Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa mo go Duteronome 31:2 Thanolo ya Lefatshe le Lesha e re Moshe o ne a se ‘kitla a tlhola a letlelelwa go tswa le go tsena’ mo go nneng moeteledipele wa Iseraele, fa dithanolo tse dingwe tsone di re o ne a sa tlhole a kgona go dira jalo?

Le fa gone lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le ka ranolwa ka ditsela tseno tse pedi, dithanolo tse dingwe tsa Baebele di naya kgopolo ya gore fa Moshe a tloga a swa, o ne a koafetse, a sa tlhole a na le nonofo ya go dira boikarabelo jwa gagwe jwa go nna moeteledipele. Ka sekai, Baebele e e Boitshepo e nopola Moshe a re: “Gompieno nna ke botsofe jwa dinyaga di le lekgolo le masome a mabedi; ga ke tlhole ke nonofile go tswa le go tsena.” Beibele ya Setswana Central le yone ya re: “Ga ke tlhole ke kgona go bolola le go goroga.”

Le fa go ntse jalo, Duteronome 34:7 e bontsha gore le mororo Moshe a ne a setse a godile thata, o ne a sa ntse a na le maatla. Ya re “Moshe o ne a na le dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi fa a swa. Leitlho la gagwe le ne le sa nna letobo, le nonofo ya gagwe ya botlhaga e ne e sa fela.” Ka gone, Moshe o ne a sa ntse a na le nonofo ya go ka etelela setšhaba pele, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa tlhole a batla gore a tswelele pele ka tiro eo. Seno se bonala mo mafokong a Moshe a neng a a bua morago ga foo: “Jehofa [o] ntheile a re, ‘Ga o kitla o kgabaganya Joredane eno.’” Go bonala Jehofa a ne a boeletsa mafoko a o neng a a buile kwa metsing a Meriba.—Dipalo 20:9-12.

Moshe o ne a tshetse botshelo jo boleele jo bo gakgamatsang jo bo ka kgaoganngwang ka dipaka tse tharo. O tshetse dingwaga tse 40 kwa Egepeto, kwa a neng a “rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto” teng e bile a “le maatla mo mafokong a gagwe le mo ditirong.” (Ditiro 7:20-22) Dingwaga tse dingwe tse 40 o ne a nna kwa Midiane. Fa a le koo o ne a ithuta go nna le dinonofo tsa semoya tse o neng a di tlhoka gore a nne moeteledipele wa batho ba ga Jehofa. Dingwaga tsa bofelo tse 40 o ne a di fetsa a etelela Baiseraele pele le go ba kaela. Le fa go ntse jalo, jaanong Jehofa o ne a dirile tshwetso ya gore Joshua, e seng Moshe, ke ene yo o neng a tla etelela setšhaba pele go kgabaganya Noka ya Joredane go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Duteronome 31:3.

Ka gone, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola Duteronome 31:2 ka bokao jo bo nepileng. Moshe o ne a se kitla a tlhola a nna moeteledipele wa Iseraele, ka gonne Jehofa a ne a se kitla a tlhola a mo letla go dira tiro eo, mme e seng ka go bo a ne a sa tlhole a kgona go e dira.