Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Diane

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Diane

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Diane

KGOSI SOLOMONE wa Iseraele wa bogologolo “o ne a kgona go bua diane di le dikete di le tharo.” (1 Dikgosi 4:32) A go na le kwa re ka bonang mafoko a gagwe a a mosola teng? Ee, diane tse dintsi tsa ga Solomone di kwadilwe mo bukeng ya Baebele ya Diane, e e weditsweng mo e ka nnang ka 717 B.C.E. Dikgaolo tse pedi tsa bofelo ke tsone fela tse go tweng di kwadilwe ke batho ba bangwe—Agure morwa Jake le kgosi Lemuele. Le fa go ntse jalo, bangwe ba dumela gore Lemuele ke leina le lengwe la ga Solomone.

Mafoko a a tlhotlheleditsweng a a kopantsweng mo bukeng ya Diane a na le boikaelelo jo bo gabedi—“gore motho a itse botlhale le kotlhao.” (Diane 1:2) Mafoko ano a re thusa go bona botlhale, ke gore bokgoni jwa go bona dilo sentle le go dirisa kitso go rarabolola mathata. Gape a re naya kotlhao, kgotsa thapiso ya boitsholo. Go ela diane tseno tlhoko le go tsaya kgakololo ya tsone tsia go ka ama pelo ya rona, ga re tlisetsa boitumelo le katlego.—Bahebera 4:12.

‘BAPALA BOTLHALE MME O TSHWARE KOTLHAO’

(Diane 1:1–9:18)

Solomone a re: “Botlhale jwa boammaaruri bo nna bo goela kwa godimo mo mmileng.” (Diane 1:20) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go reetsa lentswe la jone le le kwa godimo le le utlwalang sentle? Kgaolo 2 e re bontsha melemo e mentsi ya go bapala botlhale. Mo go kgaolo 3 go tlhalosiwa kafa re ka atamalanang le Jehofa ka teng. Go tswa foo Solomone a re: “Botlhale ke selo se segolo mo go tsotlhe. Bapala botlhale; mme mmogo le sotlhe se o se bapalang, o bapale tlhaloganyo. Tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela.”—Diane 4:7, 13.

Ke eng se se tla re thusang go gana mekgwa ya lefatshe ya boitsholo jo bo sa siamang? Kgaolo ya bo5 ya Diane 5 e araba jaana: Dirisa bokgoni jwa go akanya, mme o lemoge ditsela tse di raelang tsa lefatshe. Akanya le ka ditlamorago tse di botlhoko tsa go dira boitsholo jo bo sa siamang. Kgaolo e e latelang e tlhagisa ka mekgwa le maikutlo a a tsenyang kamano ya rona le Jehofa mo kotsing. Kgaolo ya bo7 Dia 7 e tlhalosa ka botlalo kafa motho wa boitsholo jo bo sa siamang a dirang ka teng. Mo go kgaolo 8, mosola wa botlhale le kafa bo itumedisang ka teng o tlhalosiwa ka tsela e e kgatlhang. Kgaolo 9, e e leng konelo e e kgothatsang ya diane tse di tlhalositsweng mo karolong eo, e anelwa e le setshwantsho se se kgatlhang se se re rotloetsang go batla botlhale.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:7; 9:10—Go boifa Jehofa ke “tshimologo ya kitso” le “tshimologo ya botlhale” ka tsela efe? Fa motho a sa boife Jehofa, a ka se nne le kitso, ka gonne Jehofa ke Mmopi wa dilo tsotlhe e bile ke ene a kwadileng Dikwalo. (Baroma 1:20; 2 Timotheo 3:16, 17) Ke ene Motswedi wa kitso yotlhe ya boammaaruri. Ka jalo, kitso e nna teng fa motho a boifa Jehofa ka go mo tlotla. Go boifa Modimo gape ke tshimologo ya botlhale ka gonne go ka se nne le botlhale fa go se na kitso. Mo godimo ga moo, motho yo o sa boifeng Jehofa ga a ne a dirisa kitso epe e a nang le yone go tlotla Mmopi.

5:3—Ke ka ntlha yang fa seaka se bidiwa “mosadi o sele”? Diane 2:16, 17 ya re ‘mosadi o sele’ ke motho “yo o lebetseng kgolagano ya Modimo wa gagwe.” Motho ope yo o neng a obamela medimo ya maaka kgotsa a tlhokomologa Molao wa ga Moshe, go akaretsa le seaka, o ne a bidiwa motswakwa.—Jeremia 2:25; 3:13.

7:1, 2—“Mafoko a me” le “ditaelo tsa me” di akaretsang? Mo godimo ga dithuto tsa Baebele, go akarediwa le melao ya lelapa, e batsadi ba e tlhomang gore e solegele ba malapa a bone molemo. Bana ba tshwanetse go e ikobela mmogo le dithuto tsa Dikwalo tse ba di newang ke batsadi ba bone.

8:30—“Modiri yo o setswerere” ke mang? Botlhale jo bo mothofaditsweng bo ipitsa modiri yo o setswerere. Ga bo dirisiwe fela go tlhalosa sentle gore botlhale bo ntse jang, mme ka tsela ya tshwantshetso bo lebisitse go Morwa Modimo wa leitibolo, Jesu Keresete, a ise a nne motho wa mo lefatsheng. Lobaka lo loleele pele a tsholwa mo lefatsheng e le motho, o ne a ‘ntshiwa e le tshimologo ya tsela ya Modimo.’ (Diane 8:22) E re ka e ne e le “modiri yo o setswerere,” o ne a dira ka tlhoafalo le Rraagwe fa go ne go bopiwa dilo tsotlhe.—Bakolosa 1:15-17.

9:17—“Metsi a a utswilweng” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa a le “monate”? E re ka Baebele e tshwantsha go tlhakanela dikobo ga batho ba ba nyalaneng le go nwa metsi a a lapolosang a a gilweng mo sedibeng, metsi a a utswilweng a tshwantshetsa dikamano tsa tlhakanelodikobo tse di sa tshwanelang tse di dirwang mo sephiring. (Diane 5:15-17) Lebaka la gore motho o tla bo a dira seo ka go iphitlha a sa tshwarwe, ke lone le dirang gore metsi ano a lebege a le monate.

Se re Ithutang Sone:

1:10-14. Re tshwanetse ra itisa gore re se ka ra gogelwa mo ditseleng tse di sa siamang tsa baleofi fa ba re solofetsa dikhumo.

3:3. Re tshwanetse ra tseela kwa godimo bopelonomi jo bo lorato le boammaaruri mme re dire gore di bonale sentle jaaka re ne re ka dira ka sebaga se se tlhwatlhwakgolo. Gape re tshwanetse go kwala dinonofo tseno mo pelong ya rona, re dira gore di nwelelele mo go rona.

4:18. Kitso ya dilo tsa semoya e oketsega kgato ka kgato. E le gore re nne re le mo leseding, re tshwanetse go tswelela pele re bontsha boikokobetso le bopelonolo.

5:8. Re tshwanetse go nnela kgakala le ditlhotlheletso tsotlhe tsa boitsholo jo bo sa siamang, e ka tswa e le tse di tlang ka mmino, boitlosobodutu, Internet kgotsa dibuka le dimakasine.

5:21. A motho yo o ratang Jehofa a ka latlha kamano ya gagwe e e siameng le Modimo wa boammaaruri e le fela gore a ijese monate ka nakwana? Nnyaa le eseng! Selo se se ka re tlhotlheletsang thata gore re nne re itshekile mo boitsholong ke go lemoga gore Jehofa o bona ditsela tsa rona e bile o re tsaya re ikarabelela ka se re se dirang.

6:1-5. Mo ditemaneng tseno, a bo re newa kgakololo e e molemo jang ne kgatlhanong le ‘go tswa moemedi wa mongwe,’ kgotsa go itlama ka tsela e e seng botlhale ka tsa madi, o direla ba bangwe! Fa e ka re re sena go sekaseka seemo sa rona ka kelotlhoko, re bo re lemoga gore kgato e re e tsereng e lebega e se botlhale, re tshwanetse gore kwantle ga go senya nako re ‘tlhasele mongwe ka rona’ ka dikopo re sa kgaotse mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go baakanya seemo.

6:16-19. Fano go ditlhopha tse supa tse di akaretsang mo e batlileng e le mefuta yotlhe ya diphoso. Re tshwanetse ra ithuta go di tlhoa.

6:20-24. Fa motho a thapisitswe ka Dikwalo a sa ntse a gola, a ka sireletsega gore a se ka a wela mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Batsadi ba tshwanetse ba tlhoafalela go naya bana thapiso e e ntseng jalo.

7:4. Re tshwanetse ra ithuta go rata botlhale le tlhaloganyo.

DIANE TSE DI KA RE KAELANG DI TLHALOSIWA KA BONGWE KA BONGWE

(Diane 10:1–29:27)

Diane tse dingwe tsa ga Solomone ke dipolelo tse di kwadilweng ka bokhutshwane. Bontsi jwa tsone di kwadilwe e le dipapiso le ditshwantsho, mme di naya dithuto tsa botlhokwa ka boitsholo, puo le boikutlo.

Mo go kgaolo 10 go ya go 24 go gatelelwa botlhokwa jwa go boifa Jehofa ka go mo tlotla. Diane tse di mo go kgaolo 25 go ya go 29 di kwadilwe ke “banna ba ga Hesekia kgosi ya Juda.” (Diane 25:1) Diane tseno di re ruta go ikaega ka Jehofa le dithuto tse dingwe tsa botlhokwa.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

10:6; ntlha e e kwa tlase go NW—‘Molomo wa baikepi o bipa tshiamololo’ jang? Go ka tswa go ntse jalo ka tsela ya gore batho ba ba boikepo ba dirisa puo e e borethe go fitlha boikaelelo jwa bone jwa bopelompe jwa go gobatsa ba bangwe. Kgotsa e ka tswa e le gore ka gonne gantsi baikepi ga ba ratege, letlhoo le ba tlhoiwang ka lone le a ba didimatsa.

10:10—“Yo o tsipang leitlho la gagwe” o baka botlhoko ka tsela efe? “Motho yo o se nang molemo wa sepe” a ka nna a se ka a dirisa “puo e e sokameng” fela mme a ka leka le go fitlha maitlhomo a gagwe ka ditiro tse di jaaka go “tsipa leitlho.” (Diane 6:12, 13) Tsietso ya mofuta ono e ka bakela motho yo o tsiediwang kutlobotlhoko e kgolo.

10:29—“Tsela ya ga Jehofa” ke eng? Fano go buiwa ka tsela e Jehofa a dirisanang le batho ka yone, ga go buiwe ka tsela e re tshwanetseng go tshela ka yone. Go dirisana ga Modimo le batho go tla tlisetsa batho ba ba siameng polokesego mme go tla felela ka gore ba ba boikepo ba senngwe.

11:31—Ke ka ntlha yang fa moikepi a tshwanetse go duelwa go feta mosiami? Fano tuelo e lejwa go ya ka selekanyo sa kotlhao e mongwe le mongwe a e newang. Fa motho yo o siameng a dira phoso, tuelo e a e newang ka ntlha ya diphoso tsa gagwe ke kotlhao. Moikepi o leofa ka boomo e bile o gana go boela mo go direng molemo. Ka jalo o tshwanelwa ke kotlhao e e botlhoko e bile o a e newa.

12:23—Motho o “bipa kitso” jang? Go bipa kitso ga go reye gore motho ga a e bontshe gotlhelele. Go na le moo, go raya gore o bontsha kitso sentle, a sa ikgantshe ka yone.

14:17—“Motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya o tlhoilwe” ka tsela efe? Polelwana ya Sehebera e e ranotsweng go twe “bokgoni jwa go akanya” e ka raya temogo kgotsa dikakanyo tse di boikepo. Ee, motho wa megopolo e e boikepo o tlhoilwe. Mme go ntse jalo le ka motho yo o nang le temogo yo o dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go akanya a bo a tlhopha ‘go se nne karolo ya lefatshe.’—Johane 15:19.

18:19—“Morwarra motho yo o fosediwang o thata go feta motse o o nonofileng” ka tsela efe? Fela jaaka motse o o nonofileng fa o dikanyeditswe, motho yo o ntseng jalo a ka ema a tsepame a sa batle go itshwarela. Go ka nna motlhofo fela gore dikgotlhang tsa gagwe le yo o dirileng phoso di nne sekgoreletsi fela jaaka “mophakalego wa tora ya bonno.”

Se re Ithutang Sone:

10:11-14. Fa re batla gore mafoko a rona e nne a a agang, mogopolo wa rona o tshwanetse gore o tlale ka kitso e e tlhomameng, pelo ya rona e tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato, mme botlhale bo tshwanetse jwa laola gore ke eng se se tswang mo molomong wa rona.

10:19; 12:18; 13:3; 15:28; 17:28. Re tshwanetse ra akanya pele re bua, mme re se ka ra bua thata.

11:1; 16:11; 20:10, 23. Jehofa o batla gore re ikanyege mo ditirisanong tsa rona tsa kgwebo.

11:4. Ke boeleele go latelela khumo ya dithoto mme o tlhokomologa thuto ya gago ya Baebele, go ya dipokanong, go rapela le bodiredi jwa tshimo.

13:4. Go “eletsa” maemo a boikarabelo mo phuthegong kgotsa go eletsa botshelo mo lefatsheng le lesha, ka bogone fela ga go a lekana. Gape re tshwanetse go tlhoafala mme re dire boiteko jwa go dira sotlhe se se tlhokegang gore re bone dilo tseo.

13:24; 29:15, 21. Motsadi yo o lorato ga a tlekeetse ngwana wa gagwe e bile ga a tlhokomologe diphoso tsa gagwe. Mo boemong jwa seo, rre kgotsa mmè o tsaya kgato go baakanya kgotsa go tlosa diphoso tse di ntseng jalo pele di nwelelela.

14:10. Ga se ka metlha re kgonang go bontsha maikutlo a rona a a kwa teng sentle mme ka dinako tse dingwe batho ga ba tlhaloganye tsela e re ikutlwang ka yone. Ka ntlha ya seo, batho ba bangwe ba ka se re gomotse ka botlalo mo maikutlong. Re ka nna ra tshwanelwa ke go itshokela mathata mangwe ka go ikaega fela ka Jehofa.

15:7. Ga re a tshwanela go bolelela motho sengwe le sengwe se re se itseng ka gangwe fela, jaaka molemi a sa tshele peo ya gagwe yotlhe mo lefelong le le lengwe fela. Yo o botlhale o gasamisa kitso ka bonya ka bonya kafa go tlhokegang ka gone.

15:15; 18:14. Go nna re na le pono e e siameng go tla re thusa go ipela, tota le fa re le mo maemong a a utlwisang botlhoko.

17:24. Ga re tshwane le “sematla” se matlho le mogopolo wa sone o tletsetletseng gongwe le gongwe o sa tlhomama mo dilong tsa botlhokwa, mme re tshwanetse ra batla tlhaloganyo gore re kgone go dira ka botlhale.

23:6-8. Re tshwanetse ra tila go itira e kete re na le moya wa go amogela baeng mme tota o seyo.

27:21. Pako e ka senola gore re batho ba mofuta mang. Go tla senoga gore re boikokobetso fa pako e re tlhotlheletsa go dumela gore re kolota Jehofa e bile e re kgothaletsa go tswelela pele re mo direla. Go tla bonala gore ga re na boikokobetso fa pako e dira gore re itlotlomatse.

27:23-27. Diane tseno di dirisa kgang e e amanang le go disa go gatelela botlhokwa jwa go kgotsofalela botshelo jo bo sa raraanang jo motho a bo bonang ka go dira tiro ka tlhoafalo. Mme di tshwanetse tsa gatelela thata mo go rona botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo. *

28:5. Fa re ‘senka Jehofa’ ka thapelo le ka go ithuta Lefoko la gagwe, re “ka tlhaloganya sengwe le sengwe” se se tlhokegang gore re mo direle ka tsela e a e amogelang.

‘MELAETSA E E BOTLHOKWA THATA’

(Diane 30:1–31:31)

Buka ya Baebele ya Diane e konela ka ‘melaetsa e e botlhokwa thata’ e le mebedi. (Diane 30:1; 31:1) Molaetsa wa ga Agure o dirisa dipapiso tse di dirang gore motho a akanye, go bontsha kafa motho yo o pelotshetlha a sa kgotsofaleng ka teng le kafa motho a ka gogelang morweetsana ka teng ka ditsela tse di bofitlha le tse di raelang. * Gape o re tlhagisa kgatlhanong le go itlotlomatsa le puo e e bogale.

Molaetsa o o botlhokwa o Lemuele a o neilweng ke mmaagwe o na le kgakololo e e mosola malebana le tiriso ya beine le dino tse di tagang, mmogo le go atlhola ka tshiamo. Tlhaloso ya mosadi yo o molemo e konela ka mafoko ano: “Mo neyeng maungo a diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake le kwa dikgorong.”—Diane 31:31.

Bapala botlhale, amogela kotlhao, nna le poifo ya bomodimo, ikaege ka Jehofa. A bo diane tse di tlhotlheleditsweng di naya dithuto tse di mosola jang ne! Ka jalo, a re direng bojotlhe go dirisa kgakololo ya tsone mme re bone boitumelo jwa “motho yo o boifang Jehofa.”—Pesalema 112:1.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1991, tsebe 31.

^ ser. 15 Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1992, tsebe 31.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Jehofa ke Motswedi wa kitso yotlhe ya boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go “gasamisa kitso” go kayang?