Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo E e Ka go Solegelang Molemo

Kobamelo E e Ka go Solegelang Molemo

Kobamelo E e Ka go Solegelang Molemo

MOPESALEMA Asafe o ne a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.” O ne a kile a akanya ka go etsa batho ba ba sa amegeng ka Modimo e le gore ba tle ba tshele botshelo jo bo iketlileng. Mme Asafe o ne a akanya ka melemo ya go atamelana le Modimo mme a lemoga gore ke sone se se ka mo solegelang molemo. (Pesalema 73:2, 3, 12, 28) A kobamelo ya boammaaruri e ka go solegela molemo gompieno? E ka go solegela molemo jang?

Go obamela Modimo wa boammaaruri go go thusa gore o se ka wa tshela botshelo jwa bopelotshetlha. Ka ntlha ya tsela e re dirilweng ka yone ke “Modimo wa lorato,” batho ba ba kgatlhegelang fela dilo tse di amanang le bone ba ka se tsoge ba itumetse. (2 Bakorintha 13:11) Jesu o ne a ruta boammaaruri jwa konokono ka botho jwa batho fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ke sone se se dirang gore re itumelele go direla ditsala tsa rona le ba malapa a rona dilo. Mme motho o bona boitumelo jo bogolo fa a direla Modimo. Ke ene motho yo re tshwanetseng go mo rata go feta batho botlhe. Batho ba bantsi ba ditso tsotlhe ba lemogile gore go obamela Modimo ka go dira se a batlang gore re se dire go kgotsofatsa tota.—1 Johane 5:3.

Go Tshela Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo

Kobamelo ya boammaaruri gape e ka go solegela molemo ka gonne e dira gore o nne le se o se tshelelang. A o lemogile gore gantsi o a itumela fa o na le boikutlo jwa gore o fitlhelela sengwe se se botlhokwa? Batho ba bantsi ba na le mokgele mo botshelong, mme mokgele oo o ka tswa o amana le ba lelapa, ditsala, kgwebo, kana go ijesa monate. Ka gonne botshelo bo sa tlhomama, gantsi dilo tseno di dira gore batho ba se ka ba itumela. (Moreri 9:11) Le fa go ntse jalo, kobamelo ya boammaaruri e tla go thusa gore o nne le sengwe se o se tshelelang, se se tla tswelelang se go itumedisa le fa dilo tse dingwe mo botshelong di go swabisa.

Kobamelo ya boammaaruri e akaretsa go itse Jehofa le go mo direla ka boikanyego. Batho ba ba mo kobamelong ya boammaaruri ba atamalana thata le Modimo. (Moreri 12:13; Johane 4:23; Jakobe 4:8) O ka tswa o thatafalelwa ke go akanya gore o ka kgona go itse Modimo sentle thata mo a ka nnang tsala ya gago. Mme fa o akanya ka tsela e a neng a dirisana ka yone le batho le fa o sekaseka dilo tse a di bopileng, o ka kgona go lemoga gore o na le botho jo bo ntseng jang tota. (Baroma 1:20) Gape, fa o bala Lefoko la Modimo o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa re tshela, lebaka la go bo Modimo a letlelela pogo, kafa a tla fedisang ka teng pogo, mme se se kgatlhang go di feta tsotlhe, kafa wena o ka nnang ka teng le seabe se se botlhokwa mo maikaelelong a Modimo. (Isaia 43:10; 1 Bakorintha 3:9) Go tlhaloganya dilo tseo go ka dira gore o ikutlwe o na le se o se tshelelang!

Go Nna Motho yo o Botoka

Kobamelo ya boammaaruri e ka go solegela molemo ka gonne e go thusa go nna motho yo o botoka. Fa o ntse o dirisa se o se ithutang mo kobamelong ya boammaaruri, o nna le botho jo bo dirang gore o kgone go nna le dikamano tse di siameng le batho ba bangwe. Mo Modimong le mo go Morwawe o ithuta go ikanyega, go bua ka bopelonomi le go nna motho yo ba bangwe ba ka mo ikanyang. (Baefeso 4:20–5:5) Fa o itse Modimo sentle jalo mo o felelang o mo rata, o ikutlwa o tlhotlheletsega go mo etsa. Baebele ya re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.”—Baefeso 5:1, 2.

A go ka se itumedise go nna le batho ba ba etsang lorato lwa Modimo? Go a itumedisa gore go obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri ga se selo se o se dirang o le esi. Go dira gore o kopane le batho ba ba ratang se se siameng le se se molemo. Ee gone, o ka tswa o ikutlwa o sa phuthologa ka kgang ya go nna leloko la bodumedi bongwe. Le fa go ntse jalo, jaaka re badile mo setlhogong se se fetileng, bothata jwa madumedi a mantsi ga se gore a rulagantswe mme ke gore ga a rulaganngwa ka tsela e e siameng le ka maikaelelo a a siameng. Madumedi a mantsi a a rulagantsweng a dira dilo tse e seng tsa Bokeresete. Batho ba Modimo ba rulagantswe ke Jehofa ka boene gore ba dire tiro e e botlhokwa thata. Baebele ya re: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakorintha 14:33) Jaaka batho ba bangwe ba bantsi, o ka nna wa fitlhela gore go kopanela le setlhopha se se rulagantsweng sentle jalo sa Bakeresete go ka go thusa go leba dilo ka tsela e e siameng.

Tsholofelo ya Isagwe

Dikwalo tse di Boitshepo di bontsha gore Modimo o rulaganya baobamedi ba boammaaruri gore ba kgone go falola tsamaiso ya gone jaanong ya dilo mme ba rue lefatshe le lesha le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’ (2 Petere 3:13; Tshenolo 7:9-17) Ka jalo, kobamelo e e ka go solegelang molemo e go naya tsholofelo, e e tlhokegang thata e le gore o tle o itumele. Batho bangwe ba baya tsholofelo ya bone ya isagwe mo dipusong fa ba bona e kete di tlhomame, ba nna le tsholofelo fa ba bona gore ba ka kgona go simolola dikgwebo, kana fa ba bona e kete ba tla nna le botsogo jo bo siameng le go nna le madi morago ga go rola tiro. Mme ke di le mmalwa tsa dilo tseno, fa e le gore gone di teng, tse di ka re nayang tsholofelo e e nonofileng ya isagwe e e itumedisang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re solofetse mo Modimong yo o tshelang.”—1 Timotheo 4:10.

Fa o batlisisa tota, o ka ba bona baobamedi ba boammaaruri. Mo lefatsheng la gompieno le le kgaoganeng, Basupi ba ga Jehofa ba bonwa ka lorato le kutlwano. Ke batho ba merafe e e farologaneng le ba ditso tse di farologaneng; mme le fa go ntse jalo, ba kopanngwa ke tsela e ba ratanang ka yone le e ba ratang Jehofa ka yone. (Johane 13:35) Ba go kopa gore o iponele ka bowena se ba setseng ba se iponetse. Asafe o ne a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.”—Pesalema 73:28.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

O ka kgona go nna tsala ya Modimo