A Baebele E na Le Melao e e Gagametseng Thata?
A Baebele E na Le Melao e e Gagametseng Thata?
“GA KE a ka ka rutwa melaometheo ya Baebele fa ke sa ntse ke le ngwana. E bile tota Modimo o ne a sa umakiwe le go umakiwa,” go ne ga bua jalo lekawana lengwe la kwa Finland. Le gompieno batho ba sa ntse ba godisiwa ka tsela e e ntseng jalo. Ba le bantsi, segolobogolo basha, ba tsaya Baebele e sa bolo go felelwa ke nako e bile kgakololo ya yone e gagametse thata. Ba ba batlang go latela Baebele ba tsewa ba gateletswe e bile matshelo a bone a imeditswe ke dithibelo le ditaelo. Ke gone ka moo bontsi jwa bone ba bonang go le botoka go tlogela go bala Baebele mme ba batle kaelo go sele.
Boikutlo joo jwa gore Baebele e feletswe ke nako, bo bakilwe thata ke tsela e ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di sa bolong go patika batho ka yone. Ka sekai, mo nakong e borahisitori bangwe ba e bitsang Metlha ya Lefifi, Kereke ya Katoliki e e kwa Yuropa e ne e laola mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya matshelo a batho. Mongwe le mongwe fela yo o neng a ka ganetsana le kereke o ne a ka tlhokofadiwa kana a bolawa. Dikereke tse di neng tsa nna gone moragonyana tsa Baporotesetanta le tsone di ne di ganela batho kgololesego. Gompieno, batho ba ba itseng ka madumedi a Porotesetanta ga ba a gopole fela ka ditumelo dingwe tse di rileng, ba a gopola gape le ka kotlhao e e bogale e e fitlhelwang mo ditlhopheng tseo. Kgabagare, e re ka dikereke di ne di gatelela batho, batho ba ne ba dira tshwetso e e phoso ya gore dithuto tsa Baebele di tshwanetse tsa bo di gatelela.
Mo makgolong a bosheng jaana a dingwaga, mo dinageng tse dingwe ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ga di tlhole di kgona go laola matshelo a batho. Fa batho ba sena go latlha ditumelo tse di tlwaelegileng tsa kereke, ba ne ba nna le mogopolo wa gore batho ba na le tshwanelo ya go itirela tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. Mme seo se feleletse ka eng? Ahti Laitinen, e leng porofesara yo o itseng ka bokebekwa le thutoloago ya tsa boatlhodi o tlhalosa jaana: “Batho ga ba tlhole ba tlotla taolo jaaka pele, e bile ga ba tlhole ba tlhaloganya sentle gore se se amogelesegang le se se sa amogelesegeng ke sefe.” Se se gakgamatsang ke gore tota le baeteledipele ba kereke ba setse ba akanya ka tsela eno. Bishopo yo o itsegeng thata wa Kereke ya Lutere o ne a re: “Gantsi ke tlhokomologa kgopolo ya gore dipotso tse di malebana le kgang ya boitsholo di ka rarabololwa ka go batla thuso mo Baebeleng kana mo bodumeding.”
A go Batliwa Kgololesego e e Feteletseng?
Kgang ya go nna le kgololesego e e feteletseng e ka utlwala e kgatlha, segolobogolo mo basheng. Batho ba le bantsi ga ba rate go nyadiwa kana go tshwanelwa ke go tshela ka lenaane la ditaelo tsa gore ba direng kana ba se ka ba dirang. Le fa go ntse jalo, a mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le kgololesego ya go itirela fela jaaka a rata? Gore re kgone go araba potso eno, ela tlhoko sekai se se latelang. Akanya ka toropo e e se nang melao ya tsela. Ga go tlhokege gore motho a nne le lekwalo la go kgweetsa kana a tseye teko ya go ithuta go kgweetsa. Batho ba kgona go kgweetsa fela jaaka ba rata, tota le fa ba tagilwe, ga go tlhokege
gore ba tshwenyege ka lobelo lo lo tshwanetseng lwa tsela, matshwao a go ema, diroboto, mmila o o yang ntlheng e le nngwe fela kana lefelo le batsamaya ka dinao ba kgabaganyang mo go lone. A tota o ka batla “kgololesego” ya mofuta oo? Nnyaa le eseng! Ruri go ka nna le tlhakantsuke le masetlapelo. Le fa gone melao ya tsela e dira gore batho ba se ka ba nna le kgololesego e e rileng, re tlhaloganya gore melao eno yotlhe e diretswe go sireletsa bakgweetsi mmogo le batsamaya ka dinao.Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o re naya kaelo ya kafa re tshwanetseng go tshela ka gone. Mme seno se re solegela molemo. Fa re ne re sena kaelo e e ntseng jalo, re ne re tla tshwanelwa ke go ithuta dilo ka go lekeletsa, mme seno se ne se ka re gobatsa mmogo le ba bangwe. Botshelo jo bo ntseng jalo le jo go se nang melao ya boitsholo mo go jone bo ne bo se kitla bo elediwa ke ope e bile bo ne bo tla nna kotsi jaaka go kgweetsa mo toropong e e se nang melao ya tsela. Boammaaruri ke gore re tlhoka ditaelo le melao—e leng ntlha e batho ba le bantsi ba dumalanang le yone.
“Morwalo Wa me O Motlhofo”
Melao ya pharakano e ka akaretsa lenaane le le thathamisitsweng la ditaelo—mo mafelong a mangwe, palo ya melao e e malebana le go emisa koloi fela e a gakgamatsa. Go farologana le moo, Baebele ga e na lenaane le le telele la melao. Go na le moo, e na le melaometheo e e botlhokwa mme ga e imele e bile ga e patike. Jesu Keresete o ne a laletsa batho ba mo motlheng wa gagwe ka tsela eno e e kgatlhang: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28, 30) Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela phuthego ya Korintha, o ne a re: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.”—2 Bakorintha 3:17.
Le fa go ntse jalo, kgololesego eo ga se e e se nang dithibelo. Jesu o ne a bontsha sentle gore dilo tse Modimo a di batlang mo go rona di akaretsa ditaelo tse di motlhofo. Ka sekai, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 15:12) Akanya fela gore go ne go tla nna jang fa mongwe le mongwe a ka bo a dirisa taelo eo! Mme gone kgololesego e Bakeresete ba nang le yone e na le melelwane. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Nnang jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le fa go ntse jalo lo tshola kgololesego ya lona, e seng jaaka sesiro sa bosula, mme jaaka batlhanka ba Modimo.”—1 Petere 2:16.
Ka jalo, le fa gone Bakeresete ba sa tlangwe ke lenaane la melao, ga ba itirele dilo go ya ka megopolo ya bone ya se se siameng le se se sa siamang. Batho ba tlhoka kaelo e ba ka e newang ke Modimo fela. Baebele e tlhalosa jaana ka tlhamalalo: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Re tla solegelwa molemo thata fa re ikobela ditaelo tsa Modimo.—Pesalema 19:11.
Nngwe ya ditsela tse re solegelwang molemo ka tsone ke gore re tla itumela. Ka sekai, lekawana le le umakilweng kwa tshimologong le ne le utswa e bile le bua maaka. Gape le ne le tshela botshelo jo bo repileng thata mo go tsa tlhakanelodikobo. Fa a sena go ithuta ka melao e e kwa godimo ya Baebele, o ne a fetola tsela ya gagwe ya botshelo mme a tshela ka melao eo. O ne a re: “Le fa gone ke ne ke
sa kgone go latela melao yotlhe ya Baebele ka yone nako eo, ke ne ke tlhaloganya botlhokwa jwa yone. Botshelo jo ke neng ke bo tshela mo nakong e e fetileng bo ne bo sa itumedise jaaka jo ke bo tshelang jaanong. Go tshela ka melao ya Baebele go go tlhofofaletsa botshelo. O itse gore o tshelela eng le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.”Batho ba le dimilionemilione ba ne ba nna le maitemogelo a a tshwanang. Nngwe ya dilo tse di ba solegetseng molemo ke gore kaelo e e mo Baebeleng e ba thusitse go tokafatsa tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone, go leba tiro ka tsela e e tshwanetseng, go tlogela ditlwaelo tse di kotsi le go tshela botshelo jo bo itumetseng. Markus, * lekawana le le kileng la bo le sa tshele ka melao ya Baebele mme jaanong le tshela ka yone le bolela jaana ka botshelo jwa lone: “Go tshela ka melao ya Baebele go nthusitse gore ke nne le seriti.” *
O Tla Tlhopha Eng?
Jaanong, a Baebele e na le melao e e gagametseng? Ee—mme e diretswe go re solegela molemo rotlhe fela. Mme a melao ya Baebele e gagametse thata? Nnyaa. Kgololesego e e feteletseng e tlisa mathata fela. Melao ya Baebele e tekatekano mme e dira gore re tshele sentle re bo re itumele. Markus a re: “Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka lemoga kafa go dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong e leng selo se se botlhale ka gone. Le fa gone botshelo jwa me bo farologana ka ditsela di le dintsi le jwa batho ba bangwe, ga ke na boikutlo jwa gore ke latlhegetswe ke sengwe se se botlhokwa mo botshelong.”
Fa o simolola go bona masego a go tshela ka melao ya Baebele, tsela e o anaanelang Lefoko la Modimo ka yone e tla oketsega. Mme seno se tla dira gore o nne le masego a mangwe a magolo go feta ao—o tla simolola go rata Motswedi wa lone, Jehofa Modimo. “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.
Jehofa ke Mmopi wa rona le Rraarona yo o kwa legodimong. O itse se se tla re solegelang molemo. Go na le go re gatelela, o re naya kaelo e e lorato gore e re solegele molemo. Jehofa o re rotloetsa jaana a boka: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 13 Leina le fetotswe.
^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le tsela ya botshelo e e tlhalosiwang mo Baebeleng bona kgaolo 12 ya buka, Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu o ne a re dilo tse Jehofa a batlang gore re di dire di tla re lapolosa
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go utlwa kaelo ya Modimo go a re itumedisa mme go dira gore re nne le seriti