Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

PESALEMA 119 ke pina e e bontshang maikutlo a mokwadi wa yone ka molaetsa wa Modimo o o tlhotlheleditsweng, kana lefoko la gagwe. Mopesalema o opela a re: “Ke bolokile lefoko la gago mo pelong ya me.” “Ke tla bontsha go rata melao ya gago.” “Moya wa me o gateletswe ke go tlhologelelwa ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi nako yotlhe.” “Ke rata dikgakololo tsa gago.” “Ke tlhologeletswe ditaelo tsa gago.” “Ke tla bontsha go rata ditaelo tsa gago tse ke di ratileng.” “Ke tla tlhatlhanya ka melao ya gago.” “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:11, 16, 20, 24, 40, 47, 48, 97.

Eleruri mopesalema o ne a rata thata lefoko la Modimo le le senotsweng! A wena o ikutlwa jalo ka molaetsa wa Lefoko la Modimo, Baebele? A o ka rata go ithuta go le rata jalo? Fa go ntse jalo, sa ntlha o tshwanetse go itlwaetsa go bala Baebele ka metlha, letsatsi le letsatsi fa go kgonega. Jesu Keresete o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Sa bobedi, o tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se o se balang. Go akanya thata ka boammaaruri jwa Modimo, dinonofo tsa gagwe, thato ya gagwe le maikaelelo a gagwe go tla dira gore o anaanele Baebele thata. (Pesalema 143:5) Mme sa botlhokwa le go feta, o dirise kgakololo ya yone e e molemo mo botshelong jwa gago letsatsi le letsatsi.—Luke 11:28; Johane 13:17.

Go ithuta go rata se Baebele e se buang go ka go thusa jang? Pesalema 119:2 ya re: “Go itumela ba ba bolokang dikgakololo tsa [Modimo].” Dikgakololo tse di mo Baebeleng di tla go thusa gore o lebane le mathata a botshelo ka katlego. (Pesalema 1:1-3) O tla nna le botlhale, temogo le tlhaloganyo tse di tla go thusang go ‘thibela dinao tsa me mo tselaneng nngwe le nngwe e e bosula.’ (Pesalema 119:98-101) Go itse boammaaruri ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe ka lefatshe go tla dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao mme o nne le tsholofelo e e molemo ka isagwe.—Isaia 45:18; Johane 17:3; Tshenolo 21:3, 4.

Basupi ba ga Jehofa ba rata go thusa batho ba bangwe go itse Baebele botoka le go ithuta go rata molaetsa o o mo go yone. Re go kopa ka lorato gore o arabele mo taletsong e e fa tlase.