Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O ne A Nthusa go Lebana le Mathata a Botshelo

Jehofa O ne A Nthusa go Lebana le Mathata a Botshelo

Kgang ya Botshelo

Jehofa O ne A Nthusa go Lebana le Mathata a Botshelo

JAAKA GO BOLETSE DALE IRWIN

“BANA BA LE ROBEDI BA MATSAPA! MME FA O TSHOLA BA LE BANÈ BA BONE KA NAKO E LE NNGWE FELA GO MATSAPA LE GO FETA.” Seno e ne e le setlhogo sa lekwalodikgang la lefelo la rona le le neng le bega ka maseanyana a rona a le manè a a tshotsweng ka nako e le nngwe mo lelapeng la rona le le neng le setse le na le basetsanyana ba le banè. Fa ke ne ke sa ntse ke le lekawana ke ne ke sa ikaelela go nyala, mme go nna le bana gone ke ne ke sa go akanye le go go akanya. Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna rre wa bana ba le robedi!

KE TSHOTSWE ka 1934 mo toropong ya Mareeba mo Australia. Ke ne ke le gofejane mo baneng ba le bararo. Moragonyana lelapa la rona le ne la fudugela kwa Brisbane, kwa mmè a neng a ruta sekolo sa Sontaga mo kerekeng ya Methodist.

Mo tshimologong ya 1938, makwalodikgang a lefelo la rona a ne a bega gore Joseph F. Rutherford yo o tswang kwa ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa a ka nna a ganelwa go tsena mo Australia. Mmè o ne a botsa Mosupi yo o neng a re etela a re: “Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo?” Mosupi yono o ne a araba ka gore: “A Jesu ga a ka a re batho ba tla bogisa balatedi ba gagwe?” Morago ga moo Mmè o ne a amogela bukana ya Cure, e e neng e tlhalosa dipharologanyo di le dintsi tse di leng gone fa gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. * Mmè o ne a kgatlhiwa thata ke bukana eno mo a neng a ya le rona bana kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa Sontaga o o latelang. Kwa tshimologong, rre o ne a ganetsa thata mme gangwe le gape o ne a kwala dipotso tsa Baebele a bo a di naya Mmè gore a di neye mongwe wa bakaulengwe. Mme mokaulengwe yoo o ne a kwala dikarabo tse di tswang mo Dikwalong a bo a di naya Mmè gore a di neye Rre.

Sontaga mongwe rre o ne a ya le rona dipokanong a ikaeletse go tlhalosa dilo tse di sa mo kgatlheng ka Basupi. Le fa go ntse jalo, morago ga gore a bue le molebedi yo o etang yo o neng a etetse phuthego ka nako eo, Rre o ne a fetola boikutlo jwa gagwe a bo a letla gore legae la rona le dirisiwe go tshwara thuto ya beke le beke ya Baebele e mo go yone go tlang batho ba ba kgatlhegang ba mo lefelong la rona.

Batsadi ba me ba ne ba kolobediwa ka September 1938. Nna le bonkgonne re ne ra kolobediwa ka December 1941 kwa kopanong e kgolo e e neng e tshwaretswe kwa Hargreave Park kwa Sydney, New South Wales. Ke ne ke na le dingwaga di le supa. Morago ga moo, ke ne ke nna le seabe mo bodireding jwa tshimo ka metlha le batsadi ba me. Ka nako eo, Basupi ba ne ba tshola difonokerafo tse dinnye fa ba ya ka ntlo le ntlo mme ba tshamekela beng ba matlo dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng.

Mosupi mongwe yo ke mo gopolang sentle ke Bert Horton. O ne a na le koloi ya sebuelagodimo—koloi eno e ne e na le amplifier e e maatla mme e tsentswe sebuelagodimo se segolo mo marulelong a yone. Go dira le Bert go ne go itumedisa tota, segolobogolo mo mosimanyaneng wa dingwaga tsa me. Ka sekai, gantsi re ne re kgona go bona koloi ya mapodisi e tla kwa go rona fa re gasa dipuo tsa Baebele re le mo godimo ga thaba. Fa seo se direga, Bert o ne a tima ka bonako re bo re ya kwa thabeng e nngwe e e leng dikilometara go tswa foo, mme re bo re tshameka puo e nngwe gape e e rekotilweng. Ke ne ka ithuta go le gontsi ka go ikanya Jehofa le go nna pelokgale mo go Bert le mo bakaulengweng ba bangwe ba ba ikanyegang le ba ba pelokgale jaaka ene.—Mathaio 10:16.

Fa ke setse ke na le dingwaga di le 12, gantsi ke ne ke rera ke le nosi morago ga sekolo. Mo lekgetlong lengwe ke ne ka kopana le ba lelapa loora Adshead. Fa nako e ntse e tsamaya, batsadi ka bobedi, bana ba bone ba le robedi le ditlogolwana tsa bone di le dintsi ba ne ba ithuta boammaaruri. Ke leboga Jehofa thata go bo a ne a letla nna, mosimanyana fela gore a rute lelapa leno le le molemo boammaaruri jwa Baebele.—Mathaio 21:16.

Ditshiamelo Tsa Tirelo ke sa Ntse ke le Mosha

Fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka nna modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Maitland, kwa New South Wales. Ka 1956 ke ne ka lalediwa go tla go direla kwa ofising ya lekala kwa Australia mo Sydney. Nngwe tharong ya badiri ba lekala leo ba le 20 e ne e le batlodiwa, ba ba nang le tsholofelo ya go busa le Keresete mo Bogosing jwa legodimo. Ruri e ne e le tshiamelo go dira mmogo le bone!—Luke 12:32; Tshenolo 1:6; 5:10.

Maikaelelo a me a go nna ke sa nyala a ne a nyelela fa ke kopana le Judy Helberg, kgaitsadi yo montle wa mmulatsela yo a neng a laleditswe go tla mo ofising ya lekala go tla go nthusa ka nakwana ka tiro nngwe e kgolo. Nna le Judy re ne ra simolola go ratana mme ra nyalana dingwaga di le pedi moragonyana. Morago ga foo, re ne ra simolola ka tiro ya go potologa, e e neng e akaretsa go etela phuthego e le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa beke le beke go kgothatsa bakaulengwe.

Ka 1960, Judy o ne a tshola morwadi wa rona wa ntlha e bong Kim. Gompieno fa o nna le ngwana o le mo tirong ya go potologa, o tshwanelwa ke go tlogela tiro eo. Mme re ne ra gakgamala tota fa re ne re kopiwa go tswelela re etela diphuthego. Morago ga go rapela thata, re ne ra amogela taletso eno, mme mo dikgweding tse supa tse di neng tsa latela, Kim o ne a tsamaya le rona dikilometara di ka nna 13 000 ka bese, sefofane le terena re ntse re etela diphuthego tse di kgakala kwa Queensland le Mafelo a a kafa Bokone. Ka nako eo re ne re se na koloi.

Re ne re nna mo magaeng a bakaulengwe. Ka ntlha ya tlelaemete ya boboatsatsi, gantsi diphaposi tsa go robala mo malatsing ao di ne di tsentswe digaretene e seng mejako e leng se se neng se tshwenya thata fa Kim a ne a lela bosigo. Kgabagare go ne ga nna thata go tlhokomela ngwana le go dira kabelo ya rona. Ka jalo re ne ra ya go nna kwa Brisbane mme ka simolola tiro ya go dira matshwao ka go penta, mofuta mongwe wa kgwebo ya botaki. Dingwaga di le pedi morago ga go tshola Kim, re ne ra nna le mosetsanyana yo mongwe gape e bong Petina.

Go Lebana le Masetlapelo

Ka 1972 fa yo mongwe wa basetsanyana ba rona a na le dingwaga di le 12 yo mongwe di le 10, Judy o ne a tlhokafala a sena go tshwarwa ke bolwetse jwa Hodgkin’s, mofuta wa bolwetse jo bo amang dithishu tsa limfe. Go ne go le thata mo lelapeng la rona go itshokela tatlhegelo eno. Le fa go ntse jalo, fa Judy a ntse a lwala le morago ga loso lwa gagwe, Jehofa o ne a re gomotsa ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le ka bakaulengwe. Gape re ne ra nonotshiwa thata ke makasine wa Tora ya Tebelo o re neng ra o amogela morago fela ga masetlapelo ano. O ne o na le setlhogo se se buang ka diteko tse di ka tlhagelang motho, go akaretsa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, mme se ne se tlhalosa kafa diteko di ka re thusang gore re nne le dinonofo tse di molemo tse di jaaka boitshoko, tumelo le bothokgami. *Jakobe 1:2-4.

Morago ga loso lwa ga Judy, nna le basetsanyana ba me re ne ra atamalana thata. Mme gone, go ne go le thata tota go nna mmè le rre mo lelapeng. Le fa go ntse jalo, basetsanyana ba me ba ne ba ntlhofofaletsa tiro.

Go Nyala Gape le go Gola ga Lelapa

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nyala gape. Nna le mosadi wa me yo mosha e bong Mary, re ne re tshwana ka dilo di le dintsi. Le ene o ne a swetswe ke molekane wa gagwe wa lenyalo ka bolwetse jwa Hodgkin’s. Gape o ne a na le barwadi ba le babedi—Colleen le Jennifer. Colleen o ne a le monnye mo go Petina ka dingwaga di ka nna tharo. Jaanong lelapa la rona le ne le na le basetsana ba le banè ba ba nang le dingwaga di le 14, 12, 9 le 7.

Kwa tshimologong, nna le Mary re ne ra swetsa ka gore mongwe le mongwe wa rona a kgaleme bana ba gagwe go fitlha bana ba phuthologa go amogela kaelo mo motsading yo mongwe. Mo kamanong ya rona jaaka monna le mosadi, nna le Mary re ne re na le melao e le mebedi e e botlhokwa. Wa ntlha, re ne re sa nke re ngangisana fa pele ga bana, mme wa bobedi, go dumalana le molaomotheo wa Baebele o o mo go Baefeso 4:26, re ne re buisana go fitlha re rarabolola mathata a rona—tota le fa seo se ne se ka tsaya diura!

Se se kgatlhang ke gore mongwe le mongwe wa rona o ne a kgona go fetogela sentle mo botshelong jwa rona jo bosha jwa lelapa, mme gone ga re a ka ra lebala batho ba ba re latlhegetseng ka bonako fela. Ka sekai, bosigo jwa Mantaga e ne e nna “bosigo jwa go lela” mo go Mary. Morago ga thuto ya lelapa, fa basetsana ba setse ba robetse, Mary o ne a ntsha maikutlo a gagwe a a ntseng a a gateletse.

Mary o ne a batla gore re nne le ngwana wa rona re le babedi. Ka maswabi, o ne a senyegelwa. Fa Mary a ithwala lekgetlo la bobedi, re ne ra diragalelwa ke sengwe se re neng re sa se lebelela gotlhelele. Motšhine wa ultrasound o ne wa bontsha gore Mary o ne a sa ima ngwana a le mongwe, mme ba ne ba le banè! Ke ne ke gamaregile fela ke sa dumele. Ke ne ke na le dingwaga di le 47, mme go ise go ye kae ke ne ke tla nna rre wa bana ba le robedi! Mawelana a rona a le manè a ne a belegwa ka karo ka February 14, 1984, a na le dibeke di le 32 fela. Go ya ka tatelano ya go tsalwa ga bone e ne e le Clint, a le boima jwa dikilogerama di le 1,6; Cindy, a le boima jwa dikilogerama di le 1,9; Jeremy a le boima jwa dikilogerama di le 1,4; le Danette wa boima jwa dikilogerama di le 1,7. Ba ne ba sa tshwane ka sepe fela.

Morago fela ga go tsholwa ga bone, ngaka ya ga Mary e ne ya tla go nna gaufi le nna.

O ne a mpotsa jaana: “A o tshwenyegile ka gore o tlile go tlhokomela bana bano jang?”

Ke ne ka araba ka gore: “Ee gone, ke la ntlha ke nna mo boemong jono.”

Mafoko a gagwe a a latelang a ne a nkgakgamatsa a bo a nnonotsha.

O ne a re: “Phuthego ya gago ga e na go go swabisa le eseng. Se o tlhokang go se dira fela ke go opa mokgosi mme thuso e tla tla e go farafere!”

Ka ntlha ya bokgoni jwa ngaka e e belegisang le badirimmogo le ene, morago ga dikgwedi di le pedi fela masea a rona a le manè a a itekanetseng a ne a tswa mo sepatela.

Kgwetlho ya go Godisa Masea a le Manè

Gore re kgone go dira dilo ka thulaganyo, nna le Mary re ne ra kwala thulaganyo ya diura di le 24. Basetsana ba bagolwane ba banè ba ne ba thusa thata ka masea ano. Mme mafoko a ngaka a ne a itshupa a le boammaaruri—fa re opa mokgosi go sekae fela, phuthego e ne e setse e tla go re thusa. Pelenyana, tsala ya rona ya bogologolo e bong John MacArthur o ne a rulaganya gore Basupi ba ba itseng tiro ya diatla ba tle go oketsa ntlo ya rona. Mme fa masea a goroga, setlhopha sa bokgaitsadi se ne se thusa ka go tlhokomela maseanyana ano. Bopelonomi jono jotlhe bo ne bo supa kafa Bakeresete ba leng lorato ka gone.—1 Johane 3:18.

Ka tsela nngwe, re ne re ka re masea ano a manè e ne e le “bana ba phuthego.” Tota le gompieno fa ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba ba neng ba re thusa, ba ba tsaya jaaka bangwe ba lelapa la rona. Fa e le Mary ene, o ne a itshupa e le mosadi le mmè yo o molemo tota yo o neng a direla bana ba gagwe ka bojotlhe. Ruri o ne a dirisa se a neng a ithuta sone mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe. Ga go kgakololo e e botoka go feta e e tswang foo!—Pesalema 1:2, 3; Mathaio 24:45.

Dipokano tsa Bokeresete le tiro ya go rera di ne tsa tswelela e le karolo e e botlhokwa ya thulaganyo ya rona ya beke le beke, le fa go ne go le thata go dira seo ka masea a le manè. Dithuto tsa Baebele tse re neng re di tshwara le banyalani ba le banè ba ba neng ba tla mo legaeng la rona e ne ya nna tshegofatso tota ka nako eo. Le fa gone seno se ne se re nolofaletsa dilo, ka dinako dingwe Mary o ne a lapa jaana mo a neng a otsela ka nako ya thuto a ntse a kukile ngwana. Fa nako e ntse e tsamaya, banyalani bano botlhe ba ne ba nna bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya.

Thapiso ya Semoya go Tswa Boseeng

Tota le pele masea a ka itse go tsamaya, nna, Mary le basetsanyana ba rona ba bagolwane re ne re tsamaya le maseanyana ano kwa bodireding jwa tshimo. Fa ba setse ba ithuta go tsamaya, nna ke ne ke tsaya ba le babedi, Mary le ene a tseye ba bangwe ba le babedi mme e ne e se morwalo. E bile tota, gantsi ba ne ba thusa go simolola motlotlo le baagelani ba ba botsalano. Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le monna mongwe yo o neng a bolela gore fa o tshotswe mo letsatsing le le rileng o le wa letshwao le le rileng la naledi, o tlile go nna le botho jo bo rileng. Ga ke a ka ka ganetsana le ene, go na le moo, ke ne ka mo kopa gore a nka boa moragonyana mo mosong oo. O ne a dumela, mme ke ne ka boa ke na le maseanyana a me a manè. Fa a ntse a ba lebile jalo a gamaregile, ke ne ka ba baya ka tatelano ya matsalo a bone. Re ne ra nna le motlotlo o o botsalano ka pharologano e e leng teng mo tseleng a ba bopegileng ka yone le ka botho jwa bone e leng se se neng se sa dumalane gotlhelele le kgopolo ya gagwe. O ne a re: “Go a tshegisa tota gore nka bolelela wena ka kgopolo eno, go lebega ke tla tshwanelwa ke go dira dipatlisiso gape, a ga go jalo?”

Bana bano ba rona ba banè fa ba sa le bannye ba ne ba sa rate go otlhaiwa mmogo fa ba dirile phoso, ka jalo re ne re ba otlhaya mongwe le mongwe a le esi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ithuta gore botlhe ba tshwanetse go latela melao e e tshwanang. Fa ba lebana le dikgang tse di amang segakolodi kwa sekolong, ba ne ba ema ba nitame mo melaometheong ya Baebele mme ba tshegetsana, mme Cindy e ne e nna ene a ba buelelang. Go ise go ye kae batho ba ne ba lemoga gore bana ba le banè ba ba tshotsweng nako e le nngwe ga o kake wa ba dira sepe!

Nna le Mary re ne ra nna le dikgwetlho tse batsadi ba bangwe ba lebanang le tsone fa re thusa bana ba rona gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa mo dingwageng tsa bone tsa bosha. Tota tiro eno e ka bo e nnile thata fa re ka bo re sa tshegediwa ke phuthego e e lorato le letlepu la dijo tsa semoya tse re di amogelang mo phuthegong e e bonalang ya ga Jehofa. Re ne re leka ka natla go nna le thuto ya ka metlha ya lelapa ya Baebele le go buisana ka metlha le fa go ne go se bonolo ka dinako tse dingwe. Mme gone maiteko ano a rona e ne e se a lefela gonne bana ba rona botlhe ba le robedi ba tlhophile go direla Jehofa.

Go Lebana le Mathata a Bogodi

Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng ke ne ka itumelela ditshiamelo di le dintsi tsa semoya: go nna mogolwane mo phuthegong, molebedi wa toropo, le moemedi wa molebedi wa potologo. Gape ke ne ka dira jaaka leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo ya mo lefelong la rona, ba tiro ya bone e leng go thusa dingaka go dirisana le balwetse ba Basupi fa go nna le mathata ka kgang ya madi. Ke ne ka fetsa dingwaga di le 34 ke na le tshiamelo ya go kwadisa manyalo semolao. Mme ke nyadisitse batho ba ka nna 350 go akaretsa le barwadi ba me ba le barataro.

Ke leboga Jehofa thata ka tshegetso e ke neng ka e bona pele mo go Judy, le e ke e bonang jaanong mo go Mary. (Diane 31:10, 30) Ba ne ba ntshegetsa thata mo tirong ya me jaaka mogolwane wa phuthego gape ba ne ba tlhoma sekao se se molemo mo bodireding le mo go thuseng go ruta bana ba rona dinonofo tsa semoya.

Ka 1996, ke ne ka bolelelwa gore ke na le bolwetse jwa boboko jo bo dirang gore diatla di rorome mme ke palelwe ke go itsetsepela sentle. Ka jalo ke ne ke sa tlhole ke kgona go dira tiro ya me ya go taka. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke itumelela go direla Jehofa le fa gone selekanyo se ke dirang ka sone se fokotsegile. Sengwe se se kgatlhang ke gore ke kgona go bontsha kutlwelobotlhoko thata mo bathong ba ba godileng.

Fa ke leba kwa morago, ke leboga Jehofa thata go bo a ne a nna le nna ka metlha mme a thusa nna le ba lelapa la me gore re kgone go lebana le dikgwetlho di le dintsi tsa botshelo re itumetse. (Isaia 41:10) Nna le Mary mmogo le bana ba rona ba le robedi re leboga gape le lelapa le le molemo la bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya. Botlhe ba ne ba supa lorato lwa bone ka ditsela di le dintsi thata go feta kafa re ka anelang ka gone.—Johane 13:34, 35.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa jaanong.

^ ser. 17 Bona Tora ya Tebelo ya March 15, 1972, ditsebe 174-80, (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le mmè, nkgonne Garth, le kgaitsadiake Dawn, re siametse go ya kopanong kwa Sydney ka 1941

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke na le Judy le leseanyana la rona Kim mo tirong ya potologo kwa Queensland

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa maseanyana a rona a le manè a sena go tsholwa, basetsana ba rona ba le banè ba bagolwane le maloko a phuthego a ne a re thusa thata