Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Atamela “Moutlwi wa Thapelo”

Tsela ya go Atamela “Moutlwi wa Thapelo”

Tsela ya go Atamela “Moutlwi wa Thapelo”

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—PESALEMA 65:2.

1. Ke eng se se dirang gore batho ba farologane thata le ditshedi tse dingwe tsa lefatshe, mme seno se re bulela tshono efe?

MO DITSHEDING tsotlhe tsa lefatshe tse di diketekete, batho ke bone fela ba kgonang go obamela Mmopi. Ke bone fela ba kgonang go lemoga gore ba na le keletso ya dilo tsa semoya le gore ba tlhoka go kgotsofatsa keletso eno. Seno se re naya tshono e e molemolemo ya go nna le kamano ya botsala le Rraarona wa kwa legodimong.

2. Boleo bo ne jwa ama kamano ya motho le Mmopi ka tsela efe e e sa itumediseng?

2 Modimo o bopile motho a na le bokgoni jwa go buisana le Modiri wa gagwe. Adame le Efa ba bopilwe ba se na boleo. Ka gone, ba ne ba ka atamela Modimo ka kgololesego fela jaaka ngwana a atamela rraagwe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba amogwa tshiamelo eo e e molemolemo ke boleo. Adame le Efa ba ne ba tlola molao wa Modimo mme ba latlhegelwa ke kamano ya bone e e molemo le ene. (Genesise 3:8-13, 17-24) A seo se bolela gore bana ba ba sa itekanelang ba ga Adame ba ka se ka ba tlhola ba kgona go buisana le Modimo? Nnyaa, Jehofa o sa ntse a ba letla gore ba mo atamele fa fela ba latela dilo dingwe tsa motheo tse a di batlang? Dilo tseo ke dife?

Dilo Tse di Batlegang go Atamela Modimo

3. Batho ba ba nang le boleo ba tshwanetse go atamela Modimo jang, mme ke sekai sefe se se bontshang seno?

3 Tiragalo e e amanang le barwa ba babedi ba ga Adame e re thusa go bona dilo tse Modimo a di batlang mo bathong ba ba sa itekanelang ba ba batlang go mo atamela. Kaine le Abele ba ne ba dira maiteko a go atamela Modimo ka go mo ntshetsa ditlhabelo. Modimo o ne a amogela setlhabelo sa ga Abele mme a se ka a amogela sa ga Kaine. (Genesise 4:3-5) Ke eng se se neng se dira gore ditlhabelo tseno di farologane? Bahebera 11:4 ya re: “Ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame.” Ga go pelaelo he gore, go batlega tumelo gore motho a kgone go atamela Modimo. Re kgona go bona selo se sengwe se se batlegang mo mafokong ano a Jehofa a neng a a raya Kaine: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa?” Ee, Modimo o ne a ka bo a ile a amogela go mo atamela ga ga Kaine fa Kaine a ka bo a ile a simolola go dira molemo. Le fa go ntse jalo, Kaine o ne a gana kgakololo ya Modimo, a bolaya Abele mme a feleletsa e le mofaladi. (Genesise 4:7-12) Ka gone, go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho go ne ga gatelelwa botlhokwa jwa go atamela Modimo ka tumelo le ka go dira ditiro tse di molemo.

4. Re tshwanetse go tsaya eng tsia fa re atamela Modimo?

4 Go botlhokwa thata gore re tseye tsia kgang ya gore re batho ba ba nang le boleo fa re batla go atamela Modimo. Rotlhe re na le boleo, mme boleo bo re kgoreletsa go atamela Modimo. Moporofeti Jeremia o ile a kwala jaana malebana le Iseraele: “Rona re dirile ditlolo . . . O thibile ka leru le legolo gore o se ka wa atamelwa, gore thapelo e se ka ya feta.” (Dikhutsafalo 3:42, 44) Le fa go ntse jalo, go ralala hisitori yotlhe Modimo o ile a bontsha gore o iketleeleditse go amogela dithapelo tsa batho ba ba mo atamelang ka tumelo le ka boikutlo jo bo siameng, ba ikobela ditaelo tsa gagwe. (Pesalema 119:145) Bangwe ba batho bao ke bomang, mme re ka ithuta eng mo dithapelong tsa bone?

5, 6. Re ka ithuta eng mo tseleng e Aborahame a neng a atamela Modimo ka yone?

5 Mongwe wa batho bao e ne e le Aborahame. Modimo o ne a amogela tsela e Aborahame a neng a mo atamela ka yone, ka gonne Modimo o ne a mmitsa, “tsala ya me.” (Isaia 41:8) Re ka ithuta eng ka tsela e Aborahame a neng a atamela Modimo ka yone? Tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang e ne ya botsa Modimo jaana malebana le kgang ya go nna le moruaboswa: “O tla nnaya eng, e re ka ke ntse fela ke se na ngwana?” (Genesise 15:2, 3; 17:18) Nako nngwe o ne a tlhalosa go tshwenyega ga gagwe malebana le gore ke bomang ba ba neng ba tla bolokwa fa Modimo a tlisa katlholo ya gagwe mo metseng e e boikepo ya Sodoma le Gomora. (Genesise 18:23-33) Gape Aborahame o ne a direla batho ba bangwe mekokotlelo. (Genesise 20:7, 17) Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Abele, go atamela Jehofa ga ga Aborahame ka dinako tse dingwe go ne go akaretsa go ntsha ditlhabelo.—Genesise 22:9-14.

6 Mo maemong ano otlhe, Aborahame o ne a ikutlwa a gololesegile go bua le Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a kopantse go nna le kgololesego eo ya puo le go akanyetsa maemo a gagwe a a nyatsegang fa a ipapisa le Mmopi. Ela tlhoko mafoko a gagwe a bontshang tlotlo, a a fitlhelwang mo go Genesise 18:27: “Tsweetswee, bona, ke ineile boikarabelo jwa go bua le Jehofa, le fa ke le lorole le melora fela.” A boikutlo jo bo molemo ruri jo re ka bo etsang!

7. Ke dilo dife tse ditlhogo tsa lotso di neng tsa di umaka fa di rapela Jehofa?

7 Ditlhogo tsa lotso di ne di rapelela dilo tse di farologaneng, mme Jehofa o ne a di reetsa. Jakobe o ne a rapela ka tsela ya go dira maikano. O ne a ikana jaana fa a sena go kopa Modimo gore a mo eme nokeng: “Mme fa e le sengwe le sengwe se o tla se nnayang ruri ke tla go ntshetsa sa bosome sa sone.” (Genesise 28:20-22) Moragonyana, fa Jakobe a ne a tloga a rakana le mogoloe, o ne a kopa Jehofa gore a mo sireletse, a re: “Ke a go rapela, nkgolola mo seatleng sa ga morwarre, mo seatleng sa ga Esau, ka gonne ke a mmoifa.” (Genesise 32:9-12) Jobe yo le ene e neng e le tlhogo ya lotso o ne a atamela Jehofa mo boemong jwa lelapa la gagwe, a le ntshetsa ditlhabelo. Fa balekane ba bararo ba ga Jobe ba ne ba leofa ka se ba neng ba se bua, Jobe o ne a ba rapelela mme “Jehofa a amogela sefatlhego sa ga Jobe.” (Jobe 1:5; 42:7-9) Dipego tseno di re thusa go lemoga dilo tse re ka di umakang mo dithapelong tse re di rapelang Jehofa. Gape di re thusa go bona gore Jehofa o iketleeleditse go amogela dithapelo tsa batho ba ba mo atamelang ka tsela e e tshwanetseng.

Mo Kgolaganong ya Molao

8. Mo kgolaganong ya Molao, Jehofa o ne a itsisewe jang dikgang tse di amang setšhaba?

8 Fa Jehofa a sena go golola setšhaba sa Iseraele kwa Egepeto, o ne a dira kgolagano ya Molao le bone. Molao o ne wa tlhalosa dithulaganyo tsa go atamela Modimo ka baperesiti ba a neng a ba tlhomile. Balefi bangwe ba ne ba abetswe go nna baperesiti mo boemong jwa setšhaba. Fa go ne go tlhaga dikgang tsa botlhokwa mo setšhabeng, moemedi wa setšhaba—ka dinako tse dingwe kgosi kana moporofeti—o ne a emela setšhaba ka go itsise Modimo dikgang tseo ka thapelo. (1 Samuele 8:21, 22; 14:36-41; Jeremia 42:1-3) Ka sekai, ka nako ya fa tempele e neelwa, Kgosi Solomone o ne a atamela Jehofa ka thapelo e e tswang pelong. Jehofa le ene o ne a bontsha go amogela thapelo ya ga Solomone ka go tlatsa tempele ka kgalalelo ya gagwe le go re: “Ditsebe tsa me di tla reetsa thapelo mo lefelong leno.”—2 Ditiragalo 6:12–7:3, 15.

9. Ke eng se se neng se batlega gore motho a atamele Jehofa ka tsela e e tshwanetseng kwa lefelong le le boitshepo?

9 Mo Molaong o Baiseraele ba neng ba o newa, Jehofa o ne a akaretsa sengwe se se batlegang gore a atamelwe ka tsela e e tshwanetseng kwa lefelong le le boitshepo. Selo seo e ne e le sefe? Moso mongwe le mongwe le maitseboa mangwe le mangwe, moperesiti yo mogolo o ne a tshwanelwa ke go fisa maswalo a a nkgisitsweng monate fa pele ga Jehofa mo godimo ga go ntsha ditlhabelo. Moragonyana, baperesiti ba babotlana le bone ba ne dira tiro eno, kwantle fela ga ka nako ya Letsatsi la Tetlanyo. Fa baperesiti ba ne ba sa dire ditiro tse di ntseng jalo tsa go bontsha tlotlo, Jehofa o ne a se kitla a itumelela bodiredi jwa bone.—Ekesodo 30:7, 8; 2 Ditiragalo 13:11.

10, 11. Ke bosupi bofe jo re nang le jone jwa gore Jehofa o ne a amogela dithapelo tsa batho ba neng ba di rapela ka bobone?

10 Kwa Iseraeleng wa bogologolo, a motho o ne a ka atamela Modimo fela ka baemedi ba ba neng ba tlhomilwe? Nnyaa, Dikwalo di bontsha gore Jehofa o ne a itumelela go utlwa le dithapelo tsa batho ka namana. Mo thapelong ya ga Solomone ya go neela tempele, o ne a kopa Jehofa jaana: “Thapelo le fa e le efe, kopo le fa e le efe ya go utlwelwa botlhoko e e ka nnang ya dirwa ke motho ope kgotsa ke batho botlhe ba gago ba Iseraele, . . . fa a otlololela ntlo eno magofi a gagwe, e kete o ka utlwa o le kwa magodimong.” (2 Ditiragalo 6:29, 30) Pego ya ga Luke e re bolelela gore fa Sekarea, rraagwe Johane Mokolobetsi, a ne a ntsha maswalo mo lefelong le le boitshepo, matshwititshwiti a baobamedi ba ga Jehofa ba e neng e se baperesiti ba ne ba “rapela botlhe kwa ntle.” Go bonala e ne e le tlwaelo gore batho ba kokoanele ka kwa ntle ga lefelo le le boitshepo go tla go rapela fa go ntse go ntshediwa Jehofa maswalo mo sebesong sa gauta.—Luke 1:8-10.

11 Ka gone, fa Jehofa a ne a atamelwa ka tsela e e tshwanetseng, o ne a itumelela go amogela dithapelo tsa batho ba ba neng ba emela setšhaba sotlhe le tsa batho ba ba neng ba batla go mo atamela ka bobone. Gompieno ga re tlhole re le kafa tlase ga kgolagano ya Molao. Mme gone, re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa kaga thapelo mo tseleng e Baiseraele ba bogologolo ba neng ba atamela Modimo ka yone.

Mo Thulaganyong ya Bokeresete

12. Ke thulaganyo efe e e tlhomilweng e Bakeresete ba ka atamelang Jehofa ka yone?

12 Jaanong re tshela mo thulaganyong ya Bokeresete. Ga go tlhole go na le tempele ya mmatota e baperesiti ba emelang batho botlhe ba Modimo mo go yone kana e re ka yang kwa go yone fa re batla go rapela Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o sa ntse a tlhomile thulaganyo e re ka mo atamelang ka yone. Ke efe? Ka nako ya fa Keresete a ne a tlodiwa ka 29 C.E. mme a bewa go nna Moperesiti yo Mogolo, go ne ga tlhomiwa tempele ya semoya. * Tempele eno ya semoya e ne e le thulaganyo e ntsha ya go atamela Jehofa ka tsela ya kobamelo mo motheong wa setlhabelo sa tetlanyo sa ga Jesu Keresete.—Bahebera 9:11, 12.

13. Malebana le thapelo, selo sengwe se tempele ya kwa Jerusalema e neng e tshwana ka sone le tempele ya semoya ke sefe?

13 Dikarolo di le dintsi tsa tempele ya kwa Jerusalema di ne di emela thulaganyo ya tempele ya semoya, go akaretsa le tse di amanang le thapelo. (Bahebera 9:1-10) Ka sekai, maswalo a a neng a ntshiwa mo mosong le maitseboa mo sebesong sa maswalo mo karolong e e Boitshepo ya tempele, a ne a emela eng? Go ya ka buka ya Tshenolo, “maswalo a kaya dithapelo tsa baitshepi.” (Tshenolo 5:8; 8:3, 4) Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “E kete thapelo ya me e ka baakanngwa jaaka maswalo fa pele ga gago.” (Pesalema 141:2) Ka gone, mo thulaganyong ya Bokeresete, maswalo a a nkgang monate a tshwanela sentle dithapelo le dipako tse Jehofa a di amogelang.—1 Bathesalonika 3:10.

14, 15. Go ka tweng ka kgang ya go atamelwa ga Jehofa ke (a) Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) “dinku tse dingwe”?

14 Ke mang yo o ka atamelang Modimo mo tempeleng eno ya semoya? Kwa tempeleng ya mmatota, baperesiti le Balefi ba ne ba na le tshiamelo ya go direla mo lolwapeng lo lo kwa gare, mme ke baperesiti fela ba ba neng ba ka tsena mo lefelong la Boitshepo. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nang le tsholofelo ya kwa legodimong, ba itumelela boemo jo bo kgethegileng jwa semoya jo bo neng bo tshwantshediwa ke lolwapa lo lo mo teng lwa lefelo la Boitshepo, jo bo ba kgontshang go ntshetsa Modimo dithapelo le dipako.

15 Go tweng ka batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, “dinku tse dingwe”? (Johane 10:16) Moporofeti Isaia o ne a bontsha gore batho ba ditšhaba tse dintsi ba ne ba tla tla go obamela Jehofa “go ela kwa bofelong jwa metlha.” (Isaia 2:2, 3) Gape o ne a tlhalosa gore “batswakwa” ba ne ba tla tla go ikgolaganya le Jehofa. Fa Modimo a bontsha gore o iketleeleditse go amogela tsela ya bone ya go mo atamela o ile a re: “Ke tla . . . [dira] gore ba ipele mo teng ga ntlo ya me ya thapelo.” (Isaia 56:6, 7) Tshenolo 7:9-15 e re naya dintlha tse di oketsegileng, e tlhalosa “boidiidi jo bogolo” go tswa mo “merafeng yotlhe” jo bo kokoanang mmogo go obamela Modimo le go mo rapela “motshegare le bosigo” fa ba ntse ba eme mo lolwapeng lo lo kwa ntle lwa tempele ya semoya. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore batlhanka botlhe ba Modimo gompieno ba ka mo atamela ba na le tsholofelo e e tletseng ya gore o a ba utlwa!

Ke Dithapelo Dife Tse di Amogelwang?

16. Re ka ithuta eng ka thapelo mo Bakereseteng ba pele?

16 Bakeresete ba pele e ne e le batho ba thapelo. Ba ne ba tle ba rapelele dilo dife? Bagolwane ba Bakeresete ba ne ba rapelela kaelo fa ba tlhopha banna ba ba tla dirang maikarabelo a phuthego. (Ditiro 1:24, 25; 6:5, 6) Epaforase o ne a rapelela badumedi ka ene. (Bakolosa 4:12) Maloko a phuthego ya Jerusalema a ne a rapelela Petere fa a ne a le kwa kgolegelong. (Ditiro 12:5) Bakeresete ba pele ba ne ba kopa Modimo gore a ba thuse go lebana le pogiso ka bopelokgale, ba re: “Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone, mme o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” (Ditiro 4:23-30) Morutwa Jakobe o ne a kgothaletsa Bakeresete go rapela ba kopa Modimo botlhale fa ba lebane le diteko. (Jakobe 1:5) A o akaretsa dilo tse di ntseng jalo fa o rapela Jehofa?

17. Jehofa o amogela dithapelo tsa bomang?

17 Modimo ga a amogele dithapelo tsotlhe. Ka gone, re ka rapela jang ka tsela e e ka dirang gore re tlhomamisege gore dithapelo tsa rona di tla amogelwa? Batho ba ba ikanyegang ba Modimo a neng a ba reetsa mo metlheng wa bogologolo ba ne ba mo atamela ka tlhoafalo e kgolo e bile ba na le maikutlo a a siameng. Ba ne ba bontsha tumelo ka ditiro tse di molemo. Re ka tlhomamisega gore le gompieno Jehofa o tla reetsa batho ba ba mo atamelang ka tsela e e ntseng jalo.

18. Ke dilo dife tse Bakeresete ba tshwanetseng go di dira gore dithapelo tsa bone di utlwiwe?

18 Go na le sengwe gape se se batlegang. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa selo seo ka go re: “Re atamela Rara ka ene ka moya o le mongwe.” Paulo o ne a bua ka mang fa a ne a re, “ka ene”? O ne a bua ka Jesu Keresete. (Baefeso 2:13, 18) Ee, re ka kgona go atamela Rara ka kgololesego ka Jesu fela.—Johane 14:6; 15:16; 16:23, 24.

19. (a) Ke leng Jehofa a neng a kgopisiwa ke maswalo a Baiseraele? (b) Re ka tlhomamisa jang gore dithapelo tsa rona di tshwana le maswalo a a nkgang monate mo go Jehofa?

19 Jaaka fa go setse go boletswe, maswalo a a neng a ntshiwa ke baperesiti ba Iseraele a ne a emela dithapelo tse Modimo a di amogelang tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, maswalo a Baiseraele ba neng ba a ntsha a ne a kgopisa Jehofa. Go ne go ntse jalo ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba fisa maswalo kwa tempeleng mme gape ba tla ba obamela medingwana. (Esekiele 8:10, 11) Le gompieno, dithapelo tsa batho ba ba ipolelang gore ba direla Jehofa mme gape ba tla ba dira ditiro tse di thulanang le melao ya gagwe di nna jaaka monko o o bosula mo go ene. (Diane 15:8) Ka gone, a re tsweleleng pele re boloka dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona di le phepa e le gore dithapelo tsa rona di nne jaaka maswalo a a nkgang monate mo Modimong. Jehofa o itumelela dithapelo tsa batho ba ba tsamayang mo ditseleng tsa gagwe tse di siameng. (Johane 9:31) Lefa go ntse jalo, go sa ntse go na le dipotso tse di salang. Re tshwanetse go rapela jang? Re ka rapelela eng? Mme gone, Modimo o araba dithapelo tsa rona jang? Setlhogo sa rona se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno le tse dingwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

A o Ka Tlhalosa?

• Batho ba ba sa itekanelang ba ka atamela Modimo jang ka tsela e a e amogelang?

• Re ka etsa ditlhogo tsa lotso jang ka dithapelo tsa rona?

• Re ithuta eng mo dithapelong tsa Bakeresete ba pele?

• Ke leng dithapelo tsa rona di tshwanang le maswalo a a nkgang monate mo Modimong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng fa Modimo a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele mme a bo a sa amogele sa ga Kaine?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

‘Ke lorole le melora fela’

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Ruri ke tla go ntshetsa sa bosome sa sone”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

A dithapelo tsa gago di ntse jaaka maswalo a a nkgang monate mo go Jehofa?