thusang go lebana le boemo jono.

Tlhalosa maikutlo a gago. O ka nna wa fitlhela go thusa go bulela tsala e le nngwe kana tse pedi tse o di ikanyang mafatlha. Fa o dira jalo, tlhopha ditsala tse di tla go thusang go nna o na le boikutlo jo bo siameng. O tla solegelwa molemo tota fa o ka ‘tshololela pelo ya gago’ ka thapelo kwa go Jehofa. * (Pesalema 62:7, 8) Ka ntlha yang? Gonne ene o tlhaloganya ka botlalo kafa o ikutlwang ka gone. Ka sekai o ka tswa o na le boikutlo jwa gore ga o a tshwanela go ka bo o utlwa botlhoko jaana mo maikutlong. Aitse, tota ga se wena yo o tlogetseng Jehofa. Bolelela Jehofa maikutlo a gago ka thapelo, mme o mo kope gore a go thuse gore o lebe boemo jono ka tsela e e se kitlang e go utlwisa botlhoko thata.—Pesalema 37:5.

Fa nako e ntse e tsamaya, gongwe o tla kgona go laola maikutlo a gago ka tsela e e botoka. Gone jaanong o se ka wa kgobega marapo mo maitekong a gago a go kgatlha Rraago yo o kwa legodimong mme o se ka wa nna le boikutlo jwa gore maiteko ao ke a lefela. (Bagalatia 6:9) Gakologelwa gore le fa re ka tlogela Jehofa re tla nna re ntse re na le mathata. Kafa letlhakoreng le lengwe fa re nna re ikanyega mo go ene o tla re thusa fa re lebana le diteko. Ka jalo, tlhomamisega gore Jehofa o bona kafa boemo jwa gago bo leng masisi ka gone mme o tla tswelela a go naya nonofo e o e tlhokang ka nako e e tshwanetseng.—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13; Bahebera 4:16.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 19 Malebana le kgang ya go rapelela mongwe wa losika yo o kgaotsweng, bona Tora ya Tebelo, ya December 1, 2001, ditsebe 30-1.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Kafa o ka Lebanang le Boemo Jono ka Gone

◆ “Ka go ikaga mo tumelong . . . , ipolokeng mo loratong lwa Modimo.”—Jude 20, 21.

◆ O se ka wa felelwa ke tsholofelo.—1 Bakorintha 13:7.

◆ O se ka wa ipaya molato.—Esekiele 18:20.

◆ Nna pelotelele mo bathong ba bangwe.—Bakolosa 3:13.

◆ Tlotla thulaganyo ya ga Jehofa ya go kgalemela.—Bahebera 12:11.

◆ Tlhalosa maikutlo a gago.—Pesalema 62:7, 8.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

A o Tlogetse Jehofa?

Fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore lebaka la seo ke lefe, kamano ya gago le Jehofa le isagwe ya gago ya bosakhutleng di mo kotsing. Gongwe o ikaeletse go boela kwa go Jehofa. A o leka ka natla gore o dire seo jaanong? Kana a o ntse o go busetsa morago go fitlha ka “nako e e tshwanetseng”? Gakologelwa gore setsuatsue sa Haramagedona se ntse se atamela ka bofefo. Mo godimo ga moo, botshelo jwa tsamaiso eno bo bokhutshwane e bile ga bo a tlhomama. Ga o itse gore a tota le ka moso o tla bo o tshela. (Pesalema 102:3; Jakobe 4:13, 14) Monna mongwe yo o neng a bolelelwa gore o na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng o ne a re: “Ke ne ka simolola go lwala jalo ke direla Jehofa ka nako e e tletseng, go sena dilo dipe tse di sa siamang tse ke ntseng ke di dira mo sephiring. Mme seo se nkgothatsa tota gone jaanong.” Akanya fela gore go ne go tla nna jang fa a ne a simolotse go lwala a ntse a re, “Letsatsi lengwe ke tla boela kwa go Jehofa!” Fa e le gore o tlogetse Jehofa, eno ke nako e e siameng tota ya gore o boele kwa go ene.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go nna o tshwaregile ka dilo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri go tla go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng