Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Lorato le Tlotlo ka go Laola Loleme Lwa Gago

Bontsha Lorato le Tlotlo ka go Laola Loleme Lwa Gago

Bontsha Lorato le Tlotlo ka go Laola Loleme Lwa Gago

“A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—BAEFESO 5:33.

1, 2. Batho botlhe ba ba nyetseng le ba ba nyetsweng ba tshwanetse ba ipotsa potso efe ya botlhokwa, mme ka ntlha yang?

A RE re o amogela mpho e e phuthetsweng sentle mme ka fa ntle e kwadilwe: “E Tshware Sentle.” O ne o tla tshwara sephuthelwana seno jang? Ruri o ne o tla dira bojotlhe jwa gago gore o se ka wa se senya. Go tweng ka mpho ya lenyalo?

2 Motlholagadi mongwe wa Moiseraele e bong Naomi o ne a raya Orepa le Ruthe, ba e neng e le basadi ba basha a re: “E kete Jehofa a ka lo naya mpho, mme lo bone lefelo la boikhutso mongwe le mongwe mo ntlong ya monna wa gagwe.” (Ruthe 1:3-9) Baebele e bolela jaana ka mosadi yo o molemo yo o nyetsweng: “Boswa jo bo tswang mo go borre ke ntlo le khumo, mme mosadi yo o botlhale o tswa kwa go Jehofa.” (Diane 19:14) Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, o tshwanetse go tsaya molekane wa gago e le mpho e e tswang kwa Modimong. O e tshwere jang mpho e o e filweng ke Modimo?

3. Banna le basadi ba tshwanetse ba latela kgakololo efe ya ga Paulo?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Ela tlhoko kafa banna le basadi ba ka latelang kgakololo eo ka teng mo puong ya bone.

Itiseng mo ‘Selong Se se Sa Laolesegeng se se Utlwisang Botlhoko’

4. Loleme lo ka nna le tlhotlheletso e e molemo kgotsa e e bosula ka tsela efe?

4 Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe a re loleme ke “selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko,” e bile “lo tletse botlhole jo bo bolayang.” (Jakobe 3:8) Jakobe o ne a itse ntlha eno ya boammaaruri: Loleme lo lo sa laolesegeng lo kotsi. Kwa ntle ga pelaelo, o ne a itse seane sa Baebele se se tshwantshang mafoko a a botlhoko le “ditlhabo tsa tšhaka.” Mme sone seane seo sa re “loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Ee ruri, mafoko a ka nna le ditlamorago tse dikgolo. A ka utlwisa botlhoko, kgotsa a ka fodisa. Mafoko a gago a ama molekane wa gago wa lenyalo ka tsela efe? Fa o ne o ka botsa molekane wa gago potso eno, o ne a ka araba jang?

5, 6. Ke dilo dife tse di dirang gore batho ba bangwe ba palelwe ke go laola loleme lwa bone?

5 Fa e le gore puo e e tlhabang e tsene mo lenyalong la lona, lo ka tokafatsa seemo. Le fa go ntse jalo, go tla tlhoka boiteko. Ka ntlha yang? Selo sa ntlha, o tshwanetse go lwantsha bosaitekanelang. Boleo jo re bo ruileng bo na le tlhotlheletso e e sa siamang mo tseleng e re akanyang ka yone ka batho ba bangwe le mo tseleng e re buisanang le bone ka yone. Jakobe o ne a kwala a re: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.”—Jakobe 3:2.

6 Mo godimo ga bosaitekanelang jwa batho, tsela e motho a godisitsweng ka yone e ka tlhotlheletsa motho go se dirise loleme sentle. Batho ba bangwe ba goletse mo magaeng a mo go one batsadi ba neng ‘ba sa batle go tsena mo tumalanong epe, ba se na boikgapo, ba le bogale jo bo tshabegang.’ (2 Timotheo 3:1-3) Gantsi, bana ba ba golelang mo malapeng a a ntseng jalo ba nna le mekgwa e e ntseng jalo fa ba gola. Gone ke boammaaruri gore bosaitekanelang le fa e le tsela e motho a godisitsweng ka yone ga se mabaka a a utlwalang a gore motho a dirise puo e e gobatsang. Le fa go ntse jalo, go itse dintlha tseno go re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba fitlhela go le thata jaana go thiba loleme lwa bone gore lo se ka lwa bua dipuo tse di utlwisang botlhoko.

‘Latlhang Dipuo Tse di Maswe’

7. Petere o ne a kayang fa a gakolola Bakeresete gore ba ‘latlhe dipuo tsotlhe tse di maswe’?

7 Go sa kgathalesege gore puo e e utlwisang botlhoko e bakwa ke eng mo lenyalong, e ka bontsha go se rate le go se tlotle molekane wa gago. Go a utlwala go bo Petere a ile a gakolola Bakeresete gore ba ‘latlhe dipuo tsotlhe tse di maswe.’ (1 Petere 2:1, Baebele e e Boitshepo) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe ‘dipuo tse di maswe’ le raya “puo e e tlhabang.” Le naya kgopolo ya ‘go hula batho ka mafoko.’ A bo seo se tlhalosa sentle jang ne ditlamorago tsa loleme lo lo sa laolesegeng!

8, 9. Go dirisa mafoko a a tlhabang go ka nna le diphelelo dife, mme ke ka ntlha yang fa balekane ba lenyalo ba tshwanetse go go tila?

8 Mafoko a a tlhabang a ka nna a se lebege a le masisi go le kalo, mme ela tlhoko se se diregang fa monna kgotsa mosadi a dirisa mafoko a a ntseng jalo. Go bitsa molekane wa gago o re ke sematla, ke setshwakga kgotsa o bogagapa go ka raya gore botho jwa gagwe jotlhe bo ka tlhalosiwa ka lefoko le le lengwe fela—e bile e le le le nyenyefatsang! Ruri go dira jalo go setlhogo. Mme go tweng ka mafoko a a feteletsang dilo a a tlhomololang molekane wa gago? A mafoko a a jaaka “O nna o le thari ka dinako tsotlhe” le “Ga o nke o ntheetsa” ga a feteletse dilo? Ruri mafoko ano a ka dira gore yo mongwe a leke go iphemela. Mme seo se ka tsosa kganetsano e e bogale.—Jakobe 3:5.

9 Motlotlo o o tletseng puo e e tlhabang o baka mathata mo lenyalong, mme seno le sone se ka nna le ditlamorago tse di botlhoko. Diane 25:24 ya re: “Go botoka go nna mo sekhutlong sa borulelo go na le go nna le mosadi yo o ratang manganga, le fa e le mo ntlong e le nngwe fela.” Mme go ka bolelwa jalo le ka monna yo o ratang manganga. Fa nako e ntse e ya, mafoko a a botlhoko a molekane wa lenyalo a tla baka bothata mo lenyalong, gongwe a dira gore monna kgotsa mosadi a ikutlwe a sa ratiwe e bile a sa ratege. Ruri go laola loleme go botlhokwa. Mme seo se ka dirwa jang?

‘Laola Loleme’

10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go laola loleme?

10 Jakobe 3:8 ya re: “Loleme lone, ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale.” Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re laole maleme a rona. “Fa motho mongwe a ipona a le moobamedi kafa mokgweng le fa go ntse jalo a sa laole loleme lwa gagwe, mme a tswelela a tsietsa pelo ya gagwe, mofuta wa kobamelo wa motho yono ga o na mosola.” (Jakobe 1:26; 3:2, 3) Mafoko ano a bontsha gore tsela e o dirisang loleme lwa gago ka yone ke kgang e e masisi. Ga e ame kamano ya gago le molekane wa gago fela; e ama kamano ya gago le Jehofa Modimo.—1 Petere 3:7.

11. Motho a ka thibela jang go se dumalane gore go se ka ga fetoga kganetsano e e bogale?

11 Go molemo go nna kelotlhoko gore o buisana jang le molekane wa gago. Fa go tlhaga seemo se se utlwisang botlhoko, leka go kokobetsa seemo. Akanya ka seemo se se ileng sa tlhaga mo botshelong jwa ga Isake le mosadi wa gagwe, Rebeka, jaaka se begilwe mo go Genesise 27:46–28:4. “Rebeka a nna a raya Isake a re: ‘Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe jaaka bano ba ba tswang mo go bomorwadia lefatshe leno, botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?’” Ga go sepe se se bontshang gore Isake o ile a araba ka bogale. Go na le moo, o ne a tsamaisa morwa wa bone e bong Jakobe gore a ye go batla mosadi yo o boifang Modimo, yo o neng a ka se ka a utlwisa Rebeka botlhoko. A re re monna le mosadi ga ba dumalane ka sengwe. Fa fela mongwe le mongwe a ka tlogela go pega yo mongwe molato mme a bua fela se e leng bothata, seo se ka dira gore go se dumalane mo e seng ga sepe go se ka ga fetoga kganetsano e e bogale. Ka sekai, mo boemong jwa go re, “Ga nke o bo o ipha nako le nna!” ke eng o sa re, “Ke eletsa e kete re ka bo re fetsa nako e ntsinyana mmogo”? Tlhoma mogopolo mo bothateng, e seng fela mo mothong. Tila mokgwa wa go tshwayatshwaya gore ke mang yo o molato ke mang yo o seng molato. Baroma 14:19 ya re: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.”

Tlogelang ‘Kgakalo ya Letlhoo le Bogale le Tšhakgalo’

12. Fa re batla go laola loleme, re tshwanetse go rapelela eng, mme ka ntlha yang?

12 Go laola loleme go akaretsa se se fetang fela go tlhokomela se re se buang. Aitsane, mafoko a rona a bopiwa mo pelong e seng mo molomong. Jesu o ne a re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, mme motho yo o boikepo o ntsha se se boikepo mo letlotlong la gagwe la boikepo; gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Ka jalo, fa o batla go laola loleme lwa gago, o ka nna wa tlhoka go rapela jaana jaaka Dafide: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.”—Pesalema 51:10.

13. Kgakalo ya letlhoo, bogale le tšhakgalo di ka felela jang ka puo e e botlhoko?

13 Paulo o ne a rotloetsa Baefeso gore ba tile mafoko a a utlwisang botlhoko mmogo le maikutlo a a bakang mafoko ao. O ne a kwala jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.” (Baefeso 4:31) Ela tlhoko gore pele Paulo a bua ka “go goa thata le puo ya go kgoba,” o ne a umaka “kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo.” Bogale jo bo tukang mo teng ga motho ke jone jo kgabagare bo bakang puo e e utlwisang botlhoko. Ka jalo ipotse jaana: ‘A ke nna ka kutlobotlhoko le bogale mo pelong? A ke “sekametse mo tšararegong”?’ (Diane 29:22) Fa e le gore go ntse jalo ka wena, rapela Modimo gore a go thuse go fenya mekgwa eno le go nna le boikgapo gore o kgone go laola bogale jwa gago. Pesalema 4:4 ya re: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona, mme lo didimale.” Fa o tlalelana e bile o bona e kete o tla felelwa ke boikgapo, latela kgakololo eno e e mo go Diane 17:14: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” Tloga mo seemong ka nakwana go fitlha kotsi e feta.

14. Go tshwara sekgopi go ka ama lenyalo jang?

14 Ga go motlhofo go emelana le bogale le tšhakgalo, bogolo jang fa di bakwa ke se Paulo a neng a se bitsa ‘kgakalo ya letlhoo.’ Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng le tlhalositswe e le le le kayang ‘go galefa mo motho a sa batleng tetlanyo’ le ‘moya wa go rata go utlwisa botlhoko o o dirang gore motho a nne a batla diphoso tsa yo mongwe.’ Ka dinako tse dingwe moya wa go se nne botsalano o fetoga sekgoreletsi fa gare ga monna le mosadi wa gagwe, mme seemo seno se ka tswelela pele ka lobaka lo loleele. Fa go na le kgotlhang e e sa rarabololwang ya fela, go ka nna le bobaba. Mme go tshwara sekgopi ka ntlha ya diphoso tse di fetileng ga go thuse sepe. Se se diragetseng se ka se busediwe morago. Fa motho a itshwaretse yo mongwe, o tshwanetse go lebala ka phoso eo. Lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

15. Ke eng se se tla thusang batho ba ba tlwaetseng go dirisa mafoko a a bogale gore ba fetole mokgwa wa bone wa go bua?

15 Go tweng fa e le gore mo lelapeng le o goletseng mo go lone, puo e e botlhoko e ne e dirisiwa fela e bile le wena o tlwaetse go e dirisa? O ka dira diphetogo mo ntlheng eno. O setse o itlhometse melelwane mo dikarolong dingwe tsa botshelo e o ka se kang wa itetla go e tlola fela. O tla baya melelwane efe fa go tliwa mo puong ya gago? A o tla didimala pele mafoko a gago e nna a a kgobang? O ka rata go dirisa molao o o mo go Baefeso 4:29: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona.” Seno se tlhoka gore o “[apole] botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme [o] apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa.”—Bakolosa 3:9, 10.

Go Bulelana Mafatlha go Botlhokwa

16. Ke ka ntlha yang fa go didimalela molekane wa gago go le kotsi mo lenyalong la lona?

16 Fa monna kgotsa mosadi a tlogela go buisa molekane wa gagwe, ga go siame sepe, e bile dilo di ka senyegela pele. Gantsi motho ga a dire jalo go otlhaya molekane wa gagwe, ka gonne a ka tswa a dira jalo ka ntlha ya kutlobotlhoko kgotsa go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, go gana go buisana go gakatsa dilo fela, ga go rarabolole bothata jo lo nang le jone. Jaaka mosadi mongwe a ile a bolela: “Le fa re simolola go buisana gape, ga re ke re bua ka bothata jo re neng re na le jone.”

17. Bakeresete ba ba nang le mathata mo lenyalong ba tshwanetse ba dira eng?

17 Fa banyalani ba nna ba sa buisane, tharabololo e yosi fela. Diane 15:22 ya re: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri [kgotsa, go bulelana mafatlha] teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” O tshwanetse wa nna fa fatshe le molekane wa gago mme lo tlotle ka kgang eno. Dira bojotlhe jwa gago gore o reetse molekane wa gago ka pelo yotlhe. Fa go lebega go ka se kgonege go dira jalo, ke eng fa o sa dirise thulaganyo ya bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete? Ba itse Dikwalo e bile ba na le maitemogelo a go tlhalosa kafa melaometheo ya Baebele e ka dirisiwang ka teng. Banna bano ba tshwana le “lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.”—Isaia 32:2.

O ka Fenya Ntwa

18. Go tlhalosiwa ntwa efe mo go Baroma 7:18-23?

18 Go laola loleme ke ntwa. Go ntse jalo le ka go laola se re se dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ntwa e a neng a lebane le yone jaana: “Ke a itse gore mo go nna, ke gore, mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo; gonne ke na le bokgoni jwa go eletsa, mme ga ke na bokgoni jwa go dira se se molemo. Gonne molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke tlwaetseng go bo dira. Jaanong, fa se ke sa se eletseng e le sone se ke se dirang, yo o se dirang ga e tlhole e le nna, mme ke boleo jo bo nnang mo go nna.” Ka ntlha ya “molao wa boleo o o mo ditokololong tsa [rona],” go motlhofo gore re dirise loleme lwa rona le dikarolo tse dingwe tsa mmele ka tsela e e sa tshwanelang. (Baroma 7:18-23) Le fa go ntse jalo, ntwa eno e tshwanetse go lowa—mme e ka fenngwa ka thuso ya Modimo.

19, 20. Sekao sa ga Jesu se ka thusa banna le basadi jang go laola loleme lwa bone?

19 Fa mo lenyalong go na le lorato le tlotlo, ga go tlhokege mafoko a a tlhabang, a a botlhoko. Akanya ka sekai se Jesu Keresete a se tlhomileng mo ntlheng eno. Jesu o ne a se ke a dirisa mafoko a a tlhabang fa a bua le barutwa ba gagwe. Tota le mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng, fa baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo, Morwa Modimo ga a ka a ba omanya. (Luke 22:24-27) Baebele e gakolola jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.”—Baefeso 5:25.

20 Mme go tweng ka mosadi? O “tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) A mosadi yo o tlotlang monna wa gagwe a ka mo kgadimola, a dirisa puo e e kgobang? Paulo o ne a kwala a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Basadi ba tshwanetse go ineela mo tlhogong ya bone fela jaaka Keresete a ineetse mo Tlhogong ya gagwe. (Bakolosa 3:18) Le fa go se na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka etsang Jesu fela jaaka a ne a ntse, go leka go ‘latela dikgato tsa gagwe gaufiufi’ go tla thusa banna le basadi go fenya ntwa ya go batla go dirisa loleme sentle.—1 Petere 2:21.

O Ithutile Eng?

• Loleme lo lo sa laolegeng lo ka tlisetsa lenyalo mathata jang?

• Ke ka ntlha yang fa go le thata go laola loleme?

• Ke eng se se re thusang go laola puo ya rona?

• O tshwanetse wa dirang fa o na le mathata a lenyalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bagolwane ba naya thuso e e theilweng mo Baebeleng