Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matsapa a Batho ba a Tsereng go Batla Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Matsapa a Batho ba a Tsereng go Batla Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Matsapa a Batho ba a Tsereng go Batla Botshelo Jo bo Sa Khutleng

GO TLOGA bogologolo, batho ba ne ba ntse ba eletsa go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, toro eo ga e ise e diragadiwe ka gonne ga go na ope yo o nang le pheko ya go fedisa loso. Mme bosheng jaana, batho ba ba dirang dipatlisiso tsa kalafi ba re file tsholofelo e nngwe ya gore go ka nna ga kgonega go lelefatsa botshelo jwa batho. Sekaseka se se dirwang mo dipatlisisong tse di farologaneng tsa saense.

Baitse ba thutotshelo ba lekeletsa ka ensaeme e e bidiwang telomerase mme ba leka go oketsa makgetlho a disele di kgonang go intšhafatsa ka one. Baitsesaense ba itse gore disele tse dikgologolo, tse di onetseng di a tswa mme di emisediwa ke tse disha. Tota e bile, karolo e kgolo ya mmele wa motho e shafala makgetlho a le mmalwa fa a ntse a tshela. Fa mmele wa motho o ne o ka tswela pele o shafala ka lobaka lo loleele, babatlisisi ba akanya gore “mmele wa motho o ne o ka itsosolosa ka nako fela e telele—o ne o ka kgona go itsosolosa go ya go ile.”

Mokgwa wa go dira lewela la setshedi go dirisiwa jini ya sone, e leng mokgwa o o bakileng dikgogakgogano, o ka naya balwetse dibete, diphilo le dipelo tse mmele o tla di amogelang kwantle ga bothata. Dirwe tseno di ne di tla dirwa go dirisiwa disele tsa molwetse.

Babatlisisi ba boranyane jo bo bidiwang nanotechnology ba re go tla nna le nako e ka yone dingaka di tla dirang diroboto tse di lekanang le disele tsa mmele mme ba bo ba tsenya diroboto tseo mo modikologong wa madi mo mmeleng wa motho gore di kgone go bona le go bolaya disele tse di bakang kankere le baketeria e e kotsi. Ba bangwe ba dumela gore kgabagare saense eno, mmogo le kalafi ya dijini di tla dira gore mmele wa motho o kgone go itlamela go ya go ile.

Batho ba ba buelelang mokgwa wa go gatsetsa batho ba ba suleng ba ba neng ba lwala, ba gatsetsa mebele ya batho ba ba suleng. Kgopolo ya go dira seo ke gore ba gatsetse mebele eo go fitlhela nako e dingaka di kgonang go fodisa malwetse, go dirolola botsofe le go dira gore baswi ba boe ba tshele gape ba itekanetse. American Journal of Geriatric Psychiatry e bitsa seno e re ke “mokgwa wa segompieno o o tshwanang le wa go omeletsa ditopo wa Baegepeto ba bogologolo.”

Tsela e batho ba kgaratlhang ka teng ba batla ditsela tsa go tshelela ruri e bontsha kafa go leng thata ka teng go amogela loso. A tota go ka kgonega gore batho ba tshelele ruri? Baebele ya reng ka kgang eno? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.